LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 14 ts. 152-162
  • Tlotlo ya Neo ya Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlotlo ya Neo ya Botshelo
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlotla Botshelo jwa Yo a Iseng a Bonwe
  • Tlotlo ya Botshelo jwa Gago
  • Tiriso ya Diokobatsi
  • Tiriso ya Motsoko le Dikuno tse di Tshwanang
  • Tlotlo ya Botshelo jaaka bo Emelwa ke Madi
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Gana Diokobatsi?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Diokobatsi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Kafa Diokobatsi Tse di Seng Kafa Molaong di Amang Botshelo Jwa Gago ka Teng
    Tsogang!—1999
  • Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 14 ts. 152-162

Kgaolo 14

Tlotlo ya Neo ya Botshelo

1, 2. Ke eng fa re tshwanetse go bontsha tlotlo e e boteng ya neo ya botshelo?

TLOTLO e e boteng ya neo ya botshelo ke motheo wa kagiso ya boammaaruri le polokesego. Mme tlotlo e e ntseng jalo ya botshelo e tlhaela ka mo go hutsafatsang gompieno. Batho ba ile ba tlhalefela go tlosa botshelo, mme ga go ope wa bone yo o ka busetsang botshelo fa bo setse bo fedile.

2 Tlotlo ya botshelo ke tshwanelo e e boitshepo go Monei wa botshelo, ebong Jehofa Modimo. Mopesalema o ne a bua jaana ka ene: “Gonne mocwedi oa botshelō o nntse nau.” (Pesalema 36:9) Re tshela matshelo a rona ka ntlha ya Modimo, e seng fela ka go bo a bopile motho mme gape ka go bo a ile a letlelela setho go tswelela se ntse se le gone go fitlhelela le jaanong ebile o ile a baakanyetsa ka thuso ya go tshegetsa botshelo. (Ditihō 14:16, 17) Go feta seo, o ile a rulaganyetsa gore Morwawe a tle go nna Morekolodi, kana Mogolodi, wa lelapa la motho, a le reka ka madi a botshelo jwa gagwe. (Baroma 5:6-8; Baefesia 1:7) Ka jalo, jaanong o fetisetsa go botlhe ba ba tla go amogelang sebaka sa go tshelela ruri mo Thulaganyong e Ntšha ya tshiamo ya gagwe. Mo ponong ya sotlhe se, re ka bontsha jang tlotlo ya rona e e boteng le kanaanelo mo neong ya Modimo ya botshelo?

3. Go leba ga motho bothubaki e le go intsha bodutu go ama jang boikutlo jwa gagwe tebang le botshelo?

3 Ka selo se le sengwe, fa re tlhoafetse kaga go bontsha tlotlo ya botshelo, ga re ne re ikopanya le bao, ntateng ya boitlhapediso fela, ba otlang megopolo ya bone ka dithulaganyo tse di tsholetsang bothubaki. Go amogela bothubaki jaaka jo bo “ntshang bodutu” go baketse ba le bantsi go fetoga ba ba peloethata le go sa amegeng ka kutlo botlhoko ya batho le tatlhego ya botshelo. Mme fa re leboga molemo wa Modimo le tsholofelo eo a neelanang ka yone, re tla ganela moya o o ntseng jalo. Re tla tlhagolela kanaanelo ya botshelo jaaka neo e e tswang Modimong. Seno se tla ama ka moo re dirisang matshelo a rona ka teng, ka moo re tshwarang batho ba bangwe ka gone, e sita le ka moo re lebang ba ba iseng ba bonwe ka teng.

Go Tlotla Botshelo jwa Yo a Iseng a Bonwe

4. (a) Ke leng botshelo bo fetisediwang lotsalong lwa motho? (b) Ke eng se se bontshang gore a e kane Modimo o kgatlhegela botshelo jwa motho pele ga pelego?

4 Maatla a go fetisetsa botshelo ke tshiamelo e kgolo, e e neetsweng ke Modimo. Botshelo joo bo a fetisiwa, e seng ka nako ya pelego, mme ka nako ya boithwalo. Jaaka Encyclopædia Britannica e tlhalosa, ke gone “ditiragalo tsa botshelo tsa motho, jaaka bogone jo bo tlhaolesegang le jwa motho yo o tshelang, bo simologang.” E boa gape e re: “Motho yo mosha o a bopiwa fa dielemente tsa sepeme se se maatla di kopana le boe jo bo boimana, kana lee.”60 Ka mo go tshwanang, kgatlhego ya Modimo mo botshelong jwa motho e simologa pele ga pelego. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana, a re go Modimo: “Ua mpipa ke le mo sebopeloñ sa ga mmè. . . . Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se ke bopege, me mo lokwaloñ loa gago go no go kwadilwe ditokololō cotlhe tsa me.”—Pesalema 139:13-16; Moreri 11:5.

5. Ke eng fa dikganetso tse di dirwang mo boitekong jwa go dira gore go senya mpa go tshwanele di sa utlwale?

5 Matshelo a dimilione tsa bana ba ba iseng ba bonwe a khutlisiwa ka boomo ngwaga le ngwaga ka go senya mpa. A seno se tshwanetse kafa boitsholong? Ba bangwe ba ganetsa ka gore lesea le le iseng le bonwe ga le na boikutlo jwa botshelo mme ebile ga le ka ke la nna le bogone jo bo kgaoganeng kwantle ga sebopelo. Mme gape go jalo ka lesea le le bonweng bosha. Tlholegong ga le na tlhaloganyo ya gore botshelo ke eng, lefa e le gore le ka tswelela le le gone kwantle ga pabalelo ya ka gale. Sele e e tshelang e e bopilweng mo sebopelong ka nako ya boithwalo e fetoga lesea le le ntseng jalo fa e sa tshwenngwe. Jalo fa go tlosa botshelo jwa lesea le le bonweng bosha go lejwa jaaka tlolo molao mo e batlileng e nna kae le kae, mme ebile go dirwa maiteko a magolo a go boloka le eleng masea a a bonwang pele ga nako, ke eng, he, go sa tshwanela go lejwa jaaka tlolo molao go tlosa botshelo jwa yo a iseng a bonwe? Ke eng fa botshelo bo tshwanetse go lejwa jaaka jo bo itshepileng fela morago ga go tlogela sebopelo mme e seng fa bo sa ntse bo le mo teng ga sebopelo?

6. Bibela e supa jang pono ya Modimo tebang le go tlosiwa ga botshelo ka bomo ga ngwana yo a iseng a bonwe?

6 Selo sa botlhokwa ga se ka moo batho ba lebang dilo ka teng mme ke seo Modimo, Monei wa botshelo, a se bolelang. Go Jehofa botshelo jwa ngwana yo a iseng a bonwe bo a tlhokega, ga se matshamekwane. O ne a neela molao mo Iseraele wa bogologolo ka tlhamalalo go sireletsa botshelo. Fa, mo ntweng magareng ga banna ba le babedi, mosadi yo o ithweleng a ne a ka gobala kana ga felela ka go senyegelwa, molao ono o ne o tlhomile ditefo tse di gagametseng. (Ekesodo 21:22, 23) Go tlosiwa ga ka bomo ga botshelo jwa ngwana yo a iseng a bonwe go ne go tla nna masisi thata. Kafa molaong wa Modimo, motho mongwe le mongwe yo ka bomo a neng a ka tlosa botshelo jwa motho o ne a tshwanetse go atlholelwa loso jaaka mmolai. (Dipalō 35:30, 31) Modimo o sa ntse a bolokile tlhokomelo e e kwa godimo e e tshwanang ya botshelo le gompieno.

7. Re sirelediwa kgatlhanong le eng fa re tlotla thato ya Modimo malebana le botshelo jwa ngwana yo a iseng a bonwe?

7 Tlotlo e e boteng ya thato ya Modimo malebana le botshelo jwa ngwana yo a iseng a bonwe e direla molemong wa nnete. Ka go dira gore batsadi ba ikarabelele ka botlalo ka botshelo joo, Jehofa o baakanyetsa taolo mo bopepeng jwa bonna le bosadi ka diphelelo tsotlhe tsa jone tse di bosula. Tseno di akareletsa malwetsi a thobalo, maithwalo a a sa batlegeng, bana ba dikgora, malapa a a kgaoganeng, le kgagamalo ya tlhaloganyo ya segakolodi se se leswe. Ka gone, go tlotla botshelo go ka tlatseletsa kagisong ya lelapa jaanong mme ke lebaka la botlhokwa mo go boneng ga rona masego a isagwe.

Tlotlo ya Botshelo jwa Gago

8. Ke eng fa re tshwanetse go bontsha tlotlo ya thato ya Modimo ka tsela eo re tshwarang mebele ya rona ka yone?

8 Go ka tweng ka tsela eo re tshwarang matshelo a rona ka gone? Batho ba le bantsi ba re: ‘Ga ke a itlhophela go tsalwa. Jalo se ke se dirang ka botshelo jwa me se ikaegile ka nna. Ke tla dira sengwe le sengwe se ke se batlang.’ A mme moamogedi o tshwanetse go anaanela mpho fela fa e le gore o e lopile? Botshelo ka bojone kwantle ga kganetso epe bo molemo. Ke go sa itekanelang ga botho fela le kutlo botlhoko tseo di amogang botshelo bontsi jwa boipelo jwa jone. Jehofa Modimo ga a tshwanelwa go pegwa molato ka seo. Mme ebile o solofetsa go baakanya seo ka mmuso wa Bogosi jwa gagwe. Jalo, re tshwanetse ra tshela botshelo joo a bo re neelang ka tsela eo e bontshang tlotlo ya thato ya ona le boikaelelo.—Baroma 12:1.

9. Bibela e reng kaga bogagaru le botagwa?

9 Tsela e nngwe e re ka bontshang kanaanelo e e ntseng jalo ke ka tekanyo mo dijong le mo dinong. Bogagaru le botagwa di nyadiwa ke Modimo. (Diane 23:20, 21) Gape, fela jaaka go ja ka tekanyo go tshwanetse go jalo ka tiriso ya dino tsa tagi ka tekanyo. Seno se bontshiwa ke dikwalo di le dintsi.—Duteronome 14:26; Isaia 25:6; Luke 7:33, 34; 1 Timotheo 5:23.

10. (a) Letagwa le bontsha jang tlontlololo ya botshelo? (b) Jaaka go bontshitswe go 1 Bakorintha 6:9, 10, ke eng fa go tlhokafala go ikeha botagwa?

10 Jalo ga se go nwa mo go nyadiwang mo Bibeleng. Ke tiriso e e sa siamang ya tagi. Mme ka lebaka le le molemo, ka jaana seo se senya mmele, se dira gore banwi ba dire ka boeleele mme le e leng go ba dira gore ba fetoge kotsi go ba bangwe. (Diane 23:29-35; Baefesia 5:18) Mo United States fela, bobotlana batho ba le dimilione tse 10 ba lwadiwa ke tagi, phelelo e nna gore ngwaga le ngwaga go swa batho ba ka feta 30 000 ba bolawa ke matshwenyego a sebete. Lekgotla la Morafe kaga Botlhapelwa le re: “Tatlhegelo ya kakaretso mo setšhabeng ngwaga nngwe le nngwe e setse e ka tshwara dibilione tse 43 tsa didolara ka ntlha ya go sa tle tirong, boitekanelo le ditirelo tsa pabalelo, tshenyego ya dithoto le ditshenyegelo tsa kalafi. . . . Mo dikotsing tsotlhe tse di maswe maswe tse di nnang gone mo ditseleng gompieno, 50% ke tse di kopanyeletsang tagi. Go feta 80% ya dintsho tsa molelo, 65% ya go nwela mo metsing, 22% ya dikotsi tsa mo gae, 77% ya go wa, 36% ya dikotsi tsa batsamaya ka dinao le 55% ya ba ba tshwarwang tsotlhe di golaganngwa le tiriso ya tagi. Bakgweetsa difofane ba ba ka tshwarang 44% ba ba kopanyelediwang mo dikotsing ke bao ba neng ba nwa. Boitshwaro jwa thubakanyo joo bo amanang le tiriso ya tagi ke jone bo bakang mo e ka nnang 65% ya dipolao, 40% ya dititeo, 35% ya petelelo, 30% ya bokebekwa jwa kafa dikobong, 30% ya boipolao, 55% ya dintwa kana dititeo tsa mo gae le 60% ya go thubaka bana.”61 Matswela mo magaeng a a kgaoganeng, matshelo a a senyegileng, le go boga ga batho a ka kwa go go balwa. Ka jalo ga go gakgamatse go bo Lefoko la Modimo le re: “Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, . . . go le matagwa, go le bakgadi, go le [ba] ikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.

11. A go na le tlhaloganyo go leka go tshabela mathata a botho ka go nwa ka mo go feteletseng?

11 Ke boammaaruri, ba bangwe ba utlwa thata diphelelo tse di hutsafatsang tsa seemo sa lefatshe. Dintwa tsa lona, bokebekwa, tlhatlogo ya ditlhotlhwa, lehuma, le pitlagano ya lone le dikgatelelo di tlatseletsa mathateng a botho a a tshwenyang. Mme ga go bonwe sepe ka go leka go falola tseno ka tiriso e e gobatsang ya go nwa mo go feteletseng. Seno se tsalela fela motho mathata a a oketsegileng le ba bangwe mme, fa go ntse go tswelela, go senye tlotlego ya motho, boikaelelo mo go tsheleng, le boemo le Modimo.

Tiriso ya Diokobatsi

12. Ke eng fa batho ba bantsi ba retologela diokobatsing?

12 Mo boitekong jwa bone go falola mo mathateng a botshelo, batho ba le bantsi ba ile ba retologela diokobatsing tse di lereng tsitego. Badirisi ba diokobatsi tse di ntseng jalo ba ananya bommatota ka boemo fela jwa go lora kana go nna mo maibing. Ba le bantsi ba dirisa diokobatsi tse di thata jaaka heroin le cocaine. Ba bangwe ba tsaya dilekanyo tse dikgolo tsa diokobatsi tse di farologaneng di le mo sebopegong sa dipilisi. Matshelo a bone a amega jang?

13. Tse dingwe tsa diokobatsi tse di na le diphelelo dife go modirisi, mme Bibela e tlhagisa jang kaga tseno?

13 Tiriso ya bone ya diokobatsi tseno ga motlhofo fela e isa tatlhegelong ya boikgapo, e tlhagisa diphelelo tse di tshwanang le tse di bonwang mo mothong yo o tagilweng. (Diane 23:29-34) Mme gantsi go tlhokomelwa ka kakaretso gore diokobatsi tseno di ka nna kotsi. Ka sekai, mo Motseng wa New York, tlwaelo ya heroin ke lebaka le legolo la loso gareng ga batho ba dingwaga tsa 18 le 35. A tlhokomologo e e feteletseng ya neo ya botshelo!

14, 15. Ke ka ntlha yang fa ba ba gogang marijuana ba sa bontshe tlotlo mo neong ya botshelo?

14 Mme go ka tweng ka tiriso ya seokobatsi se se seng thata marijuana? Le sone se ka nna kotsi ka ditsela di sekae. Badirisi ba marijuana gantsi ba bulegela diokobatsing tse di thata ka go amana le barekisi ba diokobatsi le badirisi ba bangwe. Gape, ba le bantsi bao ba ileng ba ikaega mo seokobatsing seo, ba dumela gore se ka ba okobatsa kgagamalo le khutsafalo, ba mo tseleng ya go ya diokobatsing tse di thatanyana.

15 Mme e sita lefa se se sa diragale, go gogwa ga marijuana ka bogone go kotsi. E na le dilo tse di ka lereng kankere go gaisa disekerete, mme ebile e senya makgwafo ka mo go oketsegileng. Tiriso e e sa kgaotseng e ka tsala go senyega ga sebete, thuo e e golafetseng, le go senyega ga boboko. Addiction Research Foundation ya Canada e bolela gore marijuana “ke seokobatsi se se nonofileng se se nang le dikotsi tse di atlabetseng mo botsogong.”62 Motlhalefedi wa tsa diokobatsi o ne a re: “Marijuana ke seokobatsi se se gobatsang thata. Mo dingwageng tse 10 tse di fetileng go ile ga gatisiwa mo e ka tshwarang dipampiri di le 10 000 mo lekokong la baitseanape tseo di neng di supa kaga bokotsi mo botsogong.” O ne a tlhokomela “bokotsi jo bo maswe jo bo leng masisi thata mo bananeng bao ba lekang go dirisa kelelelo,” mo e leng gore e koafatsa bobolokelo jwa kgakologelo le kgono ya go tlhoma mogopolo. Kaga modirisi wa marijuana, o ne a re: “O ka se ka a kgweetse koloi sentle kana a dirise motšhine o o kwalang. Go e dirisa ka boleele go tsala tshenyego e e masisi mo tsamaisong ya iphemelo malwetsi eo e femelang mmele kgatlhanong le bolwetsi.”63 Basadi ba ba gogang marijuana fa ba le baimana ba mo kotsing e kgolwane ya go ka nna le bana ba ba senyegileng tlhaloganyo. Ponong ya seno sotlhe, a go ka bolelwa gore tiriso ya marijuana ke go bontsha tlotlo mo neong ya botshelo?

16. Tiriso ya diokobatsi e ka senolela motho dikotsing dife tse dingwe tse di masisi, mme se se tshwanetse go ama jang pono ya rona ka kgang?

16 Go na le lebaka le lengwe le le maatla la go tila tiriso ya diokobatsi. Di ka bulela motho tsela ya go tla tlase ga taolo ya badimona. Tomaganyo e ya diokobatsi le bosaitsiweng ga e ntšha ka gope. Baloi mo nakong e e fetileng ba ne ba dirisa diokobatsi. Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine e a tlhokomela: “Mo boloing, tiriso ya diokobatsi, e ka ne e le tse di motlhofo kana tse di maatla, ka tlwaelo e ne e patilwe ke tiriso ya merao le maikuelo dinonofong tsa masaitsiweng.” Ditlhaloso tse di dirwa malebana le lefoko la Segerika le le reng “boloi” (phar·ma·kiʹa, e leng “ntlo ya diokobatsi”) go Bagalatia 5:20. (Bona gape Tshenolō 9:21; 18:23.) Jalo diokobatsi di ka senolela motho tlhotlheletsong ya badimona. Ke jang motho yo o nang le tlotlo go Monei-botshelo wa gagwe a ka itlhagisang mo kotsing e e ntseng jalo ya boikutlo jwa nakwana?

17, 18. (a) Ke loungo lefe le lengwe le le bosula le le amanang le tiriso ya diokobatsi? (b) Jalo, basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba leba jang tiriso ya diokobatsi?

17 Ke mo go itsiweng sentle gore tiriso ya diokobatsi e lomaganye kwantle ga go kgaogana le bokebekwa le go wa ga boitsholo mo bathong. Dithekiso tsa diokobatsi tse di seng kafa molaong ke motswedi o mogolo wa dipoelo bokebekweng jo bo rulagantsweng. Ba ba tlwaetseng diokobatsi ka bontsi ba a utswa go tshegetsa tlwaelo ya bone. Ba bangwe ba retologela mo go ithekiseng mmele. Malapa a a gagoga fa leloko le fetoga motlhanka wa tsone. Bomme ba ba ithweleng ba fetisetsa tlwaelo maseeng a bone, ba ka dinako tse dingwe ba swang ka ntlha ya botlhoko jo bo gamolang pelo jwa matswela. Mme mo mafatsheng a mantsi go tshwara le tiriso ya diokobatsi tse di ntseng jalo ka mabaka ao e seng a kalafi ga go kafa molaong.—Mathaio 22:17-21.

18 A o batla go dirisana le tlwaelo e e amanang le loungo lotlhe lo lo bosula loo? Basupi ba ga Jehofa ga ba batle! Ga ba batle go nna karolo epe ya tiriso ya diokobatsi go bona maitlhapediso kana go tshabela boammaaruri. Ba na le tlotlo e e kwa godimo ya botshelo mme ba batla go bo dirisa ka tsela e e dumalanang le thato ya Modimo.

Tiriso ya Motsoko le Dikuno tse di Tshwanang

19. Ke eng fa tlotlo ya neo ya botshelo e tsena mo ponong ya motho tebang le tiriso ya motsoko, betel nut, le makakaba a setlhatshana sa coca?

19 Se se tlwaelegileng thata gompieno ke tiriso ya motsoko mme, mo mafatsheng a mangwe, betel nut le makakaba a setlhatshana sa coca. Nngwe le nngwe ya tseno e senya mmele mme, mo mabakeng a mangwe, le mogopolo. Mebuso e ile ya tlhagisa malebana le kamano ya motsoko le malwetsi a a tshwanang le kankere ya makgwafo, malwetsi a pelo, botlhoko jwa marohana a makgwafo, le letshwenyo la makgwafo le le tlang ka moya. A go bontsha tlotlo ya neo ya botshelo go dirisa dikuno tse di ntseng jalo tse di tlwaetsang le tse di diphatsa?

20, 21. (a) A bonnete jwa gore Bibela ga e nyatse mekgwa e e ntseng jalo ka maina bo raya gore e siame fela? (b) Ke melao-metheo efe ya Bibela e e bontshang gore mekgwa e e ntseng jalo ga e na sebaka mo botshelong jwa motlhanka wa Modimo?

20 Motho o ka nna a re dilo tse tsotlhe ke popo ya Modimo. Ke boammaaruri, mme go jalo fela le ka dithuthuntshwane. Lefa go le jalo tse dingwe di kotsi fa di jewa. Mongwe o ka nna a re Bibela ka tlhamalalo ga e nyatse mekgwa e e ntseng jalo. Nnyaa, mme, jaaka re setse re bone, go na le dilo tse dintsi tse di sa nyadiweng ka tlhamalalo mo Bibeleng tse ka phepafalo di leng phoso. Ga go yo mo Bibeleng moo ka tlhamalalo e itsang go dirisa segotlo sa moagelani wa motho jaaka sebaka sa go latlhela matlakala. Lefa go le jalo taolo ya yone “u ratè oa ga eno yaka u ithata” e tshwanetse go lekana go ofe le ofe wa rona go lemoga ka moo seo se neng se tla nna phoso ka teng. Ka mo go tshwanang, go goga go bontsha tlhaelo ya lorato, ka jaana mosi o ka tshwenya ba bangwe mme ebile o ka nna wa gobatsa botsogo jwa bone.—Mathaio 22:39.

21 Go 2 Bakorintha 7:1 Lefoko la Modimo le re bolelela gore re “itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” Gore sengwe se nne “boitshèpō” go raya gore se “phatsime, se phepafale, se tlhoke selabe, se tlhoke leswe.” Jehofa o ipoloka a le phepa mme a gololesegile mo lesweng, a sa ikise kwa tlase go itshwara ka mokgwa o o sa itshepang. Ka tshwanelo o lebeletse gore re tswelele re “itekanedisè boitshèpō” go ya bokgakaleng jo bo ka kgonwang ke rona batho. (Baroma 12:1) Gape, o re solofela go ‘o rata ka pelo yotlhe ya rona, moya, mogopolo, le thata.’ Mme ke jang mang kana mang a ka dirang se fa a tsena mo ditlwaelong tse di itshekololang mmele wa gagwe, di senyang botsogo jwa gagwe, le go khutshwafatsa botshelo jwa gagwe?—Mareko 12:29, 30.

22. Ke eng se se ka thusang motho go gololesega mo mokgweng o o ntseng jalo o o bosula?

22 Lemororo o mongwe wa mekgwa eo ekete o beteletse motho, o ka o fenya mme a gololesege. Kitso ya Modimo le maikaelelo a ona di neelana ka tlhotlheletso e e maatla go dira jalo. Motho a ka ‘shahadiwa mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa gagwe.’ (Baefesia 4:23) Seno se tla bula tsela e ntšha ya botshelo eo e felelang ka thethebalo ya botho le tlotlo mo Modimong.

Tlotlo ya Botshelo jaaka bo Emelwa ke Madi

23. (a) Ke tiriso efe fela ya madi e Modimo o e amogetseng mo molaong wa ona go Iseraele? (b) Ke ka ntlha yang fa tlhaloso ya ditlhabelo tseo e tshwanetse go re dira gore re sekaseke ka tlhoafalo gore thato ya Modimo mo kgannyeng e ke efe?

