LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 2/8 ts. 18-23
  • Go A Reng ka Mmele wa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go A Reng ka Mmele wa Me?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Bokolwane kana Boroba E Leng Sone
  • Diphetogo Tseo Di Diragalang mo Basetsaneng
  • Diphetogo Tseo Di Diragalang mo Basimaneng
  • Kgolo E E Leng ya Botlhokwatlhokwa
  • Nka Kgona Jang go Emelana le Diphetogo Tsa Bosha?
    Basha ba Botsa Jaana
  • ‘Go Diragalang ka Nna?’
    Tsogang!—2004
  • Go Direga Eng ka Mmele wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Go Thusa Ngwana go Lebana le Diphetogo Tsa Bosha
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 2/8 ts. 18-23

Basha Ba Botsa Jaana . . .

Go A Reng ka Mmele wa Me?

DIPHETOGO tse di kgatlhisang thata di simolotse go diragala mo mmeleng wa gago.

Lefa go ntse jalo, gone jaanong jaana di ka nna tsa seka tsa lebega e se sepe sa go tshwana le selo se se kgatlhisang. O ka nna wa ikutlwa o tlhakane tlhogo, o tlhabiwa ke ditlhong, kana o tshosiwa le go tshosiwa ke seo se go diragalelang. “Tota ke ne ke sa ipaakanyetsa seno,” go ne ga bolela jalo mosetsana mongwe. “Ke ne ka ithaya ka re, ruri, ga ke ise ke batle gore seno se ntiragalele.” Mosimane mongwe o ne a bolela jaana: “Ga ke itse gore a ke segole kana ke motho yo o tlwaelegileng. Ke na le dingwaga di le 13 mme go diragala diphetogo mo mmeleng wa me . . . ke ikutlwa ka tsela e nngwe fela mme ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke latlhegile mme ruri ke boifa gore mongwe o tlile go nja ditshego.”

Go a utlwala gore le wena o ka nna wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang le eo. O feta mo go seo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome a neng a se tlhalosa jaaka nako eo “mmele wa gagwe o neng wa simolola go tsenwa ka yone!” Mme seo se ka nnang sa lebega jaaka “go tsenwa” ka nako eo tota ke tiragalo e e tshwanetseng eo e go fetolang gore o nne mogolo go tswa mo go nneng ngwana. E bidiwa bokolwane kana boroba. Mme go sa kgathalesege leina leo la yone le le utlwalang le boifisa, bokolwane kana boroba ga se bolwetsi bongwe, le gone ga se wena wa ntlha go feta mo go jone. Mama wa gago le papa wa gago ba ile ba feta mo go jone. Ba o tsenang sekolo nabo le ditsala tse dingwe tsa gago tse di lekanang le wena ka dingwaga le bone gongwe ba tsene mo go jone. Mme o seka wa boifa, ga o kitla o swa.

Mme tota selo seno se se sa tlwaelegang se se diragalang mo mmeleng wa gago ke eng?

Seo Bokolwane kana Boroba E Leng Sone

Bibela e bolela gore ka nako nngwe e e rileng morago ga a sena go nna dingwaga di le 12, “Yesu a tswelela . . . mo go goleñ.” (Luke 2:52) Ee, tota le eleng Jesu Keresete o ile a feta mo bokolwaneng. Ka nako ya bokolwane kana boroba, o tla nna le nako eo o golang mo mmeleng le go nonofa ka yone. Lefa go ntse jalo, gore tota ke eng seo se bakang gore kgolo eno e diragale ke masaitsiweng a mmatota, ke kgakgamatso! Seno se re gakolola setshwantsho sengwe sa ga Jesu seo mo go sone a neng a bua ka monna mongwe yo o neng a jala peo. Jesu o ne a bolela jaana: “Peo e ka mela, ea gola, me èna a sa itse kaha e golañ ka gōna.” (Mareko 4:27) Ka mo go tshwanang, dingaka di kgona go re bolelela se se diragalang ka nako ya bokolwane kana boroba ka kakaretso fela.

Ka nako nngwe ya magareng ga dingwaga di ka nna 9 le 16, o tsena mo bokolwaneng kana mo borobeng. (Palo eno ya dingwaga e farologana go ya ka batho ka go farologana ga bone, mme basetsana gantsi ba tsena mo go yone ngwaga o le mongwe kana di le pedi pele.) Boboko jwa gago bo simolola metseletsele ya ditiragalo tse di kgatlhisang ka go tobetsa kgeleswanyana nngwe e e fa godimo ga karolo e e kwa godimo ya legano la gago e e bidiwang kgeleswa ya bolebolebo (pituitary gland). Kgeleswa eno e araba ka go ntsha barongwa ba dikhemikale tse di bidiwang dihoromone. Tsone di thuma mo teng ga madi a gago di bo di laela dirwe tsa gago tsa tsalo gore di simolole go tlhagisa dihoromone tsa mofuta o mongwe. Marete a mosimane ke one a segolo-bogolo a tlhagisang dihoromone tsa senna, tse di ntseng jaaka tesetoseterone; di-ovary tsa mosetsana tsone, di tlhagisa dihoromone tsa sesadi, tse di ntseng jaaka esetoroujene.

Dihoromone tseno, le tsone, jaanong di bolelela dikgeleswa tse dingwe le dirwe tse dingwe gore di simolole go fetola tsela eo o lebegang ka yone.

Diphetogo Tseo Di Diragalang mo Basetsaneng

Fa e le gore o mosetsana, selo sa ntlha seo o ka nnang wa se lemoga ke go gola ga mabele a gago go go diragalang ka iketlo. Dihoromone tsa gago di kgotlhile dikgeleswa tsa gago tse di dirang mashi gore di simolole go gola. (Dikgeleswa tseno tse di ntshang mashi di dira gore bomme ba kgone go fepa masea a bone.) Dihoromone tsa gago gape di dira gore mafura a bopege, eleng seo se dirang gore mabele a gago a lebege jaaka fa a lebega. Mafura gape a tla nna gone mo dinokeng, mo diropeng, le mo maragong. O tla nona mme o ka nna wa gola ka bonako.

Lemororo basetsana ba le bantsi ba itumelela diphetogo tseno tsa mo mmeleng, ga se basetsana botlhe bao ba di itumelelang tsotlhe. Ka sekai, moriri o o tswang mo matsogong a gago, mo maotong, le mo magwafeng o ka nna wa nna mokimanyana le go nna montshonyana go sekae. Jaanong, kwa mafatsheng mangwe, moriri o o ntseng jalo o o tswang mo mmeleng o ka nna wa tsewa jaaka selo se se sa tlwaelegang mo basading kana se eseng sa feshene. Go sa kgathalesege gore ga se feshene, ke sesupo se se molemo sa gore o a gola go fetoga mosadi.

Phetogo e nngwe eo e sa itumelelweng e ka nna ya nna go bereka thata ga dikgeleswa tsa gago tsa mofufutso—o tla fufula thata. Monkgo wa mmele o o tsamaisanang le seo o ka nna wa go tlhabisa ditlhong. Mme fa o tlhapa mmele ka metlha le go apara diaparo tse di phepa, ke sewelo fela go ka nnang le mathata a monkgo wa mo mmeleng. Basha bangwe gape ba itlhophela go dirisa dinkgisa monate jaaka selo se sengwe se se ba sireletsang kgatlhanong le monkgo wa mmele.

Kgolo e nngwe e e diragalang mo sephiring thata e kopanyeletsa go gola ga moriri go dikologa karolo eo serwe sa gago sa bosadi se leng mo go yone. O bidiwa moriri wa marapo a pele a noka. Fa e le gore o ne o ise o bolelelwe sepe ka seno pele, o ka nna wa se fitlhela se tshosa go sekae. Mme ke selo sa tlholego ebile ga go tlhokafale gore se go tlhabise ditlhong ka gope.

Bokolwane kana boroba gape bo ka nna jwa baka gore go nne le seo The New Teenage Body Book e se bitsang “selo sa konokono [sa tebego] seo basha ba dingwaga tsa bolesome ba amegileng thata ka sone”—eleng mathata a letlalo. Diphetogo tse di diragalang mo mmeleng wa gago gantsi di felela ka gore o nne le letlalo le le tletseng oli. Dipeise mmogo le diso tsa sefatlhego di a ata. (Go ya ka patlisiso nngwe, mathata a diso tsa sefatlhego a ne a ama mo e ka nnang 90 lekgolong ya basha ba dingwaga tsa bolesome bao ba neng ba botsolodiwa!) Ka lesego, bothata jono gantsi bo ka rarabololwa ka go tlhokomela letlalo sentle.—Bona setlhogo se se reng “Can’t I Do Something About My Acne?” (A Ga Go Na Sepe Se Nka Se Dirang ka Diso tsa Me tsa Sefatlhego?) seo se tlhagang mo tokololong ya Awake! ya February 22, 1987.

Diphetogo Tseo Di Diragalang mo Basimaneng

Fa e le gore o mosimane, diphelelo tsa ntlha tsa bokolwane ga di kitla di bonala jaaka tsa mosetsana. Fa tsamaiso ya gago ya tsalo e simolola go dira, dirwe tsa gago tsa bonna di gola ka iketlo. Moriri o simolola go tlhoga go dikologa dirwe tsa gago tsa bonna. Gape, seno ke selo sa tlholego fela.

Mo godimo ga moo, o ka nna wa gola ka bonako. Mafura le mesifa di a oketsega mo mmeleng wa gago. O nna mogolo go sekae, o a nonofa, magetla a gago a a gola ka bokima. Mmele wa gago o fetoga ka iketlo go tswa go wa ngwana go nna o o lebegang jaaka wa monna.

Phetogo e nngwe e e kgatlhisang e kopanyeletsa go tswa ga moriri mo maotong a gago, mo sehubeng, mo sefatlhegong, le mo magwafeng a gago. Seno le sone se bakwa ke horomone ya tesetoseterone. Buka ya Changing Bodies, Changing Lives, e e kwadilweng ke Ruth Bell, e tsopola mosha mongwe fa a ne a re: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le somenne ke ne ka nna ka tsamaya ke na le sebata seno se se leswe se se mo godimo ga molomo wa me o o kwa godimo ka dibeke di ka nna pedi. Ke ne ka nna ka leka go se tlhapa mme se ne se gana go tloga. Mme morago ga moo ke ne ka se leba ka kelotlhoko mme ka lemoga gore ke ditetswana.”

Re sale foo, gore o tla felela o na le moriri o o kana kang ga go amane ka gope le gore o monna go le kana kang; ke selo fela seo o se gotsang. Ka mafoko a mangwe, fa e le gore rrago o na le moriri mo sehubeng, go na le kgonagalo e kgolo ya gore le wena o tla nna le one. Go ntse jalo le ka moriri wa mo sefatlhegong. Legale, gantsi e tla nna go fitlhelela o le gaufi le go fetsa dingwaga tsa gago tsa bolesome kana o simolola tsa bo-20 o tla simololang go ipeola ditedu ka metlha.

Kwantle ga pelaelo go tla nna le dinako tseo o tla tlhabiwang ke ditlhong ka tsone. Basimane le bone ba fitlhela gore dikgeleswa tsa bone tsa mofufutso di oketsa tiro ya tsone. O ka nna wa tshwanelwa ke gore o amege thata ka boitekanelo jwa mmele e le gore o ke o tile mathata a go nkga mmele. Mme le wena o ka nna wa nna le bothata jwa diso tsa sefatlhego ka ntlha ya letlalo le le nang le oli e ntsi.

Ka nako ya fa o le mo gare ga dingwaga tsa gago tsa bolesome, kodu ya gago e tla gola; menapekodi (vocal cords) ya gago e tla nna mekima le go nna metelele. Ka ntlha ya seo, lentswe la gago le tla nna lekima. Basimane bangwe ba diragalelwa ke phetogo ya ka bonako ka tsela e e gakgamatsang go tswa go lentswe le lesesane go ya go le lekima. Mme mo go ba bangwe, lentswe le fetoga ka iketlo mo lobakeng lo lotelele lo lo tlhokofatsang lwa dibeke kana dikgwedi. Lentswe la kodu, le lekima le tla le ntse le tsenwa gare ke go keretla le go tswirinya goo go tlhabisang ditlhong. Lefa go ntse jalo, o dige moya fela. Lentswe la gago le tla siama ka nako ya gone. Fa e le ga jaanong gone, fa o ka kgona itshegele fela, seo se thusa go fokotsa ditlhong tse o nang le tsone.

Kgolo E E Leng ya Botlhokwatlhokwa

Go gola ke selo se se kgatlhisang le se se monate! Gape e ka nna selo se se tlhabisang ditlhong le se se boifisang. Boammaaruri fela ke gore: Ga o kake wa potlakisa tsela eo o golang ka yone kana wa ngotla lebelo la yone. Jalo go na le gore o lebane le diphetogo tse di tlisiwang ke bokolwane kana boroba ka go nna bogale le go boifa, di itumelele, di amogele ka boitumelo—le ka go itshegela fela. Gakologelwa gore nako ya bokolwane kana ya boroba ga se diphelelo tsa sengwe mme ke selo se se tlang se bo se iphetela fela. Fa sefefo sa bokolwane kana sa boroba se sena go feta, o tla tlhaga mo go sone o le monna kana mosadi yo o godileng!

Lefa go ntse jalo, o seka wa lebala gore go gola ga gago goo go leng botlhokwatlhokwa go kopanyeletsa, eseng botelele jwa gago, tsela eo o lebegang ka yone, ditebego tsa gago tsa sefatlhego, mme go na le moo go kopanyeletsa go gola ga gago jaaka motho—mo tlhaloganyong, mo maikutlong, le semoyeng. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “E rile ke le ñwanyana, ka bua yaka ñwanyana, ka ikutlwa yaka ñwanyana, ka akanya yaka ñwanyana: me yanoñ ka ke le monna, ke latlhile dilō tsa bonyana.” (1 Bakorintha 13:11) Ga go a lekana gore o lebege fela jaaka mogolo. O tshwanetse wa ithuta ka iketlo go dira dilo jaaka mogolo, go bua jaaka mogolo, le go akanya jaaka mogolo. O seka wa amega thata ka seo se diragalelang mmele wa gago mo eleng gore o lebala go tlhokomela “motho yo o kafa gare.”—2 Bakorintha 4:16, The Jerusalem Bible.

Lefa go ntse jalo, dikarolo dingwe tsa bokolwane kana boroba di ka go tlaletsa eleruri. Ditlhogo tsa mo isagweng di tla tlotla malebana le kafa o ka berekanang le tsone ka gone.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go gola ka bonako go dira gore matsogo a baki a nne makhutshwane thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela