Tsebe ya Gago—Ke Yone Selo se Segolo Se O Se Dirisetsang Puisano
O KA nna wa budulala fa o sa batle go bona. O ka nna wa nna fela o sa heme fa o sa batle go dupa. Mme lefa go le jalo tota ga o kake wa kaba ditsebe tsa gago fa o sa batle go utlwa. Seane se se reng “go ithiba ditsebe” ke tshwantshanyo fela. Go utlwa ga gago, go tshwana le go betsa ga pelo ya gago, go tswela pele go dira le eleng fa o robetse.
Eleruri, ditsebe tsa rona di a bo di ntse di bereka ka nako yotlhe gore di re thuse go itse se se diragalang go re dikologa. Di tlhopha seo re se utlwang, di se tlhatlhobe, di bo di dira gore se tlhaloganyesege le go se romela kwa bobokong. Mo teng ga lefelo le le kana ka dikubiki sentimetara di le 16 ka bogolo, ditsebe tsa rona di dirisa melao ya saense ya modumo, ya saense ya maatla le maikatlapelo, ya saense ya dieledi, ya saense ya dieleketerone, le dipalo tsa maemo a a kwa godimo gore di dire seo di kgonang go se dira. A o ke o tlhokomele dilo di sekae fela tseo ditsebe tsa rona di ka kgonang go di dira fa e le gore re utlwa sentle kwantle ga bothata bope.
◻ Go tloga ka modumo wa go seba o o kwa tlasetlase go isa go modumo o o thibang ditsebe wa sefofane fa se tlhatlogela kwa godimo, ditsebe tsa rona di kgona go ka berekana le modumo o o farologanang ka bogolo jwa one go fitlha go 10 000 000 000 000. Go ya ka saense, selekanyo seno ke ditesibole di ka nna 130.
◻ Ditsebe tsa rona di kgona go tlhopha motlotlo o le mongwe oo o leng mo phaposing eo e tletseng ka batho di bo di reetsa one fela kana di kgona go lemoga noto e e phoso eo e tshamekiwang ke seletswa sa mmino se le sengwe mo setlhopheng sa di le lekgolo.
◻ Ditsebe tsa motho di kgona go lemoga fa selo se modumo o tswang mo go sone se shebela go sele didikirii di le pedi fela. Di dira seno ka go utlwa pharologanyo e nnyane thata ya nako eo modumo o fitlhileng ka yone le maatla a one mo ditsebeng ka bobedi. Pharologanyo eo ya nako e ka nna e nnyane fela jaaka dimilione tse di lesome mo motsotswaneng, mme ditsebe di kgona go lemoga seno le go se romela kwa bobokong.
◻ Ditsebe tsa rona di kgona go lemoga medumo e le 400 000 le go e farologanya. Dikarolo tseo di leng mo tsebeng ka botsone fela di kgona go tlhatlhoba lekhubo la modumo le go le bapisa le ao a setseng a bolokilwe mo bobokong. Ke ka lebaka leo o kgonang go ka itse fa e le gore noto ya mmino e opelwa ka baolini kana ka fulutu, kana gore ke mang yo o buang le wena mo mogaleng.
“Tsebe” eo re e bonang kafa thoko ga tlhogo ya rona eleruri ke karolonyana fela, eleng karolonyana e e bonalang thata, ya tsebe ya rona. Bontsi jwa rona gongwe re santse re gakologelwa ka nako ya fa re ne re santse re tsena sekolo gore tsebe e bopilwe ka dikarolo di le tharo: eleng tsebentle, tsebegare, le tsebe e e kwa teng, jaaka fa di bidiwa. Tsebentle e na le seo se tlwaelegileng jaaka “tsebe” ya letlalo le lehihiri le mosima wa tsebe o o tsenelelang kwa teng ga yone go isa kwa moropeng wa tsebe. Mo tsebegareng, maratswana a mannyane go gaisa otlhe a a leng mo mmeleng wa motho—eleng malleus, incus, le stapes, ao go tlwaelegileng a bidiwa hamore, sethulelo, le tlhatlosi—a bopa leborogo leo le golaganyang moropa wa tsebe le letlhabaphefo le le motopo, leo eleng kgoro ya go tsenelela mo tsebeng e e kwa teng. Mme tsebe e e kwa teng e bopilwe ka dikarolo di le pedi tseo di lebegang ka tsela e e gakgamatsang: tseo eleng setlhopha sa mesima e le meraro e e segogoropo le kokolea e e tshwanang le kgopa.
Tsebentle—E Nna E Eme E Emetse go Amogela
Kafa go bonalang ka gone, tsebentle e thusa go phutha makhubu a modumo mo moyeng le go a romela mo dikarolong tse di kwa teng tsa tsebe. Mme e dira se se fetang seo.
A ga o ise o ke o tsamaye o ipotse gore a sebopego se se tshwanang le sa kgare sa tsebe e e kafa ntle se na le tiro epe eo se e dirang? Borrasaense ba lemogile gore khuti e e leng mo gare ga tsebe e e kafa ntle mmogo le mosima wa tsebe di bopilwe ka tsela e e leng gore di godisa medumo, kana di dira gore e ikgate, di dira gore e ikgate go fitlhela go palo e e rileng ya makhubu a modumo. Seo se re solegela molemo jang? Go diragala gore bontsi jwa dilo tsa botlhokwa tseo di bopang medumo ya puo ya motho di wela mo e ka nnang ka selekanyo se se tshwanang mo go yone.a Fa medumo eno e tsena ka tsebe e e kafa ntle le ka mosima wa tsebe, e dirwa gore e nne kwa godimo mo e batlang e nna gabedi go feta kafa e neng e le ka gone pele. Jono ke boitseanape jwa saense ya modumo jwa mofuta wa maemo a a kwa godimo go a phala otlhe!
Tsebentle gape e na le seabe sa botlhokwa mo go re thuseng go kgona go itse gore modumo o tswa kae. Jaaka fa go boletswe, medumo e e tswang kafa molemeng kana kafa mojeng wa tlhogo e lemogiwa ka go farologana ga tsela eo e leng kwa godimo ka yone le nako eo e fitlhileng ka yone mo ditsebeng tsoopedi. Mme go tweng ka medumo eo e tswang e tlhaga kwa morago? Gape, tsela e tsebe e bopegileng ka yone e na le seabe mo go seno. Losi lwa tsebe ya rona lo bopilwe ka tsela eo e leng gore lo tlhakana le medumo eo e tlhagang kwa morago, e baka gore e kokobele ka selekanyo sa 3 000 go ya go 6 000 Hz. Seno se dira gore mofuta oo wa modumo o fetoge, mme boboko bo itse gore o tlhaga o tswa kwa morago fa o ntse jalo. Medumo e e tlhagang kwa godimo ga tlhogo le yone e a fetolwa mme e fetolwa ka selekanyo se se farologaneng sa makhubu a modumo.
Tsebegare—Selo Seo Mothudi A Eletsang Thata Fa A Ka Nna Naso
Tiro ya tsebegare ke go fetola makhubu a modumo gore e nne makhubu a medumo a semotšhini e bo e a fetisetsa mo tsebeng e e kwa teng. Seo se diragalang mo karolong eno e e lekanang le nawa ka bogolo eleruri ke sone seo mothudi a eletsang thata fa a ka nna naso.
Go farologana le tumelo ya gore medumo e e kwa godimo thata e baka gore moropa wa tsebe o rorome thata, makhubu a modumo tota a o roromisa go le gonnye fela thata. Go roroma go gonnye jalo ga go a lekana le eseng go ka baka gore tsebe e e kwa teng e e tletseng ka seeledi e arabele seo. Tsela eo bothata jono bo fenngwang ka yone e boela gapegape e bontsha kafa tsebe dirilweng ka tsela e e tlhomologileng ka gone.
Maratswana a mararo a tsebegare ga a tshwaraganngwa ka tsela e e bori fela mme gape a dira tiro e kgolo. E dira jaaka selo se se tsholetsang tse dingwe, e godisetsa medumo epe eo e tsenang ka yone kwa godimo mo e ka nnang ka diperesente di le 30. Mo godimo ga moo, moropa wa tsebe o feta moo tlhatlosi e bayang lonao gone makgetlo a le 20 ka bogolo. Ka gone, maatla a a bewang mo moropeng wa tsebe a felela fela mo karolong e nnyane ya letlhabaphefo le le motopo. Dilo tseno ka bobedi jwa tsone di godisa maatla ao moropa wa tsebe o o roromang o gateletsweng ka one go ya go makgetlo a le 25 go isa go a le 30 go feta a mo letlhabaphefong le le motopo, eleng ao a lekaneng go ka dira gore seeledi se se leng mo kokoleeng se tsamaye.
A go a ke go diragale gore ka dinako tse dingwe fa o opiwa ke tlhogo ka ntlha ya mohikela seo se bo se dira gore o seka wa utlwa sentle? Seno ke ka gonne gore moropa wa tsebe o bereke sentle go batlega gore o gatelelwe ka tsela e e lekanang mo matlhakoreng oobedi a one. Gantsi se se dirang gore go nne jalo ke lelanyana le lennyane, leo le bidiwang ka Eustachio, eleng leo le golaganyang tsebegare le karolo e e kwa morago ya mosima wa dinko. Lelana leno le a bulega nako le nako fa re metsa mme le bo le fokotsa maatla ape a kgatelelo ao a ka neng a tlala mo tsebegareng.
Tsebe E E kwa Teng—Ke mo Tiro ya Tsebe E Felelang Gone
Go tloga mo letlhabaphefong le le motopo, re fitlha mo tsebeng e e kwa teng. Dilo di le tharo tseo di emeng mmogo, tseo di bidiwang mesima e e segogoropo, di re dira gore re kgone go ema re sa we le gore dikarolo tsa mmele wa rona di kgone go utlwana. Lefa go ntse jalo, ke mo kokoleeng moo tota tiro ya go utlwa e simologang gone.
Kokolea (go tswa go ko·khliʹas ya Segerika, eleng kgopa) tota ke setlhopha sa mesima e le meraro eo e tletseng ka seeledi, eo e itshopang jaaka legapa la kgopa. E le mebedi ya mesima eno e a rakana kwa e felelang gone fa e sena go itshopa jalo. Fa letlhabaphefo le le motopo, leo le leng kwa tlase ga mesima eno e e itshopileng, le kgotliwa ke tlhatlosi gore le tsene tirong, le nna le akgegela kafa gare le kwa ntle jaaka ekete o ka re ke pisitone, le dira gore go nne le makhubu mo seeleding seo ao a bakiwang ke kgatelelo ya seeledi. Jaaka fa makhubu ano a ntse a ya kwa mesima eno e felelang teng a bo a boa, a baka gore dipota tseo di kgaoganyang mesima eno di rorome.
Mo go lengwe la dipota tseno, leo le itsegeng jaaka letha le le kwa tlase, go na le serwe sa ga Corti seo se leng bori thata, seo se sheleletsweng Alfonso Corti, yoo ka 1851 a ileng a lemoga karolo eno e e leng yone ya konokono ya go utlwa. Karolo ya yone ya konokono e na le disele tsa moriri tseo di kgonang go utlwa tse di tlhomaganeng, di ka nna 15 000 kana go feta. Go tswa mo diseleng tseno tsa moriri, ditlhale tsa methapo di le diketekete di romela tshedimosetso e e leng malebana le makhubu a modumo, selekanyo sa one, le gore ke wa mofuta mang kwa bobokong, eleng koo go tsibogelwa ga seo o se utlwang go diragalang gone.
Masaitsiweng A A Phuthulolwa
Gore serwe seno sa ga Corti se romela jang tshedimosetso eno e e raraaneng kwa bobokong go tsere lobaka lo loleele e le masaitsiweng. Selo se le sengwe seo borrasaense ba neng ba se itse sentle e ne e le gore boboko ga bo utlwe makhubu a semotšhini mme gore bo a utlwa fela fa a fetogile go nna a dieleketerone le dikhemikale. Serwe sa ga Corti se tshwanetse gore ka tsela nngwe se bo se fetola go tsamaya ka go roroma ga lotha lo lo kwa tlase gore go tsamaisane le melaetsa ya dieleketerone e bo e re go tswa foo se bo se e romela kwa bobokong.
Go ne ga tsaya rrasaense wa kwa Hungary ebong Georg von Békésy dingwaga di ka nna 25 gore a bipolole masaitsiweng a mo serweng seno se sennyennyane. Selo sengwe seo a ileng a se lemoga e ne e le gore fa makhubu ao a bakiwang ke kgatelelo ya seeledi a feta mo mesimeng ya kokolea, go na le koo a fitlhang a felela gone morago a bo a kgorometsa lotha lo lo kwa tlase. Makhubu ao a bakiwang ke medumo e e kwa godimo a kgorometsa lotha lono go bapa le karolo e e kwa tlase ya kokolea, mme makhubu a medumo e e kwa tlase a kgorometsa letha leno go bapa le karolo e e kwa godimo ya lone. Ka gone, Békésy o ne a swetsa ka gore modumo wa selekanyo se se rileng o tlhagisa makhubu ao a gatelelang lotha lo lo kwa tlase mo karolong e e rileng, seno se baka gore disele tsa moriri tseo di leng moo di arabe seo di bo di romela melaetsa kwa bobokong. Lefelo leo disele tsa moriri di leng mo go lone di tsamaisana le palo ya makhubu a modumo, mme palo ya disele tsa moriri tseo di arabelang seno di tsamaisana le gore modumo o mogolo go le kana kang.
Tlhaloso eno e molemo malebana le digalo tse di sa raraanang. Lefa go ntse jalo, medumo e e diragalang mo tlholegong ga se gantsi e leng e e sa raraanang. Go lela ga letlametlu go utlwala ka tsela e e farologaneng gotlhelele le ya go lela ga moropa le eleng fa di ka nna tsa tswa di na le palo e e lekanang ya makhubu a modumo. Seno ke ka gonne modumo mongwe le mongwe o na le segalo sa konokono mmogo le digalo tse dingwe tse dintsi tse eseng tsa konokono. Palo ya digalo tse eseng tsa konokono le maatla a tsone di dira gore modumo mongwe le mongwe e nne wa mofuta o o farologaneng le e mengwe. Eno ke yone tsela eo re lemogang medumo eo re e utlwang ka yone.
Lotha lo lo kwa tlase lo kgona go araba digalo tsotlhe tse eseng tsa konokono tsa modumo lo di arabela gongwe le go lemoga gore go na le digalo tse eseng tsa konokono di le kae ka palo le gore ke digalo tsa mofuta ofe tse eseng tsa konokono tseo di leng gone moo, ka gone lo kgetholola modumo oo. Borradipalo ba bitsa tiragalo eno ba re ke tshekatsheko ya ga Fourier, ba e sheleletse rradipalo mongwe yo o botlhale thata wa lekgolo la bo-19 la dingwaga ebong Jean-Baptiste-Joseph Fourier. Lefa go ntse jalo, tsebe e ntse e dirisa mokgwa ono wa dipalo wa maemo a a kwa godimo ka dinako tsotlhe go sekaseka medumo e e utlwiwang le go romela tshedimosetso ya yone kwa bobokong.
Le eleng ga jaanong, borrasaense ba santse ba sa tlhomamise gore ke melaetsa ya mofuta mang eo tsebe e e kwa teng e e romelang kwa bobokong. Dipatlisiso di bontsha gore melaetsa eo e romelwang ke disele tsa meriri tsotlhe e tsaya nako e e batlang e lekana ebile e na le maatla a a batlang a lekana. Ka gone, borrasaense ba dumela gore seo se isang molaetsa kwa bobokong ga se seo se leng mo ditemosing tseno mme ke ditemosi tseno ka botsone.
Go lemoga kafa seno se leng botlhokwa ka gone, gakologelwa motshameko wa bana oo mo go one ba nnang ba bua kgang nngwe ka go refosana go tswa mo ngwaneng yo mongwe go ya kwa go yo mongwe ka go latelana ga bone. Seo ngwana wa bofelo a se utlwang gantsi se a bo se sa tshwane ka gope le se se utlwilweng ke wa ntlha. Fa khoutu, e e ntseng jaaka palo, e nna yone e tsamaisiwang jalo mo boemong jwa gore go tsamaisiwe kgang e e raraaneng, go ka diragala thata gore e seka ya fetoga mo tseleng. Mme go bonala seo e le sone seo tsebe e e kwa teng e se dirang.
Se se kgatlhisang ke gore, mokgwa o o dirisiwang mo ditsamaisong tsa segompieno tsa maemo a a kwa godimo tsa ditlhaeletsano, oo o bidiwang pulse code modulation, o bereka go ya ka one molao ono. Go na le gore go romelwe dintlha ka botlalo tsa sengwe se se diragetseng, go romelwa khoutu eo e emelang tiragalo eo. Eno ke yone tsela eo ditshwantsho tsa Mars di ileng tsa romelwa mo lefatsheng ka yone, di le ka manathwana, kana di le ka tsela eo modumo o ka fetolwang ka yone go nna manathwana e le gore o tle o gatisiwe le go tshamekiwa gape. Mme, gape, tsebe ke yone ya ntlha go dira seno!
Selo sa Popo Seo Se Dirilweng ka Manontlhotlho go Gaisa
Ditsebe tsa rona e ka nna ya tswa e se dingwe tsa ditsebe tse di bogale go gaisa, mme lefa go ntse jalo di dirilwe di tlhomologile gore di tshwanele go ka diragatsa sengwe sa dilo tse dikgolo go gaisa tsotlhe tseo re di tlhokang—eleng tlhokafalo ya gore go nne le puisano. Di diretswe gore di arabe sentle segolo-bogolo dibopego tsa medumo ya puo ya motho. Masea a tlhoka go utlwa modumo wa lentswe la mmalo gore a ke a gole ka tshwanelo. Mme fa a ntse a gola, a tlhoka go utlwa medumo ya batho ba bangwe e le gore a ke a kgone go nna le dikgono tsa go bua. Ditsebe tsa one di a thusa gore a lemoge go fetofetoga goo go itikeditseng ga modumo wa segalo wa puo nngwe le nngwe ka tshwanelo mo eleng gore a gola a e bua ka tsela e e tshwanang fela le e mong wa puo eo a e buang ka yone.
Seno sotlhe ga se a nna gone ka ntlha ya go itlhagelela ga dilo di itlhagelela ka botsone fela. Go na le moo, re na le serwe seno sa rona se re utlwang ka sone ka ntlha ya Mmopi wa rona yo o lorato, ebong Jehofa. (Diane 20:12) Ditsebe tsa rona eleruri ke dilo tsa popo tseo di dirilweng ka bonontlhotlho go gaisa mme ebile di bontsha kafa Mmopi wa rona a leng botlhale le kafa a leng lorato ka gone. Re kgona go buisana le batho ka rona re dirisa tsone. Mme go feta tsotlhe, a re di dirisetseng go reetsa botlhale jo bo tswang mo Lefokong la Modimo, e le gore ka gone re ke re ithute go tswa mo go Rraarona wa selegodimo, ebong Jehofa Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bontsi jwa dilo tse di bopang medumo ya puo ya motho tse di dirang gore e farologane di wela mo tsebeng di le kwa godimo ka selekanyo sa go tloga go 2 000 go ya go 5 000Hz (eleng makgetlo ao e ikgatang ka one ka motsotswana o le mongwe), mme seno e batla e le selekanyo seo mosima wa tsebe le khuti e e fa gare ga tsebe e e kafa ntle di e godisang go fitlha go sone.
[Kerafa mo go tsebe 15]
(For fully formatted text, see publication)
TSEBENTLE
Mosima wa tsebe
Moropa wa tsebe
Tsebe
TSEBEGARE
Hamore
Sethulelo
Tlhatlosi
Lelana le le bidiwang
ka Eustachio
TSEBE E E KWA TENG
Mesima e e segogoropo
Letlhabaphefo
le le motopo
Kokolea
[Kerafa mo go tsebe 16]
(For fully formatted text, see publication)
Setshwantsho seno se bontsha mesima e meraro e tshopholotswe
KOKOLEA
Mosima o o khuti
Mosima wa Kokolea
Mosima wa Tsebegare