Nka Tlhopha Jang Baesekopo E E Siameng?
MOTHO mongwe yoo e neng e le naledi ya dibaesekopo ngogola o ne a tsopolwa a bolela jaana: “Batho . . . ba mpotsa gore ke ka ntlhayang fa ke sa tlhole ke bo ke ya dibaesekopong jaanong. Go na le dibaesekopo di se kana ka sepe tseo di sa siamang.” O ne a itlhophela gore a kgaotse gotlhelele go tlhola a ya go bona dibaesekopo go intsha bodutu.
Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Denise le ene o na le maikutlo a a tshwanang, mme lefa go ntse jalo o akantsha tharabololo eno e e seng thata go le kalo. “Ga go na sepe se se kalo seo o ka se bogelang mo go tsone,” o tlhalosa jalo, “ka gonne bontsi jwa tsone di tletse tirisadikgoka. Ka jalo ke itisa thata mo go seo ke se bogelang.”
Kwantle ga pelaelo le wena o ipelela go nna o bogela baesekopo nako le nako. Ka gone go a utlwala fa o sa rate go kgaogana gotlhelele le go tlhola o ya go bogela dibaesekopo go intsha bodutu. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa go ile ga bontshiwa mo setlhogong sa rona se se fetileng—le fa o ka leba ditsebe tsa dilo tsa go intsha bodutu tsa lekwalodikgang lefa e ka nna lepe fela go tla tshegetsa seno—go na le dibaesekopo di le mokawanyana fela tseo di leng molemo tseo di dirwang gompieno tseo di siametsweng go ka bogelwa ke mosha wa Mokeresete.a Kgang eno ga e a tshwanela go tsewa motlhofo, ka gonne dibaesekopo tseo o di bogelang ke seipone sa ditekanyetso tseo o di ratang thata. Di bolela go le gontsi ka mofuta wa ditsala tseo o di ratang thata, mofuta wa puo eo o e amogelang, ditekanyetso tsa boitshwaro jwa kafa dikobong tseo o di ratang.
Bibela e re kgothaletsa gore re “ileñ boshula.” (Pesalema 97:10) A tota o ka kgona go dira jalo fa e le gore ka metlha o batla go nna o itogetsa ka toti ya ga Satane, ka polao e e setlhogo ya gagwe, le ka tirisadikgoka ya gagwe, kana go bontshiwa boitshwaro jo bo sa siamang jwa kafa dikobong fela jaaka bo ntse? Le eseng. Mosha yoo eleruri a anaanelang melaometheo ya bomodimo o senka go latela kgakololo eno ya Bibela e e mo go Bafilipi 4:8: “Sa bohèlō, ba ga echo, dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse.” Seno tota ga se bolele gore o tshwanetse wa kgaogana le dibaesekopo tsotlhe, mme go na le moo se bolela gore o tshwanetse wa tlhopha ka kelotlhoko seo o se bogelang. O ka dira seno jang?
Tsela Eo Di Kgaoganngwang ka Yone—A Ke Selo Se Se Senang Phoso Seo Se Ka go Kaelang?
Kwa United States, dibaesekopo di kgaoganngwa go ya ka ditekanyetso tse di beilweng ke Motion Picture Association of America. Letshwao la tlhaka ke lone le bontshang gore a baesekopo eo ke e e tshwanetseng go ka bogelwa ke batho ka kakaretso, gore a go akantshiwa gore batsadi ba dire kaelo mo go seo, kana gore a ke e e tshwanetseng go bonwa ke bagolo fela. Tsela eo baesekopo e bontshang tlhakanelodikobo le tirisadikgoka, go dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang ga dinotagi le diokobatsi, puo ya matlhapa, jalo le jalo ka gone, gantsi ke one motheo o o dirisiwang fa di kgaoganngwa.
Lemororo go sena pelaelo ya gore dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa go di kgaoganya di na le diphoso, mme ebile gantsi ga di a tlhomama mo selong se le sengwe, gone di ka neela motho yo o batlang go ya go di bogela lesedinyana le sekae malebana le gore ke eng seo se leng mo baesekopong eo le gore a go tshwanetse kana ga go a tshwanela go ka e bogela. Fa e le gore go na le thulaganyo e e tshwanang le eno kwa lefelong la lona, kwantle ga pelaelo o tla e fitlhela e le mosola. Batsadi ba gago le bone ka mo go tshwanang ba ka nna ba dirisa tsela eo di kgaoganngwang ka yone fa ba tlhoma ditekanyetso tse di malebana le dibaesekopo tseo o ka di bogelang.
Lefa go ntse jalo, tsela eno eo di kgaoganngwang ka yone e ka go tsietsa. Gakologelwa: Batho bao ba dirang tiro eo ya go di kgaoganya ba ka nna ba tswa ba sa latele ditekanyetso tse di theilweng mo Bibeleng. Mme ereka ditekanyetso tsa boitshwaro tsa lefatshe di senyega jaana, dibaesekopo di le dintsi tseo di neng di ka tsewa jaaka tse di tsitsibanyang mmele mo dingwageng di sekae fela tse di fetileng jaanong go akanngwa gore di siame go ka bogelwa ke batho ka kakaretso.
DeMarlo yo mmotlana o ne a iponela seno fa a ne a ile baesekopong nngwe eo a neng a akanya gore e ne e beilwe mo setlhopheng sa tse di siameng. Go ne ga diragala gore e nne e e tletseng ka “go rogana le tirisadikgoka.” Ka gone lemororo tsela eo di kgaogantsweng ka yone mo di gatisitsweng teng e ka nna mosola, ga e a tshwanela go nna selo sa konokono seo o se dirisetsang go dira tshwetso ya gore ke eng seo o tshwanetseng wa se bogela. Bibela e tlhagisa jaana: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.”—Diane 14:15.
Go Tlhatlhoba Baesekopo
Ke dilo dife tse dingwe tse di kaelang tseo o ka di dirisang? Ditshekatsheko tsa dibaesekopo mmogo le diphasalatso tsa tsone le tsone di ka nna tsa go fa lesedinyana la gore ke eng se se leng mo baesekopong. Mme lefa go ntse jalo gape, go tlhokafala gore o nne kelotlhoko fano. Tshekatsheko ya dibaesekopo seo e se bontshang fela ke maikutlo a motho yo mongwe ka yone. Mme ebile phasalatso ya yone e ka nna ya fitlha ka boomo ntlha ya gore baesekopo e na le dikarolo tseo di sa siamang.
Mosha mongwe yo o bidiwang Connie o bolela jaana: “Ke lemogile gore fa o itse gore ke bomang bao eleng batsayakarolo ba bagolo mo baesekopong gantsi seo se go fa lesedinyana le sekae la seo baesekopo eo go ka diragalang gore e se bontshe.” Dithaka tsa gago tseo eleng Bakeresete tseo le tsone di latelang ditekanyetso tseo di theilweng mo Bibeleng di ka nna tsa itse fa e le gore baesekopo e e rileng e siame. Mme motsamaise wa holo ya dibaesekopo kana motho mongwe yo a leng kwa ntlwaneng e e rekisang ditekethe le ene a ka nna a go neela tshedimosetso e e leng boammaaruri. Lefa go ntse jalo, ka kakaretso batho gantsi ba go bolelela seo ba se ipeletseng mo baesekopong e e rileng. Ke ka ntlhayang fa o sa mmotse gore ke eng se se leng bosula mo go yone? Bua ka totobalo. Botsa gore a go na le dikarolo tseo eleng tsa tirisadikgoka e e leswe, tseo di bontshang tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse, kana go tsenwa ke badimona.
Batsadi ba gago le bone ba ka go thusa thata ka kgakololo. Vanessa yo mmotlana o bolela jaana: “Ke rerisana le batsadi ba me. Fa ba akanya gore go siame gore nka e bogela, ke a tsamaya go ya go e bona.”
Go ntse jalo le ka go hira ditheipe tsa video. Mo godimo ga moo, tlhatlhoba bokose ya yone ka kelotlhoko kana seo e phuthetsweng ka sone. A go na le sengwe seo se leng mo ditshwantshong tsa yone le mo mafokong a yone seo se ka akantshang gore baesekopo eo ga e a siama? Fa e le gore go ntse jalo he e tlogele! Gape go ka thusa fa o ka buisana le mongwe wa bao ba berekang moo di rekisiwang teng yoo o setseng a bone baesekopo eo. Diane 14:16 e bolela jaana: “Motho eo o botlhale oa boiha, me a kgaogane le boshula: me seeleele se diha ka makgakga, me se ikgantshe.”
Go Tswa O Tsamaya, Go E Tima
Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore o setse o hirile theipe ya video mme o bo o fitlhela gore dilo tseo di leng mo go yone ga di a siama? Tharabololo ya seno e bonolo: E time! Seno se ka nna sa seka sa nna motlhofo. O ka nna wa iphitlhela o gapilwe maikutlo ke tsela eo e rulagantsweng ka yone kana ke batsayakarolo ba yone. O ka nna wa bo o tswa pelo o rata go itse gore baesekopo eo e felela jang. Mme lefa go ntse jalo go furalela bosula ke selo se se siameng ka phepafalo seo o tshwanetseng wa se dira.—Bapisa Mathaio 5:29, 30.
Boemo e ka nna jo bo sa jeseng monate go le kalo fa o na le ditsala mo holong ya dibaesekopo mme baesekopo e bo e simolola go nna e e galakang. Mosha mongwe yo o bidiwang Joseph o ne a lebana le jone boemo jono. Diphasalatso tsa baesekopo nngwe ya bosheng di ne di e bitsa “eo o tshwanetseng wa e bona.” Lefa go ntse jalo, Joseph o gakologelwa jaana: “Mo metsotsong ya ntlha e le metlhano go ne ga nna le dipono di le tharo tsa tirisadikgoka le batho ba le meshampa.” Joseph o ne a itsise ditsala tsa gagwe seo a neng a ikaeletse go se dira a dira jalo ka maitseo mme a bo a tswa. A o ne a fitlhela seno se tsenya matlho a batho? Joseph o bolela jaana: “Nnyaa, le eseng. Ke ne ka akanya pele ka Jehofa le gore ke mo kgatlhise.”
Gone ke boammaaruri, kgatelelo eo basha ba ka go gatelelang ka yone gore o seka wa tsaya kgato e e ntseng jalo e ka nna e e boitshegang. Kgatelelo e ka nna ya bo ya tswa esita le mo basheng bao ba godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete, mme lefa go ntse jalo basha ba ba ntseng jalo ba tlogetse digakolodi tsa bone gore di swe ka go bogela dibaesekopo di le dintsi tse di sa siamang. (1 Timotheo 4:2) Ba ka nna ba go latofatsa ka gore ga o lekalekanye dilo kana gore o itira yo o siameng thata. Mme lefa go ntse jalo go na le gore o ineele mo kgatelelong eo ya dithaka, boloka “segakolodi se se siameñ.” (1 Petere 3:16) Seo se leng botlhokwa tota ga se seo dithaka tsa gago di se akanyang mme go na le moo ke seo Jehofa a se akanyang ka wena! Mme fa ditsala tsa gago di go tshwarisa bothata ka ntlha ya fa o latela segakolodi sa gago, ke nako ya gore o batle ditsala tse disha. (Diane 13:20) Ke wena modisa yo mogolo wa matlho a gago, ditsebe tsa gago, le pelo ya gago ya tshwantshetso.—Bapisa Yobe 12:11; 31:1; Diane 4:23.
Go Boloka Segakolodi Se Se Siameng
Georgia yo mmotlana o ne a na le mokgwa wa go tsena ka bokukuntshwane mo dibaesekopong tseo go neng go bolelwa gore ga di tsenwe ke batho ba ba lekanang nae ka dingwaga. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa nako e ntse e tsamaya a simolola go eletsa go nna le kamano e e molemo le Modimo. O ne a kgaotsa go tlhola a bogela dibaesekopo tse di sa siamang mme a bona dilo tse dingwe tse di ntshang bodutu tseo a ka di dirang le ditsala tsa gagwe tsa Bakeresete. Georgia o bolela jaana: “Ga ke tlhole ke na le sepe seo se imelang segakolodi sa me. Mme jaanong eleruri ke kgona go robala ka gonne ruri ke ikutlwa ke le phepa kafa gare.”
A o batla go nna phepa mo matlhong a Yo o tlhatlhobang dipelo, ebong Jehofa Modimo? (Diane 17:3) He ikele tlhoko mo go seo o se tsenyang mo pelong ya gago. Tila go bogela tirasadikgoka, tiriso e e sa tshwanelang ya tlhakanelodikobo, kana puo ya matlhapa go sa tlhokafale; sa tsone fela ke go go foufatsa gore o se ka wa tlhola o lemoga se se molemo le go bodisa pelo ya gago. Nna jaaka mopesalema yo o neng a rapela jaana: “Haposa matlhō a me mo go lebeñ boithamakō.”—Pesalema 119:37.
Fa o ka ikela tlhoko le go tlhopha ka kelotlhoko, seo ga se kitla se dira gore o itshireletse fela mo dilong tse di bosula tse di tlhotlheletsang mme gape o ka nna le “go ikutlwa o le phepa” gole goo Georgia yo mmotlana a neng a bua ka gone. Mme ga go na diphelelo dipe tse di kgethegileng tsa Hollywood tseo di ka atamelang go ikutlwa jalo!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “A go A Kgathalesega Gore Ke Dibaesekopo tsa Mofuta Mang Tseo Ke Di Bogelang?” seo se tlhagang mo go yone tokololo eno ya Tsogang!
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 14]
Dibaesekopo di le dintsi tseo di neng di ka tsewa jaaka tse di tsitsibanyang mmele mo dingwageng di sekae tse di fetileng jaanong di tsewa jaaka tse di siameng
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Batsadi ba gago ba ka itse fa e le gore baesekopo e e phasala-ditsweng ke e sa siamang