LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 1/1 ts. 18-23
  • Go Disa le Mmopi wa Rona yo Mogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Disa le Mmopi wa Rona yo Mogolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modisa Mmogo le Jehofa
  • Go Ipelela “Kagishō ea Modimo”
  • Badisa Ba Babotlana, Etelelang Pele!
  • Bodisa jwa Puso ya Bolegodimo
  • Ikobele Badisa ba ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Disa Dinku Tse Di Botlhokwa Thata tsa ga Jehofa ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Badisa, Etsang Badisa ba Bagolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Badisa ba Bakeresete, ‘Pitlololang Dipelo Tsa Lona’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 1/1 ts. 18-23

Go Disa le Mmopi wa Rona yo Mogolo

“Yehofa ke modisa oa me; ga nketla ke tlhōka sepè. O rudisa mōea oa me; o ntsamaisa mo ditseleñ tsa tshiamō ka ntlha ea leina ya gagwè.”—PESALEMA 23:1, 3.

1. Ke eng seo Jehofa a se re neetseng ka lorato seo se lapolosang?

PESALEMA ya bo 23, “pesalema ea ga Dafide,” e lapolositse meya e le mentsi e e lapileng. E ba kgothaleditse gore ba nne le tsholofelo eno e e bolelwang mo temaneng ya bo 6: “Rure molemō o tla ntshala moragō le boutlwèlō botlhoko, ka malatsi aotlhe a go tshela ga me; me ke tla aga mu tluñ ea ga Yehofa ka bosakhutleñ.” A seo ke se o se eletsang, go nna ka bosakhutleng mo tlung ya ga Jehofa ya kobamelo, o utlwana le batho ba gagwe bao gone jaanong ba kokoanngwang go tswa mo merafeng yotlhe ya lefatshe? “Modisa le Mookami oa meōea ea lona,” Mmopi wa rona yo Mogolo, Jehofa Modimo, o tla go thusa gore o fitlhelele mokgele oo.—1 Petere 2:25.

2, 3. (a) Jehofa o disa batho ba gagwe jang ka lorato? (b) “Lecomane” la ga Jehofa le ile la oketsega jang ka tsela e e gakgamatsang?

2 Mmopi wa “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” gape ke Morulaganyi le Molebedi yo Mogolo wa phuthego ya Bokeresete, ‘ntlo ya Modimo.’ (2 Petere 3:13; 1 Timotheo 3:15) O kgatlhegela thata go disa batho ba gagwe, jaaka Isaia 40:10, 11 e bontsha jaana ka phepafalo: “Bōnañ, Yehofa Modimo o tla tla yaka mothata, me lecōgō ya gagwè le tla mmusetsa; bōnañ, tuèlō ea gagwè o na naeō, le teheco ea gagwè e ha pele ga gagwè. O tla hudisa lecomane ya gagwè yaka modisa; o tla phuthèla dikwanyana mo lecogoñ ya gagwè, a di gara mo sehubeñ sa gagwè, me tse di amusañ o tla di tsamaisa ka pepetleco.”

3 Ka tsela e kgolwane, “lecomane” leno le akaretsa bao ba sa bolong go tsamaya mo boammaaruring jwa Bokeresete le “dikwanyana” tse di ileng tsa kokoanngwa mo metlheng ya bosheng fela jaana—jaaka palo e kgolo eo gone jaanong e kolobediwang mo Afrika le kwa Yuropa Botlhaba. Letsogo la ga Jehofa le le nonofileng le le sireletsang le ba kokoanyetsa mo sehubeng sa gagwe. Le mororo ba ne ba ntse jaaka dinku tse di latlhegileng, jaanong ba na le kamano e e atamalaneng thata le Modimo wa bone yo o rategang ebile e le Modisa wa bone.

Modisa Mmogo le Jehofa

4, 5. (a) “Modisa eo o molemō” ke mang, mme boperofeti bo ile jwa lebisa kwa go ene jang? (b) Jesu o okametse tiro efe ya go kgaoganya batho, mme go na le matswela afe a a tlhomologileng?

4 “Modisa eo o molemō,” Jesu Keresete, o direla kafa letsogong la moja la ga Rraagwe kwa legodimong, mme le ene o tlhokomela “dinku” ka lorato. O ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore lantlha bo solegele molemo “lecomanyane” la batlodiwa mme morago, eleng gompieno, bo solegele boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” molemo. (Luke 12:32; Yohane 10:14, 16) Modisa yo Mogolo, Jehofa Modimo, o bolelela dinku tseno tsotlhe a re: “Bōnañ, nna, eboñ nna, ke tla sekaseka . . . gare ga dihutshane le dihutshane. Me ke tla di tlhōmèla modisa a le moñwe hèla, me o tla di hudisa, eboñ motlhanka oa me Dafide; o tla di hudisa, me o tla nna modisa oa cōna. Me nna Yehofa ke tla nna Modimo oa bōnè, motlhanka oa me Dafide o tla nna kgōsana mo go bōnè; nna Yehofa ke go buile.”—Esekiele 34:20-24.

5 Go bidiwa “motlhanka oa me Dafide” go lebisitse ka tsela ya seperofeti kwa go Keresete Jesu, “losika” lo lo ruang setulo sa bogosi sa ga Dafide. (Pesalema 89:35, 36) Mo motlheng ono wa go atlhola merafe, Modisa mmogo le Jehofa ebile e le Kgosi, Keresete Jesu, Morwa Dafide, o tswelela pele a kgaoganya “dinku” tsa batho mo go bao ba ipolelang e le “dinku” mme tota e le “dipodi.” (Mathaio 25:31-33) “Modisa” yono yo mongwe fela gape o tlhomelwa gore a hudise dinku. Abo re bona boperofeti jono bo diragadiwa ka tsela e e molemo thata jang ne gompieno! Fa boradipolotiki ba bua kaga go kopanya batho ba dirisa tsamaiso e ntšha ya lefatshe, Modisa yo mongwe fela tota o kopanya dinku tsa merafe yotlhe ka letsholo la go neela bosupi ka dipuo di le dintsi e le letsholo le le neng le ka tswiwa ke phuthego ya Modimo e e mo lefatsheng fela.

6, 7. “Motlhanka eo o boikaño le eo o botlhale” o ile a tlhomamisa jang gore dinku di neelwa “diyō ka dipaka tse e leñ cōna”?

6 Jaaka molaetsa wa Bogosi o ntse o anamela le kwa mafelong a masha, “motlhanka eo o boikaño le eo o botlhale” wa Bakeresete ba ba tloditsweng, jaaka fa a romilwe ke Modisa yo mongwe fela, o tlhomamisa gore go baakanngwa ka tsela epe fela e e ka kgonegang gore go romelwe “diyō ka dipaka tse e leñ cōna.” (Mathaio 24:45) Makala a le mantsi mo go a le 33 a a gatisang a Mokgatlho wa Watch Tower mo lefatsheng lotlhe a oketsa tiro ya one go tlamela ka dibuka le dimakasine tsa Bibela tse di tlhokegang tse di oketsegileng ebile e le tse di botoka.

7 Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se dira gotlhe mo go ka kgonegang gore se tokafatse boleng jwa thanolo mo dipuong di ka nna 200 le go simolola go ranolela mo dipuong tse dingwe go ya kafa go tlhokegang ka gone gore tshimo ya lefatshe lotlhe e akarediwe. Seno se dumalana le thomo eno eo Jesu a e neetseng barutwa ba gagwe mo go Ditihō 1:8: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me . . . go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Mo godimo ga moo, New World Translation of the Holy Scriptures, eo e setseng e gatisitswe ka dipuo di le 14 feletse kana e le karolo ya yone, jaanong e ranolelwa mo dipuong tse dingwe tse 16 tsa Yuropa, Afrika, le dinaga tsa Botlhaba.

Go Ipelela “Kagishō ea Modimo”

8. Dinku di ile tsa segofadiwa thata jang ke kgolagano ya kagiso eo Jehofa a e dirileng le bone?

8 A dirisa Modisa wa gagwe yo o esi, Keresete Jesu, Jehofa o dira “kgōlaganō ea kagishō” le dinku tsa Gagwe tse di fepiwang sentle. (Isaia 54:10) Dinku di dirwa gore di kgone go tsamaya mo leseding ka go nna le tumelo mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng. (1 Yohane 1:7) Ba na le ‘kagiso ya Modimo e e hetang tlhaloganyo yotlhe, e e tla dibelang dipelo tsa bone le megopolo ya bone mo go Keresete Jesu.’ (Bafilipi 4:7) Jaaka Esekiele 34:25-28 e tswelela pele e tlhalosa, Jehofa o disa dinku tsa gagwe a di tsenya mo paradaiseng ya semoya, boemo jo bo itumedisang jwa polokesego, letlotlo le le lapolosang, le go ungwa. Modisa yono yo o lorato o bolela jaana kaga dinku tsa gagwe: “Ba tla itse ha ke le Yehofa, ke sena go rōba mephakalègō ea diyokwe tsa bōnè, me ke ba golotse mo seatleñ sa ba ba itihèlañ ka bōnè. Me ga ba ketla ba tlhōla ba le kgapō ea ba dichaba, . . . me ba tla aga ka thagamō, me opè ga a ketla a ba boihisa.”

9. Go ‘rojwa ga mephakalego’ go ile ga bulela batho ba Modimo gore ba ka dira eng?

9 Mo dingwageng tsa bosheng, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi ba setse ba ile ba itemogela go rojwa ga “mephakalègō ea diyokwe tsa bōnè.” Ba gololesegile gore ba ka rera go feta lefa e le leng pele. Mme ekete rotlhe, mo nageng nngwe le nngwe, re ka dirisa polokesego eo Jehofa a dirang gore re nne le yone fa re ntse re gatela pele gore tiro e wediwe. Abo Jehofa a re tlhomamisetsa jang ne jaaka fa re ntse re atamela sepitla se segolo go feta tsotlhe se batho ba tla tsamayang ba se bona!—Daniele 12:1; Mathaio 24:21, 22.

10. Jehofa o tlhomile bomang gore ba thuse Modisa yo o Molemo, Keresete Jesu, mme moaposetoloi Paulo o ne a raya bangwe ba bone a reng?

10 Go baakanyetsa letsatsi leo la gagwe la go ipusolosetsa kgatlhanong le baikepi, Jehofa o tlhomile badisa ba babotlana gore ba thuse Modisa yo o Molemo, Keresete Jesu, go tlhokomela letsomane. Bano ba tlhalosiwa mo go Tshenolō 1:16 e le palo e e feletseng ya “dinaledi tse supa” di le mo seatleng sa ga Jesu sa moja. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a bua le setlhopha se se neng se emela badisa bano ba babotlana, a re: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna.” (Ditihō 20:28) Gompieno, go na le badisa ba babotlana ba le dikete tse di masomesome ba ba direlang mo diphuthegong tse 69- 558 mo lefatsheng lotlhe.

Badisa Ba Babotlana, Etelelang Pele!

11. Badisa bangwe ba ile ba atlega jang fa ba eteletse pele mo ditshimong tse di dirwang kgapetsakgapetsa?

11 Mo mafelong a le mantsi badisa bano ba tshwanetse go etelela pele mo mafelong ao a setseng a ile a rerelwa gantsintsi mo metlheng eno ya bofelo. Ba ka dira jang gore ba boloke letsomane le le matlhagatlhaga thata? Badisa ba ntse ba dira sentle fela thata, mme nngwe ya ditsela tseo ba ileng ba atlega ka tsone ke ka go tlhotlheletsa tiro ya bobulatsela jo bo thusang le jwa ka metlha. Badisa ba le bantsi ka bobone ba ile ba nna le seabe mo tirelong eno, mme le eleng baboledi bao ba sa kgoneng go dira jalo ba ile ba bontsha moya wa bobulatsela, ba direla ka boitumelo jo bo ba thusang go fenya go tlhoka kgatlhego go ba go fitlhelang mo tshimong. (Pesalema 100:2; 104:33, 34; Bafilipi 4:4, 5) Ka jalo, jaaka fa boikepo le tlhakatlhakano di khurumetsa lefatshe, batho ba le bantsi ba seka dinku ba bolelelwa gore ba itse kaga tsholofelo ya Bogosi.—Mathaio 12:18, 21; Baroma 15:12.

12. Go na le bothata bofe jo bo masisi mo ditshimong tse di golang ka bofefo, mme ka dinako tse dingwe seno se rarabololwa jang?

12 Bothata jo bongwe ke gore gantsi go a bo go sena badisa ba ba tshwanelegang ba ba lekaneng go tlhokomela letsomane. Koo go nang le kgolo e e bofefo gone, jaaka kwa Yuropa Botlhaba, go na le diphuthego di le dintsi tse disha tse go sa tlhomiwang bagolwane bape mo go tsone gotlhelele. Dinku tse di ratang di sikara morwalo ono, mme lefa go ntse jalo ga ba na boitemogelo tota, mme go tlhokega thuso go thapisa dinku tse di thelesegelang mo diphuthegong. Kwa dinageng tse di tshwanang le Brazil, Mexico, le Zaire, koo go nang le koketsego e e bofefo tota, go dirisiwa Basupi ba basha thata go rulaganyetsa tirelo le go thapisa ba bangwe ba basha. Babulatsela ba thusa ka tsela e e molemolemo, mme fa ke gone fa bokgaitsadi ba ka thapisang bokgaitsadi ba basha gone. Jehofa o segofatsa matswela a tiro eno ka moya wa gagwe. Go ntse go oketsegela pele fela.—Isaia 54:2, 3.

13. (a) Ereka thobo e le kgolo jaana, Basupi botlhe ba tshwanetse go rapelela eng? (b) Dithapelo tsa batho ba Modimo di ne tsa arabiwa jang pele ga ntwa ya bobedi ya lefatshe le fa e ntse e tsweletse?

13 Kwa dinageng tseo tiro ya go rera e itsetsepetseng sentle kwa go tsone, kwa dinageng tseo go ileng ga tlosiwa dithibelo bosheng jaana kwa go tsone, le kwa ditshimong tse di sa tswang go simololwa, mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 9:37, 38 a santse a dira le gone jaanong: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō, gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.” Gape re tlhoka go rapela Jehofa gore a tlise badisa ba ba oketsegileng. O ile a bontsha gore a ka kgona go dira seno. Pele ga Ntwa ya Lefatshe II le fa e ntse e tsweletse, bakgokgontshi ba ba setlhogo ba ba tshwanang le ba Asiria ba ne ba leka go nyeletsa Basupi ba ga Jehofa. Mme lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a araba dithapelo tsa bone ka go phepafatsa phuthego ya gagwe, a dira gore e nne ya bolegodimo tota, mme a e neela “badisa” ba ba neng ba tlhokega.a Seno se ne se dumalana le boperofeti jono: “Mogañ Moasiria o tlañ mo lehatshiñ ya rona, le mogañ o gatañ mo matluñ a rona a dikgosi, hoñ re tla mo cosetsa badisa bashupa, le banna ba bagolwane ba ba hèrañ e le mebedi”—seo e neng ebile e le se se fetang palo e e lekaneng ya bagolwane ba ba ineetseng ba ba neng ba ka etelela pele.—Mika 5:5.

14. Ke eng se se tlhomologileng thata seo se tlhokegang mo phuthegong, mme bakaulengwe ba kgothadiwa jang?

14 Go tlhokega ka tsela e e tlhomologileng gore Basupi botlhe ba ba kolobeditsweng ba banna ba leke go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng. (1 Timotheo 3:1) Nako e setse e ile. Bokhutlo jwa tsamaiso eno bo atamela ka bofefo. Habakuke 2:3 e bolela jaana: “Pōnatshègèlō e sa nntse e na le lobaka lo lo laocweñ, me e be e itlhaganèlèla bokhutlō, ga e ketla e aka: . . . rure e tla tla, ga e ketla e dièga.” Bakaulengwe, a lo ka dira mo go oketsegileng gore lo tle lo tshwanelege gore lo bone ditshiamelo tse di oketsegileng mo tirong eno ya bodisa—bokhutlo bo ise bo tle?—Tito 1:6-9.

Bodisa jwa Puso ya Bolegodimo

15. Batho ba ga Jehofa ke ba puso ya bolegodimo ka tsela efe?

15 Gore batho ba ga Jehofa ba nne le seabe ka botlalo mo go goleng ga phuthego ya gagwe, ba tlhoka go leba dilo ka tsela ya puso ya bolegodimo. Ba ka dira seno jang? Kana gone, lereo “sa puso ya bolegodimo” le kaya eng? Webster’s New Twentieth Century Dictionary e tlhalosa lefoko “theocracy,” “puso ya bolegodimo” e le “go busiwa ga naga ke Modimo.” “Morahe o o boitshèpō” wa batho ba ga Jehofa ke puso ya bolegodimo ka yone tsela eno. (1 Petere 2:9; Isaia 33:22) Jaaka maloko a morafe oo wa puso ya bolegodimo kana ba ba kopanelang mmogo le one, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go tshela le go direla ka go utlwa Lefoko la Modimo le melaometheo ya lone.

16. Totatota, re ka itshupa jang gore re ba puso ya bolegodimo?

16 Moaposetoloi Paulo o tlhalosa ka phepafalo kafa Bakeresete ba tshwanetseng go nna ba puso ya bolegodimo ka gone. La ntlha, o bolela gore ba tshwanetse gore ba “aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.” Botho jwa Mokeresete bo tshwanetse gore bo bopiwe go ya ka melaometheo ya Modimo ya tshiamo eo e kwadilweng mo Lefokong la gagwe. O tshwanetse gore a ikanyege mo go Jehofa le go dira go ya ka melao ya gagwe. Fa a sena go tshwantsha kafa seno se ka dirwang ka gone, Paulo o kgothatsa jaana: “Nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ.” (Baefesia 4:24–5:1) Jaaka bana ba ba utlwang, re tshwanetse go etsa Modimo. Ke kafa puso ya bolegodimo ya boammaaruri e dirang ka gone, go bontsha gore eleruri re busiwa ke Modimo!—Bona gape le Bakolosa 3:10, 12-14.

17, 18. (a) Bakeresete ba puso ya bolegodimo ba etsa nonofo efe e e tlhomologileng ya Modimo? (b) Fa Jehofa a ne a bua le Moshe, o ne a gatelela jang nonofo ya Gagwe ya konokono, mme lefa go ntse jalo O ne a oketsa ka tlhagiso efe?

17 Nonofo ya Modimo ya konokono eo re tshwanetseng ra e etsa ke efe? Moaposetoloi Johane o araba jaana mo go 1 Yohane 4:8: “Modimo o loratō.” Ditemana di le robedi morago ga foo, mo go temana 16, o boeletsa molaomotheo ono wa botlhokwatlhokwa: “Modimo o loratō; me eo o nnetseñ rure mo loratoñ o nnetse rure mo Modimoñ.” Modisa yo Mogolo, Jehofa, ke lorato ka bolone. Badisa ba bolegodimo ba mo etsa ka go rata dinku tsa ga Jehofa ka tsela e e boteng.—Bapisa 1 Yohane 3:16, 18; 4:7-11.

18 Mmusi yo Mogolo wa Bolegodimo o ne a itshupa mo go Moshe e le “Yehofa, Yehofa, Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure; O o bolokèlañ ba makgolo kgolo boutlwèlō botlhoko, o o ichwarelañ tshiamololō, le tlolō, le boleo: le o o se ketlañ o golola eo o molato gopè; o o beletsañ bana ba batho tshiamololō ea borrabō, le bana ba bana, go ea go hitlha mo kokomaneñ ea boraro le ea bonè.” (Ekesodo 34:6, 7) Ka jalo Jehofa o gatelela dikarolo tse di farologaneng tsa nonofo ya gagwe e e tlhomologileng mo pusong ya bolegodimo eleng lorato, mme a ntse a tlhagisa ka tlhomamo gore a ka otlhaela tlolo fa go tlhokega.

19. Go farologana le Bafarasai, badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go itshwara jang ka tsela ya puso ya bolegodimo?

19 Go nna wa puso ya bolegodimo go kaya eng mo go bao ba nang le maikarabelo mo phuthegong? Jesu o ne a bolela jaana ka bakwadi le Bafarisai ba motlha wa gagwe: “Ba tla ba bōhe merwalō e e bokete, e e botlhoko go rwalwa, me ba e bee mo mahetleñ a batho: me bōnè ka bosi ga ba ke ba e tshikinya leha e le ka monwana oa bōnè.” (Mathaio 23:4) Abo seo e le go gatelela le go tlhoka lorato jang ne! Puso ya boammaaruri ya bolegodimo, kana puso ya Modimo, e tlhoka gore letsomane le disiwe ka go dirisa melaometheo e e lorato ya Bibela, eseng ka go imetsa dinku ka melao e e sa feleng e e itiretsweng ke motho. (Bapisa Mathaio 15:1-9.) Mo godimo ga moo, badisa ba puso ya bolegodimo ba tshwanetse go etsa Modimo ka go dira gore mo godimo ga go supa lorato lwa bone ba gagamale gore ba boloke phuthego e itshekile.—Bapisa Baroma 2:11; 1 Petere 1:17.

20. Badisa ba puso ya bolegodimo ba lemoga dithulaganyo dife tsa phuthego?

20 Badisa ba boammaaruri ba lemoga gore mo metlheng eno ya bofelo, Jesu o tlhomile motlhanka wa gagwe yo o boikanngo le yo o botlhale gore a okamele tsotlhe tse a nang natso le gore moya o o boitshepo o ile wa kaela motlhanka yono go tlhoma bagolwane gore ba dise dinku. (Mathaio 24:3, 47; Ditihō 20:28) Ka jalo, go nna wa puso ya bolegodimo go akaretsa go tlotla motlhanka yono ka tsela e e boteng, mmogo le dithulaganyo tsa phuthego tseo motlhanka yono a di dirileng, le thulaganyo ya gore go nne le bagolwane mo teng ga phuthego.—Bahebera 13:7, 17.

21. Jesu o ne a tlhomela badisa ba babotlana sekao sefe se se ntle?

21 Jesu ka boene o ne a tlhoma sekao se sentle, ka metlha a leba kwa go Jehofa le mo Lefokong la Gagwe gore a mo kaele. O ne a re: “Ga ke na go diha sepe ke le nosi: ke atlhola yaka ke utlwa: me katlholō ea me e siame; ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” (Yohane 5:30) Badisa ba babotlana mo go Morena Jesu Keresete ba tshwanetse go tlhagolela boikutlo jo bo ntseng jalo jwa boikokobetso. Fa ka metlha mogolwane a ya mo Lefokong la Modimo go bona kaelo, jaaka Jesu a ne a dira, he ke wa puso ya bolegodimo tota.—Mathaio 4:1-11; Yohane 6:38.

22. (a) Botlhe ba tshwanetse go leka jang gore ba nne ba puso ya bolegodimo? (b) Jesu o ne a laletsa dinku jang ka bopelonomi?

22 Banna ba ba kolobeditsweng, lekang gore lo tshwanelegele gore lo newe ditshiamelo mo phuthegong! Lona lotlhe dinku tse di rategang, lekang go nna ba puso ya bolegodimo, lo etsa Modimo le Keresete ka go bontsha lorato! Ekete badisa mmogo le letsomane ba ka itumela botlhe ka gonne ba arabile taletso eno ya ga Jesu: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.”—Mathaio 11:28-30.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona ditlhogo tsa Watchtower tse di reng “Organization,” mo ditokololong tsa June 1 le 15, 1938.

A O Ka Tlhalosa?

◻ “Lecomane” la ga Jehofa ke eng, mme le akaretsa bomang?

◻ Jesu o ne a dira jaaka “modisa eo o molemō” jang ka lekgolo la ntlha la dingwaga, le gompieno?

◻ Badisa ba babotlana ba na le seabe sefe sa botlhokwatlhokwa mo go tlhokomeleng letsomane?

◻ Bokao jwa konokono jwa lefoko “puso ya bolegodimo” ke bofe?

◻ Mokeresete o tshwanetse go itshwara jang gore a nne wa puso ya bolegodimo—bogolo jang fa e le modisa yo

mmotlana?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Jehofa o tlhokomela letsomane la gagwe jaaka modisa yo o ineetseng

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go etsa nonofo ya ga Jehofa Modimo ya lorato go supa gore puso ya bolegodimo e a dira

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela