Badisa ba Dinku le Dinku mo Pusong ya Modimo
“Yehofa ke Moatlhodi oa rona, Yehofa ke Motlhōma molaō oa rona, Yehofa ke Kgosi ea rona; èna o tla re boloka.”—ISAIA 33:22.
1. Ke eng fa go ka bolelwa gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le Bakeresete ba gompieno ba busiwa ke Modimo?
PUSO ya Modimo ke puso e Modimo e leng kgosi mo go yone. E akaretsa go laolwa ke Jehofa le go latela dikaelo le ditaolo tsa gagwe fa re dira ditshwetso tse dikgolo le tse dinnye mo matshelong a rona. Phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le ya puso ya Modimo tota. Bakeresete ba nako eo he ba ne ba ka bolela jaana ka boammaaruri: “Yehofa ke Moatlhodi oa rona, Yehofa ke Motlhōma molaō oa rona, Yehofa ke Kgosi ea rona.” (Isaia 33:22) Gompieno phuthego ya ga Jehofa Modimo le yone e busiwa ke ene tota gonne e theilwe ka masalela a a tloditsweng.
Puso ya Modimo E Re Busa ka Ditsela Dife Gompieno?
2. Basupi ba ga Jehofa ba ineela gore Jehofa a ba buse ka tsela efe e nngwe?
2 Re ka bolela jang gore phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe ke ya puso ya Modimo? Gonne ba ba leng mo go yone eleruri ba ineela gore Jehofa a ba buse. E bile ba latela Jesu Keresete, yo Jehofa a mo tlhomileng jaaka Kgosi. Ka sekai, Mmusi yo Mogolo wa Puso ya Modimo o laela Jesu jaana mo motlheng wa bokhutlo: “Ntshetsa thipa ea gago kwa ntlè, u segè: gonne lobaka loa go sega lo tsile; gonne mabèlè a lehatshe a omeletse.” (Tshenolō 14:15) Jesu o dira jaaka a laelwa mme o tswelela ka thobo mo lefatsheng. Bakeresete ba ema Kgosi ya bone nokeng mo tirong eno e kgolo ka go rera mafoko a a molemo le go dira barutwa ba le tlhaga tota. (Mathaio 28:19; Mareko 13:10; Ditihō 1:8) Fa ba dira jalo, ba a bo ba dira le Jehofa, Mmusi yo Mogolo wa Puso ya Modimo.—1 Bakorintha 3:9.
3. Bakeresete ba ineela jang go busiwa ke Modimo fa go tla mo dikgannyeng tsa boitsholo?
3 Bakeresete ba ineela go busiwa ke Modimo lefa go tla mo boitsholong. Jesu o ne a bolela jaana: “Eo o dihañ boamarure, o tla lesediñ, gore ditihō tsa gagwè di senolwè, ha di dihilwe mo Modimoñ.” (Yohane 3:21) Gompieno go na le dikgogakgogano tse di sa feleng tsa gore go tshwanetse ga itsholwa jang, mme lefa go ntse jalo Bakeresete bone ga ba tlhoke go dira jalo. Ba leba boitsholo jo Jehofa a reng ga bo a siama jaaka jo bo sa siamang, mme ba bo tila jaaka e kete ke bolwetsi jo bo tshelanwang jo bo bolayang! Ba tlamela malapa a bone, ba ikobela batsadi ba bone, e bile ba nna ba ntse ba ikobela babusi ba bagolo. (Baefesia 5:3-5, 22-33; 6:1-4; 1 Timotheo 5:8; Tito 3:1) Ka jalo, ba dira dilo go dumelana le thulaganyo ya puso ya Modimo.
4. Adame le Efa le Saule ba ile ba supa maikutlo afe a a phoso, mme Bakeresete ba supa boikutlo jo bo farologaneng le joo ka tsela efe?
4 Adame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke Paradaise gonne ba ne ba batla go itirela ditshwetso tsa gore se se molemo le se se bosula ke sefe. Jesu ene o ne a dira se se farologaneng le seo. O ne a bolela jaana: “Eseñ go rata ga me, me a go rata ga gago go dihalè.” Bakeresete ba batla se se tshwanang. (Yohane 5:30; Luke 22:42; Baroma 12:2; Bahebera 10:7) Saule, kgosi ya ntlha ya Iseraele, e ne e ikobela Jehofa—mme e seng ka botlalo. O ne a latlhwa ka ntlha ya seno. Samuele o ne a mo raya a re: “Go utlwa go molemō bogolo go go isa chupèlō, le go reetsa bogolo go mahura a diphelehu.” (1 Samuele 15:22) A o tla bo o dumelana le puso ya Modimo fa o dira thato ya ga Jehofa ka selekanyo se se rileng fela, gongwe o nna teng ka metlha mo tirong ya go rera kana kwa dipokanong, mme o bo o ineela fa go tla mo boitsholong jo bo siameng kana ka tsela nngwe e sele? Eleruri nnyaa! Re leka go dira “go rata ga Modimo hèla.” (Baefesia 6:6; 1 Petere 4:1, 2) Re farologane le Saule, gonne re ineela ka botlalo gore Modimo o re buse.
Puso ya Modimo ya Motlha wa Gompieno
5, 6. Jehofa o dirisana le batho jang gompieno, mme go felela jang fa batho ba dumelana le thulaganyo eno?
5 Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a busa a bo a senola boammaaruri ka batho bangwe, jaaka baperofeti, dikgosi, le baaposetoloi. Ga go tlhole go ntse jalo gompieno; ga go na baperofeti kana baaposetoloi ba ba tlhotlheleditsweng. Go na le moo, Jesu o ne a bolela gore ka nako ya fa a tla bo a le teng jaaka kgosi, o ne a tla tlhaola setlhopha sengwe sa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” e bile o ne a mo tlhoma gore a okamele dilo tsotlhe tsa gagwe. (Mathaio 24:45-47; Isaia 43:10) Ka 1919 go ne ga bolelwa gore motlhanka yoo ke masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng. Fa e sa le go tloga ka nako eo, o ntse a emetswe ke Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, e bile se ile sa nna karolo e kgolo ya puso ya Modimo mo lefatsheng. Mo lefatsheng lotlhe, Setlhopha Se Se Laolang se emetswe ke Dikomiti tsa Makala, balebedi ba ba etang, le bagolwane ba diphuthego.
6 Motho o tshwanetse go ikobela thulaganyo ya puso ya Modimo mo phuthegong fa a batla go ikobela puso ya Modimo. Go dirisana mmogo goo go dira gore ‘bakaulengwe’ ba ba mo lefatsheng lotlhe ba utlwane ba bo ba dire dilo ka thulaganyo. (1 Petere 2:17) Gape, seno se itumedisa Jehofa, yoo e seng “Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō.”—1 Bakorintha 14:33.
Bagolwane mo Pusong ya Modimo
7. Ke ka ntlha yang fa go ka twe bagolwane ba Bakeresete ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo?
7 Bagolwane botlhe ba ba tlhomilweng, lefa ba ka tswa ba na le thata efe ya go laola, ba tshwanela sentle go ya ka dilo tse di batlegang mo molebeding, kana mo mogolwaneng, jaaka di kwadilwe mo Bibeleng. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Mo godimo ga moo, mafoko ano a Paulo a neng a a kwalela bagolwane ba kwa Efeso a ama bagolwane botlhe: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo.” (Ditihō 20:28) Ee, bagolwane ba tlhomiwa ke moya o o boitshepo, oo o tswang kwa go Jehofa Modimo. (Yohane 14:26) Ba tlhophiwa ka tsela ya puso ya Modimo. Mo godimo ga moo, ba disa letsomane la Modimo. Letsomane ke la ga Jehofa, e seng la bagolwane. Le busiwa ke Modimo.
8. Ka kakaretso fela, maikarabelo a bagolwane ke afe gompieno?
8 Moaposetoloi Paulo o ne a bolela ditiro tsa bagolwane ka kakaretso fa a ne a kwalela Baefesia jaana: “Me a neèla bañwe gore ba nnè baaposetoloi; le ba bañwe gore ba nnè baperofeti; le ba bañwe barèri ba Mahoko a a Molemō; le ba bañwe badisa ba phuthègō, le baruti: Gore baitshepi ba itekanèdiwè, le gore ba dihè tihō ea tihèlō ea phuthègō, le gore ba agèlè mmele oa ga Keresete.” (Baefesia 4:11, 12) Baaposetoloi le baperofeti ba ne ba sa tlhole ba le teng fa “mmele oa ga Keresete” o ne o santse o le mo boseeng jwa one. (Bapisa 1 Bakorintha 13:8.) Mme lefa go ntse jalo, bagolwane ba santse ba rera efangele, ba disa, le go ruta.—2 Timotheo 4:2; Tito 1:9.
9. Bagolwane ba tshwanetse go ipaakanya jang gore ba kgone go bolela se thato ya Modimo e leng sone mo phuthegong?
9 E re ka puso ya Modimo e le puso e Modimo e leng kgosi mo go yone, bagolwane ba ba matsetseleko ba itse thato ya Modimo sentle. Joshue o ne a laetswe gore a bale Molao letsatsi lengwe le lengwe. Bagolwane le bone ba tlhoka go ithuta Dikwalo le go nna ba tlhola mo go tsone ka metlha le go tlwaelana le dibuka tsa Bibela tse di gatisitsweng ke motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. (2 Timotheo 3:14, 15) Seno se akaretsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! le dibuka tse dingwe tse di bontshang kafa melaometheo ya Bibela e dirang ka teng mo maemong a a rileng.a Lefa go ntse jalo, lefa go le botlhokwa gore mogolwane a itse a bo a latele dikaelo tse di kwadilweng mo dibukeng tsa Mokgatlho wa Watch Tower, o tshwanetse a bo a itse sentle melaometheo ya Dikwalo e dikaelo tseo di theilweng mo go yone. O tla kgona go dirisa dikaelo tsa Dikwalo ka botlhale le ka kutlwelobotlhoko.—Bapisa Mika 6:8.
Go Direla ka Moya wa Bokeresete
10. Bagolwane ba tshwanetse go itisa gore ba se ka ba nna le maikutlo afe a a phoso, mme seo se dirwa jang?
10 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya kwa Korintha lekwalo la gagwe la ntlha mo e ka nnang ka ngwaga wa 55 C.E. Bothata bongwe jo a neng a bo rarabolola e ne e le jwa banna ba ba neng ba batla go nna kwa godimo mo phuthegong. Paulo o ne a kwala jaana: “Lo setse lo kgotshe, lo setse lo humile, lo busitse re seeō mo go lona: E, me ke rata loa bo lo busa, gore le rona re tlè re busè le lona.” (1 Bakorintha 4:8) Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba solofetse go ya go busa jaaka dikgosi tsa selegodimo mmogo le go nna baperesiti le Jesu. (Tshenolō 20:4, 6) Lefa go ntse jalo, go bonala gore bangwe kwa Korintha ba ne ba lebetse gore puso ya Modimo ya Bokeresete e ne e sena dikgosi. Go na le gore ba buse jaaka dikgosi tsa lefatshe leno, badisa ba Bakeresete ba ithuta go ikokobetsa, e leng nonofo e e itumedisang Jehofa.—Pesalema 138:6; Luke 22:25-27.
11. (a) Dikao tse dingwe tse di tlhomologileng tsa batho ba ba boikokobetso ke dife? (b) Bagolwane mmogo le Bakeresete botlhe ba tshwanetse go iteba jang?
11 A fa o ikokobetsa o a bo o le bokoa? Nnyaa! Jehofa o tlhalosiwa gore o a ikokobetsa. (Pesalema 18:35, NW) Dikgosi tsa Iseraele di ne di etelela masole pele fa a ne a ya ntweng mme gape di ne di busa morafe ka taolo ya ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, nngwe le nngwe ya tsone e ne e tshwanetse go ela tlhoko gore “pelo ea gagwè e se ka ea ikgodisetsa bana ba ga rragwè.” (Duteronome 17:20) Jesu yo o tsositsweng mo baswing ke Kgosi ya selegodimo. Lefa go ntse jalo, o ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng. A boikokobetso ruri! O ne a supa gore o batla gore baaposetoloi ba gagwe le bone ba ikokobetse ka go bolela jaana: “Ha nna ke leñ Morèna le Moruti, ke tlhapisitse dinaō tsa lona, le lona lo chwanetse go tlhapisanya dinaō.” (Yohane 13:14; Bafilipi 2:5-8) Kgalalelo yotlhe le pako e tshwanetse go newa Jehofa, e seng motho ope. (Tshenolō 4:11) Bakeresete botlhe, e ka tswa e le bagolwane kana nnyaa, ba tshwanetse go itsaya jaaka mafoko ano a ga Jesu a supa: “Re batlhanka ba re senañ molemō; re dihile se e neñ e le chwanèlō ea rona go se diha hèla.” (Luke 17:10) Kgopolo e nngwe e sele ga e dumalane le tsamaiso ya puso ya Modimo.
12. Ke ka ntlha yang fa lorato e le nonofo e e botlhokwa thata e bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetseng go e tlhagolela?
12 Bagolwane ba Bakeresete ba tlhagolela boikokobetso mmogo le lorato. Moaposetoloi Johane o ne a bontsha gore lorato lo botlhokwa fa a ne a re: “Eo o sa rateñ ga a itse Modimo; gonne Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Batho ba ba senang lorato ba kgatlhanong le puso ya Modimo. Ga ba itse Jehofa. Bibela e bolela jaana ka Morwa Modimo: “Yesu . . . ereka a ratile ba gagwè ba ba mo lehatshiñ, a ba ratèla rure go ea bokhutloñ.” (Yohane 13:1) Jesu o ne a bolela jaana fa a ne a bua le banna ba ba 11 ba ba neng ba tlile go nna setlhopha se se laolang sa phuthego ya Bokeresete: “Taolō ea me ke e, gore lo ratanè, hèla yaka le nna ke lo ratile.” (Yohane 15:12) Lorato ke lone lo lo supang gore Bakeresete ba boammaaruri ke bafe. Le ngoka ba ba dipelo di phatlogileng, ba ba lelang, le ba e leng magolegwa a semoya a a batlang go gololwa. (Isaia 61:1, 2; Yohane 13:35) Bagolwane ba tshwanetse ba tlhoma sekao mo go le bontsheng.
13. Le mororo mathata a gompieno a ka nna bokete thata, mogolwane a ka nna yo o tlhotlheletsang ba bangwe go dira molemo jang mo maemong otlhe?
13 Gompieno, gantsi bagolwane ba kopiwa gore ba thuse go rarabolola mathata a a raraaneng. Mathata a lenyalo a ka tswa a le thata e bile a sa fele. Basha ba na le mathata a bagolo ba sa kgoneng go a tlhaloganya. Mathata a go tshwenyega maikutlo gantsi a thata go tlhaloganngwa. Mogolwane a ka nna a se ka a itse gore a ka dira eng fa a lebane le maemo a a ntseng jalo. Mme a ka tshepa gore fa a kopa botlhale jwa ga Jehofa ka thapelo, fa a sekaseka Bibela le tshedimosetso e e gatisitsweng ke motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale, le fa a dirisana le dinku a ikokobeditse le ka lorato, o tla kgona go di tlhotlheletsa go dira molemo le mo maemong a a bokete go gaisa otlhe.
14, 15. Ke dipolelo dife tse di bontshang gore Jehofa o segofaditse batho ba gagwe ka go ba naya bagolwane ba bantsi ba ba molemo?
14 Jehofa o segofaditse phuthego ya gagwe thata ka “banna ba e leng dimpho.” (Baefesia 4:8, NW) Nako le nako, Mokgatlho wa Watch Tower o amogela makwalo a a itumedisang thata a a supang gore bagolwane ba ba boikokobetso ba ba disang dinku tsa Modimo ka kutlwelobotlhoko ba na le lorato. Ka sekai, mogolwane mongwe wa phuthego o kwala jaana: “Ga ke gakologelwe loeto lwa molebedi yo o etang lo lo neng lwa nkama go feta lono kana lo go santseng go buiwa thata ka lone mo phuthegong. Molebedi yo o etang o ne a nthusa go bona botlhokwa jwa go nna le maikutlo a a siameng fa ke dirisana le bakaulengwe, e bile o ne a gatelela gore ke ba akgole.”
15 Kgaitsadi mongwe yo a neng a tshwanela go ya go alafiwa kwa kokelong nngwe e e kwa kgakala o ne a kwala jaana: “A bo go ne go kgothatsa jang ne go bona mogolwane go tswa kgakala kwa gae mo bosigong joo jwa ntlha jwa fa ke ne ke tshwenyegile ke le mo kokelong! Ene le bakaulengwe ba bangwe ba ne ba nna le nna ka nako e telele. Le e leng batho ba lefatshe ba ba neng ba itse seemo sa me ba ne ba bolela gore ke ne nka se ka ka fola fa e ne e se ka kgomotso, kamego, le dithapelo tsa bakaulengwe ba ba lorato bao ba ba ineetseng.” Kgaitsadi yo mongwe o ne a kwala jaana: “Ke a tshela gompieno gonne setlhopha sa bagolwane se ne sa nthusa ka bopelotelele fa ke ne ke tshwenyegile fela thata mo maikutlong. . . . Mokaulengwe mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba sa itse gore ba ka nthaya ba reng. . . . Mme se se neng sa nkgatlha thata ke gore le mororo ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore ke tshwenngwa ke eng, ba ne ba amega thata ka lorato ka nna.”
16. Petere o kgothatsa bagolwane jang?
16 Ee, bagolwane ba bantsi ba dirisa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le ka mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:1-3) A bo bagolwane ba ba dirang dilo ka tsela ya puso ya Modimo bao e le lesego jang ne!
Dinku mo Pusong ya Modimo
17. Bolela dinonofo tse dingwe tse maloko otlhe a phuthego a tshwanetseng go di tlhagolela.
17 Gone mme, puso ya Modimo ga e dirwe ke bagolwane fela. Fa e le gore bagolwane ba tshwanetse go dumelana le puso ya Modimo, le dinku le tsone di tshwanetse. Ka ditsela dife? Melaometheo e e kaelang badisa e tshwanetse ya kaela le dinku. Bakeresete botlhe, e seng bagolwane fela, ba tshwanetse go ikokobetsa fa ba batla gore Jehofa a ba segofatse. (Yakobe 4:6) Botlhe ba tshwanetse go tlhagolela lorato gonne fa motho a sena lone ditlhabelo dipe fela tse re di ntshetsang Jehofa ga di mo kgatlhe ka gope. (1 Bakorintha 13:1-3) Rotlhe, e seng bagolwane fela, re tshwanetse gore re “tladiwè ka kicō ea mo e leñ go rata ga [ga Jehofa], mo botlhaleñ yotlhe yoa semōea, le mo tlhaloganyoñ.”—Bakolosa 1:9.
18. (a) Ke eng fa go sa lekana go itse boammaaruri go sekaenyana fela? (b) Re ka nna le kitso e e tlhomameng jang rotlhe?
18 Bannye le bagolo ka go tshwana ba tshwanela go dira ditshwetso tse di seng motlhofo nako le nako fa ba ntse ba leka go ipoloka ba ntse ba ikanyega lefa ba ntse ba tshela mo lefatsheng leno la ga Satane. Mekgwa ya lefatshe ya go apara, mmino wa lone, dibaesekopo tsa lone, le dibuka tsa lone, di leka semoya sa ba bangwe. Go itse boammaaruri go sekaenyana fela go ka se ka ga re thusa gore re kgone go nna re nonofile. Re tshwanetse go nna le kitso e ntsi e e tlhomameng gore re kgone go nna re ikanyega. Re tlhoka temogo le botlhale joo bo bonwang fela mo Lefokong la Modimo. (Diane 2:1-5) Seno se raya gore re nne le mekgwa e e siameng ya go ithuta, re akanye thata ka se re se ithutang, re bo re se dirise. (Pesalema 1:1-3; Tshenolō 1:3) Paulo o ne a sa kwalele bagolwane fela, mme o ne a kwalela Bakeresete botlhe fa a ne a re: “Diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.”—Bahebera 5:14.
Badisa ba Dira Mmogo le Dinku
19, 20. Botlhe ba ba dirisanang sentle le bagolwane ba kgothadiwa jang, mme ka ntlha yang?
19 Kwa bokhutlong, go ka bolelwa gore ba ba dirisanang sentle le bagolwane ke bone ba ba supang moya wa puso ya Modimo tota. Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Bagolwane ba ba laolañ sentlè a ba kaiwè go chwanèla tlotlō sebedi, bogolo ba ba dihañ mo lehokuñ le mo go ruteñ.” (1 Timotheo 5:17; 1 Petere 5:5, 6) Go nna mogolwane ke tshiamelo e e molemo tota, mme bagolwane ba bantsi ke banna ba malapa ba ba yang kwa ditirong tsa go itshedisa letsatsi le letsatsi e bile ba na le basadi le bana ba ba tshwanetseng go ba tlamela. Lefa gone ba itumelela go direla ba bangwe, tirelo ya bone e ka nna motlhofo e bile e a itumedisa fa phuthego e ba ema nokeng, e seng e ba tshwayatshwaya diphoso le go ba batla dilo tse ba ka se kang ba di kgona.—Bahebera 13:17.
20 Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo; me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.” (Bahebera 13:7) Nnyaa, Paulo ga a ka a kgothaletsa bakaulengwe gore ba latele bagolwane. (1 Bakorintha 1:12) Thulaganyo ya puso ya Modimo ga e letle gore go latelwe motho. Mme lefa go ntse jalo, go botlhale eleruri go etsa tumelo e e setseng e supilwe gore e siame ya mogolwane yo o dirang dilo ka tsela ya puso ya Modimo le yoo a leng tlhaga mo tirong ya go rera efangele, yoo a nnang teng ka metlha kwa dipokanong, le yoo a dirisanang le phuthego ka boikokobetso le ka lorato.
Sesupo sa Tumelo
21. Bakeresete ba supa tumelo e e nonofileng e e tshwanang le ya ga Moshe jang?
21 Eleruri, go nna teng ga phuthego ya puso ya Modimo mo nakong eno e e maswe thata ya hisitori ya motho ke sesupo sa gore Mmusi yo Mogolo wa Puso ya Modimo o maatla tota. (Isaia 2:2-5) Gape go supa tumelo ya Bakeresete ba ba ka tshwarang dimilione di le tlhano, e bong banna, basadi le bana, ba ba lwang le mathata a letsatsi le letsatsi mme ba se ka ba lebala gore Jehofa ke Mmusi wa bone. Fela jaaka Moshe yo o ikanyegang a ne a “ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bonaleñ,” Bakeresete le bone gompieno ba tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng. (Bahebera 11:27) Ba na le tshiamelo ya go nna batho ba puso ya Modimo mme ba leboga Jehofa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya seo. (Pesalema 100:4, 5) Ba itumelela go bolela jaana fa ba ntse ba bona Jehofa a ba boloka ka maatla a gagwe: “Yehofa ke Moatlhodi oa rona, Yehofa ke Motlhōma molaō oa rona, Yehofa ke Kgosi ea rona; èna o tla re boloka.”—Isaia 33:22.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Nngwe ya dikgatiso tseo ke buka ya “Lo Itisè, Lo Bo Lo DisèLecomane Yeotlhè,” eo e nang le dikaelo tsa Dikwalo mme e kwaletswe balebedi, kana bagolwane ba phuthego.
Bibela Ya Reng?
◻ Bakeresete ba ineela go busiwa ke Modimo ka tsela efe gompieno?
◻ Thulaganyo ya puso ya Modimo e dira jang gompieno?
◻ Bagolwane ba tshwanetse go ipaakanya jang gompieno gore ba kgone go dira boikarabelo jwa bone?
◻ Ke dinonofo dife tsa Bokeresete tse go leng botlhokwa thata gore bagolwane ba di tlhagolele ba bo ba di supe?
◻ Badisa le dinku ba tshwanetse go nna le kamano e e ntseng jang mo thulaganyong ya puso ya Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Adame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke Paradaise gonne ba ne ba batla go itirela ditshwetso tsa gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Fa mogolwane a dirisana le dinku a ikokobeditse, o tla di tlhotlheletsa go dira molemo ka metlha