LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 1/8 ts. 23-28
  • A O A Bo O Ntse O Le Thari Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Bo O Ntse O Le Thari Fela?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse Di Mo Tlhaloganyong Tse Di Bakang Seno
  • “Mme Ke Ntsha Bojotlhe Fa Ke le Kafa Tlase ga Kgatelelo!”
  • A Ga O Rate go Leta
  • Duela Mokgwa wa Gago O Montle
  • Go Tshwara Nako
    Tsogang!—2016
  • Go Nna o Beela Selo Kgantele—Go Utswa Nako
    Tsogang!—1995
  • Go Tshwara Nako le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Itlwaetse go Tshwara Nako
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 1/8 ts. 23-28

A O A Bo O Ntse O Le Thari Fela?

BASIMANE bangwe ba babedi ba ne ba kwala ditaletso tsa go tla kokoanong nngwe eo e neng e tlile go tshwarelwa kwa ga bone ka Matlhatso ka 2:00 p.m. E ne ya re fa mongwe wa basimane bao a gakologelwa gore ba le babedi ba ditsala tsa bone ba ne ba aga ba fitlha thari fela, o ne a bolela jaana: “Ke ka ntlhayang fa re sa kwale 1:00 fela mo ditaletsong tsa bone? Gongwe ba tlile go fitlha ka 2:00, ka nako eo e le mo godimo ga tlhogo.” Mme go ne ga diragala fela jalo!

Ga se mathata otlhe a go boloka nako ao a rarabololwang motlhofo jalo. Tota, go palelwa ke go boloka nako go ka baka mathata a a masisi go a bakela bao ba tlang thari gammogo le bape bao ba patelesegang gore ba ba letele. Ke boammaaruri, ga se batho ba ditso tsotlhe bao ba tsayang go boloka nako jaaka selo sa botlhokwatlhokwa. Mme go sa kgathalesege gore o nna kae, go ka diragala thata gore o tshwanelwa ke go amega ka go boloka nako mo dilong tse di ntseng jaaka diphofo tsa difofane, dipokano tsa semmuso, nako e e beetsweng go tshwara sengwe sa kgwebo, le eleng ditiragalo dingwe tsa go intsha bodutu.

Jalo fa e le gore o a bo o ntse o le thari fela, ke eng seo se ka go thusang gore o boloke nako? Mme fa e le gore ka metlha ba bangwe ba dira gore o age o ba letetse, ke eng seo se ka go thusang gore o berekane ka katlego le bokoa jono jo bo anameng jwa batho?

A o tsenwe ke mokgwa wa go nna thari? Santlha leka go bona se se bakang seo. A o iteega iteega tsebe motlhofo fela? A o na le bothata jo bogolo ka go dira gore dilo tsa gago di tsamaye ka thulaganyo kana tsa lelapa la gago? Dilo tsa go nna jalo tseo di bakang go nna thari di ka fenngwa ka go dira boiteko jo bogolo. Ka sekai, tlhokomela gore o dira dilo tse di tlwaelegileng ka nako e e kana kang mme o dire thulaganyo go ya ka seo, o beela sengwe le sengwe sa tsone nako e ntsinyana. Leba nako morago ga oura nngwe le nngwe kana go feta. Mo boemong jwa go leka go fitlha kwa dilong tsa botlhokwa tseo o beelaneng nako le ba bangwe ka tsone ka nako eo e le mo godimo ga tlhogo, ikemisetse go fitlha koo esale gale go sekae go feta kafa go lebeletsweng ka gone. Lefa go ntse jalo, a gongwe bothata jwa gago jwa go nna thari ke jo bo boteng go sekae?

Dilo Tse Di Mo Tlhaloganyong Tse Di Bakang Seno

Ka dinako tse dingwe go na le dilo dingwe tse di iphitlhileng tseo di bakang go tla thari—eleng tsa go tila dilo tse di seng monate, go ipontsha kafa o leng botlhokwa ka gone ka namana, go dira gore o bonwe ke ba bangwe kana go tila go tshwanelwa ke gore o lete ba bangwe.

Dr. Dru Scott o akgela malebana le selo sengwe se ebileng se fitlhegile le go feta seo se bakang go nna thari: “Rrakgwebo yo o setseng a ipaakanyeditse go tswa mo ofising ka nako go ya pokanong ya bareki o boa fa kgorong gore a ‘letsetse motho yo mongwe a le mongwe fela mogala.’ Agente yo a leng mo tseleng ya go ya go tshwara sefofane o ikutlwa a patelesega gore a itiye go sekae ka go ‘dira lekwalonyana le lengwe le le lengwe fela.’ Ba bona tlhotlheletso e eseng molemo go tswa mo mofuteng ono wa go nnela go dikologa. Seno ka bosone se baka gore ba ikutlwe ba tlhoka go potlaka goo ga ka motsotso wa bofelo go go tlhotlheletsang.”

Ee, tlhotlheletso ya ka motsotso wa bofelo—lemororo e sa siama— gone tota e ka thusa go go fa tlhotlheletso eo o e tlhokang. Fa o belaela gore o ka ne o “tsenwe” ke mofuta ono wa tlhotlheletso, o ka fenya seno jang? Dru Scott o akantsha jaana: “Tlhotlheletso ke selo se se tlhokafalang thata, rotlhe re a e tlhoka. Ga go bontshe gore ga wa gola fa o e batla. Batho ba ba nang le pholo e e molemo ba lemoga kafa ba e tlhokang ka gone. Ba ithuta kafa ba ka e kgotsofatsang ka gone ka tsela e e busetsang.”

Ka mafoko a mangwe, tlhatlhoba dithulaganyo tsa gago tsa beke le beke. A o tsentse le dilo dingwe mo go yone tseo o tlileng go di dira gore o kgotsofatse tlhokafalo ya gago ka namana ya go nna matlhagatlhaga? Kana a thulaganyo ya gago ke lenaane le le lengwe fela le le nang le dilo tse di tlwaelegileng tse di lapisang, tse di sa reng sepe? Ga go na ope yo ka botlalo a ka laolang dilo tseo a di dirang, mme fa o tlhomamisa gore o tsenye sengwe se se ka go tlhotlheletsang mo o ka kgonang gone, go ka diragala bonolo gore o letle dikarolo tse di tlwaelegileng tsa botshelo gore e nne tsone tse di go neelang tlhotlheletso go na le gore o dirise go nna thari go fitlhelela seo.

“Mme Ke Ntsha Bojotlhe Fa Ke le Kafa Tlase ga Kgatelelo!”

Batho bangwe ba bolela gore fa ba leta go fitlhelela ka motsotso wa bofelo, ba dira tiro e e botoka. Mme fa e le gore ruri go ntse jalo ka wena, go siame. Mme o seka wa ikaketsa. A tota o ntsha bojotlhe jwa gago fa o leta go fitlhelela ka motsotso wa bofelo?

Mo bukeng ya gagwe ya Working Smart, Michael LeBoeuf o akgela jaana: “Ke ba sekae fela, fa e le gore gone tota go na le bape ba rona bao ba ntshang bojotlhe mo tirong fa ba le kafa tlase ga kgatelelo, go sa kgathalesege seo re ka ratang go se dumela. . . . Santlha, fa o patelesega go bereka ka lepotlapotla, o dira gore go nne bonolo fela gore o dire diphoso. . . . Sa bobedi . . . , go ka nna ga tlhaga sengwe se se batlegang ka bonako thatathata mme sa go tseela metsotswana eo ya botlhokwatlhokwa eo o neng o e beetse go dira tiro eo. . . . Sa boraro, fa o dumela gore o dirile sengwe le sengwe sentle ebile o fitlheletse go le gontsi ka nakonyana e nnyane, seo se bolela fela gore o itse kafa o ka berekang ka matsetseleko ka gone mme ga o batle go dira jalo fa e se fela fa o le kafa tlase ga kgatelelo. O a itsietsa ka go palelwa ke go nna seo o kgonang go se dira.”

A Ga O Rate go Leta

Ka gongwe o boloka nako mme nako le nako o tshwanelwa ke gore o emele ba bangwe bao ba sa bolokeng nako. O ka thusa jang maloko a lelapa, ditsala, kana ba o tlwaelaneng nabo bao ba nang le mokgwa wa go nna thari kana wa dirisana nabo ka katlego?

O ka nna wa kgona go thusa batho ba ba nang le mokgwa wa go nna thari ka go ba gakolola nako e sa le gone ka dilo tseo lo beelaneng nako ka tsone le bone kana ka go buisana le bone puo phaa malebana le bothata joo. Go ka nna ga diragala gore bangwe ba batho ba ba tlang thari ka metlha, ka ntlha ya tsela eo ba godisitsweng ka yone kana ka ntlha ya bokoa jwa bone ka namana, ga ba kgone go thusiwa ke seo mme ba tswela pele ba bakela ba bangwe bothata ka go palelwa ke go tla ka nako. Fa e le gore maemo a gago a tlhoka gore o tshele le batho ba go nna jalo kana o bereka nabo, o ka nna wa tsaya go nna thari ga bone gore ke kafa ba ntseng ka gone mme o tlhagolele mekgwa eo o ka berekanang le seo ka katlego ka yone.

Ka sekai, o ka nna wa akanya esale gale ka nako eo o tlileng go leta ka yone mme o e ipaakanyetse. Gongwe o ka nna wa rulaganyetsa gore lo rakanele kwa lefelong le go leng monate go leta kwa go lone, le le ntseng jaaka lebenkele kana kwa resetšhurenteng. Kana o ka nna wa tla le tiro nngwe kana sengwe sa go bala e le gore o ke o itiye ka sone ka tsela e e busetsang fa o ntse o letile. Ba beele nako e e kwa pele fa o dira ditumalano le bone e le gore fa go ka diragala gore ba nne thari seo se seka sa baka gore o fetiwe ke nako eo o neng o e beile. Mo makgetlong mangwe, katlholo ya gago e e molemo e ka nna ya go pateletsa gore o seka wa kopanyeletsa batho bao ba nang le mokgwa wa go tla thari mo dithulaganyong tsa gago.

Duela Mokgwa wa Gago O Montle

Fa e le gore o na le bothata ka go boloka nako, o seka wa mpampetsa bokoa jono kana wa bo letla ka go bo itlhokomolosa, o lebeletse gore ba bangwe ba go letele. Seno e tla bo e se go akanyetsa matshelo a ba bangwe le maikutlo a bone. A o ke o akanye ka kgang ya monyadiwa mongwe yo a neng a nna thari ka dioura di le tharo ka lenyalo la gagwe. Ka ntlha ya seo, moletlo o ne wa tshwanelwa ke gore o fudusiwe ka lepotlapotla o fudusediwa kwa legaeng la motho, mme seo sa felela ka gore bao ba neng ba le gone ba le 200 ba nne le bothata jwa go tsena. Eleruri, go akanyetsa ba bangwe go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re boloke nako!

Kwantle ga pelaelo maiteko a gago a go boloka nako a tla felela ka gore o seka wa boloka nako fela ka go tla e le mo godimo ga tlhogo mme o bo o tle pele ga yone mo dilong di le dintsi tseo lo beelaneng nako ka tsone le mo ditirong tse dintsi. Fa seno se diragala, ituele! Dr. Scott o bolela jaana: “Nako e e begilweng e tshwana le madi a a begilweng. O seka wa e tsenya mo sepatšheng sa gago sa ka metlha; e dirise mo sengweng se o se ratang. Akanya ka dilo tsotlhe tseo o neng o ka rata go di dira fa o ne o na le metsotso e le lesome e e oketsegileng moso mongwe le mongwe kana sephatlho sa oura mo maitseboeng, kana metsotso e sekae mole le mole motshegare. Nna o ipaakantse ka dintlha tse di rileng, e le gore o ke o ituele ka sengwe se o se ratang le fa e le leng fela fa o fitlhile pele ga nako.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ditsela Tse O Ka Fenyang go Leta go Fitlha ka Motsotso wa Bofelo ka Tsone

1. Kgaoganya ditiro tse dikgolo, tse di boitshegang go di dira ditiro tse dipotlana tse di ka kgonwang go dirwa.

2. Tsaya kgato e e bonalang eo e tla dirang gore o dire tiro. Ka sekai, fa e le gore o nna o dikadika go bala buka nngwe, ntsha buka eo mo o bayang dibuka gone mme o e beye go bapa le setulo sa gago se o se ratang thata sa go bala.

3. Itlame mo go mongwe. Bolelela tsala kana mookamedi wa gago gore o tlile go fetsa tiro e e rileng ka nako e e rileng.

4. Ituele fa o fetsa karolo nngwe le nngwe ya tiro e kgolo.

5. Fa o iphitlhela o nnetse go dikologa, ipolelele jaana, ‘Ke itshenyetsa nako.’ Go ikgakolola jaana e ka re kgabagare ga felela ka gore o kgone go siamisa dilo le go dira tshwetso ya gore o kgaotse go tlhola o nnetse go dikologa.

6. Akanya ka diphelelo tsa go diega: A selekanyo sa tiro se tla oketsega? A ditshenyegelo tsa madi di tla oketsega? A re re gongwe o a lwala fa motsotso wa bofelo o goroga? Go tweng fa tiro eo e tsaya nako e telele go feta kafa o neng o lebeletse ka gone? A go ka diragala gore go nne le dilo di le mmalwa tse di ka go kgoreletsang? A boleng jwa tiro ya gago eo o e dirang ka motsotso wa bofelo bo tla ya kwa tlase?—Go tswa go “How to Get Control of Your Time and Your Life,” ka Alan Lakein.

[Ditshwantsho]

A o ikutlwa o tshwanelwa ke gore o dire ‘selonyana se sengwe se le sengwe fela’ pele fela ga o tsamaya go ya kwa lo beelaneng nako ya go ya gone?

A tota o ntsha bojotlhe jwa gago fa o le kafa tlase ga kgatelelo?

Dirisetsa nako eo o letileng ka yone go ikhutsa kana go fetsa sengwe se o batlang go se dira

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela