LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 12/8 ts. 8-10
  • Bokaulengwe mo Lefatsheng Lotlhe Bo A Tlhomamisega!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bokaulengwe mo Lefatsheng Lotlhe Bo A Tlhomamisega!
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basupi ba ga Jehofa Ga Ba A Nna Jalo
  • Kafa Kutlwano E Fitlhelelwang ka Gone
  • Boperofeti jwa Bibela Bo a Diragadiwa
  • Fa Ditso Tsotlhe Di Tshela Mmogo ka Kagiso
    Tsogang!—1993
  • Motheo Wa Lefatshe Le Lesha O A Thaiwa Gone Jaanong
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Go Tlhaola Batho ka Lotso
    Tsogang!—2014
  • Go Bona Kutlwano ya Ditso mo Afrika Borwa E E Tletseng Matshwenyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 12/8 ts. 8-10

Bokaulengwe mo Lefatsheng Lotlhe Bo A Tlhomamisega!

MORONGWA yono o ne a ise a nne le lobaka lo loleele mo West Africa fa a ne a nna teng kwa kopanong nngwe ya bodumedi mo kgaolong nngwe e e kgakala. Jaaka a ne a atamela lelapa lengwe mo lefelong leo, kwantle ga lebaka lepe, mosimanyana wa dingwaga tse pedi o ne a simolola go lela.

Morongwa yoo o ne a leka go gomotsa ngwana yoo, mme selelo sa mosimanyana yoo sa fetoga go gala mo gogolo. “Go rileng?” morongwa yoo a botsa mmaagwe. O ne a araba ka go tlhabiwa ke ditlhonnyana a re: “Ke akanya gore o ledisiwa ke wena. O tshaba batho ba mmala wa gago. Ga a ise a ke a bone motho yo mosweu pele.”

Go tswa bonyaneng re ka lemoga dipharologanyo tse di leng teng tsa popego mo gare ga batho. Tlhaolele e nna gone moragonyana. Dipono tsa bana di simolola go bopega fa ba ntse ba lebeletse maikutlo le boitshwaro jwa batho ba bagolo, jaaka batsadi ba bone. Kwa sekolong ba tlhotlhelediwa thata ke barutabana ba bone, ditsala, le barutwanakabone.

Go ya ka patlisiso e e ileng ya tsaya nako e telele mo United States, fa bana ba setse ba fitlha mo dingwageng tsa bo 12, ba a bo ba setse ba na le dipono le maikutlo tse di tlwaetsweng kaga ditso di sele, ba mmala o sele, le kaga ditlhopha tsa bodumedi tse di ba dikologileng. Fa ba setse ba godile dipono tseno di a bo di setse di nweleletse.

Basupi ba ga Jehofa Ga Ba A Nna Jalo

Mo lefatsheng le tlhaolele e leng ntsi gone, Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologile jaaka ba ba farologaneng gotlhele. Ba itsiwe e le batho ba merafe e e utlwanang mo lefatsheng lotlhe. Gantsi seo se lemogiwa ke babogedi kwa dikopanong tsa bone tse dikgolo tsa ngwaga le ngwaga.

Ka sekai, pampiri ya dikgang ya States-Item e ne ya bega seno ka kopano nngwe e kgolo ya Basupi mo borwa jwa United States: “Go ne go rena moya wa bokaulengwe fela kwa Louisiana Superdome jaaka Basupi ba ga Jehofa ba basha le ba bagolo, ba bantsho le ba basweu ba ne ba nna fa fatshe gore go simololwe . . . go ithuta le go abelana maitemogelo . . . Go tlhaola batho ka lotso le mmala . . . ga se bothata mo basuping.”

Kwa kopanong nngwe ya Basupi, mo Afrika Borwa, mosadi mongwe wa Moxhosa o ne a akgela jaaka: “Go a gakgamatsa eleruri go bo mono Afrika Borwa batho ba ditso tsotlhe ba bo ba ka utlwana jaana. Go farologane gotlhelele le se ke se itseng mo dikerekeng.”

Fa baeti ba ba tswang Amerika Bokone le Borwa le ba ba tswang Yuropa ba ne ba le mo dikopanong tse dikgolo tsa Basupi kwa Botlhaba jo bo Kgakala le South Pacific, go ya ka pego nngwe, “go ne go sena lefa e le sesuponyana sa go tlhaola batho ka lotso le mmala mo go bone, lefa e le mo go bao ba neng ba amogetse baeng ba bone.”

Ka gone, se se dirang gore dimilionemilione tsa Basupi ba ga Jehofa bone ba bo ba farologane thata jaana ke gore ba na le kutlwano ya mmannete mme batho ba ditso tse di farologaneng ba a utlwana. Ba tshwaragantswe mmogo ke lorato lwa boammaaruri jwa Bokeresete. Seno se ntse fela jaaka fa Jesu a ne a bolela gore go tla nna: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.

Ka jalo he Basupi ba ga Jehofa ba setse ba na le bokaulengwe jwa mmannete, jo bo nnetseng ruri lefatshe ka bophara! Ba tsaya tsia seo Jesu a neng a se bolela mo go Mathaio 23:8: “Lona lotlhe lo bana ba monna.” Mme seno se diragala mo nakong e mo go yone dikgaogano tsa ditso le merafe le kilano di senyang popego ya merafe.—Bona gape 1 Bakorintha 1:10; 1 Yohane 3:10-12; 4:20, 21; 5:2, 3.

Kafa Kutlwano E Fitlhelelwang ka Gone

Motheo wa kutlwano eno ke kaelo e e theilweng mo Bibeleng eo Basupi ba ga Jehofa ba e amogelang kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi le ka go ithuta ga bone Bibela ka namana. Ba tshwana le Bakeresete ba Thesalonika, bao moaposetoloi Paulo a neng a bua ka bone a re: “E rile lo chola lehoko ya taeco mo go rona, eboñ lehoko ya Modimo, loa le amogèla e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla, yaka e le yeōna rure, ye le bileñ le diha mo go lona ba lo dumèlañ.”—1 Bathesalonia 2:13.

Ka jalo, Basupi ba dumela seo Bibela e se bolelang, ebile ba leka ka natla go etsa tsela ya Modimo ya go akanya. Ba tsaya tsia seo moaposetoloi wa Mokeresete ebong Petere a neng a se bua a tlhotlhelediwa: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho, me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Ditihō 10:34, 35.

Tumalanong le seno, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go dira batho ba “merahe eotlhe” barutwa. (Mathaio 28:19) Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba batla ka natla barati ba tshiamo mo ditlhopheng tsotlhe tsa ditso le merafe, kwantle ga go tlhaola. Mme fa bao ba maitemogelo a a farologaneng le ditso ba kopana mmogo mo kobamelong, mo tirong le go dirisana mmogo, kakanyo e e tlwaelegileng eo e a nyelediwa. Ba ithuta go tsaana ba le botlhokwa, go ratana.

Ke boammaaruri, motho ope yo o kileng a bo a tlhaola batho ka lotso le mmala o ka se fetole dipono tsa gagwe ka ponyo ya leitlho fela. Mme fa e nna Mosupi, o simolola go ‘apara botho jo bosha’ jo e leng Bokeresete jwa boammaaruri, ebile a dira ka tlhoafalo go fenya dipono tsa gagwe tse a neng a na le tsone pele. (Baefesia 4:22-24) Ga a leke go siamisa go tlhaola batho ga gagwe ka go bua a re, ‘Ke tsela eo ke godisitsweng ka yone.’ Nnyaa, o lekela go fetola mogopolo wa gagwe le go ‘nna le lorato mo bakaulengweng botlhe.’—1 Petere 2:17.

Boperofeti jwa Bibela Bo a Diragadiwa

Seo se diragalang gareng ga Basupi ba ga Jehofa gompieno se na le bokao jo bogolo. Eleruri, ke seo se neng sa bolelelwa pele mo Bibeleng.

Elatlhoko seo Isaia 2:2-4 e neng ya bolelela pele gore se ne se tla diragala “mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele,” mo ‘metlheng eno ya bofelo’ ya tsamaiso eno e e bosula ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5, 13) Boperofeti joo jwa ga Isaia bo ne jwa lemotsha gore kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa e ne e tla tlhomiwa mo losikeng lono, mme ‘batho go tswa merafeng yotlhe ba ne ba tla ologela kwa go yone. Mme merafe e le mentsi e ne e tla tsamaya e bo e re: “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.”’

Boperofeti jwa ga Isaia gape bo ne jwa lemotsha ka phelelo eo e e sa tlwaelegang e e latelang, eo e ileng ya bonwa mo dinageng tsotlhe gareng ga Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong leno lotlhe la dingwaga: “Me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”

Gape, buka ya Bibela ya Tshenolō, fa e bolela ka motlha wa rona, e ne ya bolelela pele gore boidiidi jo bogolo jwa batho “e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō” ba ne ba kopana mmogo mo bokaulengweng jwa mmanete go direla Modimo ka kutlwano.—Tshenolō 7:9, 15.

Seno ga se go ijela dijo tsa ditoro fela. Boidiidi jo bogolo go tswa merafeng yotlhe, go tswa ditlhopheng tsotlhe tsa ditso le tsa merafe, bo setse bo tlhomilwe. Bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa mmannete jo bo nnetseng ruri bo a agiwa gone jaaka fa re bua jaana! Ke motheo wa mokgatlho o mosha gotlhelele wa lefatshe lotlhe, wa batho ba ba itumetseng ba ba utlwanang oo o tla tsayang sebaka sa mokgatlho ono wa ga jaanong o o bodileng o mo bogautshwaneng o tla nyelediwang ke Modimo. Mokgatlho ono o o utlwanang o tla “rua lehatshe,” jaaka Jesu a boletse, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 5:5; 6:9, 10; Pesalema 37:10, 11, 28, 29, 37, 38.

Ke eng o sa iponele seno ka bowena? O amogelesega go ka etela Holo ya Bogosi epe ya Basupi ba ga Jehofa mme o itemogele go utlwana ga bone ga ditso tsotlhe. Kana nako e e latelang fa Basupi ba go etetse, ba laletse go tsena mme o ba kope gore ba go bontshe go tswa mo Bibeleng gore motheo wa go utlwana ga bone ga ditso tsotlhe ke eng. Ba letle gore ba go bontshe tsholofelo ya bone e e tswang mo Bibeleng e e leng malebana le lefatshe le lesha leo mo go lone bokaulengwe jwa boammaaruri bo tla bong bo rena mo godimo ga lefatshe lotlhe.

Modimo Mothatayotlhe, Jehofa, o neela tlhomamisetso ya gagwe ya gore boikaelelo jwa gagwe jwa go tlhoma bokaulengwe jwa batho botlhe bo tla diragadiwa. O bontsha jaana: “Lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.”—Isaia 55:11.

Re go laleletsa gore o tlhatlhobise bosupi jono go tswa mo boperofeting jwa Bibela le mo go diragadiweng ga boperofeti joo. Fa o dira jalo, o tla bona gore go utlwana ga ditso tsotlhe ga se fela gore go a kgonega mme ke mo go tla diragalang eleruri!

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 9]

Seo se diragalang gareng ga Basupi ba ga Jehofa gompieno se ne sa bolelelwa pele mo Bibeleng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Basupi ba ga Jehofa ke bone fela bao ba nang le kutlwano ya mmannete ya ditso gareng ga bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela