Kgomarela Tsamaiso ya Puso ya Modimo
“Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Motlhoma molao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona.”—ISAIA 33:22.
1. Ke eng fa bontsi jwa batho ba amega ka kgang ya puso?
MONGWE le mongwe o amega thata ka kgang ya puso. Puso e e siameng e tlisa kagiso le katlego. Baebele e bolela jaana: “Kgosi e tlhomamisa lefatshe ka tshiamiso.” (Diane 29:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, puso e e sa siamang e dira gore go nne le tshiamololo, tlolomolao le kgatelelo. “Mogang moikepi o laolang batho ba fegelwe.” (Diane 29:2) Go ralala hisitori, batho ba ile ba leka mefuta e mentsi ya puso, mme ka maswabi, gantsi ba ile ba ‘fegelwa’ ka go bo ba gatelelwa ke babusi ba bone. (Moreri 8:9) A go na le puso epe fela e e tla atlegang mo go direng gore batho ba e ba busang ba kgotsofale ka bosakhutleng?
2. Ke eng fa tsamaiso ya “puso ya Modimo” e le tsela e ntle ya go tlhalosa puso ya Iseraele wa bogologolo?
2 Rahisitori e bong Josephus o ne a umaka mofuta mongwe wa puso o o sa tshwaneng le ope fa a ne a kwala jaana: “Batho bangwe ba file babusaesi maatla a magolo a bopolotiki, ba bangwe ba a file setlhopha sa batho, ba bangwe ba a file bontsintsi jwa batho. Le fa go ntse jalo, moneimolao wa rona e bong [Moshe] o ne a sa kgatlhwe ke ope wa mefuta eno ya mebuso ya bopolotiki, mme molaotheo wa gagwe e ne e le wa mofuta o—fa motho a ne a ka rata go gatelela mafoko—a neng a tla re ke tsamaiso ya ‘puso ya Modimo,’ bolaodi jotlhe le taolo yotlhe di le mo diatleng tsa Modimo.” (Against Apion, II, 164-5) Go ya ka Concise Oxford Dictionary, tsamaiso ya puso ya Modimo ke “mofuta wa puso e Modimo a busang mo go yone.” Polelwana eno ga e tlhage mo Baebeleng, mme gone e tlhalosa kafa puso ya Iseraele wa bogologolo e neng e ntse ka teng. Le mororo Baiseraele ba ile ba nna le kgosi e ba e bonang, mmusi wa bone wa mmatota e ne e le Jehofa. Moporofeti wa Moiseraele e bong Isaia o ne a bolela jaana: “Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Motlhoma molao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona.”—Isaia 33:22.
Tsamaiso ya Boammaaruri ya Puso ya Modimo ke Eng?
3, 4. (a) Tsamaiso ya boammaaruri ya puso ya Modimo ke eng? (b) Go ise go ye kae ka letsatsi lengwe, ke masego afe a puso ya Modimo e tla a tlisetsang batho botlhe?
3 Fa e sa le Josephus a tlhama polelwana eno, mekgatlho e mentsi e ile ya tlhalosiwa e le ditsamaiso tsa puso ya Modimo. Dingwe tsa tsone di ne tsa nna tsa bokgokgontshi, di feteletsa dilo e bile di gatelela ka bosetlhogo. A e ne e le ditsamaiso tsa boammaaruri tsa puso ya Modimo? E seng go ya ka tsela e Josephus a neng a dirisa polelwana eo ka yone. Bothata ke gore bokao jwa tsamaiso ya “puso ya Modimo” bo ile jwa okediwa. World Book Encyclopedia e e tlhalosa e le “mofuta wa puso e mo go yone naga e busiwang ke moruti kana baruti, e mo go yone baruti ba nang le taolo mo dikgannyeng tsa loago le tsa bodumedi.” Le fa go ntse jalo, tsamaiso ya boammaaruri ya puso ya Modimo ga se puso ya baruti. Totatota ke puso ya Modimo, puso e go busang Mmopi wa lobopo e bong, Jehofa Modimo.
4 Go ise go ye kae, lefatshe lotlhe le tla bo le busiwa ke tsamaiso ya puso ya Modimo, mme a bo seo e tla bo e le selo se se molemo jang ne! “Modimo ka boone o tla nna le [batho]. Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Ga go na puso epe ya baruti e go busang batho ba ba sa itekanelang mo go yone e e ka tlisang boitumelo jo bo ntseng jalo. Ke puso ya Modimo fela e e ka kgonang. Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba leke go buelela tsamaiso ya puso ya Modimo ka ditiro tsa bopolotiki. Ba leta Modimo ka bopelotelele gore a tlhome tsamaiso ya puso ya Modimo mo lefatsheng lotlhe ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe.—Daniele 2:44.
5. Tsamaiso ya boammaaruri ya puso ya Modimo e dira kae thata gompieno, mme ke dipotso dife tse di tlhagang ka gone?
5 Le fa go ntse jalo, gone jaanong, tsamaiso ya boammaaruri ya puso ya Modimo e a dira. Kae? Mo bathong ba ba ineelang ka go rata mo pusong ya Modimo e bile ba dirisanammogo go dira go rata ga gagwe. Batho bao ba ba ikanyegang ba ile ba phuthiwa go nna “morafe” wa lefatshe lotlhe mo ‘lefatsheng’ la one la semoya. Ke masalela a “Iseraele wa Modimo” le ditsala tsa bone tsa Bakeresete tse di fetang dimilione di le tlhano le sephatlo. (Isaia 66:8; Bagalatia 6:16) Bano ba ineetse kafa tlase ga Jesu Keresete, yo e leng Kgosi ya legodimo e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi ke Jehofa Modimo, “Kgosi ya bosafeleng.” (1 Timotheo 1:17; Tshenolo 11:15) Mokgatlho ono ke tsamaiso ya puso ya Modimo ka tsela efe? Maloko a yone a leba jang bolaodi jwa mebuso ya lefatshe? Mme molaomotheo wa tsamaiso ya puso ya Modimo o diragadiwa jang ke batho ba ba nang le taolo mo setšhabeng sa bone sa semoya?
Mokgatlho wa Tsamaiso ya Puso ya Modimo
6. Mokgatlho o o bonalang wa batho o ka busiwa jang ke Modimo?
6 Mokgatlho wa batho o ka busiwa jang ke Jehofa, yo o nnang kwa magodimong a a sa bonaleng? (Pesalema 103:19) Ka tsela ya gore batho ba ba leng mo go one ba latela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela.” (Diane 2:6; 3:5) Ba letla Modimo gore o ba buse fa ba ntse ba latela “molao wa ga Keresete” le go dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone letsatsi le letsatsi. (Bagalatia 6:2; 1 Bakorintha 9:21; 2 Timotheo 3:16; bona Mathaio 5:22, 28, 39; 6:24, 33; 7:12, 21.) Go dira seno, ba tshwanetse go nna baithuti ba Baebele. (Pesalema 1:1-3) Jaaka Baberea ba bogologolo ba ba “mogopolo o o tsalegileng,” ga ba latele batho mme ka metlha ba tlhotlhomisa dilo tse ba ithutang tsone mo Baebeleng. (Ditiro 17:10, 11; Pesalema 119:33-36) Ba rapela jaana jaaka mopesalema: “Nthuta temogo e e molemo, le kitso; gonne ke dumetse ditaolo tsa gago.”—Pesalema 119:66.
7. Go latelwa thulaganyo efe ya bookamedi mo tsamaisong ya puso ya Modimo?
7 Mo mokgatlhong mongwe le mongwe, go tshwanetse ga nna le ba ba laolang kana ba ba neelang kaelo. Go ntse fela jalo le ka Basupi ba ga Jehofa, ba latela thulaganyo ya taolo e e tlhalosiwang ke moaposetoloi Paulo: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Tumalanong le seno, ke banna ba ba tshwanelegang fela ba e nnang bagolwane mo diphuthegong. Mme le fa Jesu—“tlhogo ya monna mongwe le mongwe”—a le kwa legodimong, go sa ntse go na le “ba ba setseng” ba bomonnawe ba ba tloditsweng mo lefatsheng, ba ba nang le tsholofelo ya go busa le ene kwa legodimong. (Tshenolo 12:17; 20:6) Bano ba bopa setlhopha sotlhe sa “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” Bakeresete ba supa fa ba ineetse mo go Jesu, mme ka go dira jalo ba ineetse mo tlhogong ya ga Jesu e bong Jehofa, ka go ikobela kaelo ya “motlhanka.” (Mathaio 24:45-47; 25:40) Ka tsela eno, tsamaiso ya puso ya Modimo e na le thulaganyo. “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso.”—1 Bakorintha 14:33.
8. Bagolwane ba Bakeresete ba tshegetsa tsamaiso ya puso ya Modimo jang?
8 Bagolwane ba Bakeresete ba tshegetsa tsamaiso ya puso ya Modimo ka gonne ba lemoga gore ba ikarabela mo go Jehofa go ya kafa ba dirisang taolo e e lekanyeditsweng e ba nang le yone ka teng. (Bahebera 13:17) Mme fa ba dira ditshwetso, ba ikaega ka botlhale jwa Modimo, e seng ka jwa bone. Ba latela sekao sa ga Jesu mo go seno. E ne e le monna yo o botlhale go gaisa botlhe yo o kileng a tshela. (Mathaio 12:42) Le fa go ntse jalo, o ne a bolelela Bajuda jaana: “Morwa ga a ka ke a dira selo lefa e le se le sengwe ka bogagagwe, fa e se fela se a bonang Rara a se dira.” (Johane 5:19) Bagolwane gape ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Kgosi Dafide. O ne a na le boikarabelo jo bogolo mo tsamaisong ya puso ya Modimo. Le fa go ntse jalo, o ne a batla go latela tsela ya ga Jehofa, e seng ya gagwe ka namana. O ne a rapela jaana: “Nthuta motlhala wa gago, Jehofa, o ntsamaise mo tseleng e e bonalang.”—Pesalema 27:11.
9. Bakeresete ba ba ineetseng ba na le pono efe e e lekalekaneng malebana le ditsholofelo le ditshiamelo tse di farologaneng mo tirelong ya bone ya tsamaiso ya puso ya Modimo?
9 Bangwe ba ile ba nna le dipelaelo tsa gore a go siame go bo e le banna fela ba ba tshwanelegang ba ba nang le taolo mo phuthegong kana go bo e le batho ba ba rileng fela ba ba nang le tsholofelo ya go ya legodimong fa ba bangwe bone ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Pesalema 37:29; Bafilipi 3:20) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ineetseng, ba a tlhaloganya gore dithulaganyo tse di ntseng jalo di tswa mo Lefokong la Modimo. Ke tsamaiso ya puso ya Modimo. Fa go na le batho ba ba di belaelang, gantsi ke ba ba sa tlotleng melaometheo ya Baebele. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba itse gore banna le basadi ba a lekana mo matlhong a ga Jehofa malebana le kgang ya go bolokwa. (Bagalatia 3:28) Mo Bakereseteng ba boammaaruri, go nna baobamedi ba Molaodimogolo wa lobopo ke tshiamelo e kgolo go di gaisa tsotlhe tse di gone, mme ba itumelela go tsaya maemo ape fela a Jehofa a ba abelang one. (Pesalema 31:23; 84:10; 1 Bakorintha 12:12, 13, 18) Mo godimo ga moo, botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kana mo lefatsheng la paradaise, tota ke tsholofelo e e itumedisang.
10. (a) Jonathane o ne a na le boikutlo bofe jo bo molemo? (b) Bakeresete ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Jonathane jang gompieno?
10 Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tshwantshetsa Jonathane, morwa yo o boifang Modimo wa ga Kgosi Saulo. Gongwe Jonathane o ne a ka nna kgosi e e molemo thata. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go sa ikanyege ga ga Saulo, Jehofa o ne a tlhopha Dafide go nna kgosi ya bobedi ya Iseraele. A seno se ne sa kgopisa Jonathane? Nnyaa. O ne a nna tsala e e molemo ya ga Dafide a bo a mo sireletsa mo go Saulo. (1 Samuele 18:1; 20:1-42) Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba nang le tsholofelo ya mo lefatsheng ga ba fufegele ba ba nang le tsholofelo ya kwa legodimong. Mme Bakeresete ba boammaaruri ga ba fufegele batho ba ba nang le taolo mo tsamaisong ya puso ya Modimo mo phuthegong. Go na le moo, ba ba ‘naya tseokatlotlo e e gaisang e e sa tlwaelegang ka lorato’ ba anaanela tiro ya bone ya bonatla e ba e direlang bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya.—1 Bathesalonika 5:12, 13.
Pono ya Tsamaiso ya Puso ya Modimo ka Puso ya Lefatshe
11. Bakeresete ba ba ineelang mo pusong ya Modimo ba leba jang babusi ba lefatshe?
11 E re ka Basupi ba ga Jehofa ba busiwa ke tsamaiso ya puso ya Modimo, ba leba jang babusi ba dinaga tsa bone? Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ‘ba ne ba se kitla e nna karolo ya lefatshe.’ (Johane 17:16) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba lemoga se ba se kolotang “Kaesara” e leng mebuso ya lefatshe. Jesu o ne a re ba tshwanetse go “[lefa] Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Go ya ka Baebele, babusi ba batho ba “eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone.” Jehofa, yo e leng Motswedi wa taolo yotlhe, o letla mebuso go nna teng, mme o lebeletse gore e direle ba ba kafa tlase ga taolo ya yone molemo. Fa e dira jalo, ke “modiredi wa Modimo.” Bakeresete ba ikobela puso ya naga e ba leng mo go yone “ka ntlha ya segakolodi sa [bone].” (Baroma 13:1-7) Gone mme, fa puso e ka batla Mokeresete sengwe se se kgatlhanong le molao wa Modimo, o tla “utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.
12. Fa Bakeresete ba bogisiwa ke babusi, ba latela sekao sa ga mang?
12 Go tweng fa Bakeresete ba boammaaruri ba bogisiwa ke badiredibagolo ba puso? Ba tla latela sekao sa Bakeresete ba bogologolo, ba ba ileng ba itshoka ka dinako tsa fa ba bogisiwa thata. (Ditiro 8:1; 13:50) Diteko tse di ntseng jalo tsa tumelo e ne e se selo se se neng se sa lebelelwa, ka gonne Jesu o ne a tlhagisitse gore di tla nna teng. (Mathaio 5:10-12; Mareko 4:17) Le fa go ntse jalo, Bakeresete bao ba bogologolo ga ba ka ba ipusolosetsa mo babogising ba bone; e bile tumelo ya bone ga e a ka ya koafala fa ba ne ba gateletswe. Go na le moo, ba ne ba latela sekao seno sa ga Jesu: “E rile a gobololwa, a se ka a simolola go gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a simolola go tshosetsa, mme o ne a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” (1 Petere 2:21-23) Ee, melaometheo ya Bokeresete e ne ya fenya ditlhotlheletso tsa ga Satane.—Baroma 12:21.
13. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba arabela jang fa ba ne ba bogisiwa le go senngwa leina?
13 Go ntse fela jalo gompieno. Mo lekgolong leno la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa thata ke babusi ba bakgokgontshi—fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele. (Mathaio 24:9, 13) Mo dinageng dingwe, batho ba ba batlang go tlhotlheletsa babusi gore ba tseye kgato kgatlhanong le Bakeresete ba ba tlhoafetseng bano, ba ile ba anamisa maaka le dilo tse e seng boammaaruri. Le fa go ntse jalo, le mororo go na le “pego e e bosula” jalo, Basupi ba ile ba itshupa fa ba le badiredi ba Modimo ka boitsholo jwa bone jo bontle. (2 Bakorintha 6:4, 8) Fa go kgonega, ba tlhalosa kgang ya bone fa pele ga babusi le mo dikgotlatshekelong tsa naga gore ba supe fa ba se na molato ope. Ba dirisa ditsela tsotlhe tse di ba bulegetseng gore ba femele dikgang tse di molemo phatlalatsa. (Bafilipi 1:7) Mme fa ba sena go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go ya ka molao, ba tlogela dilo mo diatleng tsa ga Jehofa. (Pesalema 5:8-12; Diane 20:22) Fa go tlhokega, le bone jaaka Bakeresete ba bogologolo, ga ba boife go boga ka ntlha ya tshiamo.—1 Petere 3:14-17; 4:12-14, 16.
A go Galaletsa Modimo go Tle Pele
14, 15. (a) Ke eng se se botlhokwa thata mo bathong ba ba tshegetsang tsamaiso ya puso ya Modimo? (b) Ke ka tiragalo efe e mo go yone Solomone a neng a tlhoma sekao se se molemo sa boikokobetso mo boemong jwa gagwe jwa bookamedi?
14 Fa Jesu a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela, selo sa ntlha se a neng a se umaka e ne e le go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa. (Mathaio 6:9) Tumalanong le seno, ba ba tshelang kafa tlase ga puso ya Modimo ba batla go galaletsa Modimo, go na le gore ba ikgalaletse. (Pesalema 29:1, 2) Baebele e bega gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga, seno e ne e le sekgoreletsi mo bathong bangwe ba ba neng ba gana go latela Jesu ka gonne “ba ne ba rata kgalaletso ya batho,” ba rata go galalediwa ke batho. (Johane 12:42, 43) Ee ruri, go tlhokega gore motho a bo a le boikokobetso gore a beye Jehofa kwa pele ga botlhokwa jwa gagwe ka namana.
15 Solomone o ne a na le boikutlo jo bo siameng malebana le seno. Bapisa mafoko a gagwe a a neng a a bua ka nako ya fa go kgakolwa tempele e e galalelang e a neng a e aga le mafoko a ga Nebukatenasare malebana le dikago tse a neng a di agile. Nebukatenasare o ne a ikgantsha jaana ka boikgodiso jo bogolo: “A ga se one Babilone o mogolo, o ke o agileng gore o nne boago jwa segosi, ka bonatla jwa thata ya me, le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa me?” (Daniele 4:30) Go farologana le ene, Solomone ka boikokobetso o ne a nyenyefatsa se a kgonneng go se dira, ka go bolela jaana: “A ruri Modimo o ka aga le batho mo lefatsheng? Bona, legodimo, le legodimo la magodimo, ga le a go lekana; bogolo jang ntlo e ke e agileng!” (2 Ditirafalo 6:14, 15, 18; Pesalema 127:1) Solomone ga a ka a ikgodisa. O ne a itse gore ke moemedi fela wa ga Jehofa mme o ne a kwala jaana: “E re fa boikgodiso bo tla, foo go tle ditlhong, mme botlhale bo nna le yo o ikgobalatsang.”—Diane 11:2.
16. Bagolwane ba itshupile jang e le tshegofatso tota ka go sa ikgalaletse?
16 Bagolwane ba Bakeresete le bone ba tlotlomatsa Jehofa jalo, ga ba itlotlomatse. Ba latela kgakololo ya ga Petere: “Fa mongwe a direla, a a direle a ikaegile ka nonofo e Modimo o e nayang; e le gore mo dilong tsotlhe Modimo o galalediwe ka Jesu Keresete.” (1 Petere 4:11) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa “tiro ya bolebedi” e se maemo a motho a ka itlotlomatsang ka one, go na le moo o ne a e tlhalosa e le “tiro e e molemomogolo.” (1 Timotheo 3:1) Bagolwane ba tlhomiwa gore ba direle, e seng gore ba buse. Ke barutisi le badisa ba letsomane la Modimo. (Ditiro 20:28; Jakobe 3:1) Bagolwane ba ba boikokobetso le ba ba intshang setlhabelo ke tshegofatso ya mmatota mo phuthegong. (1 Petere 5:2, 3) “Lo nne lo tseye batho ba mofuta oo e le ba ba tlotlegang” mme lo leboge Jehofa go bo a ile a dira gore go nne le bagolwane ba bantsi jaana ba ba tshwanelegang ba ba dirang dilo go ya ka tsamaiso ya puso ya Modimo mo ‘malatsing ano a bofelo.’—Bafilipi 2:29; 2 Timotheo 3:1.
“Nnang Baetsi ba Modimo”
17. Ba ba leng kafa tlase ga tsamaiso ya puso ya Modimo ba etsa Modimo ka ditsela dife?
17 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) Batho ba ba ineetseng mo pusong ya Modimo ba leka ka natla go nna jaaka Modimo go ya kafa batho ba ba sa itekanelang ba ka kgonang ka teng. Ka sekai, Baebele e bolela jaana ka Jehofa: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.” (Duteronome 32:3, 4) Go etsa Modimo mo go seno, Bakeresete ba batla go ikanyega, go nna tshiamo le go nna tshiamiso ka tsela e e lekalekaneng. (Mika 6:8; 1 Bathesalonika 3:6; 1 Johane 3:7) Ba tila dilo tse dintsi tse di letlelelwang ke lefatshe, tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang, bopelotshetlha le bogagapa. (Baefeso 5:5) E re ka batlhanka ba ga Jehofa ba latela ditekanyetso tsa Modimo, e seng tsa batho, phuthego ya gagwe e dira dilo go ya ka tsamaiso ya puso ya Modimo, e phepa e bile e itshekile.
18. Nonofo e kgolo ya Modimo go gaisa tsotlhe ke efe mme Bakeresete ba supa jang nonofo eno?
18 Nonofo ya ga Jehofa Modimo e kgolo go di gaisa tsotlhe ke lorato. Moaposetoloi Johane o bolela jaana: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) E re ka tsamaiso ya puso ya Modimo e le puso e Modimo a busang mo go yone, go raya gore ke puso ya lorato. Jesu o ne a bolela jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:35) Mokgatlho wa tsamaiso ya puso ya Modimo o supile lorato ka tsela e e tlhomologileng mo malatsing ano a a thata a bofelo. Ka nako ya kgailo ya merafe mo Afrika, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bontsha batho botlhe lorato, go sa kgathalesege gore ke ba setso sefe. Ka nako ya ntwa kwa go se pele e neng e le Yugoslavia, Basupi ba ga Jehofa ba dikarolo tsotlhe ba ne ba thusana, fa ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi tsone di ne di na le seabe mo go se go tweng ke go gailwa ga morafe. Mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o leka go latela kgakololo eno ya ga Paulo: “A bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. Mme nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.”—Baefeso 4:31, 32.
19. Batho ba ba ikobelang puso ya Modimo ba nna le masego afe gone jaanong le mo isagweng?
19 Batho ba ba ikobelang tsamaiso ya puso ya Modimo ba nna le masego a magolo. Ba na le kagiso le Modimo le Bakeresetekabone. (Bahebera 12:14; Jakobe 3:17) Ba na le boikaelelo mo botshelong. (Moreri 12:13) Ba babalesegile mo semoyeng e bile ba na le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. (Pesalema 59:9) Tota e bile, ba setse ba bona gore go tla nna jang fa batho botlhe ba busiwa ke tsamaiso ya puso ya Modimo. Baebele e bolela gore ka nako eo, “ga [ba] ketla [ba] utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) A bo e tla bo e le nako e e itumedisang jang ne! E kete rotlhe re ka tlhomamisa gore re nne gone mo Paradaiseng eo ya isagwe ka go kgomarela tsamaiso ya puso ya Modimo gone jaanong.
A o Ka Tlhalosa?
◻ Tsamaiso ya mmatota ya puso ya Modimo ke eng mme e bonwa kae gompieno?
◻ Batho ba ikobela tsamaiso ya puso ya Modimo jang mo matshelong a bone?
◻ Batho ba ba busiwang ke tsamaiso ya puso ya Modimo ba galaletsa Modimo jang ba sa ikgalaletse bone ka bobone?
◻ Batho ba ba tshegetsang tsamaiso ya puso ya Modimo ba etsa dinonofo dife tsa bomodimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Solomone o ne a galaletsa Modimo a sa ikgalaletse ene ka namana