Kgaolo 34
Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Gana Diokobatsi?
“KE NGWANA fela wa maikutlo ao a amegang motlhofo,” go bolela jalo Mike, lekawana la dingwaga tse 24. “Ka dinako tse dingwe ke tshaba le eleng go tshosiwa ke balekane ba me. Ke tshwenngwa ke go nna pelo e botlhoko, go sa itshepe, mme ka dinako tse dingwe ke ile ka ba ka akanya go ipolaya.”
Ann, yo o nang le dingwaga di le 36, o itlhalosa fa a na le “maikutlo a bongwana fela,” ebile “a itseela kwa tlase fela thata.” O oketsa ka go re: “Ke fitlhela go le boima fela thata go tshela botshelo jo bo tlwaelesegileng.”
Mike le Ann ba roba matswela a phetso eo ba neng ba e dira fa ba ne ba santse ba le banana thata, eleng, ya go lekeletsa diokobatsi. Dimilione tsa basha gompieno ba dira ka tsela e e tshwanang—ba itlhaba, ba metsa, ba goga ka dinko, ba bile ba goga sengwe le sengwe go simolola ka cocaine go ya go matekwane. Mo basheng ba bangwe, go dirisa diokobatsi ke tsela ya go falola mathata. Ba bangwe ba dira jalo go kgotsofatsa keletso ya bone ya go itse dilo. Lefa go le jalo ba bangwe ba dirisa diokobatsi go kokobetsa go nna pelo e botlhoko kana go lapisega pelo. Mme fa ba setse ba simolotse go dira jalo, ba le bantsi ba tswelela ka go dirisa diokobatsi go ijesa monate fela. Grant wa dingwaga tse 17 o bolela jaana: “Ke gogela [matekwane] diphelelo tsa one fela. Ga ke gogele go nna pelokgale kana gore ke inaakanye le ditsala tsa me. . . . Ga ke ise ke ko ke goge ka baka la go gatelelwa ke balekane ba me, mme e ne e le fela ka gonne ke ne ke batla go dira jalo.”
Lefa go le jalo, kgonego ya gore go ise go ye kae o tla nna mo tikologong kana le eleng go abelwa diokobatsi ka tlhamalalo e kgolo fela thata. “Le eleng batlhokomedi kwa sekolong sa rona ba rekisa matekwane,” go bolela jalo mosha mongwe. Didirisiwa tsa diokobatsi di supiwa le go rekisiwa phatlalatsa. Lefa go le jalo, go sa kgathalesege go tuma ga tsone, go na le lebaka le le molemo la gore o gane go dirisa diokobatsi. O ka dira seo jang?
Diokobatsi Di Kgoreletsa Kgolo
Akanyetsa basha bao ba dirisang diokobatsi go tshabela mathata a bone, ba ba tshwanang le Mike le Ann. Fela jaaka go ile ga bontshiwa mo kgaolong ya rona e e fetileng, motho o gola maikutlo ka go thulana le dikgwetlho tsa botshelo, go dirisana le katlego, go sa amiweng ke thetelelo. Basha bao ba ikaegang ka go tshabela mathata a bone mo dilong tsa maitirelo ba kgoreletsa kgolo ya bone ya maikutlo. Ga ba kgone go tlhagolela dikgono tseo di tlhokafalang go kgona mathata.
Fela jaaka bokgoni bope fela, gore motho a kgone go dirisana le tsone o tlhoka go ithutintsha. Go tshwantsha seno: A o kile wa lebelela motshameki yo o setswerere wa kgwele a tshameka? O kgona go dirisa tlhogo ya gagwe le maoto ka ditsela tse eleng gore di tlogela motho a gakgametse fela! Lefa go le jalo, motshameki yono o ne a tlhagolela botswerere jwa go nna jalo jang? Ka go ithutintsha mo dingwageng tse dintsi. O ile a ithuta go raga bolo, go siana le yone, go gomisa, jalo le jalo, go fitlhela a nna sethakga sa motshameko oo.
