Go Batla Botshelo Jo Boleele
GO BATLA botshelo jo boleele go simologile fela fa esale motho a nna gone. Ka jalo ga go gakgamatse go bo hisitori ya bogologolo le ya segompieno, e tletse ka dikgang le ditlhamane tsa batho ba ba batlang sephiri sa botshelo jo boleele.
Ka sekai, polelo nngwe e e itlhametsweng e re bolelela gore Juan Ponce de León mmatlisisi mongwe wa Mo-Spain o ne a batla motswedi mongwe wa metsi a a ka fang motho bosha fa a ne a tsaya loeto go ya kwa bokone a tswa kwa Puerto Rico ka ngwaga wa 1513. Mme batho bao ba neng ba tshela ka nako eo ba bolela gore o ne a tsaya loeto loo go ya go batla makgoba le naga e ntšha. O ne a seka a fitlhela motswedi ope o o busetsang motho mo bosheng, fa e se naga e jaanong e leng Florida. Lefa go ntse jalo, tlhamane eo e santse e itsetsepetse.
Fa re boela kwa moragonyana, maboko a Basumeria a ga Gilgamesh, a a kwadilweng mo majeng a letsopa a letlha la pele ga lekgolo la bo 18 la dingwaga B.C.E. a bolela kafa Gilgamesh a neng a tshoga ka gone gore o tla swa fa tsala ya gagwe Enkidu a ne a tlhokafala. E tlhalosa maeto a gagwe le maiteko a gagwe a magolo ao a neng a seka a mmusetsa sepe a go bona bosasweng.
Bosheng jaana, ka 1933, mo bukeng ya gagwe Lost Horizon, James Hilton o ne a bua ka lefatshe lengwe le le ikakanyeditsweng le le bidiwang Shangri-la. Baagi ba koo ba ne ba ipelela botshelo jo bo itekanetseng le jo boleele mo tikologong ya sekaparadaise.
Le eleng gompieno, go na le bao ba ineetseng mo go lateleleng dithulaganyo dingwe tse di sa tlwaelegang le tse di tswang kwa mafatsheng a mangwe tseo di solofetsang botshelo jo bo tokafaditsweng le jo boleele. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba tsaya matsapa a magolo. Ba itshidila mmele kana ba latela thulaganyo nngwe ya go ja e e gagametseng le go itshikinya mmele ka metlha. Ba solofela gore seno se tla ba thusa go lebega ba le basha ba bile ba ikutlwa botoka.
Sotlhe seno se supa keletso ya motho ya go tshela botshelo jo boleele, jo bo itumetseng.
Tharabololo ya Saense
Go ithuta ka botsofe le malwetsi a batsofe ke sengwe se jaanong saense e se tlhoafaletseng. Borasaense ba ba itsegeng ba akanya gore ba setse ba le gaufi le go bona seo se bakang botsofe. Bangwe ba akanya gore botsofe bo tsentswe mo teng ga dibopapopego. Ba bangwe ba akanya gore ke malwetsi a a senyang a a kgobokaneng le dilo dingwe tse di gobatsang tseo di nnang gone fa mmele o ntse o iphepa ka menontsha. Ba bangwe ba akanya gore go tsofala go bakiwa ke dihoromone kana thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetsi. Borasaense ba akanya gore fa go ka bonwa gore botsofe bo bakiwa ke eng, gongwe bo ka tlosiwa.
Fa go ntse go batliwa bosasweng, go farologanya saense tota le saense e e ikakanyeditsweng jaanong go ntse go nnela bokete kwa pele. Sekai se sengwe ke go dira sebopapopego sa mmele o o itiretsweng wa motho. Kgopolo eo ke ya go bopa sengwe, kana go dira sengwe, mmele o o tshwanang wa motho go dirisiwa disele le dibopapopego. He, jaaka dikarolo tsa mmele di ntse di tsenwa ke bolwetsi kana di koafala, go ka tsewa karolo nngwe go tswa mo mmeleng o o itiretsweng wa motho mme ya tsenngwa mo boemong jwa e nngwe, fela jaaka karolo e nngwe e e senyegileng ya koloi e emisediwa ka e nngwe e ntšha. Borasaense ba akanya gore go ka dirwa dilo di le dintsi fela tse di sa feleng ka tsela eno ya go emisetsa dirwe tse dingwe ka tse dingwe.
Fa re tseela kgang eno kwa pele go na le sengwe seo se bidiwang go gatsetsa mmele o o suleng. Batho ba ba buelelang seno ba bolela gore fa motho a swa, mmele wa gagwe o ka gatsediwa mme wa bolokiwa go fitlha ka nako ya fa go bonwe molemo wa bolwetsi jo bo sa kgoneng go alafiwa gompieno. Morago mmele oo o ka ntshiwa serame, wa tshedisiwa, mme wa tsosolosiwa gape—go solofetswe gore o tla nna le botshelo jo boleele, jo bo itumetseng.
Fa go akanngwa ka matsapa ao le dimilione tse di sa kakeng tsa balwa tsa diranta tse di senngwang mo patlisisong, go ile ga fitlhelelwa eng? A re gaufi le go tswa mo jokweng ya loso go na le diketekete tsa dimilione tsa batho ba ba kileng ba tshela ba bo ba swa pele ga rona?
Re Lebeletse Eng?
Fa re tsaya dilo go ya ka dipolelo tsa go lebelela dilo tse di molemo fela mo isagweng le diponelopele tsa bao ba nnang le seabe mo dipatlisisong tseno, go lebega ekete botshelo jo boleele go gaisa jo re bo tlwaetseng bo setse bo le gaufi le go bonwa. Fano ke dikai dingwe tseo di bonweng kwa bokhutlong jwa bo 1960.
“Kitso eo re e bonang mo patlisisong eno e tla re naya dibetsa tseo re di tlhokang go lwa le mmaba yono wa bofelo—Loso—mo legaeng la gagwe tota. Go tla dira gore re kgone go fitlhelela bosasweng . . . mme seno se ka nna sa tla mo motlheng ono wa rona.”—Alan E. Nourse, ngaka le mokwadi.
“Re tla tlosa bothata jwa go tsofala gotlhelele, mo eleng gore loso lo tla bakiwa fela ke dikotsi.”—Augustus B. Kinzel, poresidente wa nako eo wa Salk Institute for Biological Studies.
“Bosasweng (ka tlhaloganyo ya botshelo jo boleele jo bo sa feleng) bo ka bonwa, eseng fela ke bana ba rona mme le ke rona.”—Robert C. W. Ettinger, go The Prospect of Immortality.
Lemororo ka nako eo batho bao ba ithutang ka botsofe le mathata a batsofe le bakanoki ba ne ba sa dumalane botlhe ka seno, go lebega gore seo baitseanape ba le bantsi ba neng ba dumalana ka sone e ne e le gore kwa tshimologong ya lekgolo la bo 21 la dingwaga, botsofe bo tla bo bo fokoditswe mme botshelo bo tla bo bo lelefaditswe ka mo go bonalang.
Ereka jaanong re le gaufi thata jaana le tshimologo ya lekgolo la bo 21 la dingwaga, go diragala eng? A botshelo jo boleele, go sa buiwe sepe ka bosasweng, di gaufi le go bonwa? Tlhokomela dilo tse di lemogilweng tseno.
“Bao ba ithutang ka botsofe le malwetsi a batsofe ba dumela gore dinako tseno ke tse di bokete thata mo go rona. Ga re itse gore botsofe bo bakiwa ke eng, kana le gone go kgona go lekanya gore botsofe bo diragala ka bofefo jo bo kana kang.”—Journal of Gerontology, September 1986.
“Ga go ope yo o itseng ka go tsofala kana gore ke ka ntlhayang fa batho ba tsofala ka go farologana. Kana gone go itse gore boleele jwa botshelo bo ka okediwa jang, go sa kgathalesege boiphako jo gantsi eleng jwa tsietso le jo ka dinako dingwe bo leng kotsi jwa go ‘lelefatsa botshelo’ ga barekisi le ba bangwe bao ba dirisang go boifiwa ga malwetsi a batsofe.”—FDA Consumer, lokwalopaka lwa semmuso lwa U.S. Food and Drug Administration, la October 1988.
Diponelopele tseo di dirilweng mo nakong e e fetileng kaga go fenya loso le go lelefatsa botshelo goyagoile ka phepafalo fela ke go itsholofetsa se se feteletseng. Bosasweng ka saense ke toro fela eo e ka sekeng ya fitlhelelwa jaanong. A seno se raya gore fa saense kana boranyane bo ise bo fitlhelele sepe se segolo, ga go sepe se se ka dirwang go lelefatsa botshelo kana gone go bo tokafatsa?
Botshelo Jo Boleele, Jo bo Itumetseng A Bo Tla Tla Jaanong?
Lefa babatlisisi ba ise ba bone sephiri sa botshelo jo boleele, ba ithutile go le gontsi kaga botshelo le se se diragalang mo botsofeng. Mme nngwe ya tshedimosetso eo ba e boneng e ka dirisiwa go solegela molemo mongwe.
Ka sekai, ditekeletso tse di dirwang ka diphologolo di ile tsa senola gore “phepelotlase e e laolwang e ka oketsa boleele jwa botshelo ka go feta 50 lekgolong ya bo ya diegisa go tlhagelela le go nna gone ga mathata a le mantsi ao a amanang le botsofe,” go bega jalo Times ya Lontone. Seno se ne sa dira gore go ithutiwe gore a se se tshwanang se ka nna jalo le ka batho.
Kgabagare, mo bukeng ya gagwe The 120-Year Diet, Dr. Roy Walford o akantsha dijo tse di nang le dikalori tse di kwa tlase, tse di senang mafura a mantsi, le tse di nang le dikotla tse di kwa godimo di patilwe ke thulaganyo e e molemo ya itshidilommele. O umaka batho ba Okinawa jaaka sekai. Dijo tsa bone fa di bapisiwa le tsa Bajapane, tsa bone di na le dikalori tse di kwa tlase ka 40 lekgolong; lefa go le jalo “palo ya bone ya batho bao ba setseng ba fetile lekgolo la dingwaga e feta ya batho ba ditlhaketlhake tse dingwe tsa Japane ka 5 go ya go 40 lekgolong.”
Baagi ba kgaolo ya Caucasus e e kafa bophirima jwa Soviet Union ke sekai seo gantsi se bolelwang sa go tshela ka boleele. Sula Benet, yo a neng a tshela le Ba-Caucasus, o bega mo bukeng ya gagwe How to Live to Be 100 gore go na le palo e kgolo e e sa tlwaelegang ya batho bao ba tshelang ba itekanetse mme ba tshela ba le tlhaga bao ba fetang dingwaga tse 100, mme go na le ba bangwe gape ba sekae bao go bolelwang gore ba ile ba tshela dingwaga tse di fetang 140. O akgela ka gore “go na le dilo tse pedi tseo ka gale Ba-Caucasus ba di tlhokomelang mo go jeng ga bone: 1. Ga ba je bobe . . . 2. Ba ja dibitamini tsa tlhago tse dintsi ba di bona mo merogong e metala.” Mo godimo ga moo, “tiro ya bone ga e ba kgonise fela go itshidila mmele mme gape e ba dira gore ba itse gore go na le sengwe se se mosola se ba se dirang go thusa batho ba ga bone.”
Seo O Ka Se Dirang
A go fudugela kwa Okinawa kana kwa Caucasus kana kwa kgaolong epe fela koo batho ba gone ba tshelang botshelo jo boleele ke yone tharabololo? Eleruri nnyaa. Mme go na le dilo dingwe tseo o ka di dirang. O ka etsa mekgwa e mentle ya batho bao ba ba tshedileng lobaka lo loleele mme wa latela kgakololo ya dingaka tse di nang le kitso e e siameng, ba ba ithutang ka dikotla, le baitseanape ba boitekanelo.
Botlhe fela ka kakaretso ba akantsha go tshela botshelo o lekalekanya dilo. Seno se raya eseng fela ka go tshwenyega ka gore o ja dijo di le kana kang mme gore o je dijo tse di nang le dikotla le tse di itekanetseng tse o ka di bonang. Molemo wa go itshidila ka metlha o itsiwe ke botlhe. Maiteko a a bonalang a go dirisa melaometheo eno a ka nyeletsa mekgwa e e gobatsang ya batho ba segompieno, jaaka go goga motsoko le go dirisa diokobatsi le go sa diriseng tagi sentle, di ka go dira gore o ikutlwe botoka.
Go a utlwala gore fa re tshola mmele wa rona sentle, re tla itekanela. Mme fa re itekanetse, re mo boemong jwa go tshela lobaka lo loleele. Lefa go ntse jalo, lefa re ka dira eng, boleele jwa botshelo bo sala bo ntse fela jaaka Bibela e bo bolela, dingwaga di le 70 kana 80. (Pesalema 90:10) A go na le tsholofelo ya gore boleele jono jwa botshelo ka nako nngwe bo tla lelefadiwa, mme fa go le jalo, ka lobaka lo lo kae?
[Lebokoso mo go tsebe 25]
O NA LE DINGWAGA DI LE KAE?
O lemoga kana o sa lemoge, o godile go gaisa jaaka o ka akanya. Saense ya thutatshelo e re bolelela gore fa a tsholwa, mosadi o setse a na le mae otlhe a a tla nyonyoregang mo go ene a ya mo popelong ya gagwe. Seno se raya gore fa o ne o imiwa fa mmè wa gago a ne a le dingwaga di le 30, lee leo kgabagare le neng la nna wena le ne le setse le na le dingwaga di le 30.
Seno legale ga se go dire gore o ikutlwe o le mogolwane, mme letsatsi le letsatsi, o ntse o gola. Re le babotlana kana re godile, rotlhe re a tsofala, mme bontsi jwa rona re na le keletso ya go diegisa tiragalo eno—kana tota re ka re go e emisa.