LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 5/8 ts. 3
  • Lefatshe Le Le Phepa—Re A Le Tlhoka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Le Phepa—Re A Le Tlhoka
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kotsi E Bakwa ke—Kgotlelo
  • Modimo o Rata Batho ba ba Phepa
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Bophepa bo Botlhokwa go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Jehofa o Rata Batho ba ba Phepa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Bophepa—Bo Kaya Eng Tota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 5/8 ts. 3

Lefatshe Le Le Phepa—Re A Le Tlhoka

Ka mokwaledi wa Tsogang! go tswa kwa Boritane

A O NE o itse gore bakgweetsi ba ditekisi ba kwa Lontone ba patelediwa ke molao go boloka ditekise tsa bone di le phepa? Fa ba palelwa ke go dira seo ba ka thibelwa go tsamaya mo mebileng ka lobaka lo lo rileng. Le eleng lefa maemo a tsela a le maswe ebile dikoloi di le dintsi di nna malatsi a maleele di le leswe, ditekisi tsa Lontone di phepa tota. Go phatsima ga dikoloi go dira gore mokgweetsi le bapalami ba gagwe ba ikutlwe ba le motlotlo ba bile ba itumetse.

Ka mo go tshwanang, fa legae la rona, diaparo tsa rona, le dilwana tsa rona di le phepa, seo se re dira gore re ikutlwe sentle. Ngwananyana wa sekolo yo mmaagwe a mmonang a tsena mo ntlong mme a feta a raletse khapete ka ditlhako tse di diretse o a bediwa!

Ebile tota, boitekanelo jo bo molemo bo ikaegile segolo thata ka bophepa jwa motho. Mebele ya rona e tlhoka gore re e tlhokomele ka metlha re bo re e tlhape go tlosa leswe leo le bakang malwetsi. Dikhampani tse dintsi tsa kgwebo di dira madi a mantsi ka go rekisa diphepafatsi, melora e e tlhatswang, dipholitšhe, disepa, disepa tsa lefulo, le tse di bolayang megare tseo re di dirisang re bo re di dirisetsa go tshola tikologo ya rona e le phepa. Ka boammaaruri, batho ba le bantsi ba tshwenyega thata ka bophepa. Mme fa o nna mo toropokgolong, o itse gore seno ga se a nna jalo.

Kotsi E Bakwa ke—Kgotlelo

Batho ba ba nnang mo ditoropokgolong ba itse sentle kaga kgotlelo le tikologo e e leswe. Ba e bona mo matlakaleng ao a sa feelwang, matlakala a a latlhelwang mo mebileng, le mokwalo o o leswe mo dikagong tsa botlhe. Ba dupa lonko lwa one go tswa mo mosing wa dikoloi tse di sukaganeng le monko o o maswe o o tletseng mo ditoropokgolong tse dingwe.

Gongwe seno ke lone lebaka la go bo ba le bantsi bao ba nnang mo ditoropokgolong ba lekang gore ka dinako dingwe ba ye kwa magaeng. Ba ipelela go tlatsa makgwafo a bone ka moya o o phepa, gongwe le eleng ka go nwa metsi a a phepa a a tswang mo sedibeng sengwe mo thabeng. Ba bangwe ba rata go ya kwa matshitshing a lewatle go ikhutsa mo moshaweng kana ba itsidifatsa ka go ipelela go shapa mo lewatleng.

Lefa go le jalo, tlhokomela! Leswe le kgotlelo di teng le gone koo. ‘Go tla jang?’ o ka botsa. ‘Go lebega go le phepa fela.’ Fa go ntse jalo, a re sekasekeng ka kelotlhoko moya o o “phepa” oo le metsi a a “phepa” ao.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela