Tota ke Mang yo o Tlhotlheletsang Ditiro Tsa Masaitseweng?
BAEBELE e bolela jaana ka Mmopi wa rona: “Modimo ke lesedi mme ga go na lefifi ka gope seoposengweng le ene.” (1 Johane 1:5) Seo se boammaaruri segolobogolo fa go buiwa ka dilo tsa semoya. Ka jalo, a Modimo wa boammaaruri e ka tswa e le ene a tlhotlheletsang ditiro tsa masaitseweng? Kgotsa a go na le maatla mangwe a a bosula a a tlhotlheletsang ditiro tsa masaitseweng?
Dilo tse dikgolo mo ditirong tsa masaitseweng ke go laola ka bola le tirisabadimo, tse di akaretsang tepodinaledi, thuto ya masaitseweng e e amanang le dipalo, go laola ka meralo ya seatla le boloi mmogo le go buisana le “baswi.” Ditiro tseno ga di bolo go nna teng mme bontsi jwa tsone di simologile kwa Babelona wa bogologolo, e matlotla a yone a leng kwa Iraq. (Isaia 47:1, 12, 13) Go tswa kwa Babelona, ditiro tsa masaitseweng di ile tsa anama go ralala lefatshe la bogologolo mme tsa nwelelela thata mo dingwaong le mo ditšhabeng.
Akanya ka tiragalo e e diragetseng kwa motseng wa Filipi kwa Makedonia wa bogologolo. Kwa lefelong leo, setlhopha se sennye sa bareri ba Bakeresete, se se neng se akaretsa moaposetoloi Paulo le ngaka Luke, ba ne ba kopana le mosetsana yo o neng a na le maatla a go dira ditiro tsa masaitseweng. Ela tlhoko gore mokwadi wa Baebele e bong Luke o ne a senola jang sephiri sa motswedi wa maatla a a neng a na le one. O ne a kwala jaana: “Mosetsana mongwe wa motlhanka yo o nang le moya, ledimona la boitseanape, a re kgatlhantsha. O ne a tle a neye beng ba gagwe poelo e ntsi thata ka go dira tiro ya go bolelela pele.”—Ditiro 16:16-18.
Ee, maatla a mosetsana yono a ne a sa tswe mo Modimong wa boammaaruri e bong Jehofa mme a ne a tswa mo ledimoneng, moya o o bosula. Ka jalo, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba gana go mo reetsa. Gongwe jaanong o ipotsa gore: ‘Madimona ke bomang? Mme a ne a tswa kae?’ Ela tlhoko gape dikarabo tsa Baebele.
Madimona ke Bomang?
Bogologolo pele ga fa Jehofa a bopa batho, o ne a bopa palo e kgolo ya “bomorwa Modimo” ba semoya ba ba botlhale kwa legodimong. (Jobe 38:4, 7) Jaaka batho, ba na le kgololesego ya go itlhophela se ba batlang go se dira mme botlhe ba ne ba ikanyega mo Modimong ka nako e telele. Mme seemo seo se se itumedisang se ne sa fela go sa lebelelwa. Jang?
Fa Modimo a sena go bopa batho, sebopiwa sengwe sa moya se ne sa simolola go eletsa sengwe se e seng sa sone—go obamelwa. Ka go dirisa noga ka tsela e motho a ka dirisang mpopi gore go nne jaaka e kete ke one o o buang, moengele yo o bosula yono o ne a raela mosadi wa ntlha e bong Efa gore a se ka a utlwa Mmopi wa gagwe. (Genesise 3:1-6) Baebele e bitsa moengele yoo wa motsuolodi e re ke “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.” (Tshenolo 12:9) Jesu o ne a mo tlhalosa e le “mmolai” yo o neng “a se ka a itsetsepela mo boammaaruring,” a bo a oketsa jaana: “Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.”—Johane 8:44.
Fa nako e ntse e tsamaya, “bomorwa Modimo wa boammaaruri” ba bangwe ba moya ba ne ba kopanela le Satane mo botsuoloding jwa gagwe. (Genesise 6:1, 2) Moragonyana ba tlhalosiwa e le “baengele ba ba neng ba leofa” le “baengele ba ba sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno,” kgotsa lefelo le ba le abetsweng kwa legodimong. (2 Petere 2:4; Jude 6) Ba ne ba bidiwa madimona. (Jakobe 2:19) Mo godimo ga moo, ba ikaeletse go faposa batho ba bantsi ka mo ba ka kgonang ka teng mo kobamelong ya boammaaruri, fela jaaka ba ile ba dira ka Baiseraele ba le bantsi ba metlha ya ditiragalo tsa Baebele. (Duteronome 32:16, 17) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Satane le madimona a dirisa maaka a bodumedi ka tsela e e botlhale jaaka mo nakong e e fetileng.—2 Bakorintha 11:14, 15.
Itshireletse!
Le fa gone meya e e bosula e na le maatla a e seng a tlholego, ka thuso ya Modimo, re ka kgona go ‘ganetsana le yone’ mme ra e fenya. (1 Petere 5:9) Le fa go ntse jalo, gore re tle re bone thuso eo, re tshwanetse go ithuta gore Modimo o batla gore re dire eng mme re bo re dira se a se batlang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka Bakeresete ba motlha wa gagwe: ‘Ga re a ka ra kgaotsa go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe ka kitso ya boammaaruri ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo.’—Bakolosa 1:9, 10.
Batho ba ba neng ba nna le ‘kitso eo ya boammaaruri’ ba ne ba akaretsa batho bangwe kwa motseng wa Efeso ba ba neng ba dira ditiro tsa masaitseweng. Ela tlhoko kafa boammaaruri bo ileng jwa ba ama ka teng. Baebele ya re: “Ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.” Se se kgatlhang ke gore, dibuka tseo di ne di ja madi a a lekanang le “dipapetlana tsa selefera di le dikete di le masome a matlhano,” e leng madi mantsi tota! (Ditiro 19:17-19) Sekao seno sa bopelokgale se ile sa kwalwa gore se re solegele molemo.—2 Timotheo 3:16.
Melaometheo e e Sireletsang
Go na le dilo tse dingwe tse re ka di dirang go itshireletsa mo madimoneng. Akanya ka dikaelo tse di latelang tsa Baebele.
“Lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Dilo dingwe tse di buiwang ke balepadinaledi, batho ba ba bolelang pele isagwe, batho ba ba buang le baswi le dingaka tsa setso di ka tswa di le boammaaruri tota. Ka sekai, mosetsana wa kwa Filipi yo o neng a tsenwe ke madimona o ne a bua boammaaruri fa a ne a bolela jaana ka Paulo le ditsala tsa gagwe: “Banna bano ke batlhanka ba Modimo Mogodimodimo, ba ba lo itsiseng phatlalatsa tsela ya poloko.” (Ditiro 16:17) Le fa go ntse jalo, Paulo le ditsala tsa gagwe ga ba a ka ba mo letla gore a tsamaye le bone. Go na le moo, Paulo o ne a laela moya o o bosula gore o tswe mo go ene. Sekaseka dilo tse di buiwang ke bodumedi mme o di bapise le se Baebele e se bolelang.—Ditiro 17:11.
“Ka jalo, ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Madimona ke baba ba Modimo e bile ke baba ba gago. O se ka wa leka le go batla go itse ka ditsela tsa bone tse di lefifi. Go na le moo, ipeye mo taolong ya Modimo ka go utlwa ditaelo tsa gagwe tse di lorato, tse di sa imeleng. (1 Johane 5:3) Ka sekai, Modimo o ne a bolelela setšhaba sa bogologolo sa Iseraele jaana: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o . . . dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-12) Tsela e Modimo a ikutlwang ka yone ga e a fetoga.—Bagalatia 5:19, 20.
“Ga go na lefoko lepe la maselamose la bomadimabe kgatlhanong [le batlhanka ba ga Jehofa].” (Dipalo 23:23) Botlhe ba ba batlang go itumedisa Modimo ga ba tlhoke go boifa madimona. Ee ruri, meya e e boikepo eo ‘e a roroma’ fa pele ga Modimo, e itse ka maatla a gagwe a a boitshegang, a kgabagare a tla a dirisang go e fedisa. (Jakobe 2:19) Modimo o tla ‘bontsha ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe’ mme “ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”—2 Ditiragalo 16:9; Pesalema 55:22.
“Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Lefoko la Modimo le ruta gore go ntse fela jalo ka baswi—ba sule! Ga ba a tshwanela go boifiwa, ka gonne ba ka se tlhole ba gobatsa ope. (Isaia 26:14) Ka dinako tse dingwe madimona a itira meya ya batho ba ba suleng gore ba tsietse batho, e leng se se tlhalosang lebaka la go bo batho ba bona “moya” wa motho yo pele a neng a le pelonomi o sa tshwane le wa motho yo ba neng ba mo itse pele.
“Ga lo ka ke lwa ja mo ‘tafoleng ya ga Jehofa’ le mo tafoleng ya madimona.” (1 Bakorintha 10:21, 22) Botlhe ba ruri ba ratang Jehofa ba tla tila dibuka, difilimi le metshameko ya khomputara e e theilweng mo masaitseweng kgotsa e e rotloetsang ditiro le ditumelo tsa masaitseweng.a Pesalema 101:3 ya re: “Ga nkitla ke tlhoma selo se se se nang molemo wa sepe fa pele ga matlho a me.” Mme e bile, gantsi boitlosobodutu jwa ditiro tsa masaitseweng bo tlotlomatsa thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang jo ‘batho ba ba ratang Jehofa’ ba bo tlhoileng.—Pesalema 97:10.
Madimona ga a bolo go leka go fitlha se tota a leng sone mo bathong. Mme ga a ka a atlega ka botlalo. Ka go dirisa Baebele, Jehofa o ile a senola se tota ba leng sone—baaki ba ba pelompe le baba ba ba setlhogo ba batho. Abo Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo a farologane jang ne! Jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, o a re rata mme ka metlha o re bolelela boammaaruri e bile o batla gore re tshele ka boitumelo ka bosakhutleng.—Johane 3:16; 17:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsela e digakolodi tsa batho di tsibogang ka yone e farologane mme go ikaegile ka gore motho o godisitswe mo bodumeding bofe le gore a o godile mo semoyeng. Se se botlhokwa ke gore motho a nne le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le gore a se ka a kgopisa digakolodi tsa batho ba bangwe, go akaretsa maloko a lelapa la gagwe. Baroma 14:10, 12 ya re: “Rotlhe re tla ema fa pele ga setulo sa katlholo sa Modimo.”