LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/09 ts. 10-13
  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itse mo go Oketsegileng
  • Tsaya Kgato Pele
  • Ga go Ke go Nna Thari!
  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi ba Me Ba Sa Ntlhaloganye?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Tlhaloganye?
    Tsogang!—2012
  • Ke Ka Dira Jang Gore Batsadi ba Me Ba Nneye Kgololesego e Kgolwane?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 10/09 ts. 10-13

Basha ba Botsa Jaana

Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?

Jessica le batsadi ba gagwe ba ja dijo tsa maitseboa le ditsala. Fa ba ntse ba ja, mongwe wa bagolo o raya mmaagwe Jessica a re, “O ka se ka wa dumela! Maloba ke bone Richard—mosimane yo o neng o ikentsha le ene fa o ne o le kwa sekolong se segolwane.”

Jessica o digela foroko ya gagwe mo tafoleng. Ga a ise a ko a utlwe go buiwa ka Richard!

“Ijo, Mama, a o ne o ikentsha le mongwe o sele pele ga Papa? Ke ne ke sa itse seo!”

A LE wena, jaaka Jessica o kile wa utlwa sengwe ka batsadi ba gago se se neng sa go gakgamatsa? Fa e le gore go ntse jalo, gongwe go ile ga dira gore o ipotse gore ke eng se sengwe gape se o sa se itseng ka bone!

Ke eng fa gantsi go na le ditsela tse o ka itseng batsadi ba gago botoka ka tsone? O ka solegelwa molemo jang ke go itse mo go oketsegileng ka bone? Mme o ka dira seo jang?

Go Itse mo go Oketsegileng

Ke eng fa go ka tswa go na le dilo dingwe tse o sa di itseng ka batsadi ba gago? Ka dinako tse dingwe e ka tswa e le ka go bo o le kgakala le bone. Jacoba yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 22 a re: “Batsadi ba me ba ile ba tlhalana fa ke ne ke le dingwaga di le robedi. Morago ga foo, ke ne ke bona rre ka makgetlo a le mmalwa fela ka ngwaga. Go na le dilo di le dintsi tse ke eletsang nkabo ke di itse ka ene.”

Le fa o ka tswa o ile wa nna le batsadi ba gago ka dingwaga di le dintsi, gongwe ga ba a go bolelela sengwe le sengwe ka bone. Ka ntlha yang? Jaaka rona rotlhe, ka dinako tse dingwe batsadi ba rona ba tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. (Baroma 3:23) Mme gape, ba ka tswa ba tshwenyega gore fa ba ka go bolelela ka diphoso tsa bone, o ka nna wa se ka wa tlhola o ba tlotla jaaka o ne o ba tlotla pele—kgotsa gongwe ba akanya gore o tla batla go dira dilo tse di fetang tse bone ba di dirileng.

Le fa go ntse jalo, gantsi go na le dilo tse batsadi ba gago ba sa go bolelelang tsone e le fela ka go bo go ise go ke go buiwe ka tsone. Lekawana lengwe le le bidiwang Cameron la re: “Go a gakgamatsa gore o ka nna le batsadi ba gago ka dingwaga di le dintsi mme o sa ntse o tlhoka go itse go le gontsi ka bone!” Ke eng o sa dirise tshono eno gore o itse batsadi ba gago botoka? Akanya ka mesola e menè e o ka nnang le yone.

Mosola #1: Gongwe batsadi ba gago ba tla anaanela kgatlhego ya gago. Ga go na pelaelo gore ba tla itumela go bona gore o kgatlhega thata mo e leng gore o ba botsa ka botshelo jwa bone. Mme go itse mang—ba ka nna ba tsiboga ka go amega thata ka wena le ka maikutlo a gago!—Mathaio 7:12.

Mosola #2: O tla kgona go tlhaloganya tsela e batsadi ba gago ba lebang dilo ka yone. Ka sekai, a batsadi ba gago ba ne ba se na dithoto tse dintsi mo nakong e e fetileng? Seno se ka nna sa tlhalosa lebaka la go bo ba rata go somarela thata gone jaanong, le fa seo se ka bonala se sa tlhokege mo go wena.

Go tlhaloganya tsela e batsadi ba gago ba akanyang ka yone go ka go thusa thata. Lekawana lengwe le le bidiwang Cody le ne la bolela jaana: “Ka go ithuta kafa batsadi ba me ba akanyang ka teng, ke kgona go akanyetsa kafa mafoko a me a tla ba amang ka teng pele ga ke bua.”—Diane 15:23.

Mosola #3: Go ka nna ga dira gore o gololesege thata go bua ka botshelo jwa gago. Bridgette wa dingwaga di le 18 a re: “Ke ne ke sa gololesege go bua le Rre ka mosimane mongwe yo ke neng ke mo rata. Mme fa ke simolola go gololesega go bua le Rre, o ne a mpolelela ka lekgetlo la ntlha fa ene a ne a simolola go rata mongwe le kafa boikutlo joo bo neng bo itumedisa ka gone. O bile a mpolelela ka letsatsi le a neng a kgaogana le kgarebe ya gagwe ka lone le kafa go neng go mo utlwisitse botlhoko ka teng. Seo se ne sa nthotloetsa gore ke mmolelele go le gontsi ka boemo jwa me.”

Mosola #4: O ka nna wa ithuta sengwe. Maitemogelo a batsadi ba gago a ka go thusa gore o lepalepane le dilo tse di go kgobang marapo le dikgwetlho tsa gago. Joshua wa dingwaga di le 16 a re: “Ke batla go itse gore batsadi ba me ba kgona jang go tlhokomela lelapa le legolo le le nang le dilo tse dintsi tse di farologaneng tse ba di tlhokang mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng. Go tshwanetse ga bo go na le dilo dingwe tse di botlhokwa tse nka di ithutang mo go seo.” Baebele e botsa potso eno: “A ga go na botlhale mo go ba ba tsofetseng le tlhaloganyo mo boleeleng jwa malatsi?”—Jobe 12:12.

Tsaya Kgato Pele

Fa e le gore o batla go itse batsadi ba gago botoka, o ka dira seo jang? Dikakantsho dingwe ke tseno.

Tlhopha nako le lefelo le le tshwanetseng. Ga se ka metlha o tlhokang go rulaganya gore nako e tla nna leng le lefelo le tla nna kae. Go na le moo, leka gore e nne motlotlo o mo go one lo iketlileng. Gongwe o ka tshameka motshameko mongwe le batsadi ba gago, wa bereka le bone mo porojekeng nngwe kgotsa wa tsamayatsamaya le bone kgotsa wa tsamaya le bone ka koloi. Cody, yo o umakilweng pelenyana a re: “Ke nna le metlotlo e e monate le batsadi ba me fa re le mo maetong a maleele. Gone ke boammaaruri gore go motlhofo go tsenya di-earphone fela kgotsa go robala, mme ke lemogile gore go simolola motlotlo ga e nke e nna matsapa a bophiri!”

Botsa dipotso. Amogela boammaaruri jono: Tota le fa nako le lefelo e le le le siameng, go ka se direge fela gore mmago a go bolelele ka lorato lwa gagwe lwa ntlha lwa go ijesa dijo tsa ditoro o sa mmotsa mme rrago le ene a ka se ka a go bolelela fela ka nako ya fa a ne a thudile ka koloi ya gaabo. Mme go ka direga gore batsadi ba gago ba go bolelele dilo tse di ntseng jalo fa o ba botsa!—Go bona dikakantsho tsa dipotso tse o ka di botsang, bona lebokoso le le mo tsebe 12.

Fetofetoga le maemo. Gantsi karabo ya potso e le nngwe e tla dira gore go tlhage kgang e nngwe. O ka nna wa raelesega go busetsa motlotlo mo kgannyeng e lo neng lo tlotla ka yone, mme ithibe gore o se ka wa go dira! Gakologelwa, mokgele wa gago ga se fela gore o nne le tshedimosetso. Go na le moo, o batla go nna le kamano e e gaufi le batsadi ba gago, mme nngwe ya ditsela tse di molemo tsa go dira jalo ke go bua ka dilo tse di leng botlhokwa mo go bone.—Bafilipi 2:4.

Nna le temogo. “Dikakanyo tsa motho di ntse jaaka metsi a a boteng mme motho yo o nang le temogo o kgona go dira gore a di tlhalose.” (Diane 20:5, Today’s English Version) O tlhoka botlhale kgotsa temogo segolobogolo fa o batla gore batsadi ba gago ba tlhalose dilo tse ba sa rateng go bua ka tsone. Ka sekai, gongwe o batla go itse gore ke diphoso dife tse di tlhabisang ditlhong tse rrago a di dirileng fa a ne a lekana le wena le gore a ka dira dilo jang ka tsela e e farologaneng fa a ne a ka kgona go di dira gape. Mme pele ga o tlotla ka dilo tse di ntseng jalo, o ka nna wa re, “A go siame fa nka lo botsa ka . . . ”

Akanyetsa maikutlo a bone. Fa batsadi ba gago ba go bolelela dilo dingwe ka bone, nna “bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Le fa o ka tswa o dira eng, o se ka wa sotla kgotsa wa kgala batsadi ba gago ka ntlha ya dilo tse ba go di boleletseng. Dikakgelo tse di jaaka “Ijo! Ga ke dumele gore o dirile seo!” kgotsa “Ke ka lebaka leo o gagamaditseng letsogo jaana mo go nna!” di ka se dire gore mmago kgotsa rrago ba go bulele mafatlha gape. E bile ba ka se tlhole ba bua le wena fa o tlotlela batho ba bangwe ba ba seng mo lelapeng ka se ba go boleletseng sone.

Ga go Ke go Nna Thari!

Dikakantsho tse di fa godimo fano di ka go thusa gore o itse batsadi ba gago botoka fa o sa ntse o nna le bone kwa gae. Mme go tweng fa e le gore o setse o tswile kwa gae? Yone melaometheo eo e ka go thusa gore o boe gape o nne le kamano e e gaufi le batsadi ba gago—kgotsa le e leng go dira gore o nne le kamano le motsadi yo o iseng o ko o mo itse. Ke se Jacob yo o umakilweng kwa pelenyana a se lemogileng. Le fa gone jaanong a nna a le nosi, a re, “Ke simolotse go itse rre botoka bosheng jaana, mme ke itumelela seo.”

Ka gone, e ka tswa o nna kwa gae kgotsa o setse o tswile kwa gae, ga go ke go nna thari gore o itse batsadi ba gago. Ke eng o sa leke go dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong seno gore di go thuse go dira jalo?

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

◼ Ke dilo dife tse di umakilweng mo setlhogong seno tse o ka ratang go di botsa batsadi ba gago?

◼ Go ithuta mo go oketsegileng ka batsadi ba gago go ka go thusa jang gore o itlhaloganye botoka?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

Botsa batsadi ba gago dipotso tse di jaaka tse di latelang:

LENYALO: Wena le Mama (kgotsa Papa) lo kopane jang? Ke eng se se ileng sa dira gore lo kgatlhegelane kwa tshimologong? Lo ile lwa nna kae fa lo sena go nyalana?

NAKO YA BONGWANA: O tsholetswe kae? O ne o utlwana go le kana kang le bomorwadiarrago le bomorwarrago? A batsadi ba gago ba ne ba gagamaditse letsogo mo go wena kgotsa a ba ne ba dumelela sengwe le sengwe?

THUTO: Ke serutwa sefe se o neng o se kgona thata kwa sekolong? Ke sefe se se neng se go palela? A go ne go na le morutabana yo o neng o mo rata thata? Ke eng se se neng se dira gore o rate morutabana yoo jaana?

TIRO YA BOITSHEDISO: Tiro ya gago ya ntlha e ne e le eng? A o ne o e rata? Fa e le gore o ne o ka kgona go tlhopha tiro e e rileng, o ne o tla tlhopha efe?

DIKGATLHEGO: Fa o ne o ka etela lefelo lengwe mo lefatsheng, o ne o tla tlhopha lefe? Ke tiro efe ya go itlosa bodutu kgotsa bokgoni bofe jo o neng o ka rata go nna le jone?

REKOTO YA BONE YA SEMOYA: A o godisitswe o le Mokeresete? Fa e le gore ga go a nna jalo, ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele Baebele? Ke dikgwetlho dife tse o ileng wa lebana le tsone fa o ne o tshwanelwa ke go dumalanya botshelo jwa gago le melaometheo ya Baebele?

DILO TSE DI BOTLHOKWA: O akanya gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa thata mo kamanong e e molemo ya botsala? mo botshelong jo bo itumetseng? mo lenyalong le le atlegileng? Ke kgakololo efe e e molemolemo e o kileng wa e amogela?

Leka seno: Tlhopha dipotso di le mmalwa mo go tse di fa godimo mme o bo o leka go akanya gore batsadi ba gago ba ne ba tla di araba jang. Go tswa foo, botsa dipotso tseo mme o bo o bapisa dikarabo tsa bone le tse o neng o di akanya.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

O ja dijo tsa maitseboa le monna wa gago, morwadio le ditsala dingwe tsa lelapa la lona. Fa motlotlo o ntse o tsweletse, tsala ya gago e umaka mongwe yo o neng o intsha le ene mme wa kgaogana le ene pele ga o kopana le monna wa gago. Ga o ise o ko o bolelele morwadio ka kgang eno. Mme jaanong o batla go itse mo go oketsegileng. O tla dira eng?

Gantsi go botoka gore o arabe dipotso tsa ngwana wa gago. Tota e bile, nako le nako fa a botsa dipotso mme a bo a reetsa dikarabo tsa gago ke nako ya fa lo buisana—sengwe se batsadi ba le bantsi ba se eletsang.

O tshwanetse go bolelela morwao kgotsa morwadio go le kana kang ka botshelo jwa gago jwa nako e e fetileng? Ke ga tlholego fela gore o tla batla go tlogela tshedimosetso e e tlhabisang ditlhong. Le fa go ntse jalo, fa go tshwanela, go senola dingwe tsa diphoso tse o di dirileng le dikgwetlho tse o nnileng le tsone go ka thusa bana ba gago. Jang?

Akanya ka sekai sengwe. Nako nngwe moaposetoloi Paulo o ne a senola seno ka ene: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna. . . . A nna motho yo o tlhomolang pelo!” (Baroma 7:21-24) Jehofa Modimo o ne a tlhotlheletsa mafoko ao mme o ne a dira gore a kwalwe le go bolokiwa mo Baebeleng gore rona re solegelwe molemo. ( 2 Timotheo 3:​16) Mme ruri re solegelwa molemo, e re ka mongwe le mongwe wa rona a tlhaloganya mafoko a ga Paulo a a tswang pelong.

Ka tsela e e tshwanang, fa bana ba gago ba utlwa ka dilo tse di siameng tse o di tlhophileng le diphoso tse o di dirileng go ka ba thusa gore ba go tlhaloganye botoka. Gone ke boammaaruri gore wena o godisitswe mo motlheng o o farologaneng le wa bone. Le fa go ntse jalo, le fa dinako di fetogile, tsela e batho ba ntseng ka yone ga e a fetoga; mme le melaometheo ya Dikwalo ga e a fetoga. (Pesalema 119:144) Fa o tlotla ka dikgwetlho tse o ileng wa lebana le tsone—le kafa o ileng wa di fenya ka teng—go ka thusa bana ba gago ba dingwaga tsa bolesome gore ba rarabolole mathata a bone. Lekawana lengwe le le bidiwang Cameron la re: “Fa o lemoga gore batsadi ba gago le bone ba nnile le dikgwetlho tse wena o lebanang le tsone, go dira gore o tlhaloganye gore batsadi ba gago ba tshwana thata le wena.” O oketsa jaana: “Mo nakong e e latelang fa o nna le bothata, o ipotsa gore a batsadi ba gago le bone ba ile ba lebana le seno mo nakong e e fetileng.”

Tlhagiso: Ga go tlhokege gore dikgang tsotlhe di felele ka kgakololo. Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o tshwenyegile gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a ka dira ditshwetso tse di sa siamang ka se a se utlwileng kgotsa le e leng go ikutlwa a na le lebaka la gore le ene a dire diphoso tse di tshwanang. Mme go na le gore o sobokanye se o batlang gore ngwana wa gago a ithute sone mo motlotlong wa lona (“Ke ka lebaka leo le ka motlha o sa tshwanelang go . . . ”), tlhalosa ka bokhutshwane gore wena o ikutlwa jang. (“Le fa gone ka nako eo ke ne ke sa lemoge, ke eletsa e kete nka bo ke sa dira jaana le jaana ka gonne . . . ”) Ka tsela eo, morwao kgotsa morwadio a ka ithuta thuto e e botlhokwa mo go se se go diragaletseng a sa ikutlwe e kete o ntse a fiwa kgakololo.—Baefeso 6:4.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

“Ka nako nngwe ke ne ka bolelela mmè gore ke ikutlwa ke gololesegile thata fa ke na le bana ba ke tsenang sekolo le bone go na le Bakeresete ka nna. Ka letsatsi le le latelang, go ne go na le lekwalo mo tesekeng ya me le tswa kwa go Mmè. Mo lekwalong leo o ne a mpolelela kafa le ene a neng a ikutlwa a se na ditsala ka teng mo gare ga badumedi ka ene. O ne a nkgakolola ka batho bangwe mo Baebeleng ba ba neng ba direla Modimo le fa go ne go se na ope yo o neng a ka ba kgothatsa. O ne gape a nkakgola ka ntlha ya maiteko a ke a dirileng a go nna le ditsala tse di siameng. Ke ne ka gakgamala go utlwa gore ga se nna fela ke nnileng le bothata jono. Mmè le ene o nnile le jone mme ke ne ka itumelela seo thata jaana, mo e leng gore ke ne ka lela. Ke ne ka kgothatsega thata ka se mmè a se mpoleletseng mme ke ne ka nna le nonofo ya go dira se se siameng.”—Junko, 17, Japane.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Kopa batsadi ba gago gore ba go bontshe ditshwantsho kgotsa dilo tse dingwe tsa bone tsa nako e e fetileng. Gantsi dilo tseno di ka dira gore lo simolole motlotlo o o matlhagatlhaga

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela