LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 3/8 ts. 16-18
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Tila Dilo tsa Masaitseweng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Tila Dilo tsa Masaitseweng?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la Go Bo Ba Kopanela mo go Tsone
  • ‘Pogisego E E Seng Kana ka Sepe’
  • Bao Tota Eleng Badimo
  • ‘Tswina ya Dinotshi E E mo Godimo ga Thipa’
  • Go Lekeletsa Dilo Tse di Amanang le Masaitsiweng—Kotsi ya Gone ke Eng?
    Tsogang!—2002
  • Tota ke Mang yo o Tlhotlheletsang Ditiro Tsa Masaitseweng?
    Tsogang!—2011
  • A go Kotsi go Dirisa Dilo Tse di Amanang le Madimona?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng se se Ngokelang Batho mo Ditirong Tsa Masaitseweng?
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 3/8 ts. 16-18

Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Tila Dilo tsa Masaitseweng?

“KE NE ke rata rremogolo thata,” go ne ga bolela jalo mosetsana mongwe yo mosha, “mme erile fa a swa, ke ile ka utlwa botlhoko thata. Ke ne ke batla go itse gore a go ka kgonagala gore ke ikgolaganye le ene gape.” Ka jalo mosetsana yo mosha yoo o ne a simolola go nna le seabe mo dilong tsa masaitseweng.

Pego nngwe ya bosheng jaana e ile ya bolela gore “bobotlana bana le basha ba le 200 000 kwa Federal Republic of Germany ba setse ba ile ba nna le seabe mo mefuteng e e farologaneng ya dilo tsa masaitseweng.” Japane e na le bana ba le bantsi bao ba ithutang go bua le baswi kwa sekolong, bangwe ba bone ke bomankge mo go itseng se se leng mo mogopolong wa motho yo mongwe a sa ba se bolelela, ba bangwe mo go kgoneng go thulametsa batho, mme ba bangwe gape ba bone ke bomankge mo go ntsheng badimo. Kwa Nigeria ga se selo se se sa tlwaelegang mo malatsing ano go ka utlwa kaga bana bao ba leng kwa sekolong se sepotlana bao eleng baloi. Mme, ka maswabi, le eleng bangwe ba basha bao ba godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete, gongwe e se ka boomo, ba ile ba tshamekela mo dilong tsa masaitseweng.

Ke eng fa dilo tsa masaitseweng di na le kgogedi e e kana kana mo basheng? Mme ke eng fa go le kotsi jaana go ka kopanela mo go tsone?

Lebaka la Go Bo Ba Kopanela mo go Tsone

Dilo tsa masaitseweng di kopanyeletsa dilo tse eseng tsa tlholego, go ithuta ka badimo ka go dirisa tepo ya dinaledi, boitseanape, boloi, boselamose, le tse dingwe tsa go nna jalo. Mme ke eng fa basha ba le bantsi jaana ba tlhoafaletse go ka itse ka dilo tse di ntseng jalo? Dirk o ne a eletsa thata gore a ikgolaganye le rragwe yo o suleng. Ka ntlha ya go bo a ne a tlhatswegile pelo gore fa a ne a ka tlhagolela dinonofo tsa gagwe tsa go akanya o ne a tla kgona go dira jalo, o ne a simolola tlwaelo ya go tlhatlhanya eo ka yone a neng a leka go dira gore dilo di sute fela a sa di ama. Dirk o ne a bolela gore, go tlhatlhanya go go ntseng jalo go ile ga mo dira gore a boe a setse a le fela fa serepoding sa badimo!

Basha ba bangwe ba boifa isagwe. Ba batla kgakololo malebana le maduo a bone a sekolo kana ka ditebelelo tsa bone tsa lenyalo mme ba akanya gore badimo ba ka ba thusa. Seo se tshwenyang le go feta ke go obamela Satane ka boena! Ke eng seo se kgatlhisang mo bodumeding jo bo tshosang jono? “Ke tsene mo go jone gore ke bone maatla,” ga tlhalosa jalo mosha mongwe wa Mo-Canada yo o mo kobamelong ya Bosatane. “Bo nnaya maatla a gore ke gobatse batho.”

Lefa go le jalo, babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore, lebaka le legolo la go bo basha ba nna le seabe mo dilong tsa masaitseweng ke fela ka ntlha ya go rata dilo. Mosetsana mongwe yo o neng a nna le seabe mo dilong tsa masaitseweng o ne a ipolela jaana, “Ke ne ke rata dilo thata.” Mosetsana yo mongwe o ne a akgela jaana ka seno: “Lekgetlo la ntlha ke ne ke ikutlwa ke sa tshepe le eseng, mme ke ne ke akanya gore, ‘Bobotlana o tla bo o itse gore tota go utlwala jang.’” Ka jalo o ne a dumela fa tsala ya gagwe e ne e mo laletsa gore a nne le seabe mo kokoanong nngwe ya dilo tsa masaitseweng.

Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke go rata dilo, basha bangwe ba iteka lesego mo lomating lwa Ouija kana ba iteka lesego mo go sekasekeng go tshikinyega ga galase e e ribegilweng. Go tswa moo go a bo go setse go sekae fela gore ba tsenelele kwa teng mo tirisong-badimo ka go dirisa crystal balls, dikarata tse di bolelelang isagwe pele, dilo tse di akgegang, matlhare a tee, dibuka tsa tepo ya dinaledi. Bangwe ba bile ba ya go kopa thuso kwa dingakeng tsa bola kana kwa dingakeng tse di loyang tseo eleng bomankge. Lefa go le jalo, dingaka di le dintsi tsa bomankge tsa bola, di itshupile di batla di tshwana fela le boramaselamose ka go tsietsa. Ka sekai, Alexander o ne a ya go bona ngaka nngwe ya bola gore a ke a tokafatse maduo a gagwe a sekolo. Ga a ka a palelwa ke go tokafatsa maduo a gagwe a sekolo fela mme gape o ne a ba a latlhegelwa ke madi. Madi a gagwe a ne a kgaoganwa ke ngaka eo ya maaka le tsala ya go nna jalo eo e neng ya mo kgothaletsa go ya go bona ngaka eo.

Lefa go le jalo, mo basheng ba le bantsi go itsenya mo kotsing ya tirisa-badimo go felela ka selo sengwe se se utlwisang botlhoko thata go feta go latlhegelwa ke madi.

‘Pogisego E E Seng Kana ka Sepe’

“Fa fela nkabo ke itsile” ke polelwana eo gantsi e utlwiwang mo go bao ba ikwatlhaelang go bo ba ile ba tshamekela mo dilong tsa masaitseweng. Makasine mongwe wa Afrika Borwa wa Personality o akgela jalo. Selelo seno le sone ke se se tlwaelegileng: “Fa fela nkabo ke ile ka seka ka nna seeleele jaana. . . . Ke ile ka boga ka tsela e e boitshegang, ke bogisiwa ke go utlwa mantswe, ditoro tse di boifisang, go tshosediwa, ebile ke ile ka tlhokofadiwa mo tlhaloganyong le mo mmeleng ke ba bangwe ba bodumedi jwa bosatane fa ke ne ke leka go tswa mo go jone.”

Bobotlana barutabana ba le 24 lekgolong bao ba ileng ba botsolodiwa kwa Jeremane ba ne ba ile ba lemoga tlhotlheletso e e tshwenyang ya dilo tsa masaitseweng mo barutwaneng. Baithuti bangwe ba ne ba itlhaola mo go ba bangwe, ba na le bothata jwa go ithuta, ba tshelela mo poifong, ba hutsafetse thata, mme ba simolotse mokgwa wa go ikgobatsa kana wa go gobatsa ba bangwe. Gantsi Dirk o ne a sa kgone go robala bosigo. O gakologelwa jaana: “Ka ntlha ya go bo ke ne ke boifa gore ke tsenwe ke badimo, ke ne ke sa leke le go tswala matlho a me. Ke ne ke sisimosiwa ke modumo mongwe le mongwe.” Mosha yo mongwe yo o bidiwang Michael le ene ka mo go tshwanang o ne a boga ka ntlha ya “go tlhoka boroko bosigo ka ntlha ya go tlhorontshiwa ke badimona” morago ga fa a ne a sena go nwa selekanyo sa molemo seo a neng a laetswe gore a se nwe. Dipego tse dingwe di tlhalosa ka diphetogo tse di tshosang tsa botho mo bathong bao ba nnang le seabe mo ditlwaelong tsa dilo tsa masaitseweng. Mosetsana mongwe o ne a tshosa mmaagwe ka go mmolelela gore mo nakong e e tlang o tla apara diaparo tsa mmala o montsho (eleng mmala o gape a neng a batla go penta kamore ya gagwe ka one) mme a bo a robala mo teng ga lekese la baswi le le sa khurumelwang!

Bao Tota Eleng Badimo

Dikwalo di bontsha ka phepafalo gore “bashwi . . . ga ba ikutlwe ka gope.” (Moreri 9:5, NW) Ka jalo badimo ga se meya ya baratiwa ba ba suleng. Mme ke eng se se bakang ditiragalo tse di tshosang jaana? Ke badimona ba ba bosula! Go ya ka Bibela, bano ke baengele ba batsuolodi, balatedi ba ga Satane Diabolo. (1 Petere 3:19, 20; Tshenolō 12:9) Ba na le pego ya go baka bosula mo bathong le ya go ba gobatsa.

Ka sekai, Luke 9:42 e re bolelela ka monna mongwe yo o neng a tsenwe ke badimona yo “badimo ba [neng ba] mo piriganya, ba mo tsibiketsa mo go botlhoko.” Abo seo e ne e le bosetlhogo jang ne! Ka mo go tshwanang Ditihō 19:16 e tlhalosa ka moo monna mongwe yo o neng a tsenwe ke badimona a ileng a tlhasela ka dikgoka ka teng banna ba ba supa bao ba neng ba ipolela gore ba ntsha badimo. Dilo tse di diragalang mo motlheng wa segompieno di bontsha ka phepafalo gore badimona ga ba a fetoga le eseng mo ditseleng tsa bone tsa go tlhasela makgwakgwa.

Ka gone fa mosha a simolola go tshamekela mo tlwaelong ya go kgona go bona dilo kwantle ga go dirisa dirwe dipe tsa kutlo ka tsela e e seng ya tlholego, mo bolepa-dinaleding, mo dikarateng tse di bolelelang isagwe pele, kana lefa e ka nna mo mofuteng ope fela wa dilo tsa masaitseweng a ka nna a bulela dilo tse di boifisang sebaka sa gore di mo diragalele. Makasine wa Personality o ne wa bolela jaana: “Selo se le sengwe seo se ileng sa diragalela botlhe bao re ileng ra buisana le bone [bao ba neng ba ile ba nna le seabe mo dilong tsa masaitseweng] e ne e le gore ba ne ba tseneletse kwa teng teng ga kobamelo ya bosatane ka go gogelwa ke dilo tse di neng di bonala di tlotlega kafa ntle.” Ee, dilo tsa masaitseweng ga se sepe fela fa e se tsela e nngwe ya go ikgolaganya le Satane le badimona!

‘Tswina ya Dinotshi E E mo Godimo ga Thipa’

Ka jalo Molao wa Modimo go Baiseraele o ne o kganela mofuta lefa e ka nna ofe wa tirisa-badimo, o bolela jaana: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè . . . eo o moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo lōañ, leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi.”—Duteronome 18:10, 11.

Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba iitshepisa mo kamanong lefa e le efe ya tirisa-badimo, ba senya dilo tsa bone tsotlhe tseo di neng di amana le bodimona. (Ditihō 19:19) Basha bao gompieno ba eletsang go nna ditsala tsa ga Jehofa le bone ka mo go tshwanang ba tla tila gotlhelele lefa e ka nna eng seo se amanang le dilo tsa masaitseweng. Seo se tla akareletsa dibaesekopo tsotlhe, dibuka tsotlhe, dibuka tsotlhe tsa dikhomiki, le dikarata tsotlhe tseo di nang le kamano le tirisa-badimo. Le eleng mmino o motho a o tlhophang o tshwanetse wa tlhatlhobiwa ka kelotlhoko. Ka sekai, mmino o o nang le moribo o o maatla gangwe le gape o ile wa amanngwa le kobamelo ya Bosatane.

Batibithana ba na le polelo e e reng: ‘Akanya ka kelotlhoko pele ga o ka amogela tswina ya dinotshe eo o e fiwang e le mo godimo ga thipa e e bogale.’ E ka nna ya re o re o leka go gora tswina eo ya dinotshe e e mo godimo ga thipa, wa latlhegelwa ke loleme lwa gago! Ka mo go tshwanang, go sa kgathalesege gore dilo tsa masaitsiweng e ka nna tse di gogelang go le kana kang mo keletsong ya gago ya go rata go itse, di kotsi. Ka jalo gana taletso lefa e ka nna efe ya gore o nne le seabe kana le eleng ya gore o lebelele kokoano nngwe ya dilo tsa masaitseweng. Le eleng selo se se ka lebegang se se kotsi jaaka motshameko wa go sutisa galase o ka gogela mo go nneng le seabe go go kotsi mo bodimoneng. Ke boammaaruri, o ka nna wa bo o rata go itse. Mme a o ka ja nama e e bodileng fela ka go bo o batla go itse gore go utlwala jang go ja dijo tse di nang le botlhole?

Dirk (yo o umakilweng pelenyana) o ne a kgona go ikgolola mo dilong tsa masaitseweng. Ka go ithuta Bibela a thusiwa ke dikgatsiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a kgona go tlhaloganya boammaaruri kaga rraagwe yo o suleng, mme a ithuta kaga tsholofelo ya tsogo. (Pesalema 146:4; Yohane 5:28, 29) Boammaaruri jono bo ile jwa mo golola mo keletsong epe fela ya go batla go bua le badimo. (Bapisa Yohane 8:32.) Dirk o kae jaaka re bua jaana? O tsene mo mephatong ya Basupi ba ga Jehofa mme o direla kwa go nngwe ya mafelo a go gatisediwang kwa go one a Mokgatlho wa Watch Tower jaaka modihedi wa nako e e tletseng.

Ee, Bibela e kgotsofatsa ‘ditlhokafalo tsa rona tsa semoya.’ (Mathaio 5:3) Mme fa nako e ntse e ya, seno se mosola thata go feta go batla go kgotsofatsa keletso ya motho e e sa siamang ya go rata go itse ka go dirisa dilo tse di kotsi, tse di diphatsa tsa masaitseweng.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go nna le seabe mo dilong tsa masaitseweng go ka nna ga simolola ka motshameko o o ka nnang wa lebega o se kotsi, wa go tshwana le ono wa lomati lwa Ouija kana go dirisa galase e e ribegilweng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela