Diphologolo Tse Di Bidiwang Di-Walrus le Kgwebo ya Diokobatsi
GO NE go tla nna boima go ka akanya ka diamusi tse pedi tse dikgolo tse di farologaneng go gaisa walrus le tlou. Mme lefa go ntse jalo manyebi ano a a boitshegang, a a sa kgathaleng a a ebelang mo metsing a a suleng dikgapetla kwa Lewatleng la Bering a na le bothata jono jo bo tshwanang le jwa dikgosi tseno tse di ratang go kgarakgatshega tsa naga ya Afrika: Selo sa botlhokwa thata seo di nang le sone gantsi se di bakela loso lo lo sa lebelelwang. Ka bobedi jwa tsone di na le dinaka.
Gongwe le eleng go feta tlou, walrus e tshela ka dinaka tsa yone. Fa e inwetsa go ya kwa tlasetlase ga lewatle go ya go batla dijo gone, e feta e ntse e relela ka dinaka tsa yone fa ka molomo e ntse e gopa ditlhapi le ditlhatswana. Fa e batla go tlhatlogela kwa godimo ga metsi a a suleng dikgapetla go ya go aramela letsatsi gone, e dirisa dinaka tsa yone go ka itshegeletsa ka tsone fa e ntse e tlhatlosa mmele wa yone o o dikilogeramo di le 900 go ya go di le 1 400 ka boima gore e tswe mo metsing. Walrus ya mosadi e dirisetsa dinaka tsa yone go lwa ntwa e e matlho mahibidu le phologolo epe e e leng sebolai e e tshosetsang bana ba yone.
Mme se se utlwisang botlhoko ka di-walrus ke gore, batho le bone ba rata dinaka tsa tsone. Motho o batla dinaka tsa yone a sa kgaotse. Mme ga go thata mo mothong yo o nang le tlhobolo e e kgonang go itirisa ka boyone go ka bolaya walrus e e botelele jwa dimitara di le 3 kana di le 4 fa e ntse e arametse letsatsi la leruruleboa. Ka gone ga se selo se se sa tlwaelegang mo bathong ba kwa Alaska go nna ba tsoma mo lewatleng ka diketswana, ba bolaya dibatana tseno gongwe le gongwe koo ba kopanang le tsone gone, mme ba bo ba boela gae diketswana tsa bone di tletse ditlhogo tse di nang le dinaka mo go tsone, tseo di kgaotsweng ka shage.
Go tla go fitlha fano kgang eno e utlwala fela jaaka selo se se tlwaelegileng, mme ga jaanong go na le sengwe se se malebana le yone se se sa tlwaelegang tota: eleng diokobatsi. Basha ba Ma-Eskimo ba kwa Alaska, go lebega ba dirisa dinaka tsa di-walrus go ka duelela diokobatsi tseo ba fetogileng makgoba a tsone. Mme jaaka fa makasine wa Newsweek o bolela: “Di rekisiwa ka tlhotlhwa e e kwa tlase thata ka tsela e e gakgamatsang.” Modiredi yo o kgethegileng wa U.S. Fish and Wildlife Service o ne a bolelela makasine ono gore bagwebi bangwe ba ba gwebang ka bokukuntshwane ba kgona go reka dinaka di le pedi—tseo di jang R2100—ka disekerete di le thataro tsa matekwane.
Molao o sireletsa batho bano ba ba di tsomang go feta kafa o sireletsang diphologolo tseno tse di tsongwang ka gone. O letla baagi ba Alaska gore ba tsome di-walrus go ka bona dijo tseo ba di bonang mo go tsone. Mme ba boloka dinaka tsa tsone go ka di dirisa mo tirong ya diatla ya naga eo. Go utlwala molao o se molato mo go seno, mme seno se iponelwa ke ba ba senang tsebe. Bagwebi ba dinaka tseno ba eseng baagi ba naga eo ba ile ba fuduga go ya go nna le basadi ba Ma-Eskimo e le fela gore ba ke ba bolele gore dinaka tsa bone tse di seng kana ka sepe ke tseo ba di dirisang mo tirong ya matsogo ya lefelo leo.
Fa go bolawa gono ga tsone go ntse go tswela pele, kamego e e malebana le seno le yone e a gola. Bao ba tsomang di-walrus kafa molaong le bao tota ba dirisang dinaka tsa tsone mo tirong ya diatla ba ikutlwa gore selo seo ba itshedisang ka sone se a tshosediwa. Batho ba ba godileng ba Ma-Eskimo ba fitlhela gore sebetso se se ntseng se gola sa go fetoga makgoba a diokobatsi mo basheng ba bone ke selo se se maswe thata. Mme di-walrus tsone? Go santse go na le di ka nna 250 000 tsa tsone kwa Pacific, ka gone ga go tsewe gore botshelo jwa tsone bo mo kotsing. Mme ditopo tsa tsone tse di senang ditlhogo di kgogolelwa ke metsi mo lobopong lwa lewatle di le ka makgolokgolo. Metsi a ile a kgogolela di le dintsintsi tsa tsone mo lebopong la lewatle la Siberia mo e leng gore Soviet Union e ile ya kgothaletsa United States gore e emise go bolawa gono ga tsone. Mme di-walrus di tla nna di sireletsegile gore di seka tsa bolawa tsotlhe ka lobaka lo lo kana kang fa dinaka tsa tsone di bolela madi jaana mo go ba ba bogagapa mme di bolela diokobatsi mo go ba ba senang tsebe?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
H. Armstrong Roberts