LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/1 ts. 4-7
  • Bontle jwa Boammaruri—O ka nna le Jone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontle jwa Boammaruri—O ka nna le Jone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fetola Botho
  • Dinonofo tsa Bokeresete
  • Bontle mo Lefatsheng le le Maswe
  • Go Godisa Bontle jwa Kafa Teng
  • Lefatshe je Lentle kwa Pelenyana
  • Bontle bo ka nna jwa Kafa Ntle Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Bontle jo bo Botlhokwa Thata
    Tsogang!—2005
  • Go Leba Feshene ka Tsela e e Tshwanetseng
    Tsogang!—2003
  • Ditebego Tse Dintle
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/1 ts. 4-7

Bontle jwa Boammaruri—O ka nna le Jone

BIBELA a naya banna gammogo le basadi kgakololo ka ditebego tse dintle. E bua jaana, mabapi le banna: “[Bontle jwa, NW] makau ke thata ea aona.” (Diane 20:29) Ee, nonofo le bonatla tsa makau di ka kgatlha fela thata. Mme go diragala eng fa nonofo eo ya bosha a nyelela? Seane sa Bibela se bua jaana: “Tlhogo e e pududu ke serwalo sa [bontle, NW], ha [e] bonwa mo tselen ea tshiamo.” (Diane 16:31) Tshiamo ke nngwe ya dinonofo tsa bontle jwa kafa teng. Fa lekau le bo tlhagolela, bo tla nna bo ntse bo le teng lefa le latlhegelwa ke nonofo e e kgatlhang ya bosha.

Bibela a bua jaana fa a bua malebana le basadi: “Boeletsego ke tsieco, le bontle ke boithamako: me mosadi eo o boihan Yehofa, ena o tla bakwa.” (Diane 31:30) Lekgarebe le lentle, le le eletsegang ke tsala e e kgatlhang thata. Mme go tweng fa bontle jwa mmele bo fitlhile boitimokanyo le boikgodiso jwa bogagapa? Jalo bontle joo ke jwa kafa ntle fela, mme bo fitlhile bomaswe jo bo kafa teng. Fa bontle bo nyelela, go tla sala eng? Abo go ka nna botoka jang ne fa ditebego tse dintle di pataganngwa le bontle jwa kafa teng joo bo sa eng gope, jo bo theilweng mo go ‘boifeng Jehofa’!

Go Fetola Botho

A go a kgonega go nna le bontle jono jwa kafa teng? Ee. Totatota, Bakeresete ba tshwanetse. Modimo o tseela bontle jwa boammaaruri kwa godimo. “O dihile senwe le senwe go nna sentle mo motlhen oa shona.” (Moreri 3:11) Ga a kake a amogela kobamelo ya batho bao botho jwa bone bo fitlhileng dinonofo tse di sa eletsegeng tsa kafa teng.

Mafoko a ga moaposetoloi Paulo go Bakolosa a bontsha botlhokwa jwa go tlhagolela bontle jono jwa kafa teng. Lantlha, o kgothatsa jaana: “Lo latlhe dilo tse cotlhe hela; ebon bogale, le kgakalo, le kilo, le kgalo, le dipuo tsa botlhabisa ditlhofi, to di tlose mo melomun ea Iona: Se akalanefi; ka to apotse motho oa bogologolo le ditiho tsa gagwe.” Ee, mongwe le mongwe yo o dirang ditiro tse di maswe tseno ga a kake a amogelwa ke Modimo—le batho ba ba akanyang sentle. Ka jalo, Paulo o tswelela jaana: “Lo [apare] motho eo mosha, eo o nntsefi a shahalediwa mo kicofi kaha sechwanon sa eo o mo tlhodilefi.” (Bakolosa 3:8-10) Re tshwanetse go ‘nna’ le tsela ya go akanya gammogo le boikutlo jo bo dumalanang le go rata ga Modimo. “Motho eo mosha” o bonwa ka erg?

Dinonofo tsa Bokeresete

Go kwadilwe dinonofo tse dintsi tse dintle tseo di bo bopang mo Bibeleng. Mme motheo wa bontle jono jwa kafa teng o tlhalosiwa ke mafoko ano a ga Jesu: “U rate Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka moea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyo eotlhe ea gago. E ke eona taolo a kgolo le ea ntlha. Me e fiwe ea bobedi e e chwanan naeo ke e, U rate oa ga eno yaka a ithata.” (Mathaio 22:37-39) Go rata Modimo go re dira gore re batle go nna mofuta oa batho ba ba mo kgatlhang. Lorato to to ntseng jalo to re tlhotlheletsa go bua ka ere mo go ba bangwe, go ba thusa gore le bone ba itse Mmopi wa bone.—Isaia 52:7.

Dinonofo tse dingwe tse di bopang botho jo bosha di tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo jaaka: “Lorato, le boitumelo, le kagisho, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikafio, Le boifiotlo, le boikgapo: dilo tse, ga di afiwe ke molao ope.”—Bagalatia 5:22, 23.

Mo godimo ga moo, Bibela a bua jaana fa e itebagantse le banna: “Monna ke tlhogo ea mosadi, yaka Keresete le ena a le tlhogo ea phuthego . . . Banna, ratan basadi ba Iona, hela yaka Keresete le ena a ratile phuthego, me a intshetsa eona.” (Baefesia 5:23, 25) Fa e bua le basadi, Bibela ya re: “Basadi ba lo nyecweñ to ineelefi mo banner ba a len ba Iona, yaka a ka bo a le mo go Morena . . . le mosadi a ipone, gore a boihe monna oa gagwe.” (Baefesia 5:22, 33) Abo botshelo jwa lelapa bo tla itumedisa jang ne fa monna a diragatsa maikarabelo a gagwe ka lorato, a se bogagapa, mme a le pelotelele! Mme abo monna a tla nolofalelwa ke go dira seno ka mo go tshwanetseng jang ne fa mosadi wa gagwe a bontsha bontle jwa gagwe jwa kafa teng a mo tshegetsa ka lerato mme a sa gaisane nae kana a sa mo tshwaye diphoso thata-thata. Botshelo jwa lelapa kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo bo ka itumedisa fela thata.

Dikai tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong se se fetileng di ile tsa bontsha gore dingwe tsa dinonofo tseno di ka dirisiwa jang. Mosetsana wa Moshulama o ile a bontsha boikanyegi le gore o rata modisa wa gagwe ka lorato to to boteng fa a ne a gana go mo tlogela mme a ya le manobonobo a ntlo ya ga Solomone ya bogosi. Josefa o ne a itshupa a siame fa a ne a gana go leofela mothapi wa gagwe, Potifaro. O ne a bontsha gape gore o na le boikgapo fa a ne a tshaba go na le go raelwa ke mosadi wa ga Potifaro. Mme o ile a baya sekao sa bonolo, kagiso, le bopelotelele, fa a ne a sa letle gore dilo tse di neng di mo diragalela di mo tsenye letlhoo.

Bontle mo Lefatsheng le le Maswe

A dinonofo tse dintle tseo di ka kgona go tlhagolelwa gompieno? Ba le bantsi ga ba akanye jalo. Go na le moo, ba sekamela mo lefatsheng le le ipatlelang ka bolone, le le bogagapa leo ba tshelang mo go lone ka go godisa botho jo bo sa siamang. Ba ikutlwa gore go re ba atlege ba tshwanetse go nna pelompe, ba batla dilo tse di kwa godimo, e nne bone ba ba kwa pele mme ba gagamalela go fitlhelela sotlhe seo ba ka se bonang.

Go farologana le seo, Bibela a kgothatsa jaana: “Lo [se] dihe sepe ka go re to itiha lekoko, leha a le ka go ipelahatsa hela, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaee eo moñwe ha a mo gaisa ka molemo; Mofiwe le moñwe a a sa tlhokomele dilo tse a left tsa gagwe hela, ha a se go re, moñwe le moñwe go tlhokomela le tse a len tsa ba banwe.” (Bafilipi 2:3, 4) Lebaka la go bo batho ka kakaretso ba senyegile ka tsela eno ke ka ntlha ya gore ga ba latele kgakololo eno e e molemo.

Mo godimo ga moo, mo lefatsheng la jaanong, go atlega ga motho go lekanngwa ka madi kana ka maemo. Motho yo o humileng e tsewa jaaka yo o atlegileng. Lefa go ntse jalo, fa re tlhokomela dilo tse a leng tsa mmatota, go huma kana go humanega ga motho ga go botlhokwa. Eleruri, khumo a na le mathata a yone. Bibela a tlhagisa jaana: “Ba ba eletsan go huma ba tla ba wele mo thaelofi, le mo serufi, le mo dithatofi di le dintsi tsa bosilo le tse di senyafi.” E oketsa jaana: “Go rata madi ke mocwe oa mashula mafiwe le mafiwe aotlhe.”—1 Timotheo 6:9, 10.

Legale, batho ba ba bogagapa, ba ba batlang go fitlhelela dilo tse di kwa godimo, ba ba ratang dilo tse di bonalang, ba ba pelompe gantsi ba ipelela “katlego” ka nakonyana fela. Mme ga se katlego ya mmatota, ereka botshelo jo bo ntseng jalo jo bo sa siamang bo felela ka—batho ba ba sa rategeng, malapa a a thubegileng, botsogo jo bo seng monate, le matshwenyego ka kakaretso—a le mantsi. Motho o dirilwe mo setshwanong sa Modimo, mme fa a tsuologela dinonofo tseo Modimo a neng a mo neile tsone kwa tshimologong, ga a kake a nna le boitumelo.—Genesise 1:27.

Go Godisa Bontle jwa Kafa Teng

Ka jalo, re ka emelana le tlhotlheletso e e bosula ya lefatshe leno mme ra godisa dinonofo tse di kwa godimo, tsa bomodimo jang? Fa Paulo a ne a kwala dinonofo tseno eleng “lorato, le boitumelo, le kagisho, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikafio, Le boifiotlo, le boikgapo,” o ne a di bitsa “louno loa Moea.” (Bagalatia 5:22, 23) Ka jalo re tlhoka moya wa Modimo gore re tlhagolele dinonofo tseno tse dintle tsa kafa teng.

Jang? Ebu, go ithuta Bibela, eo a tlhotlheleditsweng ka moya wa Modimo, go tla re thusa go lemoga dinonofo tseno le go godisa keletso ya rona ya go di tlhagolela. (2 Timotheo 3:16) Basupi ba ga Jehofa ba itumelela ka metlha go thusa mo go direng seno, ereka ba tsaya go thusa batho go ithuta Bibela jaaka karolo ya bodihedi jwa bone. Go itlha—tlhoba ka boammaaruri go tla re thusa go bona foo re tlhaelang gone, mme re ka rapela gore moya wa Modimo o re thuse mo dikarolong tseno. Go kopanela le baobamedi-karona ba Modimo go tla re naya tshegetso a re e tlhokang, mme fano, le gone, moya wa Modimo o a thusa ka go bo, fela jaaka Jesu a buile, “kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegilen gona ka leina ya me, hoo, nna ke gona mo gare ga bone.”—Mathaio 18:20.

Lefatshe je Lentle kwa Pelenyana

Ka tlholego fela, ga go ope wa rona yo a ka kgonang go fenya bosaitekanelang gotlhelele, mme fa re leka go tlhagolela bontle jono jwa kafa teng, Modimo o tla segofatsa maiteko a rona. Mme o tla re duela ka mo go gakgamatsang. Bibela a re bolelela ka boikaelelo jwa Modimo jwa go tlisa tsamaiso e ntsha ya dilo ka bonako eo a tla bong a sa tshwane gotlhelele le ya gone jaanong. Mo go yone, “basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeona ka bosakhutlen.” (Pesalema 37:29) Jesu ka boene o ne a re: “Go sego ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”—Mathaio 5:5.

Ka nako eo, kgaisano e e sa eletsegeng le bogagapa tsa tsamaiso eno ya dilo di tla tseelwa sebaka ke boiketlo jo bo kgatlhisang le thetebalo. “Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha a le go senya mo thaben eotlhe ea me e e boitshepo: gonne lehatshe le tla bo le tletse loco ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) Eleruri, Modimo “o tla phimola dikeledi cotlhe mo mathloñ a bone; me ga go ketla go tlhola go le losho; le gona ga go ketla go tlhola go le bohutsana, leha a le selelo, leha a le botlhoko: dilo tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:4.

A maemo a a ntseng jalo as go kgatlha? A tla kgonega fela ka go bo baagi ba lefatshe ka nako eo ba tla bo ba na le bontle jwa kafa teng jo bo theilweng mo go rateng Modimo le moagelani. Mme Modimo o solofetsa bao ba mo direlang gone jaanong, ba ba tlhagolelang “motho eo mosha” mme ba gagamalela go latela ditekanyetso tsa gagwe, gore ba tla bona go diragadiwa ga tsholofetso eo. Ditebego tse dintle, bontle jwa kafa ntle, ga di kake tsa thsa masego ao. Abo re na le lebaka le le molemo jang ne, go godisa bontle jo bo nonofileng joo, jo bo nnelang ruri jo bo kgatlhang batho ba ba akanyang sentle gammogo le Modimo ka boone!

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Batho ba bantle mo mmeleng ba tshwanetse go tila, go nna bogagapa le boferefere. Go na le moo, ba tshwanetse go tlhagolela botho jwa kafa teng jo bo itumedisang Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela