Puso ya Motho e Beilwe mo Dikaleng Tsa Katlholo
Karolo 1b—A Tota Re Tlhoka go Nna le Puso?
BOTLHOKATAOLO: mo go senang mofuta le fa e ka nna ofe wa taolo ya sepolotiki, goo go felelang ka setšhaba sa batho bao ba senang puso, bao ba ipolelang gore ba gololesegile gotlhelele.
RRAMATLHAJANA wa Mogerika ebong Aristotle o ne a bitsa mefuta yotlhe ya dipuso tsa motho a re di tsalwa di sa tlhomama ebile di fetofetoga fela go sa twe sepe. O ne a bolela, go ya ka mokwadi mongwe, gore “go tlhomama ga dipuso tsotlhe go senngwa ke maatla a a kgogolang a nako.”
Ka ntlha ya maemo a a ntseng jalo, ga go gakgamatse go bo batho bangwe ba ile ba buelela gore go seka ga nna le puso gotlhelele, kana bobotlana go nne le puso e sekae fela ka mo go kgonagalang ka gone. Mme lefa go ntse jalo go buelela gore ‘go seka ga nna le puso ka gope’ tota ke go ipiletsa botlhokataolo, eleng lefoko leo le ranotsweng mo go la Segerika leo le kayang “go sa nne le ope yo o go busang.”
Lefoko “botlhokataolo” le ne la dirisiwa ka 1840, eleng dingwaga di le 150 fela mo godimo ga tlhogo tse di fetileng, le dirisiwa ke Pierre-Joseph Proudhon, yoo e neng e le mokwadi wa dipolotiki wa Mofora. Mme lefa go ntse jalo botlhajana jono jwa botlhokataolo bo ne jwa tlhalosiwa ka phepafalo mo dingwageng di le 200 tse di fetileng bo tlhalosiwa ke monna wa Moesemane ebong Gerrard Winstanley. Jaaka fa go tlhalosiwa go The New Encyclopædia Britannica, “Winstanley o ne a tlhoma seo morago ga moo se neng sa fetoga melaometheo ya konokono mo gare ga batshegetsi ba botlhokataolo: eleng gore maatla a a senya; gore dithoto ga di tsamaisane le kgololesego; gore taolo le dithoto fa di le mmogo di tsala bokebekwa; le gore ke fela mo setšhabeng seo se senang balaodi, moo tiro le dikuno tsa yone di abalanwang teng, motho a ka gololesegang le go nna le boitumelo gone, ba dira dilo go ya ka digakolodi tsa bone eseng go ya ka melao eo ba e tlhometsweng go tswa mo go ba ba kwa godimo.”
Mme le fa go ntse jalo a boitemogelo ga bo re rute gore setlhopha sengwe le sengwe se tlhoka go nna le thulaganyo eo se dirang dilo go ya ka yone? “Go tswa metlheng ya bogologolo,” go bolela jalo The World Book Encyclopedia, “setšhaba sengwe le sengwe se ile sa nna sa nna le mofuta o o rileng wa puso e le karolo ya sone ya konokono.” E tlhalosa gore “setlhopha sengwe le sengwe sa batho—go tloga ka lelapa go ya go morafe—se na le ditaolo tsa boitshwaro tseo di laolang matshelo a maloko a sone.” Ke tsela efe e nngwe eo se neng se tla fitlhelela maikaelelo a sone gore maloko otlhe a sone a ke a solegelwe molemo?
Ka gone batho ba le bantsi ba ka dumela kwantle ga tikatiko kgopolo ya gore ditheo dingwe di na le tshwanelo ya semolao ya go ka diragatsa taolo le go dira ditshwetso tseo di tswelang botlhe molemo. Fa go sena puso epe eo e dirang ditshwetso e di direla setšhaba, motho mongwe le mongwe o ne a tla tlogelwa gore a latele seo segakolodi sa gagwe se se mmolelelang, jaaka fa Winstanley a ile a akantsha. A seno se ne se tla dira gore go nne le kutlwano? Kana a go ne go se kake ga diragala thata gore motho mongwe le mongwe o ne a tla rata go latela dikgatlhego tsa gagwe ka namana, gantsi a dira jalo a tsenya ditshwanelo tsa ba bangwe tseo le tsone ka mo go tshwanang eleng tse di ba tshwanelang mo kotsing?
Ditekeletso tseo di ileng tsa dirwa ka botlhokataolo di ile tsa palelwa ke go tokafaletsa batho dilo. Maiteko a dirukutlhi tsa mo lekgolong la bo 20 la dingwaga a go reketlisa setšhaba, a go senya seo ba akanyang gore ke sone se ba senyang, ga a ka a nna le katlego epe e e botoka mo go eo.
Go bua boammaaruri fela, go ‘tlhoka puso’ ke go ipiletsa tlhakantsuke. Ka gone bothata ga se gore ‘a go tshwanetse ga nna le puso kana a ga go a tshwanela ga nna le puso?’ mme, go na le moo, ‘ke puso ya mofuta mang e e ka tlisang diphelelo tse di molemolemo?’
Ditsela Tseo Puso ya Motho E Simologileng ka Tsone
Puso ya Modimo e ne e le yone tsela eo kwa tshimologong e neng e tlhometswe motho kwa tshimong ya Edene mo dingwageng di le dikete di le thataro tse di fetileng. Mmopi o ne a otlelela kafa setho se ikaegileng ka ene ka gone mmogo le ka tsela eo a tsamaisang dilo ka gone tumalanong le molaomotheo ono oo o neng wa bolelwa moragonyana ga moo mo Bibeleng: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Kana jaaka fa seane seno sa Setšhaena se bolela: “Fa motho a sa bone thuso go tswa kwa Legodimong ga a kake a tsamaya lefa e le kgato e le nngwe.”
Batho ba ntlha ba babedi bone ba ne ba dira tshwetso e e farologaneng le eo. Ba ne ba itlhophela go sepela ba “sa bone thuso go tswa kwa Legodimong” mme ka gone ba ne ba patelesega gore ba tsamaye ka tsela ya bone ba tswe mo Paradaiseng eo Modimo o neng o ba e neetse. Moragonyana ga moo, fa lelapa la motho le ne le ntse le gola, tlhokafalo ya gore go nne le melao ya puso go tlhomamisa gore go nne le kagiso le tolamo mo teng ga thulaganyo eno le yone e ne ya gola. E ne ya re fela fa taolo ya Modimo e sena go ganwa, taolo ya batho, jaaka go ne go ka lebelelwa, e ne ya itatlhela go ka tswala letshoba leo.—Genesise 3:1-5.
Tsotlhe Di A Tshwana—Lefa go Ntse Jalo Di Farologane
Go tswa tshimologong eno e e solofetsang, dipuso tsa batho di ile tsa nna ka mefuta e le mentsi. Go sa kgathalesege gore a ke tse di sa raraanang ka gope kana e le tse di raraaneng thata, tsotlhe go na le dilo tse di rileng tseo di tshwanang ka tsone. Dingwe tsa tsone ke tseno:
Dipuso di tlhokomela dilo tseo di tlhokwang ke batho bao ba leng kafa tlase ga tsone. Puso eo e retelelwang ke go dira seno e latlhegelwa ke maatla a yone a go busa.
Dipuso di tlhoma melao eo go tshwanetsweng ga dirwa dilo go ya ka yone, eo fa bao ba leng kafa tlase ga yone ba sa e ngaparele, go felelang ka gore ba otlhaiwe. Setlhopha seno sa melao se bopilwe ka ditaolo le melao, mmogo le ditlwaelo tseo di ileng tsa nna gone go raralala makgolo a dingwaga. Baagi ka kakaretso ba ikobela melao ya kafa go tshwanetsweng ga dirwa dilo ka gone e le ka gonne ba bona melemo eo e nnang teng ka ntlha ya go dira jalo, e le ka ntlha ya gore ba akanya gore ‘ke selo se se tshwanetsweng go dirwa,’ e le ka ntlha ya gore ba gatelelwa ke dithaka gore ba dire jalo, kana e le fela ka ntlha ya gore ba tla otlhaiwa fa ba sa e ikobele.
Dipuso di dira ditirelo tsa peomolao, khuduthamaga, le tsa boatlhodi di dirisa thulaganyo ya mofuta o o rileng eo e tlhomilweng. Go dirwa melao, go diragadiwa tshiamo, mme melao e tsenngwa tirisong.
Dipuso di tswela pele di na le dikamano tse di nonofileng le tsa bobapatsi.
Dipuso gape gantsi di itsalanya le mofuta o o rileng wa bodumedi, tse dingwe di nna le kamano e e atamalaneng thata go feta tse dingwe. Di dira seno go dira gore puso ya tsone e nne le maatla a rileng a taolo—‘eleng gore di nne le tshegofatso e e tswang kwa legodimong’—eleng seo fa e ne e sa dire jalo e neng e se kake ya nna le sone.
Gone ke boammaaruri, dipuso gape go na le moo di farologanang gone. Borasaense ba sepolotiki ba di baya ka ditlhopha mmogo le go di kgaoganya ka ditsela di le dintsi. “Ka sekai, go na le,” go kwala jalo The New Encyclopædia Britannica, “pharologanyo e e tlwaelegileng e e leng teng magareng ga dipuso go ikaegile ka palo ya bao ba busang—puso ya motho a le mongwe (ya bobusanosi kana ya bodipa), puso e go busang ba sekae fela mo go yone (aristocracy kana oligarchy), le puso eo go busang ba le bantsi mo go yone (eleng ya batho ka batho).”
Ka dinako tse dingwe dipuso di kgaoganngwa go ya ka ditheo tsa tsone tsa konokono (eleng palamente, puso ya kabinete), go ya ka melaometheo ya tsone ya konokono ya taolo ya sepolotiki (ya setso, e e sa tlwaelegang), go ya ka thulaganyo ya tsone ya tsa ikonomi, kana go ya ka tsela eo di dirisang maatla ka gone kana kafa di sa a diriseng ka tshwanelo ka gone. “Lemororo go sena epe ya tsone eo e dirilweng ka botlalo,” buka eno ya tshupetso e bolela jalo, “mongwe le mongwe wa melaometheo eno ya go di tlhatlhoba e na le boammaaruri jo bo rileng.”
Mme lefa go ntse jalo go sa kgathalesege gore re di kgaoganya ka tsela efe, selo sa botlhokwa seo re tshwanetseng go se gakologelwa ke gore mefuta e e farologaneng ya puso ya motho—go sa tlogelwe epe kwa morago—jaanong di a tlhatlhobiwa. Seno se tla nna le diphelelo tse dikgolo mo go rona rotlhe.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala malebana le balaodi ba puso bao ba santseng ba busa go tla go fitlha nako kgolo ke e, o ne a kwala jaana: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1, 7) Ka gone, Bakeresete bao ba latelang kaelo ya Bibela ka tlhoafalo ba ikobela melao yotlhe ya lefatshe leo ba nnang mo go lone, kwantle ga fa ba laelwa gore ba robe melao ya Modimo, eleng eo eleng megolo go feta yotlhe.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Puso e a tlhokafala—fela jaaka fa go ntse ka go laolwa ga pharakano—go thibela gore go seka ga nna le tlhakantsuke