LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/12 ts. 19-21
  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Tlhaloganye?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Tlhaloganye?
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?
    Tsogang!—2009
  • Ke Eng fa ka Metlha re Ngangisana?
    Tsogang!—2010
  • Ke Eng fa Re Nna re Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 5/12 ts. 19-21

Basha ba Botsa Jaana

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Tlhaloganye?

AKANYA KA TIRAGALO ENO.

Ke ura ya borataro Labotlhano maitseboa mme Jim wa dingwaga di le 17 o tabogela go ya go tswa ka kgoro e e kwa pele. O laela batsadi ba gagwe a re, “Ke tla lo bona!” a solofela gore ba tla lebala go mmotsa potso e ba tlholang ba mmotsa yone.

Fa a ka bo a itsile!

Mmaagwe o mmotsa jaana: “O tla boa nako mang, Jimmy?”

Jim o ema gone fela foo a ntse a kwakwaetsa a re, “Mmm . . . Eh . . . , ke tla boa thari, mme ga lo tlhoke go nkemela.” Fa Jim a sena go bula setswalo ka bofefo a setse a re o a tswa, rraagwe o mo tlhaeletsa a re, “Ema pele, James!”

Jim o ema gape mme go tswa foo o utlwa lentswe la ga rraagwe a bua a menne phatla: “O itse molao gakere. Ura ya lesome mo godimo ga tlhogo—ga go na ka tsela e nngwe!”

Jim o ngongorega jaana a leba kwa go rraagwe, “Ao tlhe Papa, a o itse gore go ntlhabisa ditlhong jang go bolelela ditsala tsa me gore ke tshwanetse ka bo ke setse ke le kwa gae ka nako eo?”

Rraagwe ga a fetoge. O ipoeletsa a re: “Ura ya lesome mo godimo ga tlhogo—ga go na ka tsela e nngwe!”

GONGWE o kile wa nna mo boemong jo bo tshwanang le jono. Le fa kgang e ka tswa e ne e le nako e o tshwanetseng gore o bo o le mo gae ka yone, mmino o o o reetsang, ditsala tsa gago kgotsa diaparo tsa gago, batsadi ba gago ba ne ba go beela melao mme ba ne ba sa ikaelela go e fetola. Ka sekai:

“Fa mmè a sena go nyalwa gape, rre wa me wa bobedi o ne a simolola go tshwaya diphoso mefuta yotlhe ya mmino e ke neng ke e rata. Kwa bofelong ke ne ka tshwanelwa ke go latlha di-CD tsa me tsotlhe!”—Brandon.a

“Mmè o ntshwaya phoso ka gonne ke se na ditsala. Mme fa ke mo kopa go itsalanya le mongwe, o a gana ka gonne a sa itse motho yoo. Seo se mpetisa pelo tota!”—Carol.

“Rre le mmè wa me wa bobedi ba batla ke apara fela dikipa tse nna ke bonang di le ditona mo go nna. Mme rre o ema ka la gore fa borokgwe jo bokhutshwane bo le fa godimo ga mangole, bo bokhutshwane thata!”—Serena.

O ka dirang fa wena le batsadi ba gago lo sa dumalane? A lo ka tlotla ka gone? Joanne wa dingwaga tse 17 a re: “Gantsi batsadi ba me ga ba batle go ntheetsa.” Amy wa dingwaga tse 15 a re: “Fa ke bona e kete batsadi ba me ga ba ntlhaloganye, ke a itidimalela.”

Mme o se ka wa itlhoboga ka bonako jalo! Batsadi ba gago ba ka tswa ba iketleeleditse go go reetsa go feta kafa o akanyang ka teng.

Akanya ka seno: Tota le Modimo o a reetsa fa batho ba mo tlhalosetsa seemo sa bone. Ka sekai, Jehofa o ne a reetsa Moshe fa a ne a buelela Baiseraele ba ba sa utlweng.—Ekesodo 32:7-14; Duteronome 9:14, 19.

O ka nna wa akanya gore batsadi ba gago ga ba tekatekano jaaka Modimo. Mme ke boammaaruri gore go na le pharologano e kgolo magareng ga fa Moshe a ne a bua le Jehofa ka isagwe ya setšhaba sotlhe le fa wena o bua le Rrago kgotsa Mmago ka go boela gae tharinyana. Le fa go ntse jalo, maemo ano a tshwana ka selo se le sengwe:

Fa o na le sengwe se se utlwalang se o batlang go se bua, batho ba ba nang le taolo—mo kgannyeng eno ke batsadi ba gago—ba ka nna ba batla go go reetsa.

Se se ka go thusang go atlega ke tsela e o bayang kgang ya gago ka yone! Dikgato tse di latelang di tla go thusa go dira seo ka katlego:

  1. Lemoga bothata. Fa tlase fano, kwala kgang e wena le batsadi ba gago lo sa dumalaneng ka yone.

  2. Lemoga tsela e o ikutlwang ka yone. Fa tlase fano, kwala mafoko a a tlhalosang kafa tsela e batsadi ba gago ba lebang kgang eno ka yone e dirang gore o ikutlwe ka teng—e ka tswa e dira gore o utlwe botlhoko, o hutsafale, o tlhabiwe ke ditlhong, o ikutlwe o sa tshepiwe kgotsa o na le maikutlo a mangwe. (Sekai: Mo tiragalong e e kwa tshimologong ya setlhogo seno, Jim a re lebaka la go bo batsadi ba gagwe ba batla gore a boe ka nako e e rileng le mo tlhabisa ditlhong fa pele ga ditsala tsa gagwe.)

  3. Itsenye mo ditlhakong tsa motsadi. A re re o na le ngwana wa dingwaga tsa bolesome yo o nang le bothata jo bo tshwanang le jo o bo kwadileng mo Kgato 1. Fa e ne e le wena motsadi, ke eng se o neng o tla tshwenyega thata ka sone mme ka ntlha yang? (Sekai: Mo tiragalong e e kwa tshimologong ya setlhogo seno, batsadi ba ga Jim ba ka tswa ba ne ba tshwenyegile ka pabalesego ya gagwe.)

  4. Sekaseka kgang eno gape. Araba dipotso tse di latelang:

    O akanya gore o ka solegelwa molemo jang ke tsela e batsadi ba gago ba lebang dilo ka yone?

    O ka dirang go ba thusa gore ba se ka ba tshwenyega thata?

  5. Tlotla le batsadi ba gago ka kgang eno mme lo senke tharabololo mmogo. Fa o dirisa dikgato tse di bontshitsweng fa godimo—le go akanyetsa dikakantsho tse di mo lebokosong le le reng “Dintlha Tse di ka Thusang mo Puisanong”—o ka nna wa fitlhela gore o ka kgona go tlotla le batsadi ba gago ka tsela e e bontshang gore o godile. Kellie o na le kamano e e ntseng jalo le rraagwe le mmaagwe. A re: “Go nganga ga go thuse ka sepe, e bile o ka se fenye kgang. Se se nthusang ke gore ke tlotla le batsadi ba me ka kgang e re sa dumalaneng ka yone go bona tharabololo. Mme gantsi re dira tshwetso e rotlhe re dumalanang ka yone.”

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

DINTLHA TSE DI KA THUSANG MO PUISANONG

“Go reetsa go botoka go na le go omana. Fa o reetsa batsadi ba gago o bo o leka go tlhaloganya tsela e ba lebang dilo ka yone, gongwe le bone ba ka dira se se tshwanang.”—Rianne.

Bala Bafilipi 2:3, 4.

“O se ka wa arabisa batsadi ba gago! Ke ne ke tlhola ke dira jalo go fitlha kgabagare ke lemoga gore nka bo ke ile ka tila kganetsano (le go otlhaiwa) fa nka bo ke ile ka laola loleme!”—Danielle.

Bala Diane 17:27; 21:23.

“Leta go fitlha lo setse lo wetse makgwafo, fa o itse gore batsadi ba gago ba tla iketleetsa go go reetsa.”—Collette.

Bala Diane 25:11.

“Batsadi ba gago ba tlhoka go itse gore o a ba tlotla le gore tota o reetsa se ba se buang. Ka jalo, pele o ba bolelela gore o ikutlwa jang, ba tlhomamisetse gore o utlwile se ba se buileng e bile o se tlhalogantse.”—Emily.

Bala Diane 23:22; Jakobe 1:19.

BOAMMAARURI KE GORE . . . 

Ga go tlhokege gore lo tlotle ka sengwe le sengwe se lo sa dumalaneng ka sone. Ka dinako tse dingwe o ka ‘buela mo pelong ya gago mme o bo o didimala.’ (Pesalema 4:4) Mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Beatrice a re: “Ka dinako tse dingwe fa ke akanya gore bothata jo bo rileng bo ka se ntshwenye go le kalo kamoso, ga bo tlhole bo lebega bo le bogolo go le kalo. Ke kgona go lebala ka jone.”

KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

Lo ne lo rarabolola dikgotlhang jang le batsadi ba lona? Fa lo ne lo ka nna basha gape, a go na le sengwe se lo neng lo ka se dira ka tsela e sele? Fa go ntse jalo, ke eng?

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

Wyndia—Ke leka go akanya pele nka bua sengwe. Ke akanyetsa tsela e batsadi ba me ba ikutlwang ka yone ke bo ke rapela pele nka bua sepe fela. Fa ke itse gore se ke batlang go se bua se tla baka kgotlhang, ke didimala pele go fitlha nka kgona go tlhalosa maikutlo a me ntle le go nna manganga.

Ross—Fa ke ikutlwa ke galefa, ke leka go ipolelela gore nka itshenyetsa letsatsi ka kganetsano e tota e neng e sa tlhokege. Ka ntlha ya seo, ke lemogile gore jaanong ga ke tlhole ke galefa motlhofo jaaka fa ke ne ke sa le monnye.

Ramona—Ke lemogile gore ka metlha go botoka go reetsa maikutlo a batsadi ba me. Gongwe tsela e ba lebang dilo ka yone e ka se farologane go le kalo le ya me, mme se re sa dumalaneng ka sone se ka tswa se se segolo jaaka ke ne ke lebeletse.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela