LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 2 ts. 8-9
  • Go Thusa Ngwana go Lebana le Diphetogo Tsa Bosha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Ngwana go Lebana le Diphetogo Tsa Bosha
  • Tsogang!—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE
  • SE O KA SE DIRANG
  • Nka Kgona Jang go Emelana le Diphetogo Tsa Bosha?
    Basha ba Botsa Jaana
  • ‘Go Diragalang ka Nna?’
    Tsogang!—2004
  • Go Direga Eng ka Mmele wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Go A Reng ka Mmele wa Me?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 2 ts. 8-9
Rre a bua le morwawe

GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Go Thusa Ngwana go Lebana le Diphetogo Tsa Bosha

Rre le morwawe ba lebile pale ya matshwao a a reng: ngwana, diphetogo tsa bosha, mogolo

KGWETLHO

E kete e ne e le maabane fa o ne o tshwere lesea la gago. Jaanong ke ngwana yo o tlogang a tsena mo dingwageng tsa bosha. Le fa gone e sa ntse e le ngwana, o gaufi le go diragalelwa ke sengwe se a tshwanetseng go feta mo go sone pele e nna mogolo—diphetogo tsa bosha.

O ka thusa jang ngwana wa gago go lebana le diphetogo tse di tlhakanyang tlhogo le tse di tshosang tse di ka dirang gore a nne le bana?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Diphetogo tsa bosha di na le nako ya tsone. Di ka simolola fa ngwana a le dingwaga di le robedi kgotsa a le mo bogareng jwa dingwaga tsa bosha. Buka ya Letting Go With Love and Confidence ya re: “Diphetogo tsa bosha di a farologana.”

Diphetogo tsa bosha di ka tlhobaetsa. Bana ba ba mo dingwageng tsa bosha ba ka amega thata ka tsela e ba lebegang ka yone. Lekawana lengwe le le bidiwang Jared la re: “Ke ne ka simolola go tshwenyega ka tsela e ke lebegang ka yone le e ke dirang dilo ka yone. Fa ke na le batho ba bangwe, ke ne ke ipotsa gore a ba akanya gore ke maswe.”a Go tswa dipeisi mo sefatlhegong go ka dira gore motho a se ka tlhola a itshepa jaaka pele. Kellie yo o nang le dingwaga di le 17 a re: “Ke ne ke utlwa e kete sefatlhego sa me se a tuka! Ke gopola ke lela ke re ke maswe.”

Ba ba nnang le diphetogo tsa bosha ka bonako ba lebana le dikgwetlho tse dikgolo. Seno se boammaaruri le mo basetsaneng ka gonne ba ka nna ba kgalwa fa ba nna le mabele kgotsa dikhefe. Buka ya A Parent’s Guide to the Teen Years ya re: “Gape ba mo kotsing ya go kgatlhegelwa ke basimane ba bagolo mo go bone, ba ba ka tswang ba kile ba robalana.”

Diphetogo tsa bosha ga di reye gore o godile. Diane 22:15 ya re “boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” Diphetogo tsa bosha ga di fetole seo. Buka ya You and Your Adolescent ya re mosha a ka lebega a godile mme “seo ga se reye gore a ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng, go itshwara jaaka motho yo o nang le maikarabelo, go ikgapa kgotsa go [bontsha] gore o godile sentle.”

SE O KA SE DIRANG

Bua le ene ka tsone pele di simologa. Bolelela ngwana wa gago gore o tshwanetse go solofela eng fa a nna mo kgweding (wa mosetsana) kgotsa fa a tswa peo bosigo a robetse (wa mosimane). Go farologana le diphetogo tse di nnang gone ka iketlo tsa bosha, diphetogo tseo tse di diregang ka tshoganyetso di ka tlhakanya tlhogo e bile di ka tshosa. Fa o tlotla le ene ka dikgang tseno, dira gore a bone gore diphetogo tsa bosha di bontsha gore o a gola.—Molaomotheo wa Baebele: Pesalema 139:14.

Bua o tlhamaletse. Lekawana lengwe le le bidiwang John la re: “Fa batsadi ba me ba ne ba bua le nna ka diphetogo tsa bosha, ba ne ba sa bue puo phaa. Ke eletsa e kete ba ka bo ba ile ba tlhamalala fela.” Alana wa dingwaga di le 17 le ene o ikutlwa jalo. A re: “Mama o ne a nthusa go tlhaloganya se se diregang mo mmeleng wa me, mme ke eletsa e kete a ka bo a nthusitse mo maikutlong go lebana le seno.” Thuto ke eng fano? Bua le ngwana wa gago ka diphetogo tsotlhe tsa bosha, le fa gone go se motlhofo go dira jalo.—Molaomotheo wa Baebele: Ditiro 20:20.

Botsa dipotso tse di tla dirang gore a phuthologe. Go dira gore a ikutlwe a phuthologile, simolola ka go mmolelela ka dilo tse di neng di diragalela ba bangwe ka nako ya diphetogo tsa bosha. Ka sekai, o ka botsa morwadio go re “A bangwe ba baithutikawena ba kile ba bua ka go tsena mo kgweding?” “A bana ba bangwe ba dira metlae ka basetsana ba ba golang ka bonako?” O ka botsa morwao go re “A bana ba bangwe ba sotla ka bana ba ba golang ka bonya?” Fa bana ba ba simololang dingwaga tsa bosha ba simolola go bua ka tsela e diphetogo tsa bosha di amang ba bangwe ka gone, go ka nna motlhofo gore ba bue ka se se ba diragaletseng le kafa ba ikutlwang ka gone ka tsone. Fa ba dira jalo, dirisa kgakololo eno ya Baebele: ‘Nna bonako go utlwa, le bonya go bua.’—Jakobe 1:19.

Thusa ngwana wa gago wa mosha go nna le “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 3:21) Diphetogo tsa bosha ga se fela tsa mmele le tsa maikutlo. Ka nako eno, ngwana wa gago o simolola go nna le bokgoni jwa go ntsha mabaka jo bo tla mo thusang go itirela ditshwetso tse di molemo fa a setse a godile. Dirisa tshono eno go thusa ngwana wa gago go nna le mekgwa e e siameng fa a sa ntse a le mo dingwageng tsa bosha.—Molaomotheo wa Baebele: Bahebera 5:14.

O se ka wa latlhela seditse. Basha ba le bantsi ba okaoka go bua le batsadi ba bone ka diphetogo tsa bosha, mme o se ka wa tsietsega. Buka ya You and Your Adolescent ya re: “Bana ba ba simololang dingwaga tsa bosha ba ba itirang e kete ga ba na kgatlhego, ba boregile, ba tenegile kgotsa ga ba a reetsa, ba ka tswa ba tshwara sengwe le sengwe se o se buang ka tlhogo.

a Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.

  • “Ke ne ke sa ithibe go lo bolelela sepe sa dilo tse di neng di na le poelo.”—Ditiro 20:20.

  • ‘Batho ba ba godileng sentle . . . bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwa ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

“Batsadi ba me ba ne ba ntshegetsa thata fa ke nna le diphetogo tsa bosha, segolobogolo mama. O ne a ipha nako ya go ntlhalosetsa sengwe le sengwe. Ke ne ke itse gore go tla direga eng le gore ke solofele eng, ka jalo, ke ne ke sa tshoga fa nako eo e goroga. Mo godimo ga moo, mama o ne a tlhomamisa gore ke ikutlwa ke phuthologile fa ke bua le ene. Batsadi ba me ba ne ba dira gore go nne motlhofo gore ke lebane le maemo ano a a tlhabisang ditlhong.”—Marie wa dingwaga di le 16.

“Batsadi ba me ba ne ba dirisana le nna. Ka sekai, ba ne ba tlotla tsela e ke ikutlwang ka yone ka gonne ba ne ba itse gore diphetogo tsa bosha di ne di ntlhabisa ditlhong. Gape ke ne ke thusiwa ke gore ba ne ba e boloka e le khupamarama. E bile ba ne ba mpolelela ka se se neng se larile kwa pele, pele se ntiragalela.”—Joan wa dingwaga di le 18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela