Anaanela Dimpho Tse di Kgethegileng Tse o Nang le Tsone
MMELE wa motho o farologane ka ditsela tse di tlhomologileng. Ga go na phologolo epe e e nang le bokgoni jo bogolo jo rona batho re nang le jone. Lebaka le le lengwe la go bo re farologane jalo ke go bo re kgona go ema re tlhamaletse, e leng selo se se sa direng fela gore re kgone go bonela kgakala mme gape se dira gore matsogo le diatla tsa rona di kgone go dira dilo tse dintsi ka kgololesego. A ko o akanye kafa re neng re se kitla re kgona go dira dilo di le dintsi ka teng fa re ka bo re tsamaya ka maoto a le manè!
Selo se sengwe gape se se botlhokwa se re nang le sone ke thulaganyo ya rona e e raraaneng ya ditemosi, e go tla buiwang thata ka yone mo setlhogong seno. Thulaganyo eno e akaretsa diatla, ditsebe, matlho mme re sa lebale boboko jwa rona jo bo tlhomologileng. Mma re di sekaseke ka bongwe ka bongwe.
Seatla sa Motho
Diatla tsa rona ke didirisiwa tse dintle tse di dirang dilo ka tsela e e nepileng le e e gakgamatsang. Ka diatla tsa rona, re kgona go tsenya tlhale mo nnaleng kgotsa go tsholetsa selepe, go taka setshwantsho kgotsa go tshameka piano. Mme gape diatla di kgona go re tsibosa ka selekanyo se segolo thata. Tota le fa re ama sengwe go sekaenyana fela, re ka kgona go itse gore a selo seo ke boboa, pampiri, letlalo, tshipi, metsi kgotsa logong. Ee, diatla tsa rona di dira se se fetang fela go tshwara le go sutisa dilo. Gape di kgona go re thusa go tlhaloganya dilo tse di re dikologileng. Mme ka tsone, re kgona go bontsha lorato.
Ke eng fa seatla sa motho se na le bokgoni jaana, se kgatlha, se tsiboga ka bonako e bile se kgona go dira dilo tse di farologaneng jaana? Go na le mabaka a le mantsi. Ela tlhoko a le manè a one.
1. Diatla tsa rona tse pedi di na le palogotlhe ya marapo a a fetang 50, mo e ka nnang kwatara ya marapo otlhe a mmele. Tsela e e raraaneng e dikarolo tsa seatla di kopantsweng ka yone—marapo, ditokololo le ditshika—e dira gore seatla sa motho se obege ka tsela e e tlhomologileng.
2. Seatla se na le kgonojwe e e mo godimo ga lelokololo le le kgethegileng le e ka reng sale, e e bidiwang saddle joint, e leng dikarolo tse pedi tse di dirilweng ka botswerere tse di mo matlhakoreng a mabedi, tse di bopegileng jaaka disale tse pedi tse di tshwanang. Lelokololo leno, mmogo le mesifa le dithishu tse dingwe, di dira gore kgonojwe e nne le maatla le gore e kgone go obega ka tsela e e gakgamatsang.
3. Go na le mefuta e le meraro ya mesifa e e laolang seatla. Disete tse pedi tse di maatla thata—mesifa e e otlololang (extensors) le mesifa e e obang (flexors)—di mo letsogong mme di tsamaisa menwana ka mahihiri a a thata. Ruri seatla se ka bo se le sekima e bile go le thata go se laola fa mesifa eno e ka bo e le mo go sone! Sete ya boraro, e e leng mesifa e mennye thata, e e mo gare ga seatla, e dira gore menwana e kgone go suta ka tsela e e tshwanetseng.
4. Tota e bile, menwana ya gago ke disensara tse di tshelang—kwa dintlheng tsa yone go na le disele tse di tsibogang di le 2 500 mo nngwethatarong nngwe le nngwe ya sekwere sentimetara. Mo godimo ga moo, disele tse di tsibogang di farologane, nngwe le nngwe ya tsone e na le tiro e e e dirang, di kgona go dira gore o kgone go utlwa gore dilo di utlwala jang fa o di tshwara, o kgone go utlwa themperetšha, bongola, go roroma, o kgone go utlwa fa sengwe se go gateletse le gore o kgone go utlwa fa go le botlhoko. Ka ntlha ya seo, monwana wa motho ke sensara e e kgonang go tsiboga fa e ama sengwe go gaisa sensara epe fela e e dirilweng ke batho.
