Go Tswa Lekgoba la Seokobatsi sa Crack—Boemo jwa Lesea Leo Le Iseng Le Tsalwe
FA SEOKOBATSI sa crack cocaine se ne se tlhagisa tlhogo ya sone la ntlha mo godimo ga lefatshe mo masimologong a bo 1980, go ne go sena bape ba ba kalo bao ba se dirisang bao ba neng ba itshwenya ka go dumela diphelelo tse di botlhoko tseo se neng se tla nna le tsone. A mme gone tota, se ne se sa gogiwe se le mo dipaipenyaneng tse dintlenyana tsa galase kana se gogiwa se tlhakantswe le disekarete kana le matekwane? Go ne ga tsoga puo nngwe mo mmileng ya gore seokobatsi sa crack ke seokobatsi seo se seng kotsi. Ee gone ke boammaaruri gore se ne se ja madi a a kwa tlase ga a heroin kana a mofuta o mongwe wa cocaine. Batho bao ba amogelang madi a a kwa tlase ba ne ba ka kgona go se reka. Boitumelo joo seokobatsi sa crack se neng se bo lere bo ne bo lebega bo se tshwanela, go sa kgathalesege ditlamorago tsa sone.
Lefa go ntse jalo, bosupi jo bo gakgamatsang jwa dikotsi tsa seokobatsi seno sa crack bo ne jwa itatlhela mo ditsebeng tsa makwalopaka a tsa kalafi fa bao ba se dirisang ba ithwele ba ne ba simolola go tshola masea ao a anngweng ke seokobatsi seno. Dingaka di ne tsa simolola go tlhagisa ka diphelelo tse di maswe go gaisa tseo seokobatsi sa crack cocaine se ka nnang le tsone mo leseeng leo le iseng le tsalwe. Dipalo tsa masea ao a gobetseng, ao mangwe a one a neng a gobaletse ruri, di ne tsa simolola go tlhatlogela kwa godimo mo ngwageng nngwe le nngwe e e fetang. “E ne ya re fa seokobatsi sa crack cocaine se tlhasela,” ngaka nngwe e ne ya bolela jalo, “palo ya masea a mannyane, a a lwalang e ne ya ya kwa godimo go fitlha kwa marung.”
Koo seokobatsi sa crack se dirisiwang thata gone, dipalopalo di a mo tshegetsa. Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng mo dikokelong di le 36 kwa United States ka 1988 e dirwa ke National Association for Perinatal Addiction Research and Education, 11 lekgolong ya masea a a sa tswang go tsalwa a kwa U.S., kana mo e ka nnang masea a le 375 000 ka ngwaga, jaanong ba aramediwa diokobatsi ka nako eo ba ithwelweng ka yone. The New York Times e bega gore magareng ga 1986 le 1988, “palo ya masea a a sa tswang go tsalwa a kwa New York City ao e neng ya re fa a tlhatlhobiwa ga fitlhelwa a na le diokobatsi—bontsi jwa one a na le cocaine—e ne ya batla e ikgata ga nè, e tloga go 1 325 go ya go 5 088.”
Diphelelo Tse Di Tsitsibanyang Mmele
“Bommè bao ba gogang seokobatsi sa crack cocaine ke ba ba lwalang go gaisa botlhe bao o tlileng go ba bona,” go ne ga bolela jalo Dr. Richard Fulroth, yo eleng mankge wa Stanford University. “Ba tla ka nako eo ba setseng ba siametse go belega ka yone, mme o nna o gamaregile fela o letetse go bona gore o tlile go nna le eng.” Makgetlo a le mantsi thata seo se ntseng se gola mo popelong ya motho yo o gogang seokobatsi sa crack ga se selo se sentle ka gope. Seokobatsi sa crack se ka baka dikerempe mo methapong ya lesea ya madi, se kgoreletsa oxygen mmogo le dikotla ka nako e telele gore di seka tsa elela le one. Kgolo ya lesea, go akaretsa le tlhogo mmogo le boboko, di ka nna tsa golafala. Go swa mohama mmogo le go ngatega di diragala gantsi, mme go golafala ga diphio, dirwe tsa tsalo, mala, le marapo a mokokotlo go ka nna ga nna gone. Gape go na le kotsi ya gore motlhana o kgaogele mo popelong, eleng seo se bolayang lesea mme ebile se ka nna diphatsa mo go mmè.
Fa lesea la seokobatsi sa crack le tsalwa, dingaka le baoki ba kgona go bona bosupi jo bo bonwang ka matlho jwa tshenyo eo e bakilweng ke seokobatsi seno. Pego nngwe e ne ya tlhalosa lesea le le ntseng jalo jaaka “kgapetlanyana fela ya nama e e nang le tlhogo e e lekanang le lamune le matsogo a eketeng o ka re ke dikabetlanyana.” Mo makgetlong a le mantsi, go bega jalo makasine wa Discover, masea a cocaine a ile a tsalwa a sena menwana e mmedi e e fa gare ya seatla.
Ngaka Dan R. Griffith, yoo eleng moitseanape wa kafa tlhaloganyo e golang ka gone kwa Northwestern University, o ne a bolela gore masea ao a neng a arameditswe cocaine gantsi a tsalwa a na le “tsamaiso ya methapo e e bokoa thata, e e imelwa imelwang fela go sa twe sepe.” Gantsi o fitlhela ba lela lela fela ebile ba tenega tenega fela, ba tsosa segajaja mme ba gana go kgaotsa fa o ka ba tshwenya go sekae fela. ‘Modumo wa ka tshoganyetso kana go fetola tsela eo ba dutseng ka yone, le esita le go bua le lesea leo kana go le leba, go ka le dira gore le lele le sa kgaotse,’ ngaka eo e ne ya bolela jalo. ‘Diphelelo tse dingwe tse di ka iponelwang ka matlho tsa tshenyo e e bakiwang ke diokobatsi mo leseeng leo le sa tswang go tsalwa,’ Dr. Griffith o tlhalosa jalo, ‘e ka nna gore masea ano a tshabela mo borokong jo bogolo mo 90 lekgolong ya nako go ikgaoganya le sepe se se tshwenyang se se tswang kwa ntle. Ga ba tsoge le eleng fa ba tsolwa diaparo, fa go buiwa le bone, fa ba tshamekisiwa, kana ba tshikinngwa mo mmeleng.’
Mathata ano a methapo a ka tswela pele a le teng ka dikgwedi di le dintsi, ngaka e ne ya bolela jalo, ka gone a baka gore mmangwana a tseane fela mo tlhaloganyong le mo mmeleng ka nako eo go neng go tlhokafala ka yone gore go bopiwe sebofo sa lorato le sa go atamelana. “Gantsi lesea ga le batle go utlwa sepe ka mmaalone mme le tenega thata fa a re o leka go le direla sengwe seo le se tlhokang. Mmangwana o simolola go kgaogana le lesea mme o a le galefela ka ntlha ya gore le sa mo kgathalele fa a re o le direla sengwe,” ngaka e ne ya oketsa ka go rialo. Tsela eno eo lesea le itshwarang ka yone le go le galefela ga mmaalo gantsi go felela ka gore go sotliwe ka lesea.
Masea Ao A Sa Tswang go Tsalwa Ao A Latlhilweng
Ereka boemo jwa masea a a ntseng jalo a a sa tswang go tsalwa bo le diphatsa jaana, lobaka loo ba lo nnang ba le mo kokelong lo ka nna lwa tsaya dibeke mme ka dinako tse dingwe lwa tsaya dikgwedi di le dintsi. Lefa go ntse jalo, gantsi lesea le nna lobaka lo lotelele e se ka ntlha ya boemo jwa lesea mme e le ka ntlha ya tsela eo mmangwana a ikutlwang ka gone ka lesea la gagwe. Ka makgetlo a le mantsi mmangwana o tlogela lesea mo kokelong a le phuagantse, a le dira gore le tlhokomelwe ke motse. “Ga ke kgone go tlhaloganya gore mmangwana ke motho wa mofuta mang yo o sa botseng sepe malebana le lesea, yo o sa tlholeng a le baya fano gape,” ngaka nngwe e e neng e amegile e ne ya ngongorega jalo. Ba bangwe ga ba ke ba nna le go nna lobaka lo lotelele ka mo go lekaneng go ka sha lesea leina. Baoki ke bone ba tshwanelwang ke gore ba ba direle seo. “Karolo e e tlhomologileng go di feta tsotlhe le e e tsitsibanyang mmele go di feta tsotlhe ya go dirisa seokobatsi sa crack cocaine,” go ne ga bolela jalo mooki mongwe wa badiri ba kwa kokelong, “go lebega e le go dira gore motho a seka a nna le mokgwa o o tlwaelegileng wa bommè.” Kokelo nngwe e ile ya bo ya tshwanelwa ke gore e romele makwalo a tshoganyetso kwa batsading bao ba sa kgathaleng go ba kopa gore ba tle go saenela gore setopo se tlhatlhobiwe ka nako ya fa masea a swa. A seno se go tsitsibanya mmele?
Ka ntlha ya tiro e ntsi eo baoki ba kwa kokelong ba nang le yone, masea ano ga a kgone go neelwa lorato le tlhokomelo tseo a di tlhokang thata jaana. Mo makgetlong mangwe fa go sa kgonwe go bonwa magae ka bonako ao a ka ba ikgodisetsang, batho ba ba pelonomi bao ba ratang bana ba ile ba ithaopa ka nako ya bone, diura di sekae beke nngwe le nngwe, go ka tlhokomela masea ano a a latlhilweng. “Ba a fepa, ba a opelela, ba tshameka nao, ba a kuruetsa le go a fetola mengato,” go ne ga bolela jalo modiri yo mongwe. “Ba ba tshwara ka tsela eo ba neng ba ka tshwara masea a bone ka namana ka gone. Seno se siametse bana thata. Ba bangwe ba bone ba na le nako e telele ba le fano.”
Ke eng seo isagwe e se tsholetseng masea ano a a gobaditsweng ke cocaine? Selekanyo sa bone sa botlhale seo se leng kwa tlase ga sa tlholego se tlile go dira gore ba neye barutabana ba bone ba mo isagweng bothata joo ba tla tshwanelwang ke gore ba lwe le jone. “Ereka ba golafetse mo mmeleng le mo kgolong ya tlhaloganyo,” go ne ga bolela jalo mankge mongwe wa masea, “bana bano ba tlile go ithatafalela ka bobone mmogo le setšhaba ka dingwaga di le 40 kana di le 50.” Eleruri, seokobatsi sa crack se tlogetse lebadi leo le se kitlang le lebalwa mo setšhabeng.