LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 2/8 ts. 13-14
  • Ka Matlho a Ngwana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka Matlho a Ngwana
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Se Bagolo Ba Babotlana
  • Mo Kgothatse le go Mo Kaela go Na le go Batla Dilo ka Thata mo go Ene
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Akgola Ngwana
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 2/8 ts. 13-14

Ka Matlho a Ngwana

GO NA le bobotlana ntlha e le nngwe eo bontsi jwa batsadi gantsi ba dumalanang mo go yone: eleng ya gore go godisa ngwana ka katlego ke nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo go gaisa tseo ba kileng ba lebana le tsone. Go na le dikwalo tseo di senang palo tse di ileng tsa kwalwa malebana le ka moo o ka dirang seno ka teng le ka moo o ka atlegang ka teng mo go sone. Lefa go le jalo, go na le mokgwa o le mongwe fela oo bagolo botlhe ba ka kgonang go o dirisa, ekane e le batsadi, bommemogolo kana borremogolo, barakgadi, bomalome, kana ditsala fela. A o kile wa leka go leba dilo ka matlho a ngwana gore o tlhaloganye bana le go ba thapisa? Tota ke eng seo ba se akanyang ka megopolonyana e mennye eo ya bone?

Gakologelwa, bana ke batho ba babotlana. Fa re na le pono eno ka bone seo se tla re thusa gore re tlhaloganye tsela eo re lebiwang ke bone ka yone. Ba tsalwa ba le babotlana thata ba tsalelwa mo lefatsheng la batho bao ba leng bagolo thata mo go bone, ba ba feta le ka maatla. Mo leseeng, bagolo ba ka nna ba bo ba ntse jaaka selo se se sireletsang, se se gomotsang le se se thusang kana ba ka nna jaaka setshosetsi se se ratang go kgerisa.

Ga Se Bagolo Ba Babotlana

Ntlha e nngwe e e botlhokwa ya botlhale ke gore o nne kelotlhoko gore o seka wa dira phoso ya go ba tshwara jaaka bagolo ba babotlana. Nako ya bongwana e tshwanetse go nna nngwe ya dinako tse di itumedisang thata mo botshelong. Ga go tlhokafale ka gope gore o ba potlakise gore ba fete mo go yone kana wa ba dira gore e ba latlhegele gotlhelele. Ba lese gore ba e ipelele. Jaaka motsadi, o ka nna wa dirisetsa sebaka seo go agelela melao-metheo ya boitsholo mo go bone eo e tlhokegang gore, ka nako e e tshwanetseng, ba nne bagolo bao ba ka dirisanang sentle le maemo.

Fa o berekana le masea, go leba dilo ka matlho a ngwana go nna go ntse go le botlhokwa. Ka sekai, go lela le ka motlha ga go a tshwanela ya nna selo seo se laletsang batsadi gore ba betse losea gonne ba sa itse gore ba direng. Go lela kana go ipetola ke tsela ya tlholego eo losea lo lo sa tswang go tsalwa lo tlhalosang se lo se batlang ka yone. Morago ga fa ngwana a sena go tswa mo sebopelong sa ga mmagwe se a neng a bolokesegile mo go sone, o kgona go dira gore pono eo a nang le yone e utlwale sentle ka go thanyega ka selelo!

Mo Kgothatse le go Mo Kaela go Na le go Batla Dilo ka Thata mo go Ene

Go molemo gore o kgothatse bana mo maitekong a bone a go itlhalosa. Pono ya bone e ka nna ya senola mathata a ba nang nao, mme bothata fa bo tlhaloganngwa ka phepafalo bo rarabolosega motlhofo thata. Mme tsela eo re arabelang ka yone mo go seo ba se buang e botlhokwa go tshwana le go dira gore ba itlhalose. Wendy Schuman, yoo eleng motseleganyi mmogo wa makasine wa Parents, o neela kgakololo e e malebana le ka moo re tshwanetseng go leka go ka bua le bana ka teng: “Go dira gore mafoko a rona a bontshe gore re na le kutlwelobotlhoko . . . ke kgopolo ya konokono eo e leng motheo wa tiro ya bosheng jaana e e malebana le dipuisano tse di fa gare ga batsadi le bana. Mme kutlwelobotlhoko ka boyone ga e a lekana fa e sa fetolelwe go nna puo ya kutlwelobotlhoko. Mme seno ga se itlele fela ka tsela ya tlholego mo melomong ya batsadi ba le bantsi.”

Ka mafoko a mangwe, fa ngwana a se maitseo kana a dirile sengwe se se tshosang, a tlhoka go otlhaiwa, re tshwanetse go leka ka natla gore re seka ra letla maikutlo a rona le segalo sa lentswe gore di bontshe kafa re tenegileng ka gone kana kafa re sa itseng gore re direng ka gone. Legale, seno se bonolo go se bua mme ga go bonolo go se dira. Mme gakologelwa, dikarabo tse di bogale kana tseo di nyatsang, tse di ntseng jaaka, “Seeleele ke wena” kana, “A tota go na le sepe fela seo wena o kgonang go se dira sentle?” le ka motlha ga di ke di tokafatsa maemo ao a setseng a le boima.

Batsadi ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore go bontsha kutlwelobotlhoko ka go neela kakgolo, segolo-bogolo pele ga o ba kgalemela, go ka tlisa matswela a a molemo. Eno le yone ke tshono ya go ka leba dilo ka matlho a ngwana. Bontsi jwa bana ba itse sentle fa kakgolo e e ntseng jalo e neelwa ka maikaelelo mangwe a a fitlhegileng kana fa e le e e sa tsweng mo pelong. Ka jalo, fa re akgola bana ba rona, re tshwanetse go tlhomamisega gore kakgolo eo ke ya boammaaruri ebile e a tshwanela.

Moithuta-tlhaloganyo ya ngwana eleng Dr. Haim G. Ginott yo o tumileng o gatelela mo bukeng ya gagwe ya Between Parent and Child, gore batsadi ba tshwanetse go akgola diphitlhelelo go na le go akgola botho. Ka sekai, morago ga fa morwa wa gago a sena go betla raka ya dibuka mme a bo a go e bontsha ka mabela, fa o akgela ka go re, ‘Raka eo ya dibuka ga e ntle fela mme gape e ka dirisiwa,’ seo se tla aga tsholofelo ya gagwe. Ka ntlhayang? Ka gonne o akgola seo a se fitlheletseng. Ka jalo, kakgolo ya gago ke ya boammaaruri mo ngwaneng wa gago. Lefa go le jalo, fa o re, ‘O mmetli yo o nang le bokgoni tota,’ seo se ka nna sa seka sa dira jalo, ka gonne o lebisitse kakgolo eo mo go ena ka boene jaaka motho.

Dr. Ginott o akgela jaana: “Bontsi jwa batho bo dumela gore kakgolo e godisa go nna le tsholofelo ga ngwana mme e dira gore a ikutlwe a bolokesegile. Mme tota, kakgolo e ka nna ya felela ka tlalelo le go sa itshware sentle . . . Fa batsadi ba bolelela ngwana gore, ‘O mosimane yo o molemo ruri,’ a ka nna a seka a kgona go dumela seo ka gonne ene a ikitse ka tsela e e farologaneng gotlhelele le eo . . . Kakgolo e tshwanetse go lebisiwa; eseng mo ngwaneng ka boene gore ke motho yo o ntseng jang, mme e tshwanetse go lebisiwa go maiteko a gagwe le diphitlhelelo tsa gagwe . . . Kakgolo e na le dikarolo di le pedi: eleng mafoko ao re a buang le seo ngwana a se akanyang ka one. Mafoko a rona a tshwanetse go bontsha ka phepafalo gore re anaanela maiteko a ngwana a a dirang, tiro ya gagwe, se a se fitlheletseng, thuso ya gagwe, le kakanyetso ya gagwe.”

Kakantsho eno e e molemo ya gore ba akgolwe e tumalanong le kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya go bontsha bopelotshweu, jaaka fa e fitlhelwa mo go Diane 3:27: “O seka wa gana ka molemo mo go bao o ba tshwanelang, fa go le mo thateng ya gago go dira jalo.”—New International Version.

Mme totatota go ka bolelwa gore go sa kgathalesege gore ke kgakololo efe e e molemo kana e e botlhale eo re balang ka yone, ga go na mokgwa ope o o tsayang nako e khutshwane go feta seo bangwe ba se bitsang thulaganyo ya dingwaga tse 20 ya go godisa morwa kana morwadi. E tlhoka bopelotelele, lorato, kutlwisiso, le kakanyetso. Mme selo se segolo se se ka go thusang gore o atlege ke gore o ithute go bona tsela e ngwana wa gago a dirang dilo ka yone le go e tlhaloganya “ka matlho a ngwana.”

“Mosimane eo o botlhale o itumedisa rragwè,” go kwadile jalo Kgosi e e botlhale ebong Solomone. (Diane 10:1) Ekete go nna le kutlwisiso e e botoka ya tsela eo ngwana wa gago a akanyang le go leba dilo ka yone go ka go thusa gore o fitlhelele maitemogelo a a tshwanang le ano a a ipedisang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela