Maikutlo a Bibela
Ke Ka Ntlha Yang Fa go Sa Tshwanela Go Dirisetsa Diokobatsi Monate Fela?
“COCAINE . . . go ka diragala gore ke yone seokobatsi seo se sa bakeng mathata ape mo pholong go gaisa diokobatsi tsotlhe tse jaanong di dirisiwang ke bontsi tseo di sa dumelelwang ke molao . . . mme ebile ke sone se se leng monate ka tsela e e tlhomologileng.”
Go ne ga bolela jalo Dr. Peter Bourne ka 1974. Mo dingwageng di le nne tseo di neng tsa latela morago ga moo Dr. Bourne e le mogakolodi wa tsa kalafi wa ga Tautona Jimmy Carter kwa White House, o ne a patelediwa gore a role tiro ka ntlha ya fa a ne a latofadiwa ka gore o dirisa diokobatsi tse di sa dumelelwang ke molao. Jaaka ba bangwe ba bantsi, gongwe o ne a ithaya a re a ka buelela go dirisiwa ga diokobatsi di dirisediwa monate fela.
Ka nako nngwe cocaine e kile ya bo e le ntletsentletse—kwa marekisetsong a dikorosari, kwa go ipaakanyediwang meriri gone, le go tswa mo barekising bao dilwana tsa bone di tsamayang ka poso. Mo dingwageng tsa bo 1880 le tsa bo 1890, e ne e kgonwa go ka gogiwa e le ka sebopego sa disekerete tsa matlhare a coca. E ne e nowa e tlhakantswe le dibeine tse di farologaneng mmogo le dino tse di botlhoswana. Tota le eleng letseka le le fa le le tumileng la Moesemane le le mo motshamekong wa padi ebong Sherlock Holmes o bontshiwa a dirisa cocaine “makgetlo a le mararo ka letsatsi ka dikgwedi di le dintsi.”—The Sign of Four, ka Sir Arthur Conan Doyle.
Cocaine e ne e tseelwa kwa godimo ka ntlha ya maatla ao e nang le one a go lapolosa ebile e bakwa ka gore e kgona go fodisa go opiwa ke tlhogo, bolwetsi jwa go hupela, mhikela, le go opelwa ke leino. E ne ya fetoga makgonatsotlhe mo go ba le bantsi. Ka sekai, ka 1884 Sigmund Freud yoo a neng a sale mosha o ne a kwala jaana: “Ke lekile coca mo go nna makgetlo a ka nna lesome le bobedi go bona diphelelo tseo e nnang le tsone, e fedisa tlala, boroko, le letsapa mme e tlhotlheletsa motho gore a dirise botlhale . . . Fa o dirisa coca ga ntlha kana le eleng fa o e dirisa kgapetsakgapetsa ga go tsale keletso epe eo e go pateletsang gore o dirise seokobatsi seno go ya pele.”—Über Coca.
Mo dingwageng tse di fetileng, go ne ga akgelwa ka tsela e e tshwanang malebana le matekwane, eleng seo se neng sa dira gore batho ba bangwe ba dumele gore go dirisa diokobatsi ga go na kotsi epe. Lefa go ntse jalo, gompieno o ka bala bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa tsa kalafi joo bo supang se se farologaneng le seo. Eleruri, go dirisa diokobatsi tse di ntseng jaaka matekwane, cocaine, crack (mofuta o o rileng wa cocaine), heroin, amphetamines, le barbiturates go kotsi thata mo mmeleng.
Diphelelo tsa Tsone Tse Di Kotsi le Tse Di Diphatsa
Badiradipatlisiso ba bolela gore batho bao ba dirisang matekwane ba ka lebelela go nna le bana ba ba leng bannye go feta ba bangwe, dikotsi tse dintsi, mmogo le go nna le makgwafo a a gobetseng. Cocaine mmogo le seokobatsi sa crack seo se tswang mo go yone di ile tsa amanngwa le bolwetsi jwa paranoia mmogo le a mangwe a go sa tseyeng sentle ga tlhaloganyo, go tshwenyega thata mo maikutlong, go palelwa ke go tshwara boroko, go felelwa ke keletso ya dijo, boopa, go tenegatenega fela ka tsela e e feteletseng, montotwane, bolwetsi jwa pelo, go swa mohama, go tswa dintho mo letlalong kana dintho tse di geletseng metsi, go latlhegelwa ke ditokololo le menwana, mathata a tsalo, malwetsi a a amang dirwe tsa go hema, go felelwa ke kgono ya go dupelela, le loso. Go ya ka mokwadi mongwe wa saense, “fa e le gore go dirisa cocaine ka nako eo motho a imileng ka yone go ne go ka tsewa jaaka bolwetsi, diphelelo tseo e nnang le tsone mo maseeng di ne di tla tsewa jaaka matlhotlhapelo mo lephateng la boitekanelo la morafe.”
Mefuta e mengwe ya batho bao ba dirisang diokobatsi gape ba mo kotsing ya go ka tsenwa ke AIDS. Mme mathata a le mantsi a pholo a ile a amanngwa le go dirisa diokobatsi, tse di ntseng jaaka amphetamines, barbiturates, diritibatsi, le “diokobatsi tsa modiri” tse di fa tse di sa tlwaelegang.
Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege dikotsi tse di itsegeng, batho ba santse ba raelesega go ka leka diokobatsi. Bao ba di dirisang sewelo fela ba fitlhela diokobatsi tse di ntseng jalo di le monate thata. Lefa go ntse jalo, di na le dikotsi ka mmatota. Go tshwana fela le go kgweeletsa sekepe se se rwalang oli kwa lefikeng leo le iphitlhileng kafa tlase ga metsi—go mo pepeneneng gore seo se tla felela ka matlhotlhapelo.
Mmele wa Gago Ke ‘Setlhabelo Se Se Tshedileng’
Molaomotheo oo o bontshiwang ke moaposetoloi Paulo mo go Baroma 12:1 o amana thata le kgang eno. O bolela jaana: “Ke gōna, ba ga echo, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ.” Bakeresete ba tshwanelwa ke gore ba ise ditlhabelo tse di bonalang go gaisa ditlhabelo tsa diphologolo tseo di neng di batlega mo morafeng wa bogologolo wa Iseraele.
Tsela eo Paulo a dirisitseng polelwana ya Segerika eleng “setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ,” (thy·siʹan zoʹsan ha·giʹan) e utlwala sentle. Go ya ka bakanoki ba ba farologaneng ba Bibela, mafoko ano a na le bokao jo bo latelang: Moiseraele o ne a isa setlhabelo sa phologolo e setse e sule. Go ne go se kake ga boelwa ga isiwa setlhabelo ka yone gape. Go farologana le seo, Mokeresete o tshwanelwa ke gore a intshe a tshela ka dinonofo tsotlhe tse a nang le tsone, e le “se se tshedileñ.” (Mofuta wa lediri la Segerika leo le ranotsweng jaaka “se se tshedileñ” ka dinako tse dingwe le ka bolela “go tshela o na le pholo e e molemo.”) Mme fela jaaka fa Moiseraele a ne a thibetswe go ka ntsha setlhabelo sa selo se se golafetseng kana se se nang le bogole bongwe jo bo rileng, Mokeresete o neela Modimo dikgono tse di gaisang tse a nang le tsone. Mme ereka mmele wa Mokeresete e le one a o dirisang go dira tiro, ditiro tsotlhe tsa gagwe mmogo le dikgopolo tsa gagwe mmogo le seo a se dirisang go di fitlhelela—eleng mmele wa gagwe—di tshwanetse tsa neelwa tsotlhe mo Modimong. Seno se fetoga tiro ya go ineela ka bojotlhe. Ga go na sepe se sengwe seo a se tsayang jaaka sa gagwe ka namana. Ka gone, botshelo jwa gagwe, eseng seomodiro, ke sone setlhabelo sa boammaaruri.
Ka gone, Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore, ka nako ya fa ba santse ba tshela mo lefatsheng, ba dirise dinonofo tsa bone, pholo ya bone, mmogo le dikgono lefa e ka nna dife kana dineo tseo ba neng ba ka tswa ba na le tsone mo tirelong e e direlwang Modimo ka moya otlhe. (Bakolosa 3:23) Ba ne ba tshwanetse ba neela Jehofa bojotlhe jwa bone mo go seo ba neng ba ka kgona go se mo direla ka mmele kana ka ditlhaloganyo tsa bone. Modimo o ne o tla itumelela ditlhabelo tse di ntseng jalo go menagane.
Lefa go ntse jalo, Modimo o ne o tla reng fa ba ne ba ka kopanela ka boomo mo ditirong tseo di neng di ka koafatsa kgono ya bone ya mmele kana ya mogopolo kana le eleng go khutshwafatsa botshelo jwa bone? A Bakeresete ba ne ba ka batla go roba molao mme ba itsenye mo kotsing ya go fokotsa boleng jwa bone mo bodiheding jwa Modimo? Ditiro tseo di sa itshekang di ne di ka ba dira gore ba se ka ba tshwanelega jaaka badihedi mme tsa bo tsa felela ka gore ba lelekwe mo phuthegong ya Bokeresete.—Bagalatia 5:19-21.
Gompieno, ke mokgwa o o tlwaelegileng go ralala lefatshe gore batho ba dirise diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. A motho a ka dirisa diokobatsi tse di ntseng jalo a di dirisetsa monate fela mme a bo a nna a ntse a ka ntsha mmele wa gagwe jaaka “setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ”? Karabo e e utlwalang sentle ga e fiwe fela ke patlisiso ya tsa kalafi mmogo le maitemogelo a a senang palo a diphelelo tse di maswe thata tsa seo mme e fiwa gape ke melaometheo ya Bibela—eleng ya gore nnyaa!
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
“The Opium Smoker”—by N. C. Wyeth, 1913