Go tshwana fela le go tlhagolela bokgoni jwa go kgona dilo. Go tlhoka ithutintsho—boitemogelo! Lefa go le jalo, go Diane 1:22 Bibela e bontsha jaana: “Lona ba lo sa tlhalehañ [ba lo senang boitemogelo, NW] lo tla rata botlhōka botlhale ka lobaka lo lo kaee? . . . le dieleele go ila kicō?” Mosha yo o iphitlhang kafa morago ga boitumelo jo bo tlhotlhelediwang ke diokobatsi ‘ga a rate boitemogelo’; ga a kgone go tlhagolela kitso le botswerere jwa go kgona dilo tseo di tlhokafalang mo go dirisaneng le botshelo. Fela jaaka buka Talking With Your Teenager e bolela kaga basha bao ba dirisang diokobatsi: “Ga go ke go diragala gore ba ithute gore dinako tseo di utlwisang botlhoko tsa botshelo di ka falolwa kwantle ga go dirisa dilo tseno.”
Ka gone Ann, yo o neng a dirisa diokobatsi jaaka botshabelo, o ipolela jaana: “Ga ke ise ke ko ke dirisane le mathata a me mo dingwageng tse 14.” Mike o tlhalosa mogopolo o o tshwanang, a re: “Ke ile ka dirisa diokobatsi fa esale ke le dingwaga tse 11. Fa ke ne ke tlogela go di dirisa ke na le dingwaga tse 22, ke ne ka ikutlwa jaaka ngwana fela. Ke ne ka ingaparaganya le ba bangwe, ke leka go bona polokesego. Ke ne ka simolola go lemoga gore go gola ga me mo maikutlong go ne ga ema fa ke ne ke simolola go dirisa diokobatsi.”
“Ke ne ka senya dingwaga tseo tsotlhe tsa kgolo,” go oketsa jalo Frank, yo o neng a seka a dirisa diokobatsi sentle fa a ne a le dingwaga tse 13. “Fa ke ne ke tlogela go di dirisa, ke ne ka lemoga mo go utlwisang botlhoko gore ke ne ke sa ipaakanyetsa gotlhelele go dirisana le botshelo. Ke ne ke le ngwana wa dingwaga tse 13 gape yo o nang le maikutlo a a tlhakatlhakanyeng ao mosha mongwe le mongwe o thulanang nao.”
A Diokobatsi Di ka Senya Botsogo Jwa Me?
Seno ke ntlha e nngwe eo motho o tshwanetseng go tshwenyega ka yone. Basha ba le bantsi ba lemoga gore diokobatsi tse go tweng ke tse di bogale di ka bolaya motho. Mme go tweng kaga diokobatsi tse go tweng ga di bogale thata, tse di tshwanang le matekwane? A ditlhagiso tsotlhe tseo o di utlwang kaga tsone ke maano fela a go go tshosa? Go araba seo, a re remeleleng thata mo seokobatsing sa matekwane.
Matekwane (ao gape a itsegeng jaaka patše, motsoko o motalanyana, tlhaga, ganja, kana motsoko wa bagolo) e ile ya nna selo seo batlhalefi ba ileng ba ganetsana ka sone thata. Mme se ebileng se le boammaaruri ke gore, batho ga ba na kitso e e kalo mabapi le seokobatsi seno se se tumileng. Ntlha ke gore, matekwane ke selo se se raraaneng fela thata; sekerete sa matekwane se na le metswako e le 400. Go ile ga tsaya dingaka dingwaga tse di fetang 60 go lemoga gore go goga disekerete go baka kankere. Ka tsela e e tshwanang go ka nna ga tsaya masomesome a dingwaga pele ga ope a itse ka boammaaruri seo metswako e e 400 ya matekwane e se dirang mo mmeleng wa motho.
Lefa go ntse jalo, morago ga setlhopha sengwe sa batlhalefi sa U.S. Institute of Medicine e e itsegeng thata se sena go tlhatlhobisa dipampiri tsa patlisiso di le diketekete, ba ne ba konela jaana: “Bosupi jwa boitseanape jo bo gatisitsweng go tla go fitlha nakong eno bo supa gore go na le ditsela di le dintsi tseo matekwane a amang tlhaloganyo le mmele ka tsone, dingwe tsa tseo, mo maemong a a rileng, di gobatsang botsogo jwa motho.” Dingwe tsa diphelelo tseo tse di gobatsang ke dife?
Matekwane—Seo A se Dirang mo Mmeleng wa Motho
Ka sekai, akanyetsa makgwafo. Le eleng baema-nokeng ba bagolo ba matekwane ba dumela gore go goga motsoko ga go kake ga bo go go siametse. Mosi wa matekwane, fela jaaka mosi wa motsoko, o na le dilo tseo di leng botlhole, tse di tshwanang le bokgakga.
Dr. Forest S. Tennant, Jr., o ne a botsolotsa masole a U.S. Army a le 492 bao ba neng ba ntse ba goga matekwane. Mo e ka nnang 25 lekgolong ya bone “ba ne ba tshwenngwa ke memetso e e botlhoko ka baka la go goga diokobatsi, mme ba ba ka nnang 6 lekgolong ba ne ba bolela fa ba ile ba bolawa ke mafatlha.” Mo patlisisong e nngwe, bagogi ba matekwane ba le 24 mo go ba le 30 ba ne ba fitlhelwa fa ba na le “dikgobalo mo makgwafong seo eleng ditshupo tsa ntlha tsa bolwetsi jwa kankere.”
Ke boammaaruri gore, ga go na ope yo o ka tiisetsang gore batho ba go nna jalo e tla re boaphelong ba bolawe ke kankere. Mme a o ka batla go itsenya mo kotsing eo? Mo godimo ga moo, Bibela e bolela gore Modimo “o naea botlhe botshelō, le mōea.” (Ditihō 17:25) A o tla bo o bontsha tlotlo mo Moneing wa botshelo fa ka boomo fela o goga selo seo se gobatsang makgwafo a gago le mometso?
Mo go Moreri 12:6 go buiwa ka boboko jwa motho bo bokiwa go twe ke “mogocana oa gouda.” Lefa bo se bogolo go feta feise ya gago ebile bo le bokete jwa dikilogerama di le 1,4 fela, boboko ga se selo sa botlhokwa fela seo se bolokang dilo tse o tla di gakologelwang mme gape ke gone kwa ditaolo tsa ditshikana tsotlhe tsa gago di tswang gone. O akantse ka seo, elatlhoko tlhagiso ya Institute of Medicine: “Re ka bua ka go tlhomamisega ra re matekwane a na le diphelelo tse dikgolo thata mo bobokong, go akareletsa le diphetogo tsa dikhemikhale le tsa mogote wa mmele.” Gompieno, ga go na bosupi jwa phetso epe e e fitlheletsweng ya gore matekwane a senyetsa boboko ruri. Lefa go ntse jalo, kgonego ya gore matekwane a ka nna ka tsela nngwe fela a gobatsa “mogocana oa gouda” ga e a tshwanelwa go tsewa motlhofo.
Mme go tweng ka tebelelo ya gore gongwe nako nngwe o tla bo o nyetse/nyetswe ebile o na le bana? Institute of Medicine e ile ya bega gore matekwane a itsege ka “go golafatsa go tswa tsalong fa a ne a gogisiwa diphologolo tseo go neng go lekelediwa ka tsone ka selekanyo se segolo.” Ga go ise go nne le bosupi jwa gore a na le diphelelo tse di tshwanang le mo bathong. Lefa go le jalo, gakologelwa gore bogole jwa tsalo (jo bo tshwanang le joo bo bakiwang ke seedi sa tsalo sa DES) gantsi bo tsaya dingwaga pele ga bo itshupa. Jalo, gore bana—le eleng bana ba bana—ba bagogi ba matekwane ba na le isagwe efe go santse go tla bonwa. Dr. Gabriel Nahas o bolela gore go goga matekwane go ka nna ga dira motho “makgasa mo dirweng tsa tsalo.” A ope fela yo o lebang bana jaaka “boshwa yoa ga Yehofa” o ka itsenya mo kotsing eo?—Pesalema 127:3.
Diokobatsi—Pono ya Bibela
Legale, matekwane ke nngwe ya diokobatsi tse dintsi tse di tumileng. Mme a supa sentle gore go na le mabaka a mantsi a go tila go dirisa dilo dipe tseo di fetolang tlhaloganyo go ijesa monate fela. Bibela ya re: “Kgalalèlō ea makau ke thata ea aōna.” (Diane 20:29) Ka o santse o le mosha, kwantle ga pelaelo o ipelela botsogo jo bo molemo. Ke ka ntlhayang fa o bile o itsenya mo kotsing ya gore bo go latlhegele?
Lefa go le jalo, se ebileng e le sa botlhokwa go feta, re na le pono ya Bibela mo ntlheng eno. E re bolelela gore “[re] chwarè . . . pharologanyō,” eseng go e senya ka go sa diriseng dilo tse di nang le phelelo nngwe mo mmeleng ka tshwanelo. (Diane 3:21) E kgothatsa gape jaana: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” Eleruri, Modimo o solofetsa fela bao ba ‘iitshekisitseng mo maitshekologong a bone,’ ka go tila ditlwaelo tse di tshwanang le go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo, jaana: “Ke tla lo amogèla, Ke tla nna Rra lona.”—2 Bakorintha 6:17–7:1.
Lefa go ntse jalo, go ka nna ga seka ga nna motlhofo go gana go dirisa diokobatsi.
Balekane ba Gago le Kgatelelo ya Bone
Mo phirimaneng nngwe ya selemo eo go neng go le tsiditsana Joe le Frank, motho le ntsalae bao ebileng e ne e le ditsala tse dikgolo, ba ne ba dira tumalano. “Go sa kgathalesege gore ope wa rona o dira eng,” ga akantsha jalo Joe, yo mmotlana mo bathong ba babedi bao, “a le ka motlha re seka ra tshameka ka diokobatsi.” Basha ba babedi bao ba ne ba neelana diatla ba dira tumalano. Morago ga dingwaga di le tlhano fela, Joe o ne a fitlhelwa a tlhokafaletse mo kareng ya gagwe ka baka la kotsi eo e neng e bakilwe ke go dirisa diokobatsi. Mme Frank ene o ne a tshwakgotswe ke diokobatsi fela mo gogolo.
Go ne go senyegile fa kae? Karabo ya seo e ikgarile mo tlhagisong eno e e tshwanetseng go elwatlhoko ka potlako e e fitlhelwang mo Bibeleng: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Joe le Frank boobabedi ba ne ba inaakanya le setlhopha sa batho bao ba neng ba sa siama. Fa ba ne ba nnela go itsalanya le batho bao ba neng ba dirisa diokobatsi, ba ne ba simolola go lekeletsa diokobatsi le bone.
Buka Self-Destructive Behavior in Children and Adolescents e lemotsha jaana: “Gantsi basha ba itsisiwe kana ba ‘hepisediwa’ mefuta e mentsi ya diokobatsi ke tsala ya bone e kgolo . . . Maikaelelo a [gagwe] e ka tswa e le go abalana boitemogelo bongwe jo bo kgatlhisang kana jo bo itumedisang.” Mike, yo o umakilweng kwa tshimologong, o tiisetsa seno, a re: “Sengwe sa dilo tse dikgolo tseo ke neng ke ketefalelwa ke go dirisana le tsone e ne e le kgatelelo ya balekane. . . . Fa ke ne ke simolola go goga matekwane, ke ne ke dira jalo ka gonne bana botlhe bao ke neng ke na nabo ba ne ba dira jalo, mme ke ne ke batla go inaakanya le bone.”
Fa re bua ka tlhamalalo, fa ditsala tsa gago di simolola go dirisa diokobatsi, maikutlo a gago a tlile go gatelesega fela thata go batla go tshwana nabo, go inaakanya le bone. Fa o sa fetole ditsala tsa gago, se tota se ka nnang sa diragala ke gore kgabagare o tlile go dirisa diokobatsi le wena.
‘Go Tsamaya le Batho Ba ba Botlhale’
“Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna,” go bolela jalo Diane 13:20. Fa re tshwantsha ntlha eno, fa o ne o tila go tsenwa ke mohikela, a o ne o tla seke o tile go atamalana le batho bao o ba tseneng? “Ka tsela e e tshwanang,” go tlhalosa jalo buka Adolescent Peer Pressure, “gore re ithibe mo . . . go sa diriseng diokobatsi ka tshwanelo . . . , re tlhoka go nna mo maemong a a ka re nayang botsogo jo bo lekalekaneng mme re fokotse go ipaya mo seemong seo re ka nnang le ditlhotlheletso tse di maswe mo go sone.”
Jalo a o batla go gana diokobatsi? He elatlhoko ditsala tsa gago. Senka ditsala tsa Bakeresete bao ba boifang Modimo bao ba tla go tshegetsang mo tshwetsong ya gago ya go sa amaneng ka gope le diokobatsi. (Bapisa 1 Samuele 23:15, 16.) Gape, elatlhoko mafoko a a mo go Ekesodo 23:2. Lemororo kwa tshimologong a ne a lebisitswe go basupi bao ba neng ba neela bosupi ka go ikana, ke kgakololo e e molemo mo basheng: “U se ka ua sala bontsi moragō mo go diheñ boshula.”
Motho yo o salang ditsala tsa gagwe morago kwantle ga go sekaseka ga se sepe fela fa e se motlhanka wa bone. Bibela e bolela jaana mo go Baroma 6:16: “A ga lo itse ha eo lo mo ineèlañ yaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwè eo lo mo utlwañ?” Ke gone ka moo Bibela e kgothaletsang basha go tlhagolela “tlhaloganyō.” (Diane 2:10-12) Ithute go ikakanyetsa, mme ga o kitla o rata go latela basha bao ba leng diganana.
Ke boammaaruri, o ka nna wa tswa o batla go itse ka diokobatsi le diphelelo tsa tsone. Mme ga o tlhoke go kgotlela mogopolo wa gago le mmele wa gago e le gore o itse seo diokobatsi di se dirang mo bathong. Elatlhoko fela badirisi ba diokobatsi ba balekane ba gago—segolo bogolo bao ba nang le lobaka lo loleele ba ntse ba di dirisa. A ba lebega ba thantse ebile ba le botlhale? A ba nnile ba nna le maduo a a kwa godimo a ditlhatlhobo? Kana a ga ba botlhale ebile ga ba ke ba reetsa, mo ebileng ka dinako tse dingwe ba sa lemoge seo se diragalang mo tikologong ya bone? Badirisi ba diokobatsi ka bobone ba ne ba tlhalosa batho ba go nna jalo ka lereo: “ditlhobogwa.” Lefa go le jalo, go ka nna ga bo go ile ga diragala gore bontsi jwa “ditlhobogwa” di bo di ile tsa simolola go dirisa diokobatsi ka go batla go itse fela. Ga go gakgamatse, he, go bo Bibela e kgothaletsa Bakeresete gore ba itshware gore ba seka ba batla go itse dilo ka tsela e e sa siamang le go ‘nna banyana mo bosuleng.’—1 Bakorintha 14:20.
O Ka Kgona go di Gana!
Bukana nngwe e e ileng ya gatisiwa ke U.S. National Institute on Drug Abuse e re gakolola jaana: “Go gana go newa sebaka sa go dirisa seokobatsi . . . ke tshwanelo ya gago. Ditsala dipe tsa gago tseo di tlholang di go setse morago ka tshwetso ya gago ba tseela kwa tlase ditshwanelo tsa gago jaaka motho yo o gololesegileng.” O ka dirang fa mongwe a go abela diokobatsi? Nna le sebete sa go gana! Seno ga se reye gore o rerele motho kaga bosula jwa go sa diriseng diokobatsi sentle. Yone bukana eo e ne ya akantsha gore o fetole fela ka go re, “Nnyaa, ke a leboga, ga ke batle go goga” kana, “Nnyaa, ga ke batle go itsenya mo mathateng” kana le go sotla o re, “Ga ke batle go kgotlela mmele wa me.” Fa ba tswelela ka go nna ba go o abela, o ka nna wa tshwanelwa ke go ba raya o re ga o batle, ka go gatelela! Go itsese ba bangwe gore o Mokeresete le gone go ka nna ga nna sesireletsi.
Go gola ga se selo se se motlhofo. Mme fa o leka go tila mathata a go gola ka go dirisa diokobatsi, o ka nna wa kgoreletsa fela thata kgonego ya gore o nne mogolo yo o nang le tlhaloganyo, yo o tiileng. Ithute go thulana le mathata ka tlhamalalo. Fa dikgatelelo di lebega e le tse di tlalelang, o seka wa tshabela mo dilong tsa maitirelo. Buisana dilo tseo le motsadi mongwe wa gago kana bagolo bao ba nang le maikarabelo bao ba ka go thusang go rarabolola dilo. Gape, gakologelwa kgothatso ya Bibela e e reng: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona.”—Bafilipi 4:6, 7.
Ee, Jehofa Modimo o tla go naya nonofo ya go gana! Le ka motlha o seka wa letlelela gore ba bangwe ba go gatelele gore o repise mo tshwetsong ya gago. Jaaka Mike a kgothatsa: “O seka wa lekeletsa diokobatsi. O tla boga mo botshelong jotlhe jwa gago!”
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 34
◻ Ke ka ntlhayang fa basha ba le bantsi jaana ba dirisa diokobatsi?
◻ Go dirisa diokobatsi go ka kgoreletsa kgolo ya gago ya maikutlo jang?
◻ Ke eng seo se itsegeng kaga kafa matekwane a amang mmele wa gago ka gone?
◻ Pono ya Bibela ke efe kaga go dirisa diokobatsi go ijesa monate fela?
◻ Ke ka ntlhayang fa go ela ditsala tsa gago tlhoko go le botlhokwa gore o seka wa amana ka gope le diokobatsi?
◻ Ditsela dingwe tsa go gana go dirisa diokobatsi ke dife?
[Mafoko a a mo go tsebe 274]
“Le eleng batlhokomedi kwa sekolong sa rona ba rekisa matekwane,” go bolela jalo mosha mongwe
[Mafoko a a mo go tsebe 279]
“Ke ne ka simolola go lemoga gore go gola ga me mo maikutlong go ne ga ema fa ke ne ke simolola go dirisa diokobatsi.”—Mike, yo o kileng a bo a dirisa diokobatsi
[Lebokoso mo go tsebe 278]
Matekwane—A Ke Seokobatsi Se Sesha Se Se Gakgamatsang?
Go dirilwe dilo tse dintsi malebana le maiphako a gore matekwane a ka nna a bo a na le mosola wa kalafi mo go alafeng bolwetsi jwa matlho le lehuba le mo go tokafatseng go feroga sebete mo balwetsi ba kankere ba go ikutlwang fa ba alafiwa ka dilo tsa boranyane. Pego nngwe ya U.S. Institute of Medicine e bolela gore go na le boammaaruri mo maiphakong ano. Mme a seno se raya gore mo nakong e khutshwane dingaka di tla bo di alafa batho ka disekerete tsa matekwane?
Ga go lebege jalo, ka gonne lemororo mengwe ya metswako e e fetang 400 ya matekwane e ka itshupa e na le mosola, go goga matekwane ga go kake le ka motlha ya nna tsela e e botlhale ya go ikalafa ka dilo tseo. “Go goga matekwane,” go lemotsha jalo motlotlegi wa maemo a a kwa godimo Dr. Carlton Turner, “go tla bo go tshwana le go neela batho senkgwe se se kobileng go se ja e le gore ba bone penicillin.” Jalo fa e le gore metswako mengwe ya matekwane e tla tsamaya e nna melemo ya mmatota, e tla bo e le “ditswa-matekwaneng kana ditshwani” tsa matekwane, eleng metswako ya dikhemikhale e e tshwanang le tsone, eo dingaka di ka alafang batho ka tsone. Ga go gakgamatse, he, go bo U.S. Secretary of Health and Human Services e ne ya kwala jaana: “Go tshwanetse ga gatelelwa gore melemo epe fela eo e ka nnang ya nna gone ya kalafi ga e fetole ka gope gore go goga matekwane go na le diphelelo tse di sa siamang mo botsogong.”
[Setshwantsho mo go tsebe 275]
Nna le sebete sa go gana diokobatsi!
[Ditshwantsho mo go tsebe 276, 277]
Tshabela mathata a gago mo diokobatsing jaanong . . . mme o ka nna wa fitlhela go le bokete go lebana le mathata fa o setse o godile