LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/1 ts. 3-4
  • Bontle bo ka nna jwa Kafa Ntle Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontle bo ka nna jwa Kafa Ntle Fela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sengwe se se Fetang Bontle
  • Dirai tsa Bontle jwa Kafa Ntle
  • Bontle jwa Banna
  • Bontle jo bo Botlhokwa Thata
    Tsogang!—2005
  • Bontle jwa Boammaruri—O ka nna le Jone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditebego Tse Dintle
    Tsogang!—2016
  • Go Tweng ka Ditiro tsa Bommotlelara le Dikgaisano tsa Bommabontle?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/1 ts. 3-4

Bontle bo ka nna jwa Kafa Ntle Fela

EFA, mosadi wa ntlha ebile a le ene fela yo o bopilweng ke Modimo, a tshwanetse ya bo a ne a le mosadi yo montle thata-thata yo o kileng a nna gone. Mme ene le monna wa gagwe, Adame, ba ne ba tsuologela Jehofa. Jalo Efa o ne a latlhegelwa ke kamano ya gagwe e e molemo-lemo le Modimo mme a nna le seabe mo go tlisetseng batho masetlapelo a magolo. Morago ga moo, ga go belaesege ka gope gore o ne a santse a le montle, mme bontle jwa gagwe a ne a le jwa kafa ntle fela.

Bontle ke mpho e e tswang mo Modimong, mme ba bangwe ba gaisa ba bangwe ka jone. Ba bangwe ba eletsa ekete ba ka bo ba le bantle thata—kana ba lebega—go gaisa jaaka ba ntse, mme batho ba le bantsi ba senya nako a ntsi le madi ba leka go ntlafatsa ditebego dife le dife tse dintle tse ba ka neng ba na natso. Mme jaaka sekai sa ga Efa se bontsha, bontle bo le nosi ga bo thuse sepe fa bo sena le dinonofo tse dingwe. Ke dinonofo dife tse dingwe gape? Boitemogelo bongwe mo metlheng ya ga Kgosi Solomone bo re thusa go araba seo.

Sengwe se se Fetang Bontle

Buka ya Bibela Sehela sa Dihela a re bolelela ka mosetsana mongwe yo montle, wa Moshulama, yoo a neng a ratana le modisa mongwe wa mo lefelong leo. Bontle jwa gagwe bo ne jwa kgatlha kgosi, mme a He ya laela gore a tlisiwe mo Jerusalema a solofetse go mo dira mosadi wa yone. Abo mosadi yoo yo o saleng monana a ne a le lesego jang ne! Koo, o ne a ka ipapalela bontle jwa gagwe mme a nna le khumo, a na le thata, ebile a laola mo bogosing. Mme ka boikanyegi mosetsana yoo o ne a gana dilo tse di gogelang tsa kgosi. O ne a seka a rata manobonobo le dikhumo tsa Jerusalema mme o ne a nna a ikanyegile mo mosimaneng wa gagwe wa modisa. Mo kgannyeng ya gagwe, bontle jwa gagwe a ne a se fela jwa kafa ntle. O ne a sa gapege bonolo, a se bohula, kana a sa ikgagapelele. Go na le moo, o ne a na le bontle jwa kafa teng joo mmaagwemogologolwane Efa a neng a sena najo.—Sefela sa Dihela 1:15; 4:1; 8:4, 6, 10.

Dirai tsa Bontle jwa Kafa Ntle

Bontle jwa kafa ntle, lefa bo eletsega, bo ka tlisa mathata ao bontle jwa kafa teng bo ka se kang jwa a tlisa le ka motlha. Ka sekai, mo e ka nnang dingwaga tse 4 000 tse di fetileng, tlhogo ya lotso Jakobe o ne a na le ngwana mongwe wa mosetsana yo o neng a bidiwa Dina yoo kwantle ga pelaelo a neng a le montle thata. Fa a ne a tsalana le “bomorwadia lehatshe,” o ne a kgatlha thata lekau lengwe le go neng go twe ke Shekema mo le ileng la mo senya.—Genesise 34:1, 2.

Mo godimo ga moo, tebego a ntle ya kafa ntle, fa a sa pataganngwa le bontle jwa kafa teng, a ka dira gore motho a itseele kwa godimo. Kgosi Dafide o ne a na le morwa mongwe yo a neng a bidiwa Abesalome, yo re balang jaana ka ene: “Go no go sena ope eo o bokwafi yaka Abesalome ka bontle.” (2 Samuele 14:25) Mme bontle jwa ga Abesalome jwa mmele bo ne bo fitlhile bomaswe jo bo kafa teng: O ne a le boikgodiso, a eletsa go fitlhelela dilo tse di kwa godimo, ebile a le pelompe. Lekawana leno le ne la dirisa bontle jwa lone go dira gore Iseraele a mo sale morago mme morago o ne a tsuologela rraagwe yo o neng a busa. Kgabagare lekau le lentle leno le ne la bolawa morago ga gore le latlhele morafe oo mo ntweng.

Bontle jwa Banna

Jaaka kgang ya ga Abesalome a bontsha, Bibela a bua ka banna le ka basadi a le ba bantle. Sekai sa monna mongwe yo o neng a seka a tsiediwa ke bontle jwa gagwe jwa bonna a ne a le Josefa, kgaitsadia Dina yo mmotlana. (Genesise 30:20-24) Fa a ne a santse a le mmotlana, bomorwarraa Josefa ba ne ba mo rekisa jaaka lekgoba ka ntlha ya lefufa mme a isiwa kwa Egepeto. Koo, o ne a rekwa ke molaodi wa masole yo o neng a bidiwa Potifaro, mme ka go bo a ne a ikanyega ebile a le tlhaga o ne a dirwa mookamedi wa ntlo ya ga Potifaro. Ka yone nako eo, “Yosefe a bo a le montle, a bopegile sentle.”—Genesise 39:6.

Mosadi wa ga Potifaro o ne a eletsa Josefa mme ka matlhabisaditlhong a leka go mo raela. Mme lekawana leno le ne la bontsha gore le ne le na le bontle jwa kafa teng gammogo le jwa kafa ntle. O ne a gana go leofela mothapi wa gagwe, Potifaro, mme o ne a sia go tswa fa mosading yoo. Ga felela ka gore a latlhelwe mo kgolegelong. Ka ntlhayang? Mosadi yo o swabileng yoo wa ga Potifaro o ne a latofatsa Josefa ka maaka a gore o ne a re o leka go mo thubetsa! Lefa go ntse jalo, le eleng boitemogelo jo bo botlhoko jono ga bo a ka jwa fetola boemo jwa ga Josefa, mme sekao sa gagwe se se tlhomologileng kafa tlase ga maemo a a bokete se ile sa nna sa kgothatsa batho ba ba pelo di siameng fa esale ka nako eo.

Jaaka dikai tseno di bontsha, bontle jwa kafa teng—bontle jwa botho segolo bogolo fa bo theilwe mo go dumeleng mo Modimong—ke jwa botlhokwa fela thata go gaisa tebego ya kafa ntle. Basha ba ba batlang go nyala ba tshwanetse go lemoga seno. Bathapi ba ba batlang badiri ba tshwanetse go gakologelwa seno. Mme rotlhe re tlhoka go gakologelwa gore re le bantle kana re se bantle, re ka nna ra nna le bontle jono jwa kafa teng joo bo leng botlhokwa bogolo. Mme bo bopiwa ke eng? Mme re ka nna le jone jang? Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela