Maikutlo a Bibela
Seo O Tshwanetseng Wa Se Itse Malebana le Baengele
“Bakanoki ba bodumedi ba ka nna 3 000 ba ne ba kopane ka malatsi a le manè kwa New York mo bekeng e e fetileng go ka reetsa dipego tse di fetang 500 tse di leng malebana le ditlhogo tse di farologaneng tsa go tloga ka seabe seo go dira metlae fa o rera go nang le sone le gore ditlwaelo tsa bodumedi di botlhokwa go le kana kang mo bathong ba Pentekosete. Ga go na le fa a le mongwe ka monwana wa bone yo o ileng a umaka sengwe ka baengele.”—Daily News, ya December 26, 1982.
GOMPIENO, dingwaga di le robedi morago ga moo, baruti ba santse ba sa bue go le kalo ka baengele. Ka ntlhayang? A e ka nna ya tswa e le ka ntlha ya gore barongwa bano ba selegodimo ba lebiwa fela jaaka bontlhanngwe jwa ditlhamane tsa bogologolo? Kana a tota ba teng? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng seo o tshwanetseng wa se itse ka bone?
A Ba Teng?
Baengele ga se “maatla” fela kana “go tsamaya ga lebopo,” jaaka fa borramatlhale bangwe ba bolela. Ke ba mmatota mo eleng gore ebile go buiwa ka bone makgetlo a le makgolokgolo mo Lefokong la Modimo, eleng Bibela. Go ya ka dipuo tsa pele tsa Bibela, mafoko a a ranolwang jaaka “moengele” (Sehebera, mal·ʼakhʹ; Segerika, agʹge·los) fa a tsewa fela jaaka a ntse a bolela “motho yo o tlisang molaetsa” kana fela “morongwa.” Mafoko ano a tlhaga makgetlo a ka nna 400 mo Bibeleng yotlhe, ka dinako tse dingwe a lebisitse go batho, mme gantsi a lebisitse go barongwa ba moya.
Moengele yole yo o neng a tlhaga kwa mosading wa ga Manoa yo o neng a sa bone bana a mo itsise gore o tla ima ngwana wa mosimane, ebong Samesone, e ne e le motho wa mmatota mo go ene. Go ne go ntse jalo le ka baengele ba bararo bale bao ba neng ba tlhaga kwa go Aborahame le kwa mosading wa gagwe ebong Sara, le ba babedi bao ba neng ba batla Lote, le yo mongwe yo o neng a dula kafa tlase ga setlhare se segolo a bo a buisana le Gidione. (Genesise 18:1-15; 19:1-5; Baatlhodi 6:11-22; 13:3-21) Ka nako eo Jesu a neng a tsalwa ka yone, moengele o ne a tlhaga ka tshoganyetso kwa setlhopheng sengwe sa badisa a le mo gare ga lesedi le le tseisang sedidi, le le tsabakelang.—Luke 2:8, 9.
Baengele bao e ne e le batho ba mmatota. E ne e se selo se se ikakanyediwang fela kana maatla mangwe a a sa ikutlweng. Ba ne ba dira se Modimo o neng o ba romile gore ba se dire jaaka barongwa, mme dipego tseno di ile tsa begiwa ka tshwanelo mo Bibeleng gore di re solegele molemo gompieno. (2 Timotheo 3:16) Ka gone Bibela e bontsha dintlha tse di botlhokwa malebana le baengele tseo o tshwanelwang ke gore o itse ka tsone, tseo dingwe tsa tsone di sa dumalaneng le dikgopolo tse di dumelwang ke bontsi.
Ba Lebega Jang?
Gongwe o ka nna wa akanya ka baengele e le basadi ba bantle kana e le dibopiwanyana tse di matsamu, tse di tshwanang le masea tse di nang le diphuka, di nyenyanyenya monate di apere diaparo tse ditshweu, di le mo diharapanyaneng tse dinnyane, mme di ntse di fofafofa mo moyeng. Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse wa itse gore dikgopolo tseno ke tsa maaka tse di tswang mo dikgopolong tsa boheitane, tse di ntseng jaaka ditlhamane tsa Bagerika. Kana dikgopolo tseo di ile tsa nna gone morago ga fa Bibela e ne e sena go fediwa go kwalwa. Mo diponatshegelong tsa tshwantshetso tsa Bibela, dibopiwa tsa semoya tse di ntseng jaaka boserafa le ditšheruba di na le diphuka.—Isaia 6:2; Esekiele 10:5; Tshenolō 14:6.
Lefoko la Modimo le tlhalosa baengele jaaka mewa e e maatla thata, mme moya ga o kgonwe go bonwa ka matlho. (1 Dikgosi 22:21; Pesalema 34:7; 91:11) E ne e le “moengele oa ga Yehofa” yo o neng a gaila Baasiria ba le 185 000 bao ba neng ba le mo bothibelelong jwa baba ba Iseraele mo bosigong bo le bongwe fela! (Isaia 37:36) Fa baengele ba ne ba itlhagisa mo bathong, ka metlha ba ne ba tlhaga e le banna ba ba apereng diaparo tse di feletseng, eseng e le basadi kana e le bana ebile ga go le ka motlha ope o ba kileng ba tlhaga ka one ba le ka sebopego sa maemo a a kwa tlase ga a motho.
Dibopiwa tseno tse di maatla tsa semoya di ne di tswa kae? Bibela e bolela gore “dilō cotlhe di bopilwe [ke] èna [Jesu], tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshiñ, dilō tse di bōnalañ, le dilō tse di sa bōnaleñ.” (Bakolosa 1:16) Jehofa Modimo, a dirisa Morwa wa gagwe wa leitibolo, ga se fela gore o ne a bopa baengele pele thata ga a bopa motho mme gape o ba dirile e le mofuta wa ditshedi tse di fetang motho.—Yobe 38:4, 7; 2 Petere 2:11.
A Ba Na le Dinonofo tsa Botho?
Baengele, fela jaaka batho, ba na le maikutlo. Morago ga fa baengele ba ne ba sena go bona lefatshe le bopiwa, re bolelelwa gore ba ne ba “ōpèla mmōgō [“ka boitumelo,” NW],” le eleng go “thèla loshalaba loa boitumèlō.” (Yobe 38:7) Bibela gape e bontsha gore “go boitumèlō hèla . . . ha pele ga baengele ba Modimo, kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ.” (Luke 15:10) Eleruri, ga go na “maatla” ape a a sa ikutlweng ao a neng a ka nna le boipelo jo bo seng kana ka sepe jalo jo bo tlhalosiwng mo ditemaneng tseo.
Baengele le bone go na le dilo tseo ba sa di itseng. Go na le dintlha dingwe tse di leng malebana le Keresete le tse di leng malebana le isagwe tseo di ileng tsa senolelwa batho bao e neng e le baperofeti mme tsa seka tsa senolelwa baengele. Lefoko la Modimo le re bolelela gore ke “dilō tse baengele ba eletsañ go leba mo go cōna.” (1 Petere 1:10-12) Malebana le gore tota ke letlha lefe leo Modimo o le beetseng go tla ga Morena, Jesu o ne a bolela jaana: “Me kaga letsatsi yeuō, le nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le esi hèla.”—Mathaio 24:36.
Mme, gape, maina a baengele ba le babedi, ebong Mikaele le Gabariele, a a tlhaga mo Bibeleng. (Daniele 12:1; Luke 1:26) A seno ga se tlatseletse mo bosuping jwa gore ke batho ba ba farologaneng? Jaaka batho ba ba farologaneng, ba ne ba sa bopiwa jaaka khomputara kana jaaka roboto, gore ba dire dilo ka tsela e e rileng. Go na le moo, baengele ba filwe kgono ya gore ba kgone go akanya ebile ba gololesegile go ka itirela ditshwetso tsa botho. Ka gone, jaaka batho ba ba gololesegileng go ka itirela ditshwetso, baengele bangwe ba ne ba itlhophela go tsuologela Modimo mme ba fetoga Satane le badimona ba gagwe.—Genesise 6:1-4; Yude 6; Tshenolō 12:7-9.
A Ba Tshwanetse go Obamelwa?
Lemororo re ka lemoga gore ntlha ya gore baengele ba gone ke boammaaruri, eseng tlhamane fela, re tshwanetse ra tila go feteletsa dilo. Mekgatlho mengwe ya bodumedi e ile ya tseela baengele kwa godimo ka tsela e e sa tshwanelang, lemororo go obamela baengele go kgalwa mo Bibeleng. (Bakolosa 2:18; Tshenolō 22:8, 9) Kereke ya Katoliki e fetotse Mikaele le Gabariele go ba dira gore ba obamelwe. Mme mo dikerekeng tsa Eastern Orthodox, baengele ke ba botlhokwatlhokwa mo merapelong ya tsone. Abo seo se farologane thata jang ne le tlhagiso eo moengele wa ga Jehofa a ileng a e neela moaposetoloi Johane fa a ne a wela fa dinaong tsa gagwe: “U se ka ua ba ua go diha mouō: ke motlhanka ka wèna.”—Tshenolō 19:10.
Ke ka ntlhayang fa go na le tlhakatlhakano e e kana kana malebana le baengele? Satane, yo o itirang “moengele oa lesedi,” “o [foufaditse] megopolō ea ba ba sa dumeleñ.” (2 Bakorintha 4:4; 11:14) Ka gone, a go ne go tla bo go sa utlwale go ka lebelela gore ba le bantsi gompieno ba ne ba tla ngaparela dikakanyo tsa bone ka namana tse di malebana le gore a baengele ba teng le tse di malebana le gore ba ntse jang mo boemong jwa gore ba amogele seo se bolelwang ke Lefoko la Modimo? Ee, lefa baruti ba ka seka ba bua go le kalo ka baengele gompieno, Modimo o re tlhomamisetsa mo Bibeleng gore eleruri ba gone ebile ba dira tirelo e e tlotlegang jaaka barongwa ba ga Jehofa.—Bahebera 1:7, 14; 6:18.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Baengele ba ditshwantsho tsa bone di tshwanang le dibopiwa tse di ntseng jaaka maseanyana di na le diphuka di tswa mo dikgopolong tsa boheitane
[Motswedi wa Setshwantsho]
Cupid a Captive ka François Boucher, c. 1754