Fa AIDS E Se Yone Matshosetsi
Mo mantsiboeng a October 3, ka 1984, Kyle Bork yo mmotlana o ne a tsalwa dibeke tse supa pele ga nako. Makgwafo a gagwe a a sa golang sentle a ne a le mannyennyane thata go ka dira ka tshwanelo, ka jalo o ne a fudusediwa bokgakala jwa dikilometara tse 56 go ya kwa Kokelong ya Bana ya Orange County, koo go neng go na le didirisiwa tse di ka dirisediwang go ka tlhokomela masea a a lwalang thata jalo gone.
Ngaka e ne ya tlhalosa gore go ne go tla tlhokega gore madi a ga Kyle a tladiwe ka gore a tshelwe madi; go seng jalo go ka nna ga diragala thata gore a swe. Lemororo go ne go le boima thata mo batsading, ba ne ba ema ba tiile mo tshwetsong ya bone e e theilweng mo Bibeleng ya gore ba seka ba letlelela gore lesea la bone le tshelwe madi. (Genesise 9:4, 5; Lefitiko 17:10-14; Ditihō 15:28, 29) Ngaka eo e ne e utlwisisa ebile e dirisana mmogo le bone. Lefa go le jalo, o ne a bolela gore, fa maemo e ne e ka nna a a tlhobaetsang thata, o tla bona tetla e e tswang kwa kgotla-tshekelo a bo a mo tshela madi.
Ka mo go gakgamatsang, Kyle o ne a bontsha go tokafala ka iketlo, mme ka letsatsi la borobonngwe, o ne a tlosiwa mo sedirisiweng se se neng se mo thusa go hema. Malatsi a le mabedi morago ga moo batsadi ba gagwe ba ne ba mo isa gae, mme o ne a gola go nna ngwana yo o itumetseng, yo o nang le pholo e e molemo jaaka o ka mmona mo setshwantshong fano. Mme kgang eo ga e felele foo.
Ngogola kgaso ya dikgang ya thelebishene ya kwa Los Angeles e ile ya bega gore bana ba le bantsi bao ba neng ba le kwa Kokelong ya Bana ya Orange County mo e ka nnang ka nako eo Kyle a neng a le koo ka yone ba tsenwe ke AIDS ka ntlha ya madi a a kgotletsweng ao ba ileng ba a tshelwa. Kokelo eo e ne e leka go ikgolaganya le malapa a bana ba ba ka nnang 3 000 gore ba tle ba tlhatlhobiwe go bona gore a ga ba na megare ya AIDS.
Kwantle ga go senya nako, batsadi ba ga Kyle ba ne ba letsetsa kokelo eo mogala go tlhomamisa gore a ga a ka a tshelwa madi ba sa itse. Ka bonakonyana, kokelo e ile ya boa ya ba letsetsa mogala go ba tlhomamisetsa gore ga a ka a tshelwa madi mme ka jalo o ne a se mo kotsing epe ya go tsenwa ke AIDS. “Re ne ra wela ka sebele fa fatshe ka mangole mme ra leboga Jehofa,” batsadi bao ba ne ba tlhalosa jalo, “re mo lebogela go bo a re file melao ya gagwe e e siameng le nonofo ya go ka boloka bothokgami jwa rona go sa kgathalesege teko e e tshwanang le eo.”