Kafa Diokobatsi Tse di Seng Kafa Molaong di Amang Botshelo Jwa Gago ka Teng
JAAKA mothuthuntshwane o o jang ditlhomeso tsa logong tsa ntlo, diokobatsi di ka senya popego ya setšhaba sotlhe. Gore setšhaba se dire ka tshwanelo, se tshwanetse sa nna le malapa a a tlhomameng, badiri ba ba itekanetseng, dipuso tse di ikanyegang, mapodise a a ikanyegang le baagi ba ba ikobelang molao. Diokobatsi di senya sengwe le sengwe sa dilo tse di botlhokwa tseno.
Lebaka le lengwe le dipuso di thibetseng go dirisiwa ga diokobatsi tse di sa dirisediweng kalafi ka lone ke tshenyo e di e bakang mo botsogong jwa baagi ba tsone. Ngwaga le ngwaga go swa batho ba le diketekete ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ka ntlha ya go di dirisa go feta selekanyo. Ba bangwe ba bantsintsi ba bolawa ke AIDS. Ebu, diperesente di ka nna 22 tsa baagi ba lefatshe ba ba nang le mogare wa HIV ke ba ba dirisang diokobatsi ba ba itlhabang ka mamao a a tshwaeditsweng. Go a utlwala go bo bosheng jaana kwa khonferenseng ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, Nasser Bin Harmad Al-Khalifa, wa kwa Qatar, a ne a tlhagisa gore “motse wa lefatshe lotlhe o gaufi le go nna lebitla la setšhaba la batho ba le dimilione ka ntlha ya kgwebo ya diokobatsi e e seng ka fa molaong.”
Mme gone ga go amege boitekanelo jwa motho yo o di dirisang fela. Mo e ka nnang diperesente di le 10 tsa masea otlhe a a tsalwang kwa United States a tsenngwa seokobatsi sengwe se se seng kafa molaong—mo maemong a mantsi, khokeine—fa le sa ntse le le mo popelong. Ga ba lebane fela le bothata jwa bolwetse jo bo botlhoko jwa go di tlogela, ka gonne fa ngwana yo o sa tswang go tsholwa a tsenngwa seokobatsi a sa ntse a le mo popelong a ka nna le malwetse a mangwe gape a a maswe thata—mo tlhaloganyong le mo mmeleng.
Madi a a Bonwang Motlhofo ka Diokobatsi—Thaelo e e Ngokang
A o ikutlwa o bolokesegile mo lefelong le o nnang mo go lone bosigo? Fa go sa nna jalo, gongwe ke ka ntlha ya batho ba ba gwebang ka diokobatsi. Go thukhutha le thubakanyo tsa mo mebileng di tsamaisana le diokobatsi. Gantsi batho ba ba dirisang diokobatsi ba dirisa bokebekwa kana boaka gore ba nne le madi a go kgotsofatsa mokgwa wa bone, fa digopa tse di gaisanang tsone di lwa le go bolaya gore e nne tsone fela tse di anamisang diokobatsi. Go a utlwala go bo mapodise kwa dinageng di le dintsi a akanya gore diokobatsi ke tsone tse di tlhotlheletsang bontsi jwa dipolao tse ba tlhotlhomisang kaga tsone.
Kwa dinageng dingwe, batsuolodi le bone ba lemogile gore go tla ba solegela molemo go tsena ka dikgoka mo kgwebong ya diokobatsi e e ba tsenyetsang madi a mantsi. Setlhopha sengwe se segolo sa dirukhutlhi sa kwa Amerika Borwa jaanong se bona bontlhanngwe jwa lotseno lwa sone ka go sireletsa bagwebi ba diokobatsi. Thulaganyo ya Boditšhabatšhaba ya go Laola Diokobatsi ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bega gore: “Madi a a tswang mo diokobatsing tse di seng kafa molaong a dirisiwa go etleetsa dingwe tsa dintwa tse di matlho mahibidu tsa lefatshe tsa bodumedi le tsa setso.”
Matlhotlhapelo Fa di Go Tagile
Batho ba ba dirisang diokobatsi ba dira gore mebila e se ke ya sireletsega ka ditsela tse dingwe. Michael Kronenwetter o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Drugs in America: “Go kgweetsa koloi o tagilwe ke matekwane kana LSD go ka nna kotsi fela jaaka go kgweetsa o tagilwe ke bojalwa.” Ga go gakgamatse go bo batho ba ba dirisang diokobatsi go ka diregang gararo kana ganè gore ba tlhagelwe ke kotsi kwa tirong.
Le fa go ntse jalo, go bonala kwa gae e le teng koo diokobatsi di bakang tshenyo e kgolo gone. World Drug Report e bolela gore: “Botshelo jwa lelapa jo bo sa tsamaeng sentle le go dirisa diokobatsi gantsi di a tsamaisana.” Batsadi ba ba senngwang ke keletso ya diokobatsi ke ka sewelo ba nayang bana ba bone botshelo jwa lelapa jo bo tlhomameng. Kgolagano ya lesea le motsadi—e e leng botlhokwa thata mo dibekeng tsa ntlha tsa botshelo jwa ngwana—e ka kgorelediwa. Mo godimo ga moo, batsadi ba ba tshwakgotsweng gangwe le gape ba ka nna ba tsena mo dikolotong mme ba utswetsa ditsala tsa bone le balosika kana ba feleletsa ba latlhegetswe ke ditiro tsa bone. Bana ba bantsi ba ba golelang mo tikologong eno ba fetoga bana ba mo seterateng kana e bile ba dirisa diokobatsi ka bobone.
Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang go ka feleletsa gape ka go sotla ba bangwe—molekane wa gago kana bana. Khokeine, segolobogolo fa e tlhakantswe le bojalwa, e ka dira gore motho yo o bonolo thata a nne rantwadumela. Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Canada mo bathong ba ba dirisang khokeine, diperesente di le 17 tsa ba ba botsoloditsweng ba dumetse gore ba nna bogale thata morago ga go dirisa seokobatsi seno. Ka mo go tshwanang, pego e e kaga bana ba ba sotliwang kwa New York City e bontshitse gore diperesente di le 73 tsa bana ba ba setlakwang go fitlha ba swa ba ne ba na le batsadi ba ba dirisang diokobatsi ka tsela e e sa siamang.
Tshenyo le Kgotlelo
Fa e le gore legae le ka koafadiwa ke diokobatsi, go ka nna jalo le ka dipuso. Mo kgannyeng eno ke madi a diokobatsi, e seng diokobatsi ka botsone, a a senyang tsamaiso ya puso. Moemedi wa naga nngwe ya kwa Amerika Borwa o boletse jaana a hutsafetse: “Diokobatsi di sentse badiredi ba puso, mapodise le masole.” O oketsa ka go re madi a a bonwang motlhofo “a raela thata” mo go ba ba amogelang madi a mannye thata gore ba tshele.
Mo nageng nngwe le nngwe, baatlhodi, boratoropo, mapodise le e leng mapodise a a lwantshang tiriso ya diokobatsi tse di seng kafa molaong ba ne ba tshwarwa ba dira ditiro tsa bonweenwee. Boradipolotiki ba bagoma ba diokobatsi ba neng ba etleetsa go tlhophiwa ga bone ga ba dire sepe fa ba kopiwa gore ba tseye dikgato tsa semolao go fedisa kgwebo ya diokobatsi. Badiredi bagolo ba bantsi ba ba ikanyegang ba ba neng ba lwantshana le diokobatsi ka bopelokgale ba ne ba bolawa.
Le e leng mmu wa rona, dikgwa tsa rona le mefuta ya ditshedi tse di nnang mo go tsone di bogisiwa ke sebetso sa lefatshe lotlhe sa diokobatsi. Karolo e kgolo thata ya go dirwa ga opium le khokeine e remeletse mo dikgaolong tse pedi tse di utlwalelwang thata ke go senngwa ga tikologo: dikgwa tsa pula tsa kwa bophirima jwa Amazon le tse di leng kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Tshenyo e nnile kgolo thata mo mafelong ano. Tota le maiteko a a siameng a go nyeletsa masimo a diokobatsi tse di seng kafa molaong a baka tshenyo e kgolo ka ntlha ya dibolayamefero tse di dirisiwang tse di nang le botlhole.
Ke Mang yo o Duelang?
Ke mang yo o duelelang tshenyo yotlhe e e bakilweng ke diokobatsi? Re duela rotlhe. Ee, rotlhe re duelela tiro e e senyegileng, ditshenyegelo tsa kalafi, dithoto tse di utswilweng kana tse di sentsweng le ditshenyegelo tsa go dira gore batho ba boloke molao. Pego ya Lephata la Badiri la United States e bontshitse gore “go dirisa diokobatsi kwa tirong go ka jela kgwebo le madirelo a Amerika gareng ga didolara di le dimilione di le dikete di le 75 le di le dimilione di le dikete di le 100 [diranta di le dimilione di le dikete di le 450 le dimilione di le dikete di le 600] ka ngwaga . . . mo nakong e e sentsweng, mo dikotsing le mo ditshenyegelong tse di kwa godimo tsa go duela badiri le kalafi ya bone.”
Kgabagare madi ano otlhe a tswa mo dikgetsaneng tsa batho ba ba duelang lekgetho le bareki. Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Jeremane ka 1995 e bontshitse gore ka kakaretso ditshenyegelo tsa ngwaga le ngwaga tsa go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo mo nageng eo ke diranta di le 720 mo moaging mongwe le mongwe. Kwa United States gone, go ne ga ba ga lekanyediwa palo e e kwa godingwana—didolara di le 300 (diranta di le 1 800) motho mongwe le mongwe.
Le fa go ntse jalo, ditshenyegelo tse di kwa godimo thata ke tshenyo e diokobatsi di e dirang mo setšhabeng. Ke mang yo o ka lekanyetsang gore go senyega ga malapa a le mantsi jaana, go sotliwa ga bana ba le bantsi jaana, go amega mo ditirong tsa bonweenwee ga badiredibagolo ba le bantsi jaana le go swa pele ga nako ga batho ba le bantsi jaana go ja madi a kana kang? Seno sotlhe se bolela eng mo bathong ka kakaretso? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhatlhoba kafa diokobatsi di amang matshelo a batho ba ba di dirisang ka teng.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
DIOKOBATSI LE TLOLOMOLAO
DIOKOBATSI DI AMANNGWA LE TLOLOMOLAO MO E KA NNANG KA DITSELA DI LE NNÈ:
1. Go nna le diokobatsi tse di seng kafa molaong le go gweba ka tsone ke tlolomolao mo e ka nnang mo dinageng tsotlhe mo lefatsheng. Kwa United States fela, mapodise a tshwara batho ba ba ka nnang milione ngwaga le ngwaga ba ba latofadiwang ka diokobatsi. Mo dinageng dingwe tsamaiso ya tshiamiso ya bokebekwa e farafarilwe ke melato ya diokobatsi e e ntseng e oketsega mo e leng gore mapodise le dikgotlatshekelo ga di kgone go di laola.
2. E re ka diokobatsi di ja madi a mantsi thata, batho ba ba tshwakgotsweng ke tsone gantsi ba dirisa tlolomolao gore ba bone madi a go kgotsofatsa mokgwa ono wa bone. Motho yo o tshwakgotsweng ke khokeine a ka nna a tlhoka madi a a kana ka diranta di le 6 000 ka beke gore a kgone go kgotsofatsa temalo eno ya gagwe! Ga go gakgamatse go bo go thubiwa ga matlo, bothukuthi le boaka di gola thata jaana fa diokobatsi di dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang mo setšhabeng se se rileng.
3. Go tlolwa molao ka ditsela tse dingwe go tsweledisa pele kgwebo ya diokobatsi, e leng nngwe ya dikgwebo tse di lereng madi a mantsi thata mo lefatsheng. World Drug Report e tlhalosa jaana: “Thulaganyo ya go dirisa diokobatsi tse di seng kafa molaong le bokebekwa jwa digongwana ke di ya thoteng di bapile.” E le go dira gore diokobatsi di tsamaye kwantle ga mathata go tswa mo karolong e nngwe go ya go e nngwe, bagwebi ba tsone ba leka go senya kana go tshosetsa badiredibagolo. Bangwe e bile ba na le masole a bone a a kwa thoko. Madi a mantsi thata a a dirwang ke bagoma ba diokobatsi le one a baka mathata. Madi a mantsi a ba a bonang a ka dira gore ba tshwarwe fa madi a bone a sa dirwe gore e nne a kafa molaong, ka jalo ba thapa dibanka le babueledi go dira gore madi ao a diokobatsi a se ke a lemogiwa.
4. Se diokobatsi ka botsone di se dirang se ka felela ka tlolomolao. Maloko a lelapa a ka sotliwa ke batho ba ba dirisang diokobatsi ba sa kgaotse. Kwa dinageng dingwe tsa mo Afrika tse di tlhasetsweng ke ntwa ya selegae, bokebekwa jo bo tsitsibanyang mmele bo ne jwa dirwa ke bana ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba e leng masole ba ba tagilweng ke diokobatsi.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Lesea le ka amiwa ke fa mmaalone a dirisa diokobatsi
[Motswedi wa Setshwantsho]
SuperStock