Basha Ba Botsa Jaana . . .
A Go A Kgathalesega Gore Ke Dibaesekopo tsa Mofuta Ofe Tseo Ke Di Bogelang?
‘DIBAESEKOPO tota ga di ntsenye moya ope,’ go bolela jalo mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Karen, ‘ka gonne ke ela kwa dibaesekopong gore di mpoifise le go ntshosa, e le go intsha bodutu fela.’ Basha ba le bantsi ba dira maiphako a a tshwanang le ano a gore dibaesekopo ga di ba tsenye moya ope. Lefa go ntse jalo, Georgia yo mmotlana ene ga a dumalane le seo. Ereka a ile a bogela dibaesekopo di le dintsi tseo go tsenang bagolo fela mo go tsone, o bolela jaana: “Ga o lebale dilo tseo tse o di bonang mo go tsone le ka motlha ope . . . Fa o ntse o akanya ka tsone, keletso ya gago ya go batla go dira seo o se boneng le yone e a oketsega.”a
Dibaesekopo ke selo seo se ratwang thata ke basha. Mo ngwageng nngwe ya maloba fela jaana, 36 lekgolong ya ba le dimilione di le 113 bao ba neng ba le mo meleng ya go tsena kwa diholong tsa dibaesekopo go ralala United States e ne e le ba ba mo dingwageng tsa bone tsa bolesome. Ba bangwe ba le dimilionemilione ba ipelela dibaesekopo tseo ba di bonang kwa magabone go tswa go dikhasete tsa video kana go dibaesekopo tseo di tlang ka kheibole tsa thelebishini. Gone ke boammaaruri, rotlhe re tlhoka go ikhutsa le go intsha bodutu nako le nako. Go ikhutsa mo go ntseng jalo go ka lapolosa mogopolo le go o tlhotlheletsa. Mo basheng ba le bantsi, go bona baesekopo ke e nngwe ya ditsela tseo ba dirang seno ka tsone mme jalo ba nne le sengwe seo ba se dirang mo thapameng kana mo mantsiboeng ao kwantle ga moo a ka bong e nnile a a bodutu fela. Mme lefa go ntse jalo tota ke dibaesekopo dife tseo o tla di bogelang? A tota go a kgathalesega?
Dibaesekopo—Dilo Tseo Di Tlwaelegileng go Bonwa mo go Tsone Bosheng Jaana
“Go rata menate, tlhakanelodikobo, tirisadikgoka, bogagapa, bopelotshetlha.” Go ya ka ngaka ya tlhaloganyo ya bana ebong Robert Coles, tseno ke ditekanyetso tseo di tumileng mo dibaesekopong di le dintsi tse di tlhagisiwang gompieno. Patlisiso nngwe eo e neng e eteletswe pele ke Dr. Vince Hammond le yone ka mo go tshwanang e ne ya konela ka gore “bontsi jwa dibaesekopo tseo di bontshiwang mo dinageng tse di tlhabologileng bobotlana di ne di na le tirisadikgoka e e rileng, mme bontsi jwa tsone e le tse go tweng ke tsa tirisadikgoka kana gore di na le tirisadikgoka eo e seng kana ka sepe.” Babatlisisi ba ga Hammond ba ne ba dira patlisiso mo dibaesekopong di le 1 000 tsa go tswa kwa dinageng tse di farologaneng. Ke tshwetso efe eo ba neng ba fitlha mo go yone? “Go tlhagisiwa ga dibaesekopo tse di nang le tirisadikgoka ke bothata jwa lefatshe lotlhe.”
Dibaesekopo tseo basha ba di ratang thata ke tse di boifisang, tseo di bontshang batho ba ba tsenweng ke Satane, go betelelwa, le go tsholola madi ka mekgwa e e maswe ka mo go tsitsibanyang mmele. Jaaka fa Dr. Neil Senior, yoo o tsopotsweng mo makasineng wa Seventeen, a ne a tlhalosa seno, dibaesekopo tseno “di bontsha sengwe le sengwe seo lelapa lengwe le lengwe le neng le se kake la rata gore se le diragalele.” Lefa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba tsena mo meleng go ya go di bona.
Gape go ile ga nna le koketsego e kgolo mo dibaesekopong tse di buang puo phaa ka tlhakanelodikobo. Mme go ya ka moporofesara mongwe wa yunibesithi, “batho bao ba rekang di-video tseo di buang puo phaa fela ka tlhakanelodikobo thata kwa Canada ke basha ba dingwaga tsa magareng ga 12 le 17 mme seno se ka nna sa tswa se bodisa tsela eo ba lebang boitshwaro jwa go tlhakanela dikobo ka gone.”
Lefa go ntse jalo, ga go lebege madirelo a dibaesekopo a amega go le kalo ka seno. Makasine wa Variety o bega gore dibaesekopo tseo di bontshang tirisadikgoka mmogo le tlhakanelodikobo fela kafa di ntseng ka gone di a oketsega, mme dibaesekopo tse di siameng, tsa lelapa tsone ga di tlhagisiwe go le kalo. A go ka kgonagala, he, gore go bogela dibaesekopo tse di sa siamang go go ame ka tsela e e sa siamang?
Tsela Eo Matlho le Ditsebe tsa Gago Di Tlhaselwang ka Yone
Dibaesekopo di tshwana fela le selo se se maatla seo se tlhaselang dirwe tsa kutlo. Jesu o ne a bolela gore “lobōnè loa mmele ke leitlhō.” (Mathaio 6:22) Mme seo o se bonang se ka nna le diphelelo tse di seng kana ka sepe mo go wena. Jaaka fa ensatlopedia nngwe e tlhalosa seno, “mogopolo o ya kwa matlho a yang teng.” Ke selo sa tlholego fela gore, mogopolo wa gago o laola seo matlho a gago a tlhongwang mo go sone le go se leba. Mme lefa go ntse jalo fa o tlhoma matlho mo ditshwantshong tseo di leng dikgolo go feta tse di tlwaelegileng tseo di leng mo selong se segolo seo go bontshiwang dibaesekopo mo go sone, go ka nna ga sala go le gonnye fela gore o neele motho yo o dirang dibaesekopo tseo mogopolo wa gago gore a dire boithatelo ka one. Ba bangwe dibaesekopo di ba gapa tlhokomelo mo eleng gore ba ka nna ba tlhoka gore o ba tlhobe thata kafa thoko gore ba ke ba kgone go tlosa tlhokomelo ya bone mo dibaesekopong.
“Tsèbè e e utlwañ” le yone e tlhotlheletsa dikgopolo le ditiro tsa gago thata. (Diane 20:12) Ditshwantsho tse di kgonwang go bonwa ka matlho tse di gapang tlhokomelo mmogo le mafoko a a buiwang di newa maatla ke mmino o o kgonang go tlhotlheletsa maikutlo, go tlhagisa poifo, boitumelo jo bo feteletseng, kgalefo, lorato lo lo feteletseng. Ka ntlha ya seo, dibaesekopo di kgona go tlhagisa selo jaaka ekete ke sa mmatota tota mo eleng gore bangwe ba ba di bogelang ba na le bothata jwa go ka farologanya dilo tsa mmatota mo go tseo eseng tsa mmatota.
Tsela Eo Mogopolo wa Gago le Ditekanyetso tsa Gago tsa Boitsholo Di Tlhaselwang ka Yone
Maitlhomo kana pono ya baesekopo le yone e ka tlhotlheletsa tsela eo o arabelang ka yone thata. Ka gone batho bao ba dirang dibaesekopo ka gone ba leka go dira gore bao ba di bogelang ba rate go tshwana le batsayakarolo bao ba bontshiwang—le esita le fa e le gore mofenyi yoo ke senokwane kana ke motho yo o setlhogo, yoo o bolaisiwang pelo ke maatla.b Fa o sa ikele tlhoko, o ka nna wa iphitlhela o ema senokwane nokeng!
A o ke o lebe kafa bareetsi bangwe ba ileng ba itshwara ka gone maloba jaana fa ba ne ba bona motshameko mongwe o o boifisang o go neng go na le motho mongwe wa setsenwa mo go one yo o nang le dinala tsa logare yoo a neng a feta a kgemetha fela mo metseletseleng ya dipono. Ba ne ba itumelela mmolai yoo yo o neng a tsholola madi! Ereka bareetsi ba ne ba gogiwa ka nko ke khamera e e tlhotlheletsang mogopolo eo, go ne go lebega ba latlhegetswe ke ditekanyetso tsa bone—mmogo le go utlwela babolaiwa botlhoko ka gope.
Abo seno se farologane jang ne le tlhagiso ya Bibela ya gore re seka ra itumela fa yo mongwe a tsene mo dipharagobeng! (Diane 17:5) Seno ke go tlola Taolo ya Sekagauta ya ga Jesu ka tlhamalalo—eleng gore ‘tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direle fela jalo.’ (Mathaio 7:12) Mo godimo ga moo, a go itumelela seo se dirwang ke mmolai se tsamaisana le seo Bibela e se kgothaletsang eleng gore re nne “pelonamagadi”? (Baefesia 4:32) A seno ga se tshwane fela le go itira karolo ya “phuthègō ea badiha dibe”?—Pesalema 26:4, 5.
Diphelelo Tse Di Bolalome
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa akanya gore diphelelo tseo baesekopo e nnang le tsone ga di tseye lobaka, gore di tsaya nakwana fela di le teng. Mme ebile gone ke boammaaruri, o ka nna wa seka wa simolola go kgemetha mongwe le mongwe yo o mmonang ka gonne seno se ile sa bontshiwa mo baesekopong nngwe. Lefa go ntse jalo, lekwalodikgang lengwe la kwa New Zealand le bega gore go na le “bosupi jo bo oketsegang jo bo amanyang dibaesekopo mmogo le di-video tse di tletseng tirisadikgoka le ditiro tsa tirisadikgoka tseo di dirwang ke bangwe ba bao ba di bogelang.” Buka ya Adolescence ka mo go tshwanang e ile ya bolela ka dipatlisiso di le dintsi tseo di bontshang kamano eo e leng teng magareng ga “tirisadikgoka ya mo thelebisheneng le ditiro tsa borumolani” mme ya dumalana gore go na le “bosupi jo bo golang” jwa kafa dilo tseno tse pedi di amanang ka gone.
Gape go ile ga nna le dipego tsa dikgang tsa ditiro tse di setlhogo tsa go sa kgathaleng tseo di ileng tsa dirwa ka ntlha ya dipono tsa dibaesekopo. Ka sekai, mosha mongwe o ne a swa ka ntlha ya dikgobalo tseo a nnileng le tsone fa a ne a leka go ema ka diatla maoto a ile kwa godimo mo tenteng ya saile ya teraka eo e neng e le mo lebelong. O ne a sa tswa go bona motlholo ono o dirwa mo baesekopong nngwe e e tumileng. Ka gone ga se selo se se senang tlhaloganyo gotlhelele go bolela gore baesekopo e ka nna ya ama tsela eo o itshwarang ka yone.
Lefa go ntse jalo, gantsi dibaesekopo di na le tlhotlheletso e e bolalome thata. Ka sekai, a ba le bantsi ba dithaka tsa gago ga ba leke go bua, go apara, le go ipaakanya mo mmeleng ka tsela eo e tshwanang le ya batho bangwe ba ba ratwang thata ba dibaesekopo? A seno ga se bosupi jwa tlhotlholetso e e nonofileng eo dibaesekopo di nang le yone? Mo makgetlong a mangwe, go bogela dibaesekopo tse di sa siamang go lebega go senya ditekanyetso tsa boitsholo tsa basha. Mmatlisisi ebong Dr. Thomas Radecki ka gone o bolela gore fa motho a bona dibaesekopo tse di tletseng tirisadikgoka ka lobaka lo lotelele “seo se felela ka gore a seka a tlhola a tsitsibanngwa mmele ke tirisadikgoka.”
Bibela e bolela jaana: “Yehofa o leka basiami: me moikepi le eo o ratañ go thubaka, mōea wa gagwè oa ba ila.” (Pesalema 11:5) A go nna o ntse o iphepa ka iketlo ka dibaesekopo tse di tletseng tirisadikgoka go ka ama tsela eo o lebang tirisadikgoka ka yone? A o ka simolola go leba tirisadikgoka jaaka selo se se ntshang bodutu, le eleng se se tshegisang? Mme a ebile go ka kgonagala gore o iphitlhele o rata go rarabolola mathata le moo lo sa utlwaneng gone ka go dirisa maatla go feta pele? Diane 10:23 e bolela sentle fa e re: “Bokebekwa ke selo seo dieleele di intshang bodutu ka sone.”—New American Bible.
Mme go tweng ka ditekanyetso tsa gago tsa Bokeresete tsa boitsholo? A go bogela tlhakanelodikobo fela jaaka fa e ntse mmogo le go bogela batho ba le meshampa go kgoromeletsa go nna phoso ga go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo mmogo le ditlamorago tsa gone tse di utlwisang botlhoko kwa morago mo mogopolong wa gago? A go ka dira gore o seka wa tlhola o ‘ila bosula’?—Pesalema 97:10.
Mokwadi ebong Jane Burgess-Kohn o bolela ka boitemogelo jwa mosetsana mongwe yo o bidiwang Jeanie. Morago ga a sena go “bogela baesekopo nngwe eo e neng e tletse ka tlhakanelodikobo” ba e bogetse mmogo le mosimane yoo ba neng ba ratana nae, Jeanie o ne a dumalana gore o ne a “nna le keletso ya go ka tlhakanela dikobo” go ya bokgakaleng jwa gore ba ne ba simolola go atlana thata. Lefa go ntse jalo, o ne a seka a kgona go felela foo. “Ke maswabi go bolela gore,” Jeanie o ne a ipobola jalo, “bosigong joo go ne ga nna motlhofo ka nna go ka dumalana go tlhakanela dikobo. Ke santse ke sa itse gore go ne go rileng ka nna mo eleng gore ke ne ka latlhegelwa ke tlhaloganyo yotlhe. Tota ebile ke ne ke sa rate mosimane yoo go le kalo!”
Kwantle ga pelaelo, he, dibaesekopo di na le maatla a go ka tlhotlheletsa pelo ya gago, dikakanyo tsa gago, le boitshwaro jwa gago. A ka gone ga o a tshwanela go tlhopha seo o se bogelang? Setlhogo se se latelang se tla tlotla malebana le kafa o ka dirang jalo ka gone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Kwa United States, ga go na ope yo o nang le dingwaga tse di leng kafa tlase ga di le 17 yoo o tshwanelang go letlwa go tsena (kwantle ga fa a patilwe ke motsadi kana ke mongwe yo o mo tlhokomelang) mo baesekopong epe eo eleng ya bagolo fela, kana e e nang le dithibelo tseo di beilweng mo go yone, ke Motion Picture Association of America. Mo dibaesekopong tse di ntseng jalo ka kakaretso tirisadikgoka e tlhagisiwa fela kafa e ntseng ka gone, di na le puo ya matlhapa, kana go tlhakanela dikobo moo go tlhagisiwang fela kafa go ntseng ka gone mmogo le batho ba ba meshampa. Lefa go ntse jalo, mo makgetlong a le mantsi dithibelo tseno ga di dirisiwe, mme basha ba letlwa gore ba tsene.
b Tekeletso eo e ileng ya begiwa go Science News e ne ya bontsha gore babogedi gantsi ba angwa thata ke seo ba se bonang “go sa kgathalesege gore baesekopo eo e lebega e le selo fela se se ikakanyeditsweng go le kana kang” fa fela ba ne ba ‘rata thata go ka tshwana le motsayakarolo yo o rileng wa TV kana wa baesekopo.’
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 11]
“Le ka motlha ope ga o ke o lebala dilo tseo tse o di boneng . . . Fa o ntse o akanya ka tsone go ya pele, o iphitlhela o batla thata go dira seo o se boneng”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 12]
Go na le “bosupi jo bo oketsegang jo bo amanyang dibaesekopo mmogo le di-video tse di tletseng tirisadikgoka le ditiro tsa tirisadikgoka tseo di dirwang ke bangwe ba bao ba di bogelang”
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ka ntlha ya go gapiwa maikutlo ke baesekopo, babogedi gantsi ba itumelela polao, bogodu, le boitshwaro jo bo sa siamang jwa kafa dikobong