Go Tweng ka Ditiro tsa Bommotlelara le Dikgaisano tsa Bommabontle?
“FA KE ne ke etela New York ngogola,” Amy yo o nang le dingwaga di le 12 o gakologelwa jalo, “monna mongwe yo eleng rrahotele o ne a raya mama a re, ‘O tshwanelwa ke gore o tsenye morwadio mo sekolong sa bommotlelara. . . . O montle tota.’”
Basha ba le bantsi ba marata-go-lejwa ba ile ba nna le maitemogelo a go tshwana le ano. Racine yo o nang le dingwaga di le sometlhano o ne a amogela mogala o tswa mo monneng mongwe yo o neng a leka go mo dira gore ene le monnawe wa mosetsana ba nne le kgatlhego mo tirong ya bommotlelara. Lekgarejana lengwe le le tswang kwa Afrika Borwa le ne la kopiwa gore le nne le seabe mo kgaisanong ya bommabontle. Mme ga se basetsana fela ba ba lalediwang go tsenela ditiro tseno tse di busetsang madi a le mantsi. Jonathan yo mmotlana o ne a kopiwa gore a amogele tiro ya go nna mmotlelara wa monna.
Ee, go ralala lefatshe, go batlanwa le makawana le makgarejana mmogo le bana ba dingwaga tsotlhe ba batlelwa ditiro tsa bommotlelara, dikgaisano tsa bommabontle, jalo le jalo. Kwa United States fela, go begiwa gore ngwaga le ngwaga go tshwarwa dikgaisano tsa bommabontle di le dikete di le makgolokgolo. Bao ba fenyang mo go tsone ba amogela diranta di le diketekete seatleng, dimpho, le dibasari. Mo go ba sekae, go fenya mo kgaisanong ya bommabontle go ile ga felela ka boitloso-bodutu jo bo duelang madi a a kwa godimo le ka ditiro tsa bommotlelara.
Lekgarejana lengwe le bolela jaana: “Mo botshelong jwa me jotlhe ke ne ke batla go nna mmotlelara wa difeshene—ke bontsha diaparo mo dimakasineng tsa lefelo la rona le go nna mmotlelara kwa dipontshong tsa dilo tse di mo fesheneng. Tuelo ya gone e tloga go [R65] go ya go [R260] ka oura.” Lefa go ntse jalo, go begwa gore bommotlelara bangwe ba maemo a a kwa godimo ba amogela dituelo tse di kana ka R6 500 ka letsatsi! Ga go gakgamatse, he, go bo basha bangwe ba Bakeresete ba ile ba raelesega gore ba bapale madi ka ditebego tsa bone tse dintle. O ne o ka reng fa o ne o ka fiwa sebaka se se ntseng jalo se se forang?
Go Nna Montle go Ka Nna le Mosola
Go ne ga bolelwa gore kgarejana ya Mojuda ebong Esethere o ne a le “moshwana, a le montlè.” (Esethere 2:7) Tota, o ne o ka nna wa bo wa re go ne ga itlela fela mo go ene gore a nne le seabe mo dikgaisanong tsa bommabontle tsa mefutafuta. Mo maemong afe? Kgosigadi ya Peresia ebong Fasheti o ne a folositswe mo setulong ka ntlha ya go sa utlwe molao. Gore go ke go bonwe yo o tshwanelang yo go ka mo emisediwang ka ene, Kgosi Ahasueruse o ne a phutha makgarejana a a neng a le mantle go gaisa otlhe mo pusong eo. Mo sebakeng sa dikgwedi di le 12, o ne a rulaganyetsa gore makgarejana ao a fiwe dijo tse di kgethegileng le gore ka metlha ba itshase ka lookwane lo lo nkgang monate le ka mera. Mosetsana mongwe le mongwe e ne e re morago ga moo a bo a sekasekiwa ka go latelana ga bone. Mme e ne ya re fa go fitlha sebaka sa ga Esethere, o ne a tlhophiwa jaaka kgosigadi e ntšha!—Esethere 1:12–2:17.
Lefa go ntse jalo, ke ka ntlhayang fa Esethere a ile a nna le seabe? A e ne e le motho yo o batlanang le kgalalelo ya boithamako? Nnyaa, Esethere o ne a latela kaelo ya ga Jehofa, eo a neng a batlana le yone kgapetsa ka ntsalae yo o boifang Modimo ebile e le motlhokomedi wa gagwe, ebong Moredekai. (Esethere 4:5-17) Monna mongwe yo o bosula yo o bidiwang Hamane o ne a loga leano la go nyeletsa batho ba Modimo, eleng morafe wa Iseraele. ‘Kgaisano eo ya bommabontle’ e ne ya letla Jehofa gore a tsenye Esethere ka botlhale mo maemong a a kwa godimo ao e neng e tla re fa a le mo go one a neng a tla kgona go fenya leano leno. Ditebego tse dintle tsa ga Esethere ka gone di ne tsa itshupa e le tshegofatso mo bathong botlhe ba Modimo!
Go tweng ka gompieno? Tota tsela eo motho a lebegang ka yone ga se selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong.a Lefa go ntse jalo, fa ditebego tsa marata go lejwa di patilwe ke boingotlo le boikokobetso, e ka nna selo se se thusang thata. Lefa go ntse jalo, a seno se bolela gore bommotlelara kana go tsaya karolo mo dikgaisanong tsa bommabontle ke tsela ya botlhale ya go dirisa selo se se molemo seno? Kana a go na le dilo tse o ka akanyang ka tsone mo godimo ga botumo, kgalalelo, kana dikhumo tse di gogelang?
Seo Se Letseng Kafa Morago ga Kgalalelo Eo
Go nna mmotlelara wa difeshene go na le kgalalelo ya gone. Diaparo tse dintle, diikgabisi tse di jang madi a mantsi, tuelo e e kwa godimo, ditebelelo tsa go eta le go tlhaga mo thelebisheneng—dilo tseno tsotlhe di a gogela tota. Mo godimo ga moo, go ithuta go nna mmotlelara go ile ga thusa bahumagatsana ba le bantsi le makawana gore ba tsamaye ba lota le gore ba bue ka go itshepa le ka tsholofelo. Mme mo godimo ga maphatsiphatsi ano, le kgalalelo eno go ka ne go letse dikotsi tsa mmatota mo Mokereseteng.
Ga go bolele gore bommotlelara ka bojone ga bo a siama. Bommotlelara bongwe bo thusa mo tirong eno e e molemo: eleng ya go dira gore selo se lebege se gogela. Leo ke lengwe la mabaka a go bo diatla tse dintle di dirisediwa go bontsha polishi ya dinala mo ditshwantshong tsa dimakasine le mo dilong tse di rekisiwang mo thelebisheneng. Ka mo go tshwanang, banna le basadi ba ba bopegileng sentle ba dirisediwa go bontsha diaparo. Fa e le gore diaparo tsa go nna jalo ke tse di tshwanetseng, go ka nna ga seka ga ganwa gore Mokeresete a duelelwe go di bontsha.
Lefa go ntse jalo, go na le mathata a le mantsi ao bommotlelara bo nang le one ao gantsi go seng motlhofo go a tila. Ka sekai, o ne o ka reng fa o ne o kopiwa gore o apare sengwe seo se sa tshwaneleng Bakeresete? Kana fa motsaya-dinepe a ne a go pateletsa ka bolalome gore o eme ka tsela nngwe e e akantshang sengwe se se sa siamang, e e gogelang? Mo godimo ga moo, motho ga a kake a itse ka metlha gore dinepe tseo di tlile go dirisiwa jang. Ka sekai, dinepe tseo di ka nna tsa tlhaga mo dilong tse di etleetsang malatsi a boikhutso a bodumedi jwa maaka kana tseo di amanang le boitsholo jo bo sa siamang.
Mo godimo ga moo go bo go nna le diphelelo tseo tiro ya go nna jalo e ka nnang le tsone mo bothong jwa motho, eleng tsa go dira gore mekgwa e e sa siamang e gole. Fa go tswelwa pele go lebiwa ponagalo ya kafa ntle ya motho jaaka yone selo sa botlhokwa go na le go leba “motho eo o sa bōnaleñ oa pelo” jaaka selo sa botlhokwa go ile ga baka gore bommotlelara bongwe jwa difeshene e nne e nnele jo bo sa thuseng sepe go ya pele. (1 Petere 3:4) Gape, go bereka ka diaparo tse di jang madi a mantsi, dikgabisi tse di jang madi a mantsi, jalo le jalo go ka baka gore go akanya ka go rata dilo tse di bonalang go itsetsepele.—1 Timotheo 6:10.
Porofeshene ya bommotlelara jwa difeshene gape e tumile ka go dira gore motho a bonwe ke batho ba ba rileng, ba banna le basadi, bao ba gatelelang gore go tlhakanelwe dikobo nabo mme bone ba bo ba go dira gore a gatele pele mo tirong eo. Jaaka fa motho mongwe yo e neng e le mmotlelara wa difeshene pele a ne a akgela jaana: “Fa ke bua puophaa fela, o tshwanela go ineela [go tlhakanela dikobo] e le gore o ke o gatele pele.” Ba bangwe ba bolela go ya pele gore bosodoma bo aname mo bommotlelareng ba banna. Lemororo seno e ka nna ya tswa e se boammaaruri ka metlha, e ka nna ya tswa e le bothata jo bogolo mo bommotlelareng go feta mo diporofesheneng tse dingwe.
Dikgaisano tsa Bommabontle
Bontsi jwa seo se boletsweng fa godimo gape se ka bolelwa malebana le dikgaisano tsa bommabontle. Lefa go ntse jalo, mo godimo ga moo gape go gatelelwa mo go tsone gore kgaisano e nne ya se mphete ke go fete. Seno se ile sa pateletsa ba bangwe ba batsaya-karolo mo dikgaisanong tsa bommabontle go ya bokgakaleng jwa gore ba senyetse batsaya-karolo ka bone mo dikgaisanong dilo ka boomo. Go ya ka pego nngwe, “batsaya-karolo bangwe ba batla go fenya ka pelo yotlhe mo eleng gore ga ba tshabe go tshasa diaparo tsa go sapa tsa bao ba gaisanang nabo ka setlotsa-molomo kana go gasa dikaone tsa bone ka Coke ‘e se ka boomo.’”
Gape, bao ba tshegetsang dikgaisano tsa bommabontle ka madi ba lebeletse gore basetsana ba bone ba ineele ka bojotlhe jaaka baemedi ba bone ba dithekiso le ba dikamano tsa baagi. Gantsi seno se tlhoka gore ba intshe bodutu go fitlhelela ka lotlatlana. Mohumagatsana mongwe o ne a bolelelwa jaana: “Moratiwa, ga o ke o lapa le ka motlha ope. O seka wa lebala seo. E nna wena wa ntlha go goroga mo pating mme ebile e nna wena wa bofelo go tsamaya.” Bobotlana, seno se ka dira gore mosha wa Mokeresete a iphitlhele a le mo ditsaleng tse di sa siamang mme se ka nna sa bo sa felela ka gore motho a ratane le mongwe yo o sa dumelang.—2 Bakorintha 6:14.
Sa bofelo, go na le ntlha ya gore dikgaisano tsa bommabontle di tlhokomologa molao-motheo wa Bibela o o mo go Baroma 1:25, oo o kgalang bao ba ‘obamelang se se bopilweng, ba se direla bogolo go Mmopi wa sone.’ (Bapisa Ditihō 12:21-23.) Ka ntlha ya lebaka leo le le losi fela, mosha wa Mokeresete o ne a tla bo a dira sentle fa a gana go nna le seabe mo kgaisanong ya bommabontle le eleng fa e ne e le e potlana fela ya kwa sekolong.
Bontle jwa Mmatota
Basha bao ba umakilweng pelenyana ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tlhatlhobe dintlha tseno fa ba itirela ditshwetso tsa bone ka namana. Lemororo go tsenela tiro ya go nna mmotlelara e ka nna ya seka ya nna phoso ka bogone, Amy le Racine ba ne ba dira tshwetso ya gore ba seka ba e tsenela. Jonathan le ene o ne a gana tiro ya go nna mmotlelara wa monna mme ga jaanong o direla kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, o tsenetse tiro ya bodihedi jwa nako e e tletseng. Mme mosetsana yo mongwe wa marata go lejwa o ne a tsenela kgaisano eo mme a fenya mo dikgaisanong tsa bommabontle di le pedi. Gompieno, ga a tlhole a nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Abo seane seno se boammaaruri jang ne: “Seo se kgatlhang ebile se le sentle ga se molemo ka metlha; mme se se leng molemo se sentle ka metlha.”
Gape re gakololwa ka Esethere. Ka ntlha ya go bo a ne a le montle mo mmeleng, o ne a tsenngwa mo setlhopheng seo kgosi e neng e tlile go tlhopha mosadi mo go sone. Lefa go ntse jalo, seo se neng se mo dira montle tota e ne e le boikokobetso, boikobo, go nna kutlo le go sa nneng bogagapa. (Esethere 2:13, 15-17) O ne a tshwantshetsa mafoko ano a ga Petere: “Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntlè, eboñ ga go iphōra moriri loètsè, le ga go rwala mekgabō ea gouda, kgotsa ga go apara diaparō tse di maphatsiphatsi; Me a e nnè motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhokèga thata mo matlhoñ a Modimo.” (1 Petere 3:3, 4) Ka lobaka lo lotelele, go tlhagolela dinonofo tseno tsa Bokeresete e tla nna papadi e kgolo go gaisa maduo a a sa tseyeng lobaka a bontle jwa mo mmeleng.
[[Ntlha e e kwa tlase]]
a Bona setlhogo se se reng “How Important Are Looks?” (Tsela E Motho A Lebegang ka Yone E Botlhokwa go le Kana Kang?) se se tlhagang mo tokololong ya Awake! ya January 8, 1986.
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Dinonofo tsa Bokeresete ke papadi e kgolo go gaisa maduo a a sa tseyeng lobaka a bontle jwa mo mmeleng