Basha Ba Botsa Jaana . . .
Nka Tswela Pele Jang Ke Tshela Sentle go Sa Kgathalesege go Bo Batsadi ba Ne Ba Kgaogane?
“Morago ga fa batsadi ba me ba ne ba sena go kgaogana, re ne ra tshwanelwa ke gore re fuduge. Re ne re sa tlhole re na le koloi, ka gone Mama o ne a tshwanelwa ke gore a tsamaye ka bese fa a batla go ya golo gongwe le fa a re isa kwa mmèng mongwe yo o neng a re tlhokomela. Ka nako eo re ne re kgona go bona diphetogo tseo di neng di le teng mo ntlong. Papa o ne a tshwanela gore a duele madi a go tlhokomela bana, mme lefa go ntse jalo gantsi o ne a sa dire jalo, mme Mama e bo e nna ene a tshwanelwang ke gore a a duele. E ne ya re kgabagare a se ka a tlhola a duela gotlhelele.”—Anne.a
MORAGO ga dingwaga di le 14, batsadi ba ga Anne ba santse ba kgaogane mme lefa go ntse jalo ga ba ise ba tlhalane. Fa e le gore o setse o kile wa nna le boitemogelo jo bo botlhoko jwa go bogela batsadi ba gago ba kgaogana, o ka nna wa tswa o itse sentle kafa a ikutlwang ka gone. Go ka nna ga tswa go fetile dibeke, dikgwedi, kana dingwaga tse di lekaneng gore letshogo leo o neng o na le lone kwa tshimologong le bo le setse le fedile. Mme lefa go ntse jalo ka dinako tse dingwe o ka nna wa ipotsa gore o tla kgona jang go tswela pele o tshela ka tsela eno. Ga go ise go dirwe tlhalo kana poelano; o santse o tlhorontshiwa ke go tlhobaela kaga botshelo jwa gago.
Bodutu le jone bo ka nna jwa iipha maatla. Morago ga fa batsadi ba ga Brad ba ne ba sena go kgaogana, mmaagwe o ne a ikhirisa kwa meberekong e le mebedi le go ya kwa sekolong go ya go ithutela tiro nngwe. Brad o ne a mo tlhologelelwa thata. O gakologelwa jaana: “Mo bosigong bongwe ke ne ka tsena ka bokukuntshwane mo koloing gore ke tsamaye le ene go ya mmerekong. Mme lefa go ntse jalo e ne e ya re fa ke sena go goroga teng, ke ne ka fetoga morwalo. Go ne ga tshwanela gore go nne le mongwe yoo a neng a ka nkisa gae.” Eleruri, bana ba le bantsi ba batsadi bao ba kgaoganeng ba ikutlwa jaaka ekete go kgaogana goo go bakile gore ba latlhegelwe ke batsadi boobabedi, eseng a le mongwe fela. Jaaka fa mosha mongwe, ebong Mike, a bolela jaana: “Re ne ra latlhegelwa ke papa a ya le mosadi yo mongwe, mme ya re morago ga moo mama le ene a re latlhegela a ya le ditiro tsa gagwe tsa boitshediso.”
Bodutu, tlhobaelo, boemo jo bo fetogileng jwa tsa itsholelo—fa e le gore batsadi ba gago ba kgaogane, o tshwanelwa ke gore o lebane le mathata a a ntseng jaana. O ka a rarabolola jang ka tsela e e molemo?
Go Tlhoma Matlho go Sele
Ntwa eno, jaaka go ntse ka tse dingwe tse dintsi, e simolola mo mogopolong mmogo le mo pelong ya gago ka namana. O ka nna wa nna le mokgwa wa go akanya ka go kgaogana ga batsadi ba gago o sa kgaotse, o tshwenyegile ka gone o sa kgaotse, le eleng go wela mo bothateng jo bo ipoapoeletsang jwa go itshwabela joo go leng thata eletota go ka falola mo go jone. Lefa go ntse jalo, o ka itshireletsa gore o se ka wa fenngwa ke tlhobaelo.
Mo setlhogong sa rona sa mo nakong e e fetileng sa mo motseletseleng ono, re ile ra tshwantsha go tswela pele o tshela sentle go sa kgathalesege go bo batsadi ba gago ba kgaogane le go falola mo ledimong mo botshelong jwa gago.b Se se kgatlhisang ke gore Bibela e re bolelela kafa moaposetoloi Petere a kileng a iphitlhela a tsamaya a raletse ledimo la mmatota ka gone mo lewatleng. E ne ya re fa ledimo leo le befa le go feta, a bona Jesu Keresete a tsamaya mo godimo ga metsi mme a sa nwele! Jesu o ne a bo a laletsa Petere gore a tsamaele kwa go ene mo godimo ga lewatle. Mme lefa go ntse jalo Petere o ne a se ka a tsamaya sekgala se setelele go le kalo a bo a simolola go nwela. Ka ntlha yang?
Mathaio 14:30 e bolela jaana: “Mme ya re a leba ledimo leo, a [Petere] boifa mme . . . a simolola go nwela.” (NW) Seo Petere a neng a se tlhoka e ne e le gore a nne le tumelo, eseng poifo. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa a leba ledimo leo, ka makhubu a lone a a ntseng a kgweelediwa kwa le kwa ke phefo, o ne a simolola go boifa. O ne a se ka a tlhola a leba kwa go Jesu, eleng ene yoo a neng a ka mo dira gore a se ka a nwela. Le wena o ka diragalelwa ke se se tshwanang. Fa o ka nna wa akanya ka mathata ao o nang le one o sa kgaotse, a tla lebega a boifisa thata mo go wena. Mo boemong jwa moo tlhoma mogopolo wa gago mo ditharabololong tsa one.
Meg, yoo batsadi ba gagwe ba kgaoganeng, o tlhalosa seno ka tsela eno: “O se ka wa tlhoma mogopolo wa gago thata mo boemong joo o leng mo go jone ka nako eo. Gone tota ga o kake wa bo fetola.” Randy le ene o na le mogopolo o tshwanang le ono: “Fa o akanya ka tsela e e sa siamang, o nna o tsena mo seretseng seno se se roromelang, o nnela go tlhatlhanya ka selo se le sengwe o sa fetse, jaaka ekete o ka re o lori e tshwerwe ke seretse.” O ka intsha jang mo seretseng seno?
Buisana le Ba Bangwe ka Seno
Meg o bolela jaana: “Buisana le mongwe yoo a nang le boitemogelo eletota ebile a godile semoyeng, mongwe yoo a ka go thusang gore o bone dilo ka tsela e e phepafetseng.” Tsala ya mofuta oo e ka go thusa gore o tlhome mogopolo wa gago mo dilong tse di molemo go ya pele. Jaaka fa Diane 17:17 e bolela jaana: “Ditsala di bontsha lorato lwa tsone ka dinako tsotlhe. Tiro ya barwarre ke eng fa e se go thusana mo bothateng?” (Today’s English Version) Jalo fa o ntse o kgaratlha ka ntlha ya gore batsadi ba gago ba kgaogane, mme segolobogolo e le ka ntlha ya bodutu joo bo itelekelang morago ga seo, gongwe o tla tshwanelwa ke gore o buisane le ditsala tsa gago ka seno mme o ikaege ka tsone thata go feta kafa o neng o ntse o dira ka gone pele.
Lefa go ntse jalo go na le tlhagiso. Ga se ditsala tsotlhe tseo di tla go thusang gore o kgone go ka fenya bothata jono. Ba bangwe sa bone fela e tla nna go go direla mathata go ya pele. Mike o gakologelwa jaana: “E ne ya re morago ga gore batsadi ba me ba kgaogane, ke ne ka ineela mo ditsaleng tsa me ka tsela e e batlang e feta e e tlwaelegileng. Re ne re ja monate mmogo, mme lefa go ntse jalo gantsi re ne re tsena mo dipharagobeng mmogo—eleng mo dilong tse di ntseng jaaka diokobatsi mmogo le go lwa. Ka nakonyana e e rileng ke ne ke atisa go akanya gore fa nka latlhegelwa ke ditsala tsa me, ke ne ke tla latlhegelwa ke sengwe le sengwe. Seo e ne e le ditsiabadimo fela, ke ne ka lemoga seo moragonyana ga moo, ka gonne tota ba ne ba sa ikanyege. Ba ne ba mphetogela. Yo mongwe wa bone o ne a bo a itira jaaka ekete ke nna fa mapodisi a ne a mo tshwara a dira boganana mo moagong wa sekolo.”
Nnyaa, ga se ditsala tsotlhe tseo eleng ditsala tsa mmatota. Jaaka fa Diane 18:24 e bolela jaana: “Go na le ditsala tseo di dirang gore motho a senyege, tse dingwe di ngaparela motho go gaisa morwarraagwe.” (The Jerusalem Bible) Ka lesego, e ne ya re moragonyana Mike a bona ditsala tsa mofuta o o siameng. O gakologelwa nngwe ya tsone jaana ka mo go kgethegileng: “O ne a tshwana fela le nkgonne wa mosimane mo go nna. O ne a ithuta Bibela le nna, mme o ne a dira le dilo tse dingwe gape le nna. O ne ebile a tle a tsamaye le nna gore re ye go bereka le ene. Mme ga go na le ka motlha ope a kileng a ntira gore ke ikutlwe gore seno ke morwalo mo go ene. Go tla go fitlha le gompieno jaana ke a itse gore seo se ne sa ama botshelo jwa me. Fa nkabo ke ile ka se ka ka kopana le ene, ga ke itse gore nkabo ke le eng gone jaanong.”
O ka bona kae tsala ya mofuta oo? Jesu o ne a solofetsa gore phuthego ya Bokeresete e ne e ka neela batho “bomorwa rragwè, le bokgantsadiè, le bommagwè, le bana” bao ba senang bone. (Mareko 10:30) Ka gone, Mike o ne a bona ditsala kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa.
Go ne ga nna jalo le ka Tom. O gakologelwa jaana: “Mokaulengwe yo mongwe o ne a ntsaya gore ke nne le ene mme a ntira jaaka ekete ke morwa wa gagwe yo mogolo. Mme kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a ntse jaaka mmemogolo wa rona. Phuthego ka metlha e ne e re rata tota, mme go a gakgamatsa kafa seno se go thusang ka gone.” Ka jalo Tom o gakolola jaana: “Fa e le gore ga o na rrago, batla mongwe yoo e ka nnang rrago mo phuthegong. Mo go yone nako eo, sireletsa dikamano tsa lelapa tseo o nang le tsone, mme lo atamalane.” Bomorwarrago, bokgaitsadio, borremogolo le bommemogolo, mmogo le ba bangwe ba losika botlhe e ka nna ditsala tse di ikanyegang mo go wena.—Diane 13:20.
Mme botsala jo bogolo go phala jotlhe joo o ka nnang le jone ke joo o ka nnang le jone le Mmopi wa gago, ebong Jehofa. Fa batsadi ba kgaogana, tsholofetso eno eo eleng mo go Yakobe 4:8 e gomotsa thata: “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.”
Latela Thulaganyo ya Semoya
Fa o ya ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete seo se tla go thusa gore o dire sonesone seo—eleng go go dira gore o atamalane le Modimo, ka go ithuta ka one. Gape dipokano di tla go thusa gore o bone ditsala tse disha. (Bahebera 10:24, 25) Mme lefa go ntse jalo dipokano mmogo le ditiro tse dingwe tsa Bokeresete le tsone di ka dira gore botshelo jwa gago bo tlhamalale le gore bo nne le thulaganyo. Seo se botlhokwatlhokwa segolobogolo fa e le gore go kgaogana goo go bakile maanyaanya mo dithulaganyong tsa lelapa la lona, go dira gore matsatsi a gago a tlale tlhobaelo.
Ke boammaaruri, o ka nna wa ikutlwa go na le sengwe se se kotsi seo se go tlhotlheletsang gore o tsuologele dithulaganyo tsotlhe tseo lo nang le tsone gone jaanong. Sekolo segolobogolo se ka nna sa lebega e le morwalo. Mike o gakologelwa jaana: “Ke ne ka simolola go nna le boikutlo jwa ‘go sa kgathale.’ Ke ne ka simolola go tshwara maduo a a kwa tlase thata kwa sekolong, mme ke ne ka akanya jaana, ‘Fa rre le mmè ba sa kgathalele go ka boloka lelapa le le mmogo, he le nna ga ke kgathale.’ Go kgaogana ga bone e ne ya nna lone lebaka la me la gore ke se ka ka iteka.”
Mme lefa go ntse jalo o se ka wa dira phoso ya go ntsha go kgaogana goo seipato sa gago sa go bo o tlhokomologa tsonetsone dilo tseo di tlileng go go thusa thata. Buka ya Surviving the Breakup e bolela gore mo baneng bao batsadi ba bone ba tlhalaneng “sekolo se mosola thata ka gonne se a ba aga . . . Go ne go bonala gore bana ba le bantsi sekolo se ne se ba ema nokeng mo tseleng eno ya konokono, go sa kgathalesege kafa ba dirang ka gone mo dithutong tsa sekolo le mo dilong tsa loago fa ba le mo phaposingborutelo.”
Sekolo gape se ka go thusa gore o nne le dinonofo mmogo le dikgono le boikgapo tseo di ka go thusang mo botshelong jwa gago jotlhe—le eleng go go dira gore o kgone go hirwa. Fa e le gore lelapa la lona le ile la wela mo mathateng a madi ka ntlha ya go kgaogana, jaaka fa go diragala ka a le mantsi, gongwe o ka kgona go bona molemo wa gore o ipaakanye jaanong o ipaakanyetsa gore o bone tiro eo e tla go thusang gore o fitlhelele ditlhokafalo tsa gago tsa mo isagweng.
Gone tota, ga se gore ga go na sepe seo o ka se dirang ka isagwe ya gago. O ka kgona go tswela pele o tshela sentle go sa kgathalesege go bo batsadi ba gago ba kgaogane. O tlhomeletswe go ka dira jalo. Badiradipatlisiso ba tlhalo ba ile ba lemoga gore basha ba le bantsi ba kgona go tswela pele ba tshela sentle go kgaogana ga batsadi ba bone go sa ba ama ka gope. Ba le bantsi ebile ba ithuta go tswa mo diphosong tsa batsadi ba bone mme ka gone boitemogelo joo bo a ba suga ka ditsela tse di rileng.c
Ga go tlhokafale gore isagwe ya gago e nne e e tlhobaetsang. Ga go tlhokafale gore e nne e e tletseng bodutu. Fa o buisana le ditsala tsa mofuta o o siameng, o ngaparela thulaganyo ya semoya, le go gana go akanya o sa kgaotse ka bothata jwa gago, isagwe ya gago e ka nna e e tlhomameng eleruri. Kwantle ga pelaelo, e ka nna ka lobaka lo lotelele ebile e le e e itumedisang.—Diane 3:1, 2.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Setlhogo sa “Basha Ba Botsa Jaana . . . Batsadi ba Me Ba A Kgaogana—Ke Eng Seo Ke Tshwanetseng go Se Dira?” se se mo tokololong ya Tsogang! ya September 8, 1990, se tlotla ka dingwe tsa dirai tseo o tshwanetseng go di tila, tse di ntseng jaaka go ineela mo moyeng wa go tlala bogale, wa go ipusolosetsa.
c Setlhogo se se reng “Young People Ask . . . Will My Parents’ Divorce Ruin My Life?” (“Basha Ba Botsa Jaana . . . A go Tlhalana ga Batsadi ba Me go Tlile go Senya Botshelo jwa Me?”) se se mo tokololong ya Awake! ya December 22, 1987, se bontsha gore ga o a neelelwa gore o boeletse diphoso tseo di dirilweng ke batsadi ba gago.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Fa batsadi ba gago ba kgaogana, o ka nna wa tlhoka ditsala go feta kafa o neng o di tlhoka ka gone pele. O ka bona kae ditsala tsa mofuta o o siameng?