LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 1/15 ts. 10-15
  • Jehofa O Busa ka Tsela ya Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Busa ka Tsela ya Puso ya Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsalwa ga Puso ya Modimo
  • Tiriso ya Thata ya go Laola mo Pusong ya Modimo
  • Ditiro le Maikutlo A A Sa Dumalaneng le Puso ya Modimo
  • Bokhutlo jwa Puso ya Modimo
  • Puso E Ntšha ya Modimo
  • Kgomarela Tsamaiso ya Puso ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Badisa ba Dinku le Dinku mo Pusong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Karolo 10—Puso E E Lolameng E Tsile!
    Tsogang!—1991
  • Go Disa le Mmopi wa Rona yo Mogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 1/15 ts. 10-15

Jehofa O Busa ka Tsela ya Puso ya Modimo

“Yehofa o tla busa ka bosakhutleñ.”—PESALEMA 146:10.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa motho a paletswe ke go busa? (b) Ke mofuta ofe wa puso o e leng one fela o o ileng wa atlega?

BATHO ba ile ba leka go busa losika lwa motho ka ditsela tse di farologaneng go tloga mo metlheng ya ga Nimerode. Go ile ga nna le dipuso tsa bobusaesi, dikgosi le dikgosigadi, dipuso tse go busang setlhophanyana se sennye fela, le mefuta e e farologaneng ya dipuso tsa temokerasi. Jehofa o ile a di letla tsotlhe. Eleruri, e re ka Modimo e le one Motswedi wa thata yotlhe, ka tsela nngwe ke ene a tlhomileng babusi ba ba farologaneng mo maemong a bone a a kafa tlase ga gagwe. (Baroma 13:1) Lefa go ntse jalo, maiteko otlhe a motho a ileng a a dira a go busa a ile a se ka a atlega. Ga go na mmusi ope wa motho yo puso ya gagwe e neng ya nnela ruri, ya tlhomama, kana ya nna ya tshiamo. Gangwe le gape, “motho o ile a gobatsa yo mongwe fa a mmusa.”—Moreri 8:9, NW.

2 A seno se tshwanetse go re gakgamatsa? Nnyaa ruri! Motho yo o sa itekanelang o ne a sa bopiwa ka tsela ya gore a ka kgona go ipusa. ‘Tsela ya motho ga e mo go ene ka esi: ga go yo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.’ (Yeremia 10:23) Ke gone ka moo, go nang le puso e le nngwe fela mo hisitoring yotlhe ya motho e e ileng ya atlega tota. Ke efe? Puso e Jehofa Modimo e leng kgosi ya yone. Mo Segerikeng sa Bibela, [kraʹtos] e kaya puso mme [the·osʹ] e kaya Modimo, ka gone, seno ke “puso ya Modimo.” Ke puso efe e e botoka e e leng teng go na le ya ga Jehofa Modimo ka boene?—Pesalema 146:10.

3. Ke dikao dife tse dingwe tsa puso ya Modimo tse di neng di le teng mo lefatsheng bogologolo?

3 Puso ya Modimo e ne ya busa ka lobaka lo lokhutshwane kwa Edena, go fitlha ka nako ya fa Adame le Efa ba ne ba tsuologela Jehofa. (Genesise 3:1-6, 23) Mo motlheng wa ga Aberahame, go lebega motsemogolo wa Salema o ne o busiwa ke puso ya Modimo e Melekisedeke e neng e le kgosi ya moperesiti mo go one. (Genesise 14:18-20; Bahebera 7:1-3) Lefa go ntse jalo, puso ya Modimo ya ntlha e e neng ya busa morafe, e Jehofa Modimo e neng e le kgosi mo go yone, e ne ya tlhomiwa kwa nageng ya Sinai mo lekgolong la bo 16 la dingwaga B.C.E. Seo se ne sa diragala jang? E bile puso eo ya Modimo e ne e busa jang?

Go Tsalwa ga Puso ya Modimo

4. Jehofa o ne a rulaganya morafe wa Iseraele jang gore o nne o o busiwang ke Modimo?

4 Jehofa o ne a golola Baiseraele mo botlhankeng kwa Egepeto a bo a bolaela masole a a neng a ba lelekile a ga Faro mo Lewatleng le Lehibidu ka 1513 B.C.E. Morago ga foo O ne a etelela Baiseraele pele go ya kwa Thabeng ya Sinai. Modimo o ne wa roma Moshe gore a ba bolelele jaana ka nako ya fa ba ne ba thibeletse fa tlase ga thaba eo: “Lo bonye se ke se dihetseñ Baegepeto, le yaka ke lo rwele ka diphuka tsa boncwi, me ka lo lere mo go nna. Me ke gōna yana, ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me go heta dichaba cotlhe.” Baiseraele ba ne ba araba jaana: “Gotlhe mo Yehofa o go buileng re tla go diha.” (Ekesodo 19:4, 5, 8) Kgolagano e ne e dirilwe, mme morafe o o busiwang ke Modimo wa Iseraele o ne wa tsalwa.—Duteronome 26:18, 19.

5. Ke eng fa go ka twe Jehofa o ne a busa Iseraele?

5 Gone mme, Jehofa, yo a sa kgoneng go bonwa ke batho ka matlho, o ne a busa Baiseraele jang? (Ekesodo 33:20) Ka tsela ya gore Jehofa ke ene a neng a tlhoma melao le baperesiti ba morafe oo. Botlhe ba ba neng ba ikobela melao ya gagwe le go obamela go ya ka thulaganyo ya bomodimo ba ne ba direla Jehofa, Mmusi yo Mogolo wa Puso ya Modimo. Mo godimo ga moo, moperesiti yo mogolo o ne a na le Urima le Thumima, e Jehofa Modimo a neng a ba kaela ka yone fa go tsoga maemo mangwe a tshoganetso. (Ekesodo 28:29, 30) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a emelwa ke bagolwane mo pusong ya Modimo mme ba ne ba tlhokomela gore Melao ya Modimo e a ikobelwa. Fa re sekaseka rekoto ya bangwe ba banna bano, re tla tlhaloganya botoka thata gore batho ba tshwanetse go ineela ka tsela efe mo pusong ya Modimo.

Tiriso ya Thata ya go Laola mo Pusong ya Modimo

6. Ke eng fa go nna le thata ya go laola mo pusong ya Modimo go ne go gwetlha batho thata jaana, mme go ne go tlhokega banna ba mofuta ofe gore ba dire tiro eno?

6 Ba ba neng ba neilwe thata ya go laola kwa Iseraele ba ne ba na le tshiamelo e kgolo tota, mme ba ne ba tshwanetse go dira maiteko tota le go iketleetsa go e dirisa sentle. Ba ne ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba leba tlotlomalo ya bone e le botlhokwa go feta go tlotlomadiwa ga leina la ga Jehofa. Polelo e e tlhotlheleditsweng e e reng “ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè” e ne e le boammaaruri mo Baiseraeleng fela jaaka e ne e le boammaaruri mo bathong botlhe. Baiseraele ba ne ba atlega fela fa bagolwane ba ne ba gakologelwa gore Iseraele e ne e busiwa ke Modimo le gore ba ne ba tshwanetse go dira se se ratwang ke Jehofa e seng bone. Ka bonako fela fa Iseraele e sena go tlhongwa, Jethero, mogogwadia Moshe, o ne a tlhalosa sentle gore banna bao ba tshwanetse go nna ba ba ntseng jang, fa a ne a re, e nne “banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ.”—Ekesodo 18:21.

7. Moshe e ne e le sekao se se molemo sa motho yo o nang le thata ya go laola mo pusong ya ga Jehofa Modimo ka ditsela dife?

7 Motho wa ntlha yo a neng a nna le thata e kgolo ya go laola kwa Iseraele e ne e le Moshe. E ne e le sekao se se molemo tota sa motho yo o nang le thata ya go laola mo thulaganyong ya puso ya Modimo. Gone ke boammaaruri gore ka nako nngwe makoa a a nang le one jaaka motho a ne a bonala. Lefa go ntse jalo, Moshe o ne a ikaega ka Jehofa ka metlha. Fa go ne go tlhaga dikgang tse di neng di ise di ko di rarabololwe, o ne a kopa Jehofa gore a mo kaele. (Bapisa Dipalō 15:32-36.) Moshe o ne a kgona jang go fenya thaelo ya go itlotlomatsa ka go dirisa maemo a gagwe a a kwa godimo? Ebu, le mororo a ne a eteletse pele morafe o palo ya one e neng e le dimilione, o ne a le “boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) O ne a sa eletse go tlotlomala mme o ne a amegile thata ka gore Modimo o galalediwe. (Ekesodo 32:7-14) E bile Moshe o ne a na le tumelo e e nonofileng tota. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela tsela e a neng a ntse ka yone pele a etelela pele morafe oo, a re: “O na a ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlho mo go èna eo o sa boñaleñ.” (Bahebera 11:27) Go bonala sentle gore Moshe ga a ise a ko a lebale gore Jehofa e ne e le Mmusi tota wa morafe oo. (Pesalema 90:1, 2) A bo e le sekao se se molemo jang ne mo go rona gompieno!

8. Jehofa o ne a laela Joshue gore a dire eng, mme ke eng fa go ne go le botlhokwa thata jaana?

8 Jehofa o ne a naya bagolwane ba le 70 moya wa gagwe gore ba eme Moshe nokeng mo go atlholeng morafe oo ka nako ya fa a ne a imelwa ke go laola Baiseraele a le nosi. (Dipalō 11:16-25) Mo dingwageng tse di latelang, motse o mongwe le o mongwe o ne o tlile go nna le bagolwane ba one. (Bapisa Duteronome 19:12; 22:15-18; 25:7-9.) Jehofa o ne a tlhopha Joshue gore a etelele morafe oo pele, fa Moshe a sena go swa. Re ka kgona go akanya fela sentle gore tshiamelo eno e ne e naya Joshue tiro e ntsi tota. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a mmolelela selo seno sa botlhokwa se a neng a sa tshwanela go se tlhokomologa: “Lokwalō lo loa molaō, a lo se tlogè mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kaha go cotlhe tse di kwadilweñ mo go lōna.” (Yoshue 1:8) Ela tlhoko gore le mororo Joshue a ne a setse a na le dingwaga di le 40 a ntse a direla, o ne a tlhoka go nna a bala Molao. Le rona re tlhoka go ithuta Bibela mme re nonotshe megopolo ya rona ka melao le melaometheo ya ga Jehofa—lefa re ka tswa re na le nako e telele go le kana kang re ntse re direla kana re na le ditshiamelo tse dintsi.—Pesalema 119:111, 112.

9. Ke eng se se neng sa diragala kwa Iseraele mo motlheng wa baatlhodi?

9 Joshue o ne a latelwa ke baatlhodi ba bantsi. Se se sa itumediseng ke gore, mo motlheng wa bone Baiseraele ba ne ba nna ba “diha se se boshula mo matlhoñ a ga Yehofa.” (Baatlhodi 2:11) Pego e bolela jaana kaga motlha oo wa baatlhodi: “Mo metlheñ euō go ne go sena kgosi mo Iseraela: motho moñwe le moñwe o ne a diha se se siameñ mo matlhoñ a gagwè ka esi hèla.” (Baatlhodi 21:25) Mongwe le mongwe o ne a itirela tshwetso fa go tla mo boitsholong le mo kobamelong, e bile hisitori e bontsha gore Baiseraele ba bantsi ba ne ba dira ditshwetso tse di phoso. Ba ne ba obamela medimo ya disetwa e bile ka dinako tse dingwe ba ne ba dira ditiro tse di maswe fela thata. (Baatlhodi 19:25-30) Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba tlhoma sekao mo go supeng tumelo.—Bahebera 11:32-38.

10. Puso ya kwa Iseraele e ne ya fetoga thata jang mo motlheng wa ga Samuele, mme seno se ne se bakilwe ke eng?

10 Ka nako ya fa Samuele, moatlhodi wa bofelo a santse a tshela, Iseraele e ne ya nna le bothata jwa gore e batla go busiwa ke mang. Baiseraele ba ne ba bolela gore ba batla kgosi gonne ba ne ba tlhotlhelediwa ke merafe ya baba e e neng e ba dikologile e e neng e busiwa ke dikgosi. Ba ne ba lebala gore bone ba ne ba setse ba na le Kgosi, gore ba ne ba le kafa tlase ga puso ya Modimo. Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Ga baa gana wèna, ba gannè nna, gore ke se ka ka nna kgosi ea bōnè.” (1 Samuele 8:7) Sekao sa bone se re gakolola kafa go leng motlhofo ka teng go tlhotlhelediwa ke lefatshe leno le re tshelang mo go lone le go tlogela go leba dilo ka tsela ya semoya.—Bapisa 1 Bakorintha 2:14-16.

11. (a) Lefa puso e ne e fetogile, ke jang re ka reng Iseraele e ne e le kafa tlase ga puso ya Modimo le mororo e ne e ntse e na le dikgosi? (b) Jehofa o ne a laela dikgosi tsa Iseraele jang, mme ka boikaelelo bofe?

11 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a dumela gore go dirwe kafa Baiseraele ba neng ba kopa ka teng mme o ne a ba tlhophela dikgosi tsa bone tse pedi tsa ntlha e bong Saule le Dafide. Jehofa o ne a tswelela a busa Iseraele jaaka kgosi ya yone. E le gore dikgosi tsa gagwe di tle di gakologelwe seno, nngwe le nngwe ya tsone e ne e tshwanetse go itirela kopi ya Molao mme e o bale letsatsi le letsatsi, “gore a ithutè go boiha Yehofa Modimo oa gagwè, le go tshegetsa mahoko aotlhe a taolō e, le ditaeō tse, go di diha: Gore pelo ea gagwè e se ka ea ikgodisetsa bana ba ga rragwè.” (Duteronome 17:19, 20) Ee, Jehofa o ne a batla gore ba ba nang le thata ya go laola mo pusong ya gagwe jaaka Modimo ba se ka ba ikgogomosa le gore se ba se dirang se supe gore ba itse Molao wa gagwe.

12. Kgosi Dafide o ne a ikanyega ka tsela efe?

12 Kgosi Dafide o ne a dumela mo go Jehofa ka tsela e e tlhomologileng thata, e bile Modimo o ne wa dira kgolagano le ene gore o tla tsala dikgosi tse di neng di tla busa ka bosakhutleng. (2 Samuele 7:16; 1 Dikgosi 9:5; Pesalema 89:29) Tsela e Dafide a neng a ikobela Jehofa ka yone ruri e ne e tshwanetse go ediwa. O ne a bolela jaana: “Kgosi e tla itumèla mo thateñ ea gago, Yehofa; e tla ipela mo go golo yañ mo polokeñ ea gago!” (Pesalema 21:1) Le mororo ka dinako tse dingwe Dafide a ne a palelwa ka ntlha ya makoa a gagwe a nama, o ne a se ka a ikaega ka nonofo ya gagwe mme o ne a ikaega ka nonofo ya ga Jehofa.

Ditiro le Maikutlo A A Sa Dumalaneng le Puso ya Modimo

13, 14. Ba ba neng ba latela Dafide ba ne ba dira ditiro dife tse di sa dumalaneng le thulaganyo ya puso ya Modimo?

13 Ga se baeteledipele ba Iseraele botlhe ba ba neng ba tshwana le Moshe le Dafide. Ba bantsi ba ne ba sa dumalane le thulaganyo ya puso ya Modimo gotlhelele, mme ba ne ba dumelela kobamelo ya maaka mo Iseraele. Le bangwe ba babusi ba ba ikanyegang ba ne ba dira dilo ka tsela e e sa dumalaneng le puso ya Modimo ka dinako dingwe. Kgang e e utlwisang botlhoko thata e ne e le ya ga Solomone, yoo a neng a newa botlhale le dikhumo tse dintsi. (1 Dikgosi 4:25, 29) Lefa go ntse jalo, o ne a tlhokomologa molao wa ga Jehofa, a nyala basadi ba bantsi a bo a letla kobamelo ya medimo ya disetwa mo Iseraele. Go lebega Solomone a ne a busa batho ka go ba gatelela mo dingwageng tsa bofelo tsa puso ya gagwe.—Duteronome 17:14-17; 1 Dikgosi 11:1-8; 12:4.

14 Rehoboame, morwa Solomone, o ne a kopiwa gore a tlhofofaletse batho ba a neng a ba busa dilo. Go na le gore a rarabolole seo ka bonolo, o ne a dirisa thata ya gagwe ka bosetlhogo—mme a latlhegelwa ke ditso tse 10 mo go tse 12. (2 Ditihalō 10:4-17) Kgosi ya ntlha ya bogosi jwa ditso tse di lesome tse di neng tsa intsha mo pusong ya gagwe e ne e le Jeroboame. O ne a simolola kobamelo ya namane a leka go tlhomamisa gore bogosi jwa gagwe bo se ka jwa bo jwa kopana gape le karolo e nngwe ya morafe. Seno se ka tswa se ne sa lebega e kete ke kgato e e botlhale fa o se leba ka tsela ya sepolotiki, mme se ne se tlhokomologa thulaganyo ya puso ya Modimo. (1 Dikgosi 12:26-30) Moragonyana, Kgosi Asa o ne a letla boikgogomoso go senya leina le lentle le a neng a le itiretse fa a sena go tshela lobaka lo loleele a direla ka boikanyegi. O ne a se ka a tshwara moperofeti yo a neng a tla go mmolelela mafoko a ga Jehofa sentle. (2 Ditihalō 16:7-11) Ee, bagolo le bone ka dinako tse dingwe ba tlhoka kgakololo.

Bokhutlo jwa Puso ya Modimo

15. Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba palelwa jang jaaka batho ba ba neng ba na le thata ya go laola mo pusong ya Modimo ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng?

15 Iseraele e ne e santse e busiwa ke Modimo ka nako ya fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore bagolwane ba bantsi ba yone ba ne ba sa akanye dilo ka tsela ya semoya. Ba ne ba palelwa ke go nna bonolo jaaka Moshe. Jesu o ne a bolela kafa semoya sa bone se neng se le maswe ka teng fa a ne a re: “Bakwadi le Bafarisai ba dutse mo setuloñ sa ga Moshe: Ke gōna cotlhe tse ba di lo raeañ, lo di dihè, lo di tlhōkōmèlè: me lo se ka loa diha kaha ditihoñ tsa bōnè; gonne ba tla ba bue, me ba se ke ba dihe.”—Mathaio 23:2, 3.

16. Baeteledipele ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Bajuda ba ne ba supa jang gore ba tlotla puso ya Modimo?

16 Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba supa kafa ba neng ba sa ikobele puso ya Modimo ka teng, fa ba sena go isa Jesu kwa go Ponto Pilatwe. Pilatwe o ne a botsolotsa Jesu mme a konela ka gore o ne a sena molato. Pilatwe o ne a bolela jaana fa a ne a ntshetsa Jesu kwa Bajudeng: “Bōnañ Kgosi ea lona!” Pilatwe o ne a botsa jaana fa Bajuda ba ne ba tsositse modumo ba batla gore Jesu a bolawe: “A ke tla bapola Kgosi ea lona?” Baperesiti ba bagolo ba ne ba araba ba re: “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.” (Yohane 19:14, 15) Ba ne ba bolela gore Kaesare ke ene kgosi ya bone, e seng Jesu, ‘yo a neng a tlile ka leina la Morena’!—Mathaio 21:9.

17. Ke ka ntlha yang fa Iseraele wa tlholego e ne ya se ka ya tlhola e nna morafe o o busiwang ke Modimo?

17 Bajuda ba ne ba gana go busiwa ke Modimo fa ba ne ba gana Jesu, ka go bo o ne a tlile go nna tlhogo mo dithulaganyong tsa isagwe tsa puso ya Modimo. Jesu e ne e le morwa wa segosi wa ga Dafide yo a neng a tlile go busa ka bosakhutleng. (Isaia 9:6, 7; Luke 1:33; 3:23, 31) Ka jalo, Iseraele wa tlholego e ne ya se ka ya tlhola e nna morafe o o tlhophilweng ke Modimo.—Baroma 9:31-33.

Puso E Ntšha ya Modimo

18. Ke puso efe e ntšha ya Modimo e e neng ya tsalwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Tlhalosa.

18 Lefa go ntse jalo, puso ya Modimo mo lefatsheng e ne ya se ka ya khutla ka nako ya fa Modimo a ne a latlha Baiseraele ba tlholego. Jehofa o ne a tlhoma puso e ntšha ya Modimo ka Jesu Keresete. Eno e ne e le phuthego e e tloditsweng ya Bakeresete, e totatota e neng e le morafe o mosha. (1 Petere 2:9) Moaposetoloi Paulo o ne a e bitsa “Iseraela oa Modimo,” mme kgabagare maloko a yone e ne ya nna a ‘ditso tsotlhe, le dipuo tsotlhe, le batho botlhe, le merafe yotlhe.’ (Bagalatia 6:16; Tshenolō 5:9, 10) Le mororo ba ne ba ikobela dipuso tsa batho tse di neng di ba busa, maloko a puso e ntšha eno ya Modimo, tota a ne a busiwa ke Modimo. (1 Petere 2:13, 14, 17) Ka bonako fela fa puso e ntšha ya Modimo e sena go tlhongwa, ba ba neng ba busa Iseraele wa tlholego ba ne ba leka go pateletsa barutwa bangwe gore ba tlogele go obamela taolo e Jesu a neng a e ba file. Ba ne ba araba jang? “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29) A kgopolo e e dumelanang sentle le puso ya Modimo jang ne!

19. Ke jang phuthego ya Bakeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e neng e ka bidiwa ya puso ya Modimo?

19 Lefa go ntse jalo, puso e ntšha ya Modimo e ne e dira ka tsela efe? Ebu, e ne e na le Kgosi e bong Jesu Keresete, a emetse Jehofa Modimo, Mmusi yo Mogolo wa Puso ya Modimo. (Bakolosa 1:13) Le mororo Kgosi e ne e sa bonale e le kwa magodimong, puso ya yone e ne e le ya mmatota mo go ba e neng e ba busa, e bile mafoko a yone a ne a laola matshelo a bone. Go ne ga tlhophiwa banna ba ba tshwanelang sentle semoyeng gore e nne baokamedi ba batho ba ba bonang ka matlho. Setlhopha sa banna ba ba ntseng jalo se ne se dira jaaka setlhopha se se laolang kwa Jerusalema. Setlhopha seo se ne se emetswe ke bagolwane ba ba etang ba ba jaaka Paulo, Timotheo, le Tito. E bile phuthego nngwe le nngwe e ne e tlhokometswe ke setlhopha sa bagolwane. (Tito 1:5) Fa go ne go tsoga bothata bongwe jo bo bokete, bagolwane ba ne ba bolelela setlhopha se se laolang kana mongwe wa baemedi ba sone jaaka Paulo. (Bapisa Ditihō 15:2; 1 Bakorintha 7:1; 8:1; 12:1.) Mo godimo ga moo, leloko lengwe le lengwe la phuthego le ne le na le seabe mo go emeng puso ya Modimo nokeng. Mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go dirisa melaometheo ya Dikwalo mo botshelong jwa gagwe fa pele ga ga Jehofa.—Baroma 14:4, 12.

20. Ke eng se se ka bolelwang ka puso ya Modimo mo metlheng ya morago ga baaposetoloi?

20 Paulo o ne a tlhagisa gore botenegi bo ne bo tla tsoga fa baaposetoloi ba sena go swa, mme go ne ga diragala fela jalo. (2 Bathesalonia 2:3) Fa nako e ntse e tsamaya, palo ya ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete e ne ya oketsega ya nna dimilione mme morago ya nna dimilione di le makgolokgolo. Ba ne ba dira dipuso tsa mefutafuta tsa dikereke, jaaka tse di nang le baeteledipele ba kereke, bagogi ba kereke, le tsa baokami ba kereke. Lefa go ntse jalo, boitsholo mmogo le dilo tse di neng di dumelwa mo dikerekeng tseo di ne di sa supe fa di busiwa ke Jehofa. E ne e se tsa puso ya Modimo!

21, 22. (a) Jehofa o ile a busetsa puso ya Modimo jang mo metlheng eno ya bofelo? (b) Ke dipotso dife tse di tlileng go arabiwa kaga puso ya Modimo?

21 Bakeresete ba boammaaruri le Bakeresete ba maaka ba ne ba tlile go tlhaolwa mo motlheng wa bokhutlo wa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 13:37-43) Seno se ne sa diragala ka 1919, ngwaga o o botlhokwa thata mo hisitoring ya puso ya Modimo. Ka nako eo, boperofeti jono jo bo itumedisang jwa Isaia 66:8 bo ne jwa diragadiwa: “Mañ eo o kileñ a utlwa selō se se nntseñ yalo? a lehatshe le ka tsalwa ka letsatsi le le leñwe hèla? a morahe o ka bèlègèlwa goñwe hèla?” Karabo ya dipotso tseno e ne ya nna ee yo o kwa godimo! Ka 1919, phuthego ya Bokeresete e ne ya nna gape “morahe.” “Lehatshe” le le busiwang ke Modimo eleruri le ne le tsetswe mo e keteng ke ka letsatsi le le lengwe! Fa motlha wa bokhutlo o ntse o tswelela, tsela e morafe ono o neng o laolwa ka yone e ne ya fetolwa mme ya dirwa gore e tshwane thata le thulaganyo ya lekgolo la ntlha la dingwaga. (Isaia 60:17) Mme e ne ya nna ya busiwa ke Modimo ka metlha. Boitsholo jwa yone le dilo tse di neng di dumelwa mo go yone di ne di supa melao le melaometheo e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e mo Dikwalong. Mme ka metlha e ne e ikobela Jesu Keresete, Kgosi e e tlhomilweng.—Pesalema 45:17; 72:1, 2.

22 A o mongwe wa babusiwa ba puso ya Modimo? A o mongwe yo o nang le thata ya go laola mo go yone? Fa go ntse jalo, a o itse gore go kaya eng go dira dilo ka tsela ya puso ya Modimo? A o itse gore ke dirai dife tse o tshwanetseng go di tila? Go tla tlotliwa ka dipotso tse pedi tseno tsa bofelo mo setlhogong se se latelang.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Puso ya Modimo ke eng?

◻ Iseraele e ne e busiwa ke Modimo ka tsela efe?

◻ Jehofa o ne a dira thulaganyo efe go gakolola dikgosi tsa Iseraele gore di ne di busiwa ke Modimo?

◻ Phuthego ya Bakeresete e ne e busiwa ke Modimo ka tsela efe, mme e ne e rulagantswe jang?

◻ Ke thulaganyo efe ya puso ya Modimo e e ileng ya tlhongwa mo motlheng ono wa rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Babusi ba Bajuda ba ne ba bolela fa pele ga ga Ponto Pilatwe gore ba ne ba batla Kaesare go na le gore ba tlhophe Kgosi e Jehofa a e tlhomileng ya puso ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela