Lefatshe le a Tsofala
KA 1513, motlhotlhomisi mongwe wa Mo-Spain e bong Juan Ponce de León o ne a ralala losi longwe, kwa lobopong longwe lo lo sa itseweng lwa Amerika Bokone. Pego nngwe ya re ka gonne naga e a neng a e bona e ne e apesitswe ke dithunya, o ne a e bitsa Florida mo go kayang “Lefelo la Dithunya” ka Se-Spain. Go ne go le motlhofo go bona leina leo. Le fa go ntse jalo, go bona se a neng a se tletse fano—motswedi wa metsi a a kgonang go dira gore batho ba ba tsofetseng ba boe ba nne basha gape—go ne go sa kgonege. Fa motlhotlhomisi yono a sena go fetsa dikgwedikgwedi a batla mo nageng eno, o ne a emisa go tlhola a batlisisa ka motswedi ono wa bosha o go tlholang go buiwa ka one, mme a fetela pele ka mokoro.
Le fa metswedi ya bosha e sa ntse e sa bonwe gompieno fela jaaka mo motlheng wa ga Ponce de León, go bonala motho a fitlheletse seo mokwadi Betty Friedan a neng a se bitsa “motswedi wa botsofe.” O buile seno ka ntlha ya go oketsega mo gogolo ga palo ya batsofe ba ba leng teng go potologa lefatshe. Ke batho ba le bantsi jaana ba ba fitlhelelang dingwaga tsa botsofe, mo e leng gore seno se fetola seemo sa baagi ba lefatshe. Ka jalo, ruri lefatshe le a tsofala.
“Sengwe sa Dilo Tse Dikgolo Thata Tse Batho ba Kgonneng go di Dira”
Dipalopalo tsa baagi di re bolelela sengwe. Kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, tota le e leng kwa dinageng tse di humileng thata, batho ba ne ba tshela fela nako e e kwa tlase ga dingwaga di le 50. Gompieno di tlhatlogetse go dingwaga di feta di le 75. Ka mo go tshwanang, mo dinageng tse di ntseng di tlhabologa tse di jaaka China, Honduras, Indonesia, le Vietnam, batho ba tshela dingwaga di le 25 go feta lobaka lo ba neng ba lo tshela dingwaga di le 40 tse di fetileng. Kgwedi nngwe le nngwe batho ba le milione o le mongwe lefatshe ka bophara ba fitlhelela dingwaga di le 60. Se se gakgamatsang ke gore ga se basha mme ke batho ba dingwaga di le 80 le go feta, ‘ba ba godileng thata,’ ba gone jaanong ba bopang setlhopha sa baagi se se golang ka bonako jaana mo lefatsheng.
Moithuta dipalopalo tsa baagi ba lefatshe e bong Eileen Crimmins mo makasineng wa Science a re: “Go lelefadiwa ga botshelo jwa motho e nnile sengwe sa dilo tse dikgolo thata tse batho ba kgonneng go di dira.” Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le dumalana le seno, mme e le go dira gore batho ba ele tlhoko selo seno se se fitlheletsweng, le tlhomile 1999 gore e nne Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Batsofe.—Bona lebokoso mo tsebeng ya 3.
Selo se se Tlhokegang—Go Fetola Mogopolo
Le fa go ntse jalo, katlego eno ga e fetole fela lobaka lo batho ba lo tshelang. E fetola gape le tsela e motho a lebang botsofe ka yone. Ke boammaaruri gore kgopolo ya go tsofala e sa ntse e tshwenya batho ba le bantsi le e leng go ba boifisa, ka gonne gantsi fa batho ba akanya ka botsofe, ba akanya ka go koafala ga mmele le go sa dire sentle ga mogopolo. Lefa go ntse jalo babatlisisi ba ba ithutang ka botsofe ba gatelela gore go tsofala le go lwala ke dilo tse pedi tse di sa tshwaneng. Batho ba farologana thata mo tseleng e ba tsofalang ka yone. Babatlisisi ba re go na le pharologanyo gareng ga go tsofala ka ntlha ya bontsi jwa dingwaga tse o di tshetseng le go tsofala mo mmeleng. (Bona lebokoso le le reng “Botsofe ke Eng?”) Ka mafoko a mangwe, seno ga se reye gore go tsofala le go koafala mo mmeleng ke di ya thoteng di bapile.
Tota e bile, fa o ntse o tsofala o ka tsaya dikgato tse di ka tokafatsang boleng jwa botshelo jwa gago. Gone ke boammaaruri gore dikgato tseno ga di na di go dira mosha gape, mme di ka go thusa gore o nne o itekanetse sentle fa o ntse o tsofala. Setlhogo se se latelang se bua ka dingwe tsa dikgato tseo. Le fa gongwe gone jaanong kgang ya botsofe e ka tswa e se selo se se go tshwenyang go le kalo, gongwe o tla batla go tswelela o bala, gonne go ise go ye kae e tla go tshwenya.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 3]
NGWAGA WA BODITŠHABATŠHABA WA BATSOFE
Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o ne a bua bosheng jaana fa go ne go kgakolwa Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Batsofe a re: “Ka le nna ke setse ke le dingwaga di le 60 . . . , ke setse jaanong ke balelwa gareng ga dipalopalo tse ke buileng ka tsona pelenyana.” Go na le ba bangwe ba le bantsi ba ba tshwanang le Rre Annan. Babatlisisi ba re e tla re fa lekgolo leno la dingwaga le ya bokhutlong mme go simologa le lesha, mo dinageng di le dintsi, motho a le 1 mo go ba le 5 o tla bo a le dingwaga di le 60 kana go feta. Bangwe ba bone ba tla bo ba tlhoka tlhokomelo, mme botlhe ba tla bo ba tlhoka ditsela tsa go nna ba ikemetse ka nosi, ba na le seriti, e bile ba kgona go itirela dilo. Kokoanotheomolao ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya swetsa ka 1992 go tlhoma 1999 go nna Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Batsofe e le go thusa barulaganyi go lebana le dikgwetlho tse di bakilweng ke ‘phetogo eno e kgolo mo sebopegong sa baagi ba lefatshe’ le go ba thusa go anaanela botoka kafa “batsofe ba leng botlhokwa ka teng mo setšhabeng.” Setlhogo sa ngwaga ono o o kgethegileng sa re, “Re ya Re Lebile Mokgatlhong wa Batho ba Dingwaga Tsotlhe.”
[Setshwantsho]
Kofi Annan
[Metswedi ya Ditshwantsho]
UN photo
UN/DPI photo by Milton Grant
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]
BOTSOFE KE ENG?
Mmatlisisi mongwe a re: “Thulaganyo ya mmele ya go bonela isagwe pele e re bontsha dilo tse di letobo thata fa go tsenwa mo botsofeng.” Yo mongwe ene a re: “Ga go na motho yo o bo tlhaloganyang sentle.” Le fa go ntse jalo borasaense ba ba ithutang ka botsofe ba lekile go bo tlhalosa. Ka tsela e e motlhofo fela ba re botsofe ke lobaka lwa dingwaga tse motho a di tshetseng. Le fa go ntse jalo, botsofe ga se kgang fela ya go kgabaganya ga dingwaga. Ka tlwaelo motho ga a ke a bua ka ngwana yo o tsofalang gonne botsofe bo lere mo mogopolong go koafala mo mmeleng. Botsofe ke ditlamorago tse motho a nnang le tsone fa dingwaga di ntse di kgabaganya. Batho bangwe ba lebega ba le bannye go feta dingwaga tsa bone. Ka sekai, go bolelwa seo fa motho a bolelelwa gore ga a “lebege a le dingwaga tse a leng tsone.” Go farologanya gareng ga go tsofala ka ntlha ya bontsi jwa dingwaga le go tsofala ga mmele, babatlisisi gantsi ba tlhalosa go tsofala ga mmele (go tsofala moo motho a feleletsang a na le diphetogo dingwe tse di botlhoko mo mmeleng) ba re ke botsofe.
Porofesa wa thuto ya diphologolo e bong Steven N. Austad o tlhalosa go tsofala a re ke “go senyega ga mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya mmele mo lobakeng lo lo rileng lwa nako.” Mme Dr. Richard L. Sprott wa National Institute on Aging a re botsofe ke “go senyega ka iketlo ga dikarolo tsa mmele wa rona tse di re thusang go tsiboga sentle fa re gateletswe.” Le fa go ntse jalo, bomankge ba le bantsi ba a dumela gore go bona tlhaloso e e utlwalang sentle ya seo botsofe e leng sone e sa ntse e le kgwetlho. Moithutatshelo wa dimolekhule e bong Dr. John Medina o tlhalosa lebaka la seo jaana: “Go tswa kwa tlhogong go ya kwa monwaneng wa leoto, go tswa diporoteineng go ya go DNA, go tswa tsalong go ya losong, go direga diphetogo tse dintsintsi tse di bakang go tsofala ga motho wa disele di le dibilione di le 60.” Ga go gakgamatse he go bo babatlisisi ba le bantsi ba fetsa ka gore botsofe “ke bothata jo bo raraaneng go a feta otlhe mo mmeleng”!