23 Madi a rona, le one, a tlhoka tshekatsheko fa re bua ka botshelo. Modimo o tlhophile madi a motho le a phologolo ka go tshwana jaaka tshwantshetso ya botshelo. Seno se bontshiwa mo molaong o a o neileng Noa mme ya re moragonyana morafe wa Iseraele. Tiriso ya madi e e neng e amogelwa fela e ne e le mo ditlhabelong. (Genesise 9:3, 4; Lefitiko 17:10-14) Ditlhabelo tseo tsotlhe di ne di tshwantshetsa setlhabelo se le sengwe sa ga Jesu, se ka sone a tshololetseng setho madi a gagwe a botshelo. (Bahebera 9:11-14) Seno ka bosone se tshwanetse go re dira gore re neele tlhokomelo e e kgethegileng mo thatong ya Modimo mo kgannyeng e.

24. Ditihō 15:28, 29 e reng mabapi le pono e Bakeresete ba tshwanetseng go nna le yone tebang le tiriso ya madi?

24 A thibelo ya Modimo malebana le tiriso ya madi e sa ntse e dira go Bakeresete ba boammaaruri? Ee, jaaka go bontshiwa ke polelo ya semmuso e e dirilweng ke baaposetoloi le bagolwane ba bangwe ba phuthego ya Bokeresete mo lekgolong la pele la dingwaga. Tlase ga tsamaiso ya moya wa Modimo, ba ne ba kwala jaana: “Go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, re hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse; eboñ go re, lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ [ka gone, tse di sa tswang madi], le mo boakeñ; tse e tla reñ ha lo ithibile mo go cōna go bo go tla nna molemō mo go lona.”—Ditihō 15:28, 29.

25. Ke ka ditlwaelo dife lefatshe le bontshang tlhokomologo ya thato ya Modimo malebana le tiriso ya madi?

25 Batho ba le bantsi ba tlhokomologa thato ya Modimo malebana le madi. Ba a dirisa mo dijong, mo kalafing, le eleng mo dilong tsa papadi. Mme seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa, e re ka jaana lefatshe le bontsha tlhokomelo e potlana mo neong ya botshelo ka boyone. Lefa go ntse jalo, fa re anaanela botshelo le boikarabelo jwa rona mo Modimong, ga re ne re tlhokomologa thato ya gagwe kana re mo nyatsa ka go tlola ditaolo tsa gagwe.

26, 27. Ke ka ntlha yang fa maiteko a go boloka botshelo jwa motho jwa jaanong ka go sa utlwe Modimo a sa bontshe tlotlo go ene?

26 Ka gone, lemororo re tshwanetse go amega ka boitekanelo jwa rona le go batla go sireletsa matshelo a rona, go na le melelwane mengwe e re tlamegileng go e tlhokomela. Jesu o ne a phepafatsa se fa a ne a re: “Eo o ratañ botshelō yoa gagwè, boa mo latlhègèla; me eo o ilañ botshelō yoa gagwè mo lehatshiñ yeno, o tla bo bolokèla botsheloñ yo bo sa khutleñ.”—Yohane 12:25.

27 Fa go na le kgang nngwe ya go lebana le loso ntateng ya go utlwa Modimo kana go sa mo utlwe gore a tile loso, motlhanka wa Modimo o tla kgetha loso bogolo go botlhoka kutlo. Ka go sa utlwe Modimo, Jesu o ka bo a falotse loso. Mme ga a dira jalo. Mme batho pele ga gagwe ba ne ba bontsha boineelo jo bo sa robegeng jo bo tshwanang go Modimo. (Mathaio 26:38, 39, 51-54; Bahebera 11:32-38) Ga ba letla botshelo jwa bone jwa jaanong go ema mo tseleng ya go tshwanelegela ga bone botshelo jo bosakhutleng.

28. Ka go tlhagolela kanaanelo ya pono ya Bibela tebang le botshelo, re ipaakanyetsa eng?

28 A ke ka tsela eo le wena o lebang botshelo ka yone? A o lemoga gore e le gore botshelo bo tle bo nne le boikaelelo jwa sebele o tshwanetse go tshela tumalanong le thato ya Modimo? Go tlhagolela pono eo jaanong ke bontlha bongwe jwa go ipaakanyetsa botshelo mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo. Abo ka nako eo re tla ikutlwa re sireletsegile jang ne le go bolokesega, kae le kae le ka nako efe le efe, re itse gore botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng ba na le tlotlo e e phepa ya neo ya botshelo ya Modimo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela