Diteme, Go bua ka
Tlhaloso: Kgono e e kgethegileng e e neng ya neelwa barutwa bangwe ke moya o o boitshepo mo phuthegong ya pele ya Bokeresete e e neng e ba kgonisa go rera kana go galaletsa leina la Modimo ka puo e sele go na le e e leng ya bone fela.
A Bibela e bolela gore botlhe ba ba nnang le moya wa Modimo ba tla “bua ka diteme”?
1 Bakor. 12:13, 30: “Rotlhe re kolobeledicwe mmele o le moñwe hèla mo Moeeñ o le moñwe hèla, . . . A botlhe ba na le dinèō tsa phodishō? A botlhe ba bua ka dipuō?” (Gape 1 Bakorintha 14:26)
1 Bakor. 14:5: “Me yana ke rata loa bo lo bua dipuō di sele lotlhe, me bogolo gore lo ranolè: me eo o ranolañ o mogolo go heta eo o chōmañ ha a sa phutholole, gore phuthègō e bōnè kagèlèlō.”
A go bobora ka go goloketsa ka puo e motho a iseng a ke a e ithute go supa gore o na le moya o o boitshepo?
A kgono ya go “bua ka diteme” e ka tswa e tswa motsweding o sele go na le Modimo wa boammaaruri?
1 Yoh. 4:1: “Baratwa, lo se ka loa dumèla mōea moñwe le moñwe hèla, me lo tlhotlhomisè meōea, bo ke ea Modimo.” (Bona gape Mathaio 7:21-23; 2 Bakorintha 11:14, 15.)
Gareng ga bao ba ‘buang ka diteme’ gompieno ke Mapentekosete le Babaptist, gape le Makatoliki a Roma, ba-Episcopalians, ba-Methodist, Malutere, le ba-Presbyterians. Jesu o ne a re moya o o boitshepo o ne o tla ‘gogela barutwa ba gagwe mo boammaaruring jotlhe.’ (Yoh. 16:13) A maloko a nngwe le nngwe ya ditumelo tseno a dumela gore ba bangwe le bone ba ba ‘buang ka diteme’ ba ile ba gogelwa mo “boamarureñ yotlhe”? Seo se ka nna jalo jang, ereka botlhe ba sa dumalane? Ke moya ofe o o ba kgonisang gore ba ‘bue ka diteme’?
Polelo e e kopanetsweng ke ba Fountain Trust le Church of England Evangelical Council e ne ya dumela ka gore: “Le rona re a itse gore tiragalo nngwe e e tshwanang e ka nna ya direga tlaseng ga diphera/tlhotlheletso ya bodimona.” (Gospel and Spirit, April 1977, e e gatisitsweng ke ba Fountain Trust le Church of England Evangelical Council, ts. 12) Buka ya Religious Movements in Contemporary America (e e ranotsweng ke Irving I. Zaretsky le Mark P. Leone, e tsopola L. P. Gerlach) e bega gore mo Haiti ‘go bua ka diteme’ ke lotshwao lwa ditumelo tsa Pentekosete le tsa Boloi.—(Princeton, N.J.; 1974), ts. 693; bona gape 2 Bathesalonia 2:9, 10.
A go ‘bua ka diteme’ mo go dirwang gompieno go tshwana le mo go neng go dirwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, dineo tsa dikgakgamatso tsa moya, go akareletsa le kgono ya go ‘bua ka diteme,’ di ne di tiisetsa gore kamogelo ya Modimo jaanong e ne e tlogile mo tsamaisong ya kobamelo ya Sejuda go ya phuthegong ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhongwa. (Baheb. 2:2-4) Ereka jaana boikaelelo joo bo ne jwa fitlhelelwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, a go a tlhokafala go supa selo se se tshwanang gangwe le gape mo motlheng wa rona?
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, kgono ya go ‘bua ka diteme’ e ne ya tlhotlheletsa tiro ya merafe-rafe ya go neela bosupi eo Jesu a neng a laetse balatedi ba gagwe go e dira. (Dit. 1:8; 2:1-11; Math. 28:19) A mme ke kafa ba ba ‘buang ka diteme’ ba dirisang nonofo eo ka teng gompieno?
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa Bakeresete ba ne ba ‘bua ka diteme,’ seo ba neng ba se bua se ne se utlwala mo bathong bao ba neng ba itse dipuo tseo. (Dit. 2:4, 8) Gompieno, a ga go boammaaruri gore go ‘bua ka diteme’ gantsi go akareletsa go phamoga ga maikutlo mo go leratla ka go bobora mo go sa utlwaleng?
Bibela e bontsha gore, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, diphuthego di ne di tshwanelwa ke go laolela batho ba babedi kana ba bararo ba ba ka ‘buang ka diteme’ go dira jalo kwa pokanong efe fela; ba ne ba tshwanetse gore ba go dire ka go “hapaana,” mme fa e le gore go ne go se na motoloki ba ne ba tshwanetse gore ba didimale. (1 Bakor. 14:27, 28) A seo ke sone se se dirwang gompieno?
Bona gape ditsebe 301, 302, tlaseng ga setlhogo “Moya” (Spirit).
A moya o o boitshepo o ka tswa o kaela ba ditumelo tsa mewa go dirisa ditlwaelo tse di potileng ka kwa se se fitlhelwang mo Dikwalong?
2 Tim. 3:16, 17: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (Fa mongwe a iphaka gore o na le molaetsa o o tlhotlheleditsweng o o thulanang le ditshenolelo tse di dirwang ke moya wa Modimo ka Jesu le baaposetoloi ba gagwe, a go ka kgonega gore o bo o tswa motsweding o o tshwanang?)
Bagal. 1:8: “Me leha e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele eo o cwañ legodimoñ, ha a ka lo rèrèla mahoko a a molemō a sele kwa ntlè ga a re a lo reretseñ, a a hutsègè.”
A tsela e maloko a diphuthego tse di ratang go ‘bua ka diteme’ a tshelang ka yone e neela bosupi jwa gore ba na le moya o o boitshepo wa Modimo?
Jaaka setlhopha a ba bontsha ka mo go tlhomologileng maungo a a ntseng jalo a moya jaaka bopelonomi le boikgapo? A dinonofo tseno di bonala sentle-ntle fela mo bathong bao ba yang mo dipokanong tsa bone tsa kobamelo?—Bagal. 5:22, 23.
A eleruri ga se “ba lehatshe”? Ka ntlha ya seno a ba ineetse gotlhelele mo Bogosing jwa Modimo kana a ba kopanyelediwa mo dikgannyeng tsa selefatshe tsa sepolotiki? A ba ile ba nna ba se na molato wa madi ka nako ya ntwa? Jaaka setlhopha a ba na le boemo jo bontle ka ntlha ya go tila boitshwaro jo bo leswe jwa lefatshe?—Yoh. 17:16; Isa. 2:4; 1 Bathes. 4:3-8.
A Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba kgethololwa ka kgono ya ‘go bua ka diteme’?
Yoh. 13:35: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”
1 Bakor. 13:1, 8: “Ha ke bua dipuō tsa batho le tsa baengele, me ha ke sena loratō, ke be ke etsa kgōtlhō e e gogomañ, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di ōpañwañ hèla. Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè: me leha go na le diperofeshō, di tla khutlisiwa; leha go le dipuō, di tla hèla.”
Jesu o ne a re moya o o boitshepo o ne o tla tla mo balateding ba gagwe mme ba ne ba tla nna basupi ba gagwe go ya kwa sekhutlong sa lefatshe. (Dit. 1:8) O ne a ba laela gape go dira ‘barutwa ba merafe yotlhe.’ (Math. 28:19) O ne gape a bolelela pele gore ‘mafoko a a molemo a, a bogosi a ne a tla rerwa mo lefatsheng jotlhe je le agilweng go nna bosupi mo merafeng yotlhe.’ (Math. 24:14) Ke bomang gompieno, bao jaaka setlhopha le motho ka bongwe ba dirang tiro eno? Tumalanong le se Jesu a neng a se bua, a ga re a tshwanela go lebelela seno jaaka bosupi jwa gore setlhopha se se rileng se na le moya o o boitshepo?
A go ‘bua ka diteme’ go tla tswelela go fitlhelela se se ‘itekanetseng’ se tla?
Mo go 1 Bakorintha 13:8 go buiwa ka dineo di le mmalwa tsa dikgakgamatso—go perofesa, diteme, le kitso. Temana 9 gape e lebisa go dineo tseno tse pedi—kitso le go perofesa—ka go re: “Gonne re itse ka bontlha ñwe, re perofesa ka bontlha ñwe.” Kana, jaaka RS e balega: “Kitso ya rona ga e a itekanela le go perofesa ga rona ga go a itekanela.” Go tswa foo temana ya 10 e bo e re: “Me e tla re se se itekanetseñ se tsile, se se emeñ ka bontlha ñwe se tla khutlisiwa.” Lefoko ‘itekanela’ le ranoletswe go tswa go la Segerika teʹlei·on, leo le neelang kakanyo ya se se godileng, se se feletseng, kana se se itekanetseng. Ro, By, le NW di tlhalosa ka go re “se se feletseng.” Elatlhoko gore ga se neo ya diteme eo go bolelwang go re ga e a “itekanela,” e le “bontlha ñwe,” kana ga e a felela. Go bolelwa jalo ka ‘perofeso’ le ‘kitso.’ Ka mantswe a mangwe, le eleng ka dineo tseo tsa dikgakgamatso, Bakeresete ba pele ba ne ba na le kutlwisiso e e sa itekanelang kana e e sa felelang ya boikaelelo jwa Modimo. Mme fa boperofeti joo bo ne bo tla diragadiwa, fa boikaelelo jwa Modimo bo ne bo tla bo bo fitlheletswe, go tswa foo “se se itekanetseñ,” kana se se feletseng, se ne se tla tla. Jalo, seno ka phepafalo ga se tlhalose gore ‘neo ya diteme’ e ne e tla tswelela ka lobaka lo lo kana kang.
Lefa go ntse jalo, Bibela ka gone e supa gore ‘neo ya diteme’ e ne e tla tswelela ka lobaka lo lo kana kang e le karolo ya boitemogelo jwa Mokeresete. Go ya ka pego, neo eno le dineo tse dingwe tsa moya di ne ka metlha di neelwa batho ba bangwe ka go bewa diatla ke baaposetoloi ba ga Jesu Keresete kana mo pele ga bone. (Dit. 2:4, 14, 17; 10:44-46; 19:6; bona gape Ditihō 8:14-18.) Ka gone, morago ga loso lwa bone le fa batho ka bongwe ba ba neng ba amogetse dineo ka tsela eo ba se na go swa, dineo tsa dikgakgamatso tse di neng di tlisiwa ke moya wa Modimo di ne di tshwanetse gore di khutle. Pono e e ntseng jalo e dumalana le boikaelelo jwa dineo tseo jaaka bo tlhalosiwa go Bahebera 2:2-4.
A Mareko 16:17, 18 ga e bontshe gore kgono ya go ‘bua ka diteme tse disha’ e ne e tla nna sesupo se se kgethololang badumedi?
Go tshwanetswe ga lemogiwa gore ditemana tseno ga di a lebisa fela go ‘go bua ka diteme tse disha’ mme gape mo go tshwareng dinoga le go nwa tšhefi e e bolau. A botlhe bao ba ‘buang ka diteme’ gape ba kgothaletsa ditlwaelo tseno?
Ka kakgelo ya mabaka a go re ke ka baka lang fa ditemana tseno di sa amogelwe ke bakanoki ba Bibela, bona ditsebe 319, 321, tlaseng ga setlhogo “Phodiso.”
Fa Mongwe A Re—
‘A o dumela mo go bueng ka diteme?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Basupi ba ga Jehofa ba bua ka dipuo tse dintsi, mme ga re tsenelele mo go bueng ka go bobora ka “dipuo tse di sa itseweng.” Mme mma ke botse, A o dumela gore go ‘bua ka diteme’ mo go dirwang gompieno go tshwana le mo go neng go dirwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Go na le dintlha ke tseno go di bapisa tseo ke di boneng di kgatlhisa thata. (Ka gongwe o ka dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 148, 149.)’
Kana o ka nna wa re: ‘Re dumela gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ‘ba ne ba bua ka diteme’ le gore seno se ne sa tlatsa ditlhokafalo tsa teng morago koo. A o itse gore ditlhokafalo tseno e ne e le dife?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Go ne go direla jaaka sesupo sa gore Modimo o ne o ntshitse kamogelo ya one mo tsamaisong ya Sejuda go ya phuthegong ya Bokeresete e e sa tswang go bopiwa. (Baheb. 2:2-4)’ (2) ‘E ne e le tsela e e popota ya go anamisa mafoko a a molemo mo selekanyong sa merafe-rafe mo lobakeng lo lo khutshwane. (Dit. 1:8)’