Tsebe ya Motho
Baitse bangwe ba medumo ba bolela gore le fa gone diphologolo dingwe di kgona go utlwa modumo o le sekgala se batho ba sa kgoneng go o utlwa, tirisanommogo e e fa gare ga ditsebe le boboko jwa motho e gakgamatsa fela thata. Tsela e re utlwang ka yone e dira gore re kgone go utlwa gore modumo o mogolo go le kana kang, segalo sa one se se kana kang le gore re kgone go fopholetsa gore o tswa kae le gore o bokgakala jo bo kana kang. Selekanyo se tsebe ya motho e e itekanetseng e kgonang go utlwa ka sone ke bobotlana selekanyo sa medikologo e modumo o fetofetogang ka one ka motsotswana, e leng di-hertz, di le 20 go ya go di le 20 000. Ditsebe tsa motho di kgona go utlwa modumo thata fa selekanyo sa one se le fa gare ga di-hertz di le 1 000 go ya go di le 5 000. Mo godimo ga moo, re ka kgona go utlwa go fetofetoga ga selekanyo sa modumo le fa o ka fetoga ka hertz e le nngwe, gongwe ka sekai, go tswa go di-hertz di le 440 go ya go di le 441.
Ee ruri, tsebe e e itekanetseng e kgona go utlwa sentle thata jaana mo e leng gore e kgona go utlwa modumo fa maatla a makhubu a modumo, a tsena kgotsa a tswa mo tsebeng, a le kwa tlase ga bophara jwa atomo! Go ya ka khoso nngwe ya kwa yunibesithing e e neng e le kaga go utlwa, “thulaganyo ya motho ya go kgona go utlwa e ka se ka ya feta kafa e kgonang go utlwa ka teng gone jaanong. . . . Go tla bo go sa thuse ka sepe gore re kgone go utlwa modumo go feta kafa re utlwang ka teng, ka gonne re ne re tla utlwa fela ‘mosumo’” o o dirwang ke diatomo le dimolekhule tse di mo moyeng o o re dikologileng.
Maatla a modumo a oketsega fa a ntse a tsena mo tsebeng go tswa kwa ntle ga tsebe go ya kwa teng ga yone, go dirisiwa marapo a mannye a a mo tsebeng a a bidiwang di-ossicle—marapo ano a mannye a itsiwe e le hammer (hamore), anvil (sethulelo) le di-stape (ditlhatlosi). Mme go tweng fa ka tshoganyetso ditsebe tsa gago di ka utlwa modumo o mogolo thata? Fa seo se ka direga, go na le karolwana e e mo teng ga tsone e e di sireletsang e e berekang jaaka mesifa e e fetofetolang marapo a mannye ano go fokotsa maatla a modumo o tsenang ka one. Le fa go ntse jalo, ditsebe ga di kgone go emelana le modumo o mogolo o o sa kgaotseng. Seo se ka dira gore motho a se ka a tlhola a kgona go utlwa sentle. Ka jalo, tlhokomela mpho eno e e ‘dirilweng ka kgakgamatso’ e e tswang go Mmopi wa gago.—Pesalema 139:14.
Gape tsela e ditsebe tsa gago di utlwang ka yone e go thusa gore o kgone go utlwa kwa modumo o tswang gone. Seno se akaretsa dilo di le mmalwa, go akaretsa le tsela e tsebe e bopegileng ka yone ka fa ntle e kete ke kgapetla, diphatla tsa tsone, go kgaogana ga ditsebe tse pedi le tsela e e botswerere e boboko jwa gago bo kgonang go fetisa tshedimosetso ka yone. Ka jalo, fa maatla a modumo a ka fokotsega go sekaenyana mo tsebeng e nngwe go ya go e nngwe kgotsa fa modumo o fitlha mo tsebeng e nngwe ka karolo e nnye ya motsotswana o le mongwe pele ga o fitlha kwa go e nngwe, boboko jwa gago bo tla go thusa go bona gore modumo o tswa kae.
Akanya fela fa o ne o tshwanelwa ke go tlhakanya dipalopalo tseo ka bowena! Boammaaruri ke gore, o ne o tla tshwanelwa ke go itse go dirisa mokgwa wa dipalo o o raraaneng—mme o dira jalo ka bonako jo bogolo jo e keteng jwa legadima! Fa moenjenere a ne a ka kgona go tlhama thulaganyo “ya go utlwa” e e tshwanang go sekaenyana fela le e Mmopi wa gago a go e fileng, o ne a tla newa dikgele di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ke gakae o utlwang batho ba tlotlomatsa Modimo ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang?—Baroma 1:20.
Leitlho la Motho
Babatlisisi bangwe ba fopholetsa gore mo bathong ba ba kgonang go bona sentle, diperesente di le 80 tsa tshedimosetso e ba nnang le yone, ba nna le yone mo dilong tse ba di bonang ka matlho a bone. Ka ntlha ya go dirisana mmogo ga boboko le matlho a rona, re kgona go bona mebala yotlhe, re kgona go bona sentle dilo le ditshwantsho tse di tsamayang, dipaterone le dipopego le go bona go tswa mo matlhakoreng a le mararo. Mo godimo ga moo, re kgona go bona lesedi ka selekanyo se se farologaneng.
Go kgona go dira seno go akaretsa dilo tse dingwe tse di tsamaisanang. Ka sekai, thaka ya leitlho e kgona go gola go tswa go milimetara e le nngwe le halofo go ya go bophara jwa dimilimetara di le robedi mme seno se dira gore lesedi le oketsege ka makgetlho a le 30 fa le tsena mo leitlhong. Go tswa foo, lesedi le feta mo lenseng, e e dirang gore le tsene mo teng ga retina e e dirang gore maatla a lesedi a oketsege ka makgetlho a le 100 000. Ka jalo, le ka motlha ga o a tshwanela go leba letsatsi ka tlhamalalo ka matlho a gago o sa rwala sepe se se a sireletsang!
Mme retina yone, e na le mefuta e mebedi ya di-photoreceptor (disele tse di tsibogelang lesedi)—di-cone (disele tsa mmala) (tse di ka nnang dimilione di le thataro), tse di dirang gore re kgone go bona sentle le go bona mmala wa ditshwantsho sentle le di-rod (disele tsa mmala o o letobo) (di le dimilione di le 120 go ya go di le 140) tse di tshwarang lesedi go feta makgetlho a le sekete go gaisa di-cone mme di re thusa gore re kgone go bona le fa go le letobo.
Selo se sengwe gape se se kgonang go fetofetoga le maemo ke dinyurone tsa retina tse di golaganeng le di-cone le di-rod. American Optometric Association ya re dinyurone tseno di fetoga “ka metsotswana mme di kgona go tokafatsa tsela e motho a bonang ka yone bosigo ka makgetlho a le lesome kgotsa go feta. Bokgoni jono jwa go fetoga ga dinyurone bo tshwana le go tsamaya ka bonya le go tsamaya ka bonako ka nako e le nngwe ga filimi e e mo khamereng ya gago.”
Gantsi baenjenere ba dira dikhamera, di-scanner le dikhomputara tse di nang le dithulaganyo tse di tsamaisanang le tsone. Mme matswela a a nnang teng ka ntlha ya tsela e di kgonang go dira mmogo ka yone le tsela e di raraaneng ka yone a kwa tlase thata fa a bapisiwa le thulaganyo ya rona ya ditemosi. Ipotse jaana, ‘A go a utlwala go bolela gore thulaganyo ya rona ya ditemosi e e di gaisang tsotlhe e nnile gone ka boyone fela, jaaka batho ba ba dumelang mo thutong ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ba bolela?’ Motlhanka wa bogologolo wa Modimo e bong Jobe o ne a itse go le gonnye ka mmele wa motho fa a bapisiwa le se rona re se itseng gompieno. Le fa go ntse jalo, o ne a ikutlwa a patelesega go bolelela Modimo jaana: “Diatla tsa gago di mpopile.”—Jobe 10:8.
Boboko Jwa Motho
Ka bokgoni jo bo gakgamatsang, boboko bo tlhalosa matshwao a mantsi a a ralalang ditshikana go tswa mo ditemosing. Mo godimo ga moo, bo golaganya matshwao ano le tshedimosetso e e bolokilweng mo mogopolong. Ka jalo, monko o o rileng o gopotsa boboko ka bonako ka tiragalo nngwe e o sa bolong go e lebala. Mme fa o bona fela karolo e nnye ya sengwe se o se tlwaetseng—ka sekai, o bona ntlha ya mogatla wa katse ya gago—boboko jwa gago bo tla go gopotsa tshedimosetso nngwe gore o tle o itse gore katse ya gago e gaufi.
Gone mme, boboko jwa gago bo ne bo sa dirwa e sale gale gore bo nne le ditshwantsho tsa dikatse, fela jaaka bo ne bo sa dirwa e sale gale gore o utlwe monko wa lelomo la rose kgotsa modumo wa metsi a a elelang kgotsa go utlwa boboa fa o bo tshwara. Boboko jwa gago bo ile jwa ithuta dilo tseno. Se se diragalelang batho ba ba ileng ba tsholwa ba foufetse mme ba bo ba thusiwa gore ba kgone go bona, gongwe ka go ariwa, se bontsha boammaaruri jwa seno. Boboko jwa bone bo ile jwa tshwanela ke go ithuta go tlhalosa matshwao a mantsintsi a a tsenang mo go jone. Batho ba ba ntseng jalo ba tsiboga jang?
Go ise go ye kae, ba bega gore ba kgona go bona mmala, dilo tse di sutang le dipopego tse di tlwaelegileng. Mme morago ga foo, kgatelopele ya bone e a farologana. Bana, segolobogolo ba babotlana thata, ba tswelela ba ithuta sentle. Mme ga go a nna jalo ka batho ba ba godileng. Go thata gore ba lemoge difatlhego tsa batho. Laboratori ya Koch ya Setheo sa Botegeniki, kwa California, e bolela gore selo se gantsi se utlwisang botlhoko thata se se diragalelang batho ba ba godileng ba ba “fodisitsweng” ke gore, morago ga gore “ba itumele thata kwa tshimologong, ba kgobega marapo le go tlhakanngwa tlhogo ke go bo ba bona gape mme gantsi seo se felela ka gore ba tshwenyege mo maikutlong ka tsela e e feteletseng.”
Dintlha tseno di re thusa go anaanela thata tsela e Jesu Keresete a neng a fodisa batho ka yone fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng. Batho ba e neng e le difofu le ba e neng e le dimumu ga ba a ka fela ba bulwa matlho le ditsebe mme gape ba ne ba simolola go lemoga dilo le medumo e e ba dikologileng. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba sa kgoneng go bua ba ne ba bua ka tsela e e tlwaelegileng, e leng selo se se ka tswang se ne se gakgamatsa thata mo bathong ba ba tshotsweng ba na le bogole jono. (Mathaio 15:30; Mareko 8:22-25; Luke 7:21, 22) Mme re ka tlhomamisega gore ga go na ope wa batho ba ba neng ba foufetse ba ba neng ba fodisiwa yo o ileng a tshwenyega thata mo maikutlong morago ga foo. Tota e bile, monna mongwe yo o neng a fodisitswe o ne a buelela Jesu ka bopelokgale ka go raya baba ba ga Jesu ba bodumedi jaana: “Go tswa bogologolong ga go ise go ke go utlwiwe gore mongwe o butse matlho a motho yo o tsetsweng a le sefofu. Fa monna yono a ne a sa tswe kwa Modimong, o ne a ka se ka a dira sepe ka gope.”—Johane 9:1-38.
Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dingwe tsa dinonofo tse re nang le tsone, tse di akaretsang bopelokgale le lorato. A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa e le batho fela ba ba kgonang go bontsha dinonofo tse di ntseng jalo? Boammaaruri ke gore, lebaka la go bo batho ba na le dinonofo tse di tlhomologileng jalo e nnile sekgoreletsi se segolo mo bathong ba ba batlang go bontsha gore re diphologolo tsa maemo a a kwa godimo fela tse di iphetogetseng go tswa mo go tse dingwe.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
BOBOKO JWA GAGO JO BO GAKGAMATSANG
Boboko jwa gago bo kgona jang go apaapa, go utlwa, go bona le go dupa? Baitsesaense ga ba tlhaloganye. Moitsesaense mongwe e bong Gerald L. Schroeder, o ne a re: “Ga go na sepe mo bobokong jwa gago se se bontshang gore go tla jang gore o bone mafoko a o a balang gone jaanong.”
Gape o ne a kwala jaana: “Go senola tsela e e raraaneng e boboko bo berekang ka yone e mo nakong e fetileng go neng go sa akanngwe ka yone, go ile ga tsosa dipelaelo malebana le boammaaruri jwa thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe.” O ne a tswelela pele jaana: “Fa Darwin a ka bo a itse ka botlhale jo bo fitlhegileng jo bo mo ditsheding, ke dumela gore o ka bo a ile a tla ka kgopolo e e farologaneng fela thata.”
[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 5]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Marapo a a raraaneng
“Saddle joint”
“Muscle control”
“Sensitive touch”
[Setshwantsho]
Ke eng se se dirang gore diatla tsa gago di kgone go dira dilo tse di farologaneng jaana?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Boboko jwa gago bo tlhalosa matshwao a mantsintsi a a tswang mo ditemosing mme bo bo bo golaganya matshwao ano le tshedimosetso e e bolokilweng mo mogopolong wa gago