Diokobatsi
Tlhaloso: Go na le ditlhaloso tse di farologaneng tsa lefoko “diokobatsi.” Ka tsela e di tlotliwang ka yone fano, ga se dijo, mme ke ditlhatshana tseo di faposang tlhaloganyo tseo di tsewang di sa tshwanela kafa botsogong mme di dirisiwa ka boiteko jwa go leka go iphalotsa mathata a botshelo, go nna le boikutlo jwa go fafamoga kana boikutlo jwa go tsoga sentle kana jwa boipelo.
A Bibela tota e iletsa go dirisetsa diokobatsi go ijesa monate fela?
Ga e bue ka maina ditlhatshana tse di jaaka heroin, cocaine, LSD, PCP (angel dust), marijuana (sika loo matekwane) le motsoko. Mme e baakanyetsa ka kaelo e e tlhokafalang gore re tle re kgone go itse gore re direng le seo re tshwanetseng go se tila gore re itumedise Modimo. Ka mo go tshwanang, Bibela ga e re go phoso go dirisa tlhobolo go bolaya yo mongwe, mme e iletsa go bolaya.
Luke 10:25-27: “Ke tla dihañ gore ke ruè botshelō yo bo sa khutleñ? . . . U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago; le moñwe ka wèna yaka u ithata.” (A motho tota o a bo a rata Modimo ka moya otlhe wa gagwe le ka tlhaloganyo yotlhe ya gagwe fa e le gore o itlwaetsa dilo tseo ka botlhaswa di khutshwafatsang botshelo jwa gagwe le go dira gore tlhaloganyo ya gagwe e tobekane? A o bontsha mongwe ka ene lorato fa a utswela ba bangwe gore a tsweledise mokgwa wa gagwe wa ditagi?)
2 Bakor. 7:1: “Baratwa, ereka re na le dipolèlō tse tsa choloheco [tsa go nna le Jehofa jaaka Modimo wa rona le Rraarona], a re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” (A mme re ka lebelela go nna le kamogelo ya Modimo fa ka boomo re dira dilo tseo di leswefatsang mebele ya rona?)
Tito 2:11, 12: “Gonne tshegōhaco ea Modimo e bonetse, e tlèla batho botlhe polokō, E re ruta, go re, e tle e re re nntse re ikgaogantse le boikèpō le dithatō tsa lehatshe, re bo re tshela ka go ikgapa [“go ithiba,” JB], le ka tshiamō, le ka poihōmodimo, mo motlheñ oa gompiyeno.” (A tiriso ya diokobatsi eo e golafatsang katlholo ya mongwe kana e e dirang gore motho a latlhegelwe ke boikgapo e tumalanong le kgakololo eo?)
Bagal. 5:19-21: “Me yana ditihō tsa nama dia bōnala, tse e leñ . . . boloi (tirisa-badimo) . . . le ditlhapèlō, le dilō tse di nntseñ yalo: . . . ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (Tlhaloso e e leng yone ya lefoko la Segerika phar·ma·kiʹa, e fano e ranoletsweng “boloi (tirisa-badimo),” ke “diokobatsi.” An Expository Dictionary of New Testament Words, ka W. E. Vine, fa e akgela ka lefoko leno la Segerika, e re: “Mo go swabeng ka eng le eng, tiriso ya diokobatsi, e ka tswa e le e e motlhofo kana ya ditshupo, e ne gantsi e patiwa ke tiriso ya bola le go ikuela mo maatleng a boloi, ka paakanyetso ya maselamose a a farologaneng, marapo a tse di suleng, jalo jalo, go bolelwa e diretswe gore modirisi kana molwetsi a se tlhaselwe ke badimona kana maatla a bone, mme tota go neela modirisi dinonofo tsa masaitsiweng le maatla a moswabi.” [London, 1940, Bol. IV, dits. 51, 52] Ka mo go tshwanang gompieno, ba bantsi bao ba dirisang diokobatsi ba kopanyelediwa mo mekgweng ya tirisa-badimo kana ba iphitlhela ka bobone ba kopanela le bao, ka ntlha ya tlhaloganyo e e fifetseng kana ya maitemogelo a diphahamogo ba leng motlhofo go tlhaselwa ke badimona. Bapisa Luke 11:24-26.)
Tito 3:1: “[Lo] ineèlè mo balaodiñ, le gore [lo] nnè kutlō mo go ba ba neecweñ taolō.” (Mo mafelong a mantsi, go tshola kana go dirisa diokobatsi tse di rileng ke tlolo molao.)
Ereka diokobatsi dingwe di ka thusa motho go itumela, a ruri-ruri di kotsi go le kalo?
2 Tim. 3:1-5: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna . . . barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; . . . le bōnè bauō u kgaoganè nabō.” (Bibela ka phepafalo e tlhagisa kgatlhanong le go eletsa monate go ya bokgakaleng jwa gore re o beye kwa pele ga go dirisa melao-metheo e e tshiamo ya Lefoko la Modimo le mo go boneng kamogelo ya gagwe.)
Di NARCOTICS dingwe di ka idibatsa botlhoko mme di ka tlisa boikutlo jwa thethebalo, mme gape di a tshwakgola di bile di ka felela ka loso mo go di nweng go feta. Go sunetsa di SOLVENTS dingwe go ka jesa monate, mme gape di ka felela ka puo e e goloketsang, pono e e lotobo, tatlhegelo ya go laola mesifa, mo godimo ga moo tsa tlisa kgobalo ya go ya go ile mo bobokong, sebete, le diphilo. HALLUCINOGENS di ka tlisa boikutlo jwa “tago” mme tsa lebega di ka leleka letsapa, mme gape di ka nna tsa tsala phapogo mo temogong ya sekgala, tsa gobatsa go akanya mo go utlwalang, tsa dira diphetogo mo bothong jwa motho tse di gobatsang, mme tsa tsala ditshekamelo tsa go ipolaya kana tsa go bolaya ba bangwe.
Gotweng ka “marijuana”—a ga e kotsi? Dingaka dingwe di boletse gore e ntse jalo
David Powelson, M.D., yo pele e neng e le mogolwane wa tsa tlhaloganyo, mo Sepateleng sa Cowell, mo Unibesithing ya California, mo Berkeley, ka nako nngwe o ne a buelela gore tiriso ya marijuana e tshwanetse ya dumelelwa kafa molaong. Moragonyana, morago ga bosupi jo bo oketsegileng bo se na go bonwa, o ne a kwala ka gore: “Jaanong ke dumela gore marijuana ke seokobatsi se se diphatsa fela thata se re tshwanetseng go lwantshana le sone: 1. Tiriso ya yone ya kwa tshimologong e a fora. Modirisi o neelwa boikutlo jo bo molemo jwa timelo; ga a ka ke a lemoga tshenyego ya tlhaloganyo le ditsela tsa go akanya ga gagwe. 2. Go e dirisetsa ruri go gogela kwa kakanyong e e tshereaneng. Morago ga go e dirisa ngwaga go ya go tse tharo, dibopego tsa mekgwa ya malwetsi a go akanya di simolola go fenya mokgwa wa go akanya.”—Executive Health Report, October 1977, ts. 8.
Dr. Robert L. DuPont, mogolwane wa pele wa National Institute on Drug Abuse mo United States, yo mo nakong e e fetileng a neng a tsopolwa a nyatsa bodiphatsa bope jwa marijuana, mo bosheng jaana o ne a tlhalosa ka gore: “Kgang e e leng yone tota ke bodiphatsa jwa botsogo jo bo tlisiwang ke sebetso [sa tiriso ya marijuana ya thaka e tshesane], bodiphatsa jwa mefuta e mebedi fela. Jo bongwe ke matswela a go tlhapelwa, a a simologang mo diphatseng tse di nnang gone mo go kgweetseng go ya go go sa kgathaleng ka sengwe le sengwe. Kgang e nngwe ke eo tota e amang mmele. Fano dikamego di tswa mo go hupeleng ga ka metlha mo go diragalang mo makgwafong mo badirising ba marijuana go ya mo dikgonegong tsa matswela a a gobatsang diela-tlhotlheletso, matswela mo tsamaisong ya twantsho malwetsi le eleng go nna gone ga kankere.”—Gazette ya Montreal, March 22, 1979, ts. 9.
Science Digest e ne ya ntsha ditlhaloso tseno: “Go monyela ga ka metlha marijuana, e ka re pheletsong, ga oketsa phatlha magareng ga diphelelo tsa ditshika mo bobokong tseo di tlhokafalelang ditiro tse di leng botlhokwa mo go kalo jaaka kgopolo, boikutlo le boitshwaro. E le gore ditshika di tle di kgone go dira tiro ya tsone, di tshwanetse tsa dirisana magareng ga tsone.” Go tswa foo, fa e ne e akgela kaga matswela a ditekeletso tse di kopanyeletsang diphologolo, setlhogo se ne sa tswelela: “Matswela a a etsweng tlhoko fela thata a diragala mo kgaolong ya ditshika tse di logaganeng tse di dirang lorako, tse di amanang le maikutlo; makukunopu a boboko, a o a amanang le popego ya kakanyo; le ditshika tsa boboko, tse di ikarabelelang ditiro dingwe tsa boitshwaro jo bo rileng.”—March 1981, ts. 104.
A go dirisa marijuana go maswe thata go na le go nwa dino tsa tagi?
Tagi ke dijo mme e ka tšhotlhiwa ke mmele go baakanyetsa ka nonofo; mme masalela a bofelo a ka ntshiwa ke mmele. Lefa go ntse jalo, ngaka ya tsa boboko le ya tsa tlhaloganyo e ne ya re: “Marijuana ke seokobatsi se se kotsi fela thata thata, mme re dira phoso e kgolo fela thata ka go se bapisa le tagi.” “Molakhule e lebanwe ke molakhule, THC [e e mo go marijuana] e nonofile makgetlo a le 10 000 go na le tagi mo kgonong ya yone ya go ka tagisa motho e seng thata . . . THC e tswa ka iketlo mo mmeleng, mme dikgwedi tse dintsi di a tlhokafala gore motho a fole mo matsweleng a yone.” (Executive Health Report, October 1977, ts. 3) Mmopi o itse kafa re dirilweng ka teng, mme Lefoko ja gagwe le dumelela tiriso e e lekanetseng ya dino tsa tagi. (Pes. 104:15; 1 Tim. 5:23) Mme gape ka go tia o kgala go nwa mo go se nang tekatekanyo ga tagi, fela jaaka a kgala bogagaru mo dijong.—Dia. 23:20, 21; 1 Bakor. 6:9, 10.
Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba leba go goga motsoko jaaka molato o o masisi?
Go bontsha tlontlololo mo mphong ya botshelo
Dit. 17:24, 25: “Modimo o o dihileñ lehatshe le dilō cotlhe tse di mo go yeōna, . . . ōna ka osi o naea botlhe botshelō, le mōea, le dilō cotlhe.”
“Bosupi jwa gore disekerete di khutshwafatsa botshelo bo bontsi thata; seo se se nyalanang nago se tlhomamisitswe sentle ntle fela jaaka sengwe le sengwe mo karolong ya tsa botsogo.”—Science 80, September/October, ts. 42.
Dipego di bontsha gore mo United States palo ya dintsho tsa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go goga e ile ya kaiwa e le 300 000; mo Britani, 50 000; mo Canada 50 000. “Batho ba ba fetang sedikadike se le sengwe ba a swa ngwaga le ngwaga ka baka la malwetsi a a nyalanang le go goga mme Mafatshe a a Tlhabologang, ao diphesente tse 52 tsa go jewa ga motsoko mo lefatsheng lotlhe go leng gone, a oketsa dintsho tseo ka bofefo jo bogolo.”—The Journal (Toronto), September 1, 1983, ts. 16.
Tona ya pele ya U.S. ya tsa Botsogo, Thuto le tsa Matshelo, Joseph Califano, o ne a re: “Go ka se nne le pelaelo gompieno gore go goga eleruri ke go ipolaya fela ka iketlo.”—Scholastic Science World, March 20, 1980, ts. 13.
Ga go tsamaelane le seo Modimo o batlang Bakeresete ba se mo direla
Bar. 12:1: “Ke gōna, ba ga echo, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo eleñ tihèlō e e lo lebanyeñ.”
Ngaka e kgolwane ya United States, C. Everett Koop, o ne a re: “Go goga disekerete eleruri go lemogilwe fa e le gone mo go tlhagisang loso fela thata mo mokgatlhong wa rona.” (The New York Times, February 23, 1982, ts. A1) “Ditlhotlhomiso tsa botsogo di bontsha gore . . . palogare ya lobaka lwa botshelo ya mogogi e dingwaga tse tharo go ya go tse nne kwa tlase ga ya yo o sa gogeng. Boleele jwa botshelo jwa mogogi yo o padileng—motho yo o gogang dipakete tsa sekerete di le pedi kgotsa di feta foo ka letsatsi—o ka nna dingwaga tse di robang bobedi kwa tlase ga yo o sa gogeng.” (The World Book Encyclopedia, 1984, Bol. 17, ts. 430) A go a tshwanela ka motho go ntshetsa tirelo ya Modimo botshelo jwa gagwe mme fa gone ka bonya a senya botshelo joo jwa gagwe?
“Go goga go a senya, segolo bogolo pelo le makgwafo, mo eleng gore dikarolo dingwe tsa melemo tse di ka thusang mo kalafong di nna dilonyana fela fa motho a goga.” (University of Southern California News Service, February 18, 1982) “Go goga ka gongwe ke gone go le nosi fela mo go golo mo go ka koafatsang botsogo mo lefatsheng.” (Dr. H. Mahler, mookamedi mogolo wa World Health Organization, go World Health, February/March 1980, ts. 3) A go a utlwala ka motho go intshetsa tirelo e e boitshepo ya Modimo mme ka bomo a bo a senya botsogo jwa gagwe?
Go goga ke tlolo ya patlafalo ya bomodimo ya gore re rate mongwe ka rona
Yak. 2:8: “U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata.”—Bapisa Mathaio 7:12.
“Thuto ya bosheng . . . e senotse gore basadi ba ba sa gogeng ba banna ba ba gogang ba swa mo palogareng ba le dingwaga tse nne bobotlana go basadi bao banna ba bone ba sa gogeng.” (The New York Times, November 22, 1978, ts. C5) “Go goga ka nako ya go ima go ka tsala bogole jo bo maswe jwa ditokololo tsa lotsalo mo eleng gore loseanyana lo ka nna lwa swa, kana losea lo ka swa fela morago ga botsalo.” (Family Health, May 1979, ts. 8) Go tshwara maloko a lelapa mo go ntseng jalo mo go seng lorato eleruri ke bosupi jo bo phepafetseng gore motho ga a itshware jaaka Mokeresete.—Bapisa 1 Timotheo 5:8.
“Dipatlisiso di bontshitse gore ereka mo e ka nnang mogogi mongwe le mongwe a tlhoafalela go goga sekerete ka karolo e potlanyana ya nako a e tshobile, yo o sa gogeng tota o ka patelediwa kgatlhanong le go rata ga gagwe go hema mosi oo o o leswe fela thata, bokgakga le mosidi jaaka mogogi tota yo o padileng le ene.” (Today’s Health, April 1972, ts. 39) Motho yoo ka gone a sa rateng mongwe ka ene ga a neele bosupi jwa gore o rata Modimo le go ka.—Bona 1 Yohane 4:20.
Ke goreng Modimo o ne o dira dimela tseo go tsewang diokobatsi go tsone fa e le gore go phoso go di dirisa?
Dilo tseo di dirisiwang boatla gape di na le tiriso e e siameng. Seo se boammaaruri ka dinonofo tsa lotsalo tsa motho. Go boammaaruri le ka beine. Marijuana o dirilwe ka matlhare a a omisitsweng le dithunyanyana tsa setlhatshana se se bidiwang hemp seo se thusang ka dithapo tse di siameng go otlha mogala le maloba. Matlhare a motsoko, ao a dirisiwang boatla ke bagogi, le one a ka dirisiwa mo dibolaing tsa dibokwana le tsa diji. Malebana le mahumo a lefatshe ka bontsi, go sa ntse go na le mo gontsi go go ithuta kafa a ka dirisiwang mosola ka teng. Le eleng mhero e mosola thata mo go sireletseng kgogolo ya mmu le go baakanyetsa ka go nontsha mmu fa o sa tlhabololwa.
Motho o ka dirang fa a lekile go ikgolola mo go gogeng kana mo tirisong nngwe ya diokobatsi mme a sa atlega?
Santlha, ka thuto ya Bibela le tlhatlhanyo o tlhoka go tlhagolela keletso e e nonofileng ya go itumedisa Modimo le go tshela mo tsamaisong ya gagwe e ntšha ya dilo e e tshiamo. Fa o mo atamela, o tla go atamela, a go neela thuso e e tlhokafalang.—Yak. 4:8.
Go botlhokwa go tlhatswega pelo ka bomaswe jwa ditlwaelo tseno le go tlhagolela letlhoo la boammaaruri la tsone. (Pes. 97:10) Seno se ka dirwa ka go tlhatlhobisa mabaka a a tlhomilweng mo karolong eno ya buka le go tlhatlhanya, eseng ka menatenyana ya nakonyana e e ka tswang mo go direng dilo tseno, mme ka seo se ka itumedisang Modimo le kafa dilo tseno di ferosang sebete le kafa matswela a ditlwaelo tse di bosula a leng maswe thata ka gone.
Fa o ikutlwa o kgaepile fela thata gore o goge kana gore o dirise nngwe ya diokobatsi, rapela Modimo ka tlhoafalo go go thusa. (Luke 11:9, 13; bapisa Bafilipi 4:13.) Go dire gone foo. Gape, tsaya Bibela ya gago mme o e balele kwa godimo, kana bonana le Mokeresete yo o godileng. Mmolelele seo se diragalang mme o kope thuso mo go ene.