Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 10—Puso E E Lolameng E Tsile!
Puso ya Bolegodimo (Theocracy): go tswa mo mafokong a Segerika “the·osʹ” (modimo) le “kraʹtos” (puso); ka jalo, ke puso ka kaelo kana ka tsamaiso ya Modimo, ka dinako tse dingwe o dirisa baemedi ba ba tlhophilweng.
FA O ne o ka kgona go reka sebaga sa perela ya mmatota kana palamonwana ya teemane, a o ne o ka kgotsofalela setshwantsho sa yone seo eseng yone ka mmatota? Ka gongwe o ne o ka se dire jalo, kwantle ga fa o tsieditswe gore o dumele gore se o se rekang ke sone fela se se botoka go gaisa tsotlhe tse motho a ka nnang nasto.
Malebana le puso, batho ba le makgolo a a dimilione ba ile ba tsiediwa gore ba dumele gore ba na le puso e e botoka go feta tsotlhe tse di ka nnang teng. Totatota ba felela ba na le ditshwantsho fela tsa selo sa mmatota. Ga go gakgamatse go bo ba swabile, ba sa kgotsofala, ebile ba kgobegile marapo.
Go Tsomana le Puso E E Molemo
William Ralph Inge, yo o kileng ya bo e le moruti yo o okametseng St. Paul’s Cathedral wa Kereke ya Anglican, kwa London, o ne a kwala jaana ka 1922: “Puso e e molemo e santse e le masego a motho a magolo go gaisa, mme ga go na morafe ope o o kileng wa nna le yone.” Ka ntlha yang?
Tlhaloso e e sa felelang e ka fitlhelwa mo mafokong a ga John F. Kennedy, tautona wa bo 35 wa United States. “Ga go na puso epe e e botoka go feta banna ba e dirilweng ka bone,” o ne a rialo. Ereka le ene mankge wa dipolotiki a sa itekanela, puso nngwe le nngwe e batho ba e bopang e lebanwe fela ke go palelwa.
Mokwalametshameko wa lekgolo la bo 17 la dingwaga wa Moesemane ebong Philip Massinger o ne a bolelela ruri fa a ne a kwala jaana: “Motho yo o neng a tla busa ba bangwe, pele o tshwanetse gore a bo a kgona go ipusa ka boene.” Mme lefa go ntse jalo ke ofe motho yo o sa itekanelang yo tota a ka kgonang go ipusa ka boene? Tota, ga go na lepolotiki lepe le le nang le kitso le botlhale tse di lekaneng go ka laola ditiragalo le maemo mme ka jalo a tlhomamisa gore ene ka boene a nne le boitumelo le thetebalo, re sa bue sepe ka boitumelo le thetebalo tsa dimilione tsa batho ka ene. Mme lefa a ne a ka kgona go dira diphetso tse di tshwanetseng ka metlha, o ne a ka seke a nne le thata ya go di diragatsa.
Mokwaladitlhamo wa Moamerika ebong Brooks Atkinson, e ne ya re fa a lemoga bothata jono, a swetsa jaana bogologolo ka 1951: “Re tlhoka go busiwa ke batho ba ba nang le bokgoni jo bo fetang jwa batho—tiro eno e kgolo thata mme go tlhokafala ka mo go potlakileng thata gore go nne le katlholo e e botlhale. Mme lefa go ntse jalo, mmalo,” o ne a rialo, “ga go na batho ba ba nang le bokgoni jo bo fetang jwa batho.” Gompieno, dingwaga tse di masome a mane morago ga foo, go santse go sena bape.
Totatota, Modimo ga a ise a ko a ikaelele gore batho ba ipuse. E le gore ba nne le puso e e lolameng, batho ba tlhoka se se fetang fela go busiwa ke batho ba ba nang le bokgoni jo bo fetang jwa batho. Ba tlhoka puso ya bolegodimo, eleng go busiwa ke Modimo.
Puso ya Bolegodimo ya Mofuta Mang?
Puso ya bolegodimo ke mofuta wa puso e e neng e laola kwa Edena, eleng koo Modimo o neng o beile batho ba ntlha ba babedi teng. Jaaka Molaodi yo o tshwanelegang, Modimo kwa tshimologong e ne e le one o tsamaisang dilo ebile e le one o laolang.
Fa raditiragalo wa Mojuda ebong Flavius Josephus a ne a bopa lefoko la Segerika le le ranoletsweng go nna “puso ya bolegodimo” (theocracy) lantlha mo dingwageng tse di ka nnang makgolo a a 19 tse di fetileng, o ne a le dirisa a lebisitse go morafe wa Iseraele wa bogologolo. Eno e ne e le tlhaloso e e tshwanetseng, ereka Iseraele ka nako eo e ne e le morafe o o itlhophetsweng ke Modimo. Totatota o ne o busiwa ke one, lemororo puso ya one e ne e tsamaisiwa ka baemedi ba mo lefatsheng.—Duteronome 7:6; 1 Ditihalō 29:23.
Fa lereo “puso ya bolegodimo” le ne le tsenngwa mo dipuong tse dingwe, le simolotse le raya fela seo Josephus a neng a se ikaeletse. Mme lefa go ntse jalo moragonyana le ile la nna le ditlhaloso tse di oketsegileng. Go ya ka The Encyclopedia of Religion, le ile la “dirisiwa thata go raya dilo tse di farologaneng tse di ntseng jaaka Egepeto wa bokgokgontshi, Iseraele wa bogologolo, Labodumedi wa dingwaga tsa bogareng, tsamaiso ya ga Calvin, Boiselamo, le Bo-Buddha jwa kwa Tibet.”
Raditiragalo ebong W. L. Warren o bolela gore go ne go na le “mokgwa wa go busa ga bolegodimo mo bogosing jwa Maesemane—kgosi e le sedirisiwa sa konokono mo thulaganyong ya bomodimo ya go laola lefatshe, kgosi e le moemedi le motsisakatlholo wa Modimo.” Dewey Wallace, Jr. wa George Washington University, o tlhalosa gore mo metlheng ya segompieno lefoko leno le ile la ba la dirisiwa jaaka lereo la “go nyatsa ditšhaba tse di ‘nang le baruti ba bantsi’ di nyadiwa ‘ka tsela ya dirutegi.’”
Tlhaloso ka kakaretso e jaanong e kopanyelediwang mo lefokong leno e letlelela go nna gone ga mefuta e le mentsi ya puso ya bolegodimo. Re tlhoka ya mofuta ofe?
Dipuso tsa Bolegodimo Tseo Eseng tsa Boammaaruri
Puso ya ntlha ya motho mo hisitoring e e kwadilweng e ne ya tlhomiwa ke Nimerode mo e ka nnang dingwaga tse 4 000 tse di fetileng. Setlogolwana se sa ga Noa se ne sa itira kgosi mme, jaaka Bibela e mo tlhalosa, a nna “mocumi eo o nonohileñ [kgatlhanong le, NW] Yehofa.” (Genesise 10:8, 9) Ka go ipaya mmusi kgatlhanong le Jehofa, Nimerode o ne a itira modimo wa sepolotiki. Ka jalo, o ne a etleediwa ke moganetsi yo mogolo wa Modimo, modimo wa maaka ebong Satane Diabolo. (2 Bakorintha 4:4) Ka jalo puso ya ga Nimerode e ne e le puso ya bolegodimo eo eseng ya boammaaruri.
Moragonyana fa banni ba mmusomogolo wa ga Nimerode ba ne ba phatlaladiwa le lefatshe, batho ba ne ba tswelela ba tseela gore mebuso ya bone e ne e le ya bolegodimo, ke gore, e bona taolo go tswa mo modimong kana mo medimong e ba neng ba e obamela. (Genesise 11:1-9) The Encyclopedia of Religion e a re, polelwana “puso ya bolegodimo,” ka jalo e ne ya simolola go dirisiwa “go tlhalosa karolo eo ya pele ya tlhabologo ya bogologolo ya mafatshe a botlhaba e mo go yone go neng go sena pharologanyo mo gare ga bodumedi le mmuso.”
Mo ditsong tse dingwe, jaaka Egepeto fa a ne a santse a le kafa tlase ga Bofarwe, go ne go dumelwa gore kgosi ke molekane wa lenyalo wa modimogadi o mogolo kana morwa wa modimo mongwe. Ditso tse dingwe di ne di sa bolele mo gontsi ka dinonofo tsa bomodimo tseo go neng go dumelwa gore kgosi e na le tsone kana gore ene ke wa letso la bomodimo, mme go na le moo di ne di gatelela mogopolo wa gore o tlhophilwe ke Modimo. Mo Greece wa metlha ya ga Alexander le morago ga gagwe, kgosi e ne e lebiwa e na le bomodimo, go tlhalosa jalo buka ya A History of Political Theory, “ka gonne o ne a tsisa kutlwano mo bogosing jwa gagwe jaaka Modimo o tsisa kutlwano mo lefatsheng.” Buka eno ya hisitori e tswelela ka gore: “O ne a na le bomodimo jo motho fela a neng a sena jone mme e le bomodimo jo bo neng bo ka leretse motho yo o sa tshwaneleng yo o batlang go gapa puso ebile a iphaka a le mo maemong ao a a kwa godimo mme a sena tshegofatso e e tswang kwa Legodimong dipharagobe.”
Thuto e ya gore kgosi e na le bomodimo e ile ya tsweledisiwa le mo metlheng e go tweng ke ya Bokeresete. Morago ga fa merafe ya Teuton e sena go sokologela mo Bokatoliking, kgosi e ne ya nna le seriti se se oketsegileng. Go bo a bewa mo bogosing ke kereke go ne go raya gore Modimo ka boone o ne o tlhophile kgosi gore e buse. Go tswa mo ditiragalong tseno, thuto nngwe e e itsiweng jaaka tshwanelo ya dikgosi ya bomodimo e ne ya nna ya gola ka iketlo.
Le eleng pele ga metlha ya “Bokeresete,” Bokaesare ba Roma ba ne ba fetotse puso ya bone gore e nne ya bolegodimo ka go iphaka gore ba na la bomodimo. Kafa ponong ya Baroma, puso ya motho e ne e tshwana fela le puso ya modimo, ka jalo ba dira puso ya bone, jaaka Nimerode gore e nne puso ya bolegodimo eo eseng ya boammaaruri. Ka jalo fa baruti ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba gana gore Jesu o tla nna Kgosi, ba re, “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare,” ba ne, totatota, ba bontsha gore ba batla puso ya bolegodimo eo eseng ya boammaaruri go na le ya mmatota e Jesu a neng a e bolela.—Yohane 19:15.
Ereka puso ya bolegodimo ka Jehofa e feta kgakala mofuta lefa e ka nna ofe wa puso, ga go gakgamatse gore Satane a bo a lekile go tsenyeletsa dingwe tsa dikarolo tsa yone mo go tsa gagwe tseo eseng tsa boammaaruri tse di dirilweng ke motho—mme lefa go ntse jalo a paletswe. Dipuso tseno tsotlhe tsa bolegodimo tse di itiretsweng di paletswe kgakala ke go dira maikaelelo a tsone. Totatota, ga go epe ya tsone eo e neng e le puso ka Modimo kana ka baemedi ba one. E ne e le ditshwantsho fela tsa selo sa mmatota, di bontsha puso ya motho yo o sa itekanelang e le kafa tlase ga taolo ya modimo oo eseng wa boammaaruri.
Ka mo go tshwanelang he, Bibela e bitsa modimo ono e re ke “kgōsana ea lehatshe yeno” le “modimo oa lehatshe yeno.” (Yohane 12:31; 14:30; 2 Bakorintha 4:4) Ke gone ka moo a ileng a kgona go leka go abela Jesu “magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea aōna,” eleng thaelo eo Jesu a neng a e gana gotlhelele. (Mathaio 4:8-10) Ka go bo Jesu a ne a itse gore puso ya mmatota ya bolegodimo ke puso ka Modimo o o osi wa boammaaruri, ebong Jehofa, Jesu ga a ka a tsiediwa gore a amogele dilo tse di dirilweng ke batho tse di beilweng mo boemong jwa yone tse di palelwang ke go bontsha ka tekatekano e e feletseng dinonofo tsa bomodimo tse di fitlhelwang mo go eo eleng ya mmatota.
Puso E E Lolameng E Gaufi
Mo dingwageng tse di fetileng, Hugh Brogan wa Yunibesithi ya Essex o ne a swetsa ka gore: “Fa e le gore motho, eleng phologolo ya sepolotiki, o tla ipoloka le ditlhabologo tsa gagwe, ga a kake a bona boikhutso mo nakong eno mo go batleng mefuta e mesha ya puso gore a fitlhelele ditlhokafalo tse di ntseng di nna disha tsa metlha ya gagwe.” Fa e sale go tloga metlheng ya ga Nimerode, batho ba ntse ba dira sone seo, eleng go tlhama mefuta e mesha ya puso kgapetsakgapetsa gore ba fitlhelele ditlhokafalo tsa metlha e ba leng mo go yone. Mme tota go setse nako e e kana kang go supa gore puso ya motho tota ga e na thuso?
Se se itumedisang ke gore, ka 1914 nako e ne ya tla ya gore go lekeletsa mo go senang tlhaloganyo ka puso ya motho go gwetlhiwe ka go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia kwa legodimong!a Fa e sale ka 1914, mebuso ya motho, lemororo e santse e tshwere botshelo, e ntse e tshela mo nakong eo e e adimilweng. (Daniele 7:12) Re tshela mo nakong eo Bibela e e bitsang gore ke ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5) Mokwalo o o mo leboteng o o bolelelang pele tshenyego e e tlang ya puso ya motho o phepafetse mo eleng gore ga go ope yo ka boikanyegi a ka o tlodisang matlho. O ka itlhokomolosiwa, mme lefa go ntse jalo ga o kake wa phimolwa.
Puso ya bolegodimo ka Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia mo Bibeleng mo go Daniele kgaolo 2 bo emelwa ke tshilo ‘e e kabotsweng e seng ka diatla’ e e ileng “ya itaea sechwanchō [se se tshwantshetsang puso ya motho] mo dinaoñ tse e leñ tsa tshipi le lecopa, me ya di thubaganya.” Seno se raya gore Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo bo tla tloga bo thubaganya puso e e sa siamang ya motho lefa e ka nna ya mofuta ofe, bo e sila. Gotlhegotlhe ka tsela efe? Bibela e araba jaana: “Hoñ ga thubagañwa tshipi, le lecopa, le kgōtlhō, le selefera, le gouda mmōgō, me tsa nna yaka mmoko oa dibopi tsa pholèlō tsa selemō; me phehō ea di kgophola, me di se ka tsa bōnèlwa bonnō.”—Daniele 2:34, 35.
Fa e le gore mebuso e e bosula ya motho e tsile go fedisiwa gotlhelele mo e leng gore ga go kitla go tlhola go bonwa motlhala ope wa yone, go mo pepeneneng gore batshegetsi ba puso ya motho ba lebagane le metlha e e thata. Dimilione tsa batho, ka go lemoga ntlha eno ba bona go le botlhale gore ba tlose tshepo ya bone mo bolaoding jo bo bodileng jwa motho mme ba e beye mo go sengwe se se botoka. Puso ka Jehofa Modimo, Mmopi wa lobopo, ke yone fela e ka rarabololang mathata ao a tsetsweng ke dikete tsa dingwaga tsa go sa laole sentle le go sa tsamaise dilo sentle ga motho. Puso ya bolegodimo ya boammaaruri ke yone fela e e ka fitlhelelang ditlhokafalo tsa metlha ya rona.
Tsogang! e solofela gore motseletsele o o neng o na le dikarolo tse some wa “Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo” o go tlhomamiseditse kafa go leng botlhokwa ka gone gore o dire phetso ka namana malebana le kgang eno ya puso. Mme godimo ga tsotlhe go solofelwa gore o tla go thusa go dira phetso e e botlhale. Puso ya motho e beilwe mo dikaleng tsa katlholo mme ya fitlhelwa e tlhaela. O tla tlhopha eng? A e tla nna eo eseng ya boammaaruri e e nyatsegang kana eo eleng ya mmatota? A e tla nna puso ya motho kana puso ka Modimo wa boammaaruri, Jehofa?—Daniele 2:44; Mathaio 6:10.
a Go bona bosupi jwa gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe ka 1914 le gore fa e sale go tloga ka yone nako eo lefatshe leno le ntse le le mo metlheng ya lone ya bofelo, bona kgaolo 16 le 18 tsa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ka 1982 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Seo Puso ya Bolegodimo ka Jehofa E Tla Se Dirang
◆ E tla busetsa batho ba ba tsofetseng ba ba bokoa maatla a bosha.—Yobe 33:25.
◆ E tla fedisetsa dintwa ruri.—Pesalema 46:9; Isaia 9:7.
◆ E tla neela lelapa lengwe le lengwe bonno jo bo molemolemo.—Isaia 65:21.
◆ E tla fodisa balwetsi le digole.—Isaia 33:24; 35:5, 6.
◆ E tla tsosa baswi.—Isaia 25:8; Ditihō 24:15; Tshenolō 20:13.
◆ E tla fedisa ditiro tse di seng kafa molaong, boitsholo jo bo repileng jwa kafa dikobong, le bokebekwa mo lefatsheng.—Diane 2:21, 22.
◆ E tla tlamela botlhe ka dijo tse di lekaneng.—Pesalema 72:16; Isaia 25:6.
◆ E tla busetsa kamano e e nang le kagiso fa gare ga batho le diphologolo.—Isaia 11:6-9; Esekiele 34:25.
◆ E tla abela botlhe tiro e e nang le mosola ebile e busetsa.—Isaia 65:22, 23.
◆ E tla fetolela lefatshe mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe.—Isaia 35:1, 6, 7; Luke 23:43, NW.
Tseno ga se ditsholofetso tsa maaka tsa sepolotiki tse di dirwang ke batho; ke ditsholofetso tse di dirwang ke Modimo, mme ‘go retetse mo Modimong go aka.’—Bahebera 6:18.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
O ka bona masego a a sa feleng a puso e e lolameng!