Go Tshwakgola Lefatshe ka diokobatsi
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SPAIN
LESEA le le sa tswang go tsholwa le goa ka selelo kwa bookelong kwa Madrid, kwa Spain. Mooki, a tlhakane tlhogo, o leka go mo kirietsa mme ga go thuse sepe. Lesea leno le tshwerwe ke botlhoko jwa go sa tlhole le amogela heroine mo mmeleng. Se se maswe le go feta, o na le mogare wa HIV. Mmaagwe o ne a tshwakgotswe ke heroine.
Mmè mongwe kwa Los Angeles ka go sa itse o tsena ka koloi ya gagwe mo seterateng se se laolwang ke segopa se se rekisang diokobatsi. O kgatlhantshiwa ke sefako sa marumo a tlhobolo, a a bolayang morwadie wa lesea.
Dikilometara di le diketekete kgakala le koo, kwa Afghanistan, molemi mongwe o lema tshimo ya dithunya tsa poppy. E nnile ngwaga o o ungwang thata; thobo ya gagwe e oketsegile ka diperesente di le 25 go feta dingwaga tse dingwe. Dithunya tsa opium poppy di dira madi a mantsi mme lelapa la molemi yono le kgaratlhela go tshela. Mme dithunya tse dintle tseno tsa poppy di tlile go dira heroine mme heroine e a bolaya.
Mosetsana mongwe yo o ditlhong wa dingwaga tsa bolesome kwa Sydney, kwa Australia, o ya kwa disikong bosigo bongwe le bongwe jwa Matlhatso. O ne a go fitlhela go le thata go tlhakatlhakana le batho, mme bosheng jaana pilisi e e bidiwang ecstasy e dirile gore a kgone go itshepa. Dipilisi tse a di nwang di ne tsa tsenngwa ka bokhukhuntshwane kwa Australia go tswa kwa Netherlands, le fa gone dilaboratori tsa mo nageng eo le tsone di setse di simolotse go di aba. Ecstasy e dira gore mmino o utlwale o le monate mme o mo dira pelokgale. E bile o ikutlwa a le montle thata.
Mo go Manuel, molemi yo o dirang ka natla yo o itshedisang ka tshingwana ya gagwe kwa Andes, botshelo bo ne jwa nna botokanyana fa a ne a simolola go lema coca. Manuel o batla go tlogela go lema tshimo eno, le fa go ntse jalo o tshaba gore seno se tla galefisa banna ba ba setlhogo ba ba laolang go lemiwa ga coca mo kgaolong ya gagwe.
Bano ke batho ba le mmalwa fela ba ba tlhasetsweng ke sebetso sa diokobatsi se se senyang polanete ya rona.a E ka tswa batho bano e le bareki, batlhagisi kana batho fela ba ba se nang molato ba ba fetang ka tsela, diokobatsi di laola matshelo a bone ka tsela e e setlhogo.
Bothata Jwa Diokobatsi bo Bogolo go le Kana Kang?
Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o tlhalosa jaana: “Diokobatsi di senya batho ba rona, di baka tlolomolao, di anamisa malwetse a a jaaka AIDS e bile di bolaya basha ba rona le isagwe ya rona.” O oketsa jaana: “Gompieno go lekanyediwa gore go na le batho ba le dimilione di le 190 ba ba dirisang diokobatsi go ralala lefatshe. Ga go na naga e e sa amegeng. Mme ga go na naga epe e e ka solofelang gore, ka boyone fela, e tla kgona go fedisa go tsenngwa ga diokobatsi mo melelwaneng ya yone. Go anama ga kgwebo ya diokobatsi mo lefatsheng lotlhe go tlhoka gore dinaga tsotlhe di tseye kgato.”
Go raraanya dilo le go feta, mo dingwageng tsa bosheng go setse go na le diokobatsi tse disha tse di itirelwang.b Dikhemikale tseno tsa maitirelo di tlhametswe go dira gore moreki a ikutlwe a itumetse kana a itekanetse. E re ka diokobatsi tseno tse di itirelwang di ka dirwa ka tlhwatlhwatlase mo e ka nnang gongwe le gongwe, mapodise ga a kgone go di laola gotlhelele. Ka 1997, Khomishene ya Diokobatsi Tse di Bolayang Bogatsu ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e tlhagisitse gore kwa dinageng di le dintsi diokobatsi tseno tsa maitirelo e setse e le karolo ya “dilo tse batho ba di rekang thata” le gore di tshwanetse tsa lejwa e le “dilo tse di kotsikotsi mo bathong botlhe mo lekgolong le le latelang la dingwaga.”
Diokobatsi tse disha di ntse di le maatla fela jaaka tse di tlileng pele ga tsone. Khokeine ya crack e tshwakgola thata go feta khokeine e e tlwaelegileng. Mefuta e mesha ya cannabisc e tagisa fela thata, mme seokobatsi sengwe se sesha se se itlhametsweng se se bidiwang ice se ka nna gareng ga dingwe tse di senyang go gaisa tsotlhe.
Madi a Seokobatsi le Maatla a Seokobatsi
Le fa gone batho ba ba dirisang diokobatsi ba le mmalwa fela, palo ya bone e lekane go naya bagoma ba diokobatsi, banna ba ba rulaganyang go dirwa le go abiwa ga diokobatsi, maatla a mantsi thata. Batho bano ba ba boikepo ba laola kgwebo e e ba tsenyetsang madi a mantsi thata—e bile e le yone kgwebo e kgolo thata mo lefatsheng. Kgwebo ya diokobatsi ke yone e jaanong e tsereng mo e ka nnang diperesente di le 8 tsa kgwebo ya lefatshe lotlhe kana mo e ka nnang diranta di le 2 400 000 000 000 ngwaga le ngwaga. Fa madi a diokobatsi a ntse a anama le lefatshe lotlhe, a humisa digongwana tsa dinokwane, a senya mapodise, a reka boradipolotiki le e leng go duelela borukhutlhi.
A go na le sengwe se se ka dirwang go laola bothata jwa diokobatsi? Kgwebo ya diokobatsi e ama lotseno lwa gago, polokesego ya gago le matshelo a bana ba gago go le kana kang?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo ditlhogong tseno, re bua ka diokobatsi tse di dirisiwang mo mabakeng a e seng a kalafi e bile di abiwa ka tsela e e seng kafa molaong.
b Seokobatsi se khemikale ya sone e fetotsweng go sekae, se gantsi se dirwang go tila dithibelo tsa diokobatsi tse di seng kafa molaong tse di bolayang bogatsu kana tse di tagang.
c Matlhare a a omisitsweng a semela sa cannabis ke one a dirang matekwane. Monokane wa sone semela seo o dira hashish. Dilo tseno ka bobedi di gogiwa ke batho ba ba dirisang diokobatsi.
[Mmapa mo go tsebe 4, 5]
(For fully formatted text, see publication)
Go Tlhagisa Diokobatsi Le go Di Rekisa mo Lefatsheng Lotlhe
MAFELO A MAGOLO A DI TLHAGISIWANG KWA GO ONE:
Semela sa cannabis—matlhare a sone (matekwane) le monokane wa sone (hashish)
Heroine
Khokeine
Metsu e bontsha ditsela tse dikgolo tse thekiso ya diokobatsi e tsamayang ka tsone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Motswedi: World Drug Report ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
U.S. Navy photo