Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone—Ukraine
Mo e ka nnang dingwaga di le 30, Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine ba ne ba solegelwa molemo ke molao o o neng o letla gore ba ba sa batleng go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone, ba ka dira ditiro dingwe di sele. Go dira ditiro tseno go ba letla gore ba tswelele ba na le segakolodi se se siameng.
Le fa go ntse jalo, fa ntwa ya kwa Ukraine e ne e simolola ka February 24, 2022, molao oo o ile wa itshupa gore o bokoa, ka gonne batho ba le bantsi ba ba neng ba sa batle go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone, ba ile ba sekisiwa. Tiragalo eo e ile ya gataka tumelo ya bone, e bile ga e a ka ya tlotla tshwetso ya motho ya go dirisa segakolodi sa gagwe go itlhophela. Tsela e ba neng ba tshwarwa ka yone e ne e le kgatlhanong le ditshwanelo tsa batho le Molaotheo wa Ukraine, o o reng: “Fa motho a sa batle go tsenela bosole ka ntlha ya se a se dumelang, a ka dira tiro nngwe e e sa amaneng le bosole.”
Fa e sa le ntwa e simolola, go tla go fitlha ka June 17, 2025, Basupi ba ga Jehofa ba le batlhano ba kwa kgolegelong ka ntlha ya go sa batle go tsenela bosole, mme ba atlholetswe dingwaga di le tharo. Mogodimo ga moo, go na le Basupi ba bangwe gape ba bararo ba ba tshwerweng ba ba letetseng katlholo.
Go Tshwenyega ga Mekgatlho ya Ditšhabatšhaba
Fa baemedi ba ba kgethegileng ba UN ba ntse ba etse tlhoko ditiragalo tseno, ba lemogile gore go na le tlhaelo ya ditiro tse di ka dirwang fa motho a sa batle go tsenela bosole kwa Ukraine. Fa ba buisana le puso ya Ukraine ka November 8, 2023, ba ile ba re: “Re tshwenyegile ka go gatelelwa ga batho ba ba sa batleng go tsenela tiro e e patelediwang ya bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone, go akaretsa le ba ba emelang ditshwanelo tsa batho ba ba sa batleng go tsenela bosole.”
Tatelano ya Ditiragalo
June 17, 2025
Basupi ba le 8 ba tshwerwe.
February 24, 2022
Naga yotlhe e nna ka fa tlase ga molao wa sesole, mme masole otlhe a ya ntweng.
June 23, 2015
Kgotlatshekelokgolo ya Ukraine e buelela tshwanelo ya go itlhophela go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi, ka nako ya go dirisiwa ga molao wa sesole, mo kgetsing ya ga Vitaliy Shalaiko.
December 1991
Molao wa go dira ditiro tse e seng tsa bosole o simolola go dira.
February 28, 1991
Basupi ba ga Jehofa ba kwadisiwa semolao kwa Ukraine.