LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dg karolo 11 ts. 28-32
  • Motheo Wa Lefatshe Le Lesha O A Thaiwa Gone Jaanong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motheo Wa Lefatshe Le Lesha O A Thaiwa Gone Jaanong
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokaulengwe jwa Boammaaruri jwa Meraferafe
  • Go Tlhaola Batho ba Modimo
  • Sengwe Gape Se Se ba Tlhaolang
  • Ba Fa Karabo ya Kgangkgolo ya Bobedi
  • Wena O Tlhophang?
  • Bokaulengwe mo Lefatsheng Lotlhe Bo A Tlhomamisega!
    Tsogang!—1990
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
dg karolo 11 ts. 28-32

Karolo 11

Motheo Wa Lefatshe Le Lesha O A Thaiwa Gone Jaanong

1, 2. Ke eng se re se bonang se diragala gompieno se se diragatsang boperofeti jwa Bibela?

SE SE itumedisang gape ke ntlha ya gore motheo wa lefatshe le lesha la Modimo o a thaiwa gone jaaka fa re bua jaana, ka nako e ka yone lefatshe le legologolo la ga Satane le swafalang ka yone. Mo pele ga matlho a rona, Modimo o kokoanya batho ba merafe yotlhe mme o ba dira motheo wa batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng le lesha le le tla tlogang le emisetsa lefatshe la gompieno le le makgaoganyane. Mo Bibeleng, mo go 2 Petere 3:13, morafe ono o mosha o bidiwa “lehatshe ye lesha.”

2 Boperofeti jwa Bibela gape bo a re: “Mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele [nako eo re tshelang mo go yone gompieno] . . . , dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri], . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.”—Isaia 2:2, 3.

3. (a) Boperofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa mo go bo mang? (b) Buka ya bofelo ya Bibela e akgela jang ka seno?

3 Boperofeti joo jaanong bo a diragadiwa mo bathong ba ba ineetseng mo ‘ditseleng tsa Modimo le go tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.’ Buka ya bofelo ya Bibela e bua ka morafe ono wa batho ba ba ratang kagiso ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng e re ke “boidiidi yo bogolo . . . ba morahe moñwe le moñwe, le dicō cotlhe, le batho, le dipuō,” bokaulengwe jwa boammaaruri jwa lefatshe ka bophara jo bo dirang ka kutlwano mo tirelong ya Modimo. Mme Bibela gape e a re: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo.” Ke gore, ba tla falola bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.—Tshenolō 7:9, 14; Mathaio 24:3.

Bokaulengwe jwa Boammaaruri jwa Meraferafe

4, 5. Go tla jang gore bokaulengwe jwa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara bo kgonagale?

4 Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di leka ka tlhoafalo go tshela tumalanong le ditaelo le ditsela tsa Modimo. Tsholofelo ya bone ya botshelo jo bo sa khutleng e itshetletse ka lefatshe le lesha la Modimo. Ka go utlwa melao ya Modimo letsatsi le letsatsi, ba mmontsha gore ba ikemiseditse go ineela mo pusong ya gagwe gompieno le mo lefatsheng le lesha. Gongwe le gongwe, go sa kgathalesege gore ke ba lotso kgotsa morafe ofe, ba sala morago ditekanyetso tse di tshwanang—Modimo o di rulagantse mo Lefokong la gagwe. Ke sone se ba leng bokaulengwe jwa boammaaruri jwa meraferafe, morafe wa lefatshe le lesha le le dirilweng ke Modimo.—Isaia 54:13; Mathaio 22:37, 38; Yohane 15:9, 14.

5 Basupi ba ga Jehofa ga ba iphe matshwao ka ntlha ya go bo ba na le bokaulengwe jo eleng jwa mofuta wa jone fela mo lefatsheng ka bophara. Ba itse gore seno ke maungo a moya wa Modimo o o nonofileng o o dirang mo bathong ba ba ineetseng mo melaong ya gagwe. (Ditihō 5:29, 32; Bagalatia 5:22, 23) Bo dirilwe ke Modimo. Fela jaaka Jesu a ile a re, “dilō tse di retetseñ mo bathuñ, di ka dihala mo Modimoñ.” (Luke 18:27) Ka jalo Modimo o o dirileng lobopo lo lo nnetseng ruri ke ene gape yo o dirang morafe wa lefatshe le lesha o o nnetseng ruri.

6. Ke ka ntlha yang fa bokaulengwe jwa Basupi ba ga Jehofa bo ka bidiwa kgakgamatso ya mo motlheng ono?

6 Ka jalo, tsela e Jehofa a tla busang ka yone mo lefatsheng le lesha e setse e bonala mo go se a se dirang ka motheo wa lefatshe le lesha o jaanong o thaiwang. Mme se a se dirileng ka Basupi ba gagwe, ka tsela nngwe, ke kgakgamatso ya mo motlheng ono. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya go bo o ile wa dira Basupi ba ga Jehofa bokaulengwe jwa boammaaruri jwa mo lefatsheng ka bophara, jo le ka motlha bo ka se keng jwa senngwa ke dikgang tsa bosetšhaba, tsa lotso, kgotsa tsa bodumedi tse di kgaoganyang batho. Le mororo dipalo tsa Basupi di tshwara dimilione mme ebile ba nna mo mafatsheng a a fetang 200, ba bopagane mmogo ka sebofo se se ka sekang sa kgaoga. Bokaulengwe jono jwa mo lefatsheng ka bophara, jo eleng jwa mofuta wa jone fela mo hisitoring yotlhe, tota ka boammaaruri ke kgakgamatso ya mo motlheng ono—e e dirilweng ke Modimo.—Isaia 43:10, 11, 21; Ditihō 10:34, 35; Bagalatia 3:28.

Go Tlhaola Batho ba Modimo

7. Jesu o rile balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba tla lemogiwa jang?

7 Ke dintlha dife tse dingwe tse di ka dirisiwang go tlhaola batho ba Modimo o ba dirisang jaaka motheo wa lefatshe la gagwe le lesha? Ebu, ke bomang ba ba diragatsang mafoko a ga Jesu a a mo go Yohane 13:34, 35? O ile a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” Basupi ba ga Jehofa ba dumela mafoko ano a ga Jesu mme ebile ba a se diragatsa. Fela jaaka Lefoko la Modimo le ba laela, ‘go ratana ga bone go a tuka.’ (1 Petere 4:8) Ba ‘apara lorato, lo eleng sebofo sa boitekanelo.’ (Bakolosa 3:14) Ka jalo lorato lwa bokaulengwe ke “boletswa” jwa go ba bopaganya mmogo mo lefatsheng ka bophara.

8. Yohane wa Ntlha 3:10-12 e tlhaola batho ba Modimo jang gape?

8 Gape, 1 Yohane 3:10-12 e a re: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō. Gonne e ke eōna taeco e lo sa leñ lo e utlwa mo tshimologoñ, gore re ratanè; Re se ka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula, me a bolaea monnawè.” Ka jalo, batho ba Modimo, ba na le bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara jwa batho ba ba sa rateng thubakanyo.

Sengwe Gape Se Se ba Tlhaolang

9, 10. (a) Ke tiro efe e e neng e tla tlhaola batlhanka ba Modimo mo metlheng ya bofelo? (b) Basupi ba ga Jehofa ba diragaditse jang lekwalo la ga Mathaio 24:14?

9 Go na le tsela e nngwe gape e batlhanka ba Modimo ba ka tlhaolwang ka yone. Mo boperofeting jwa gagwe jo bo mabapi le bokhutlo jwa lefatshe, Jesu o ne a bua ka dilo tse dintsi tse di neng di tla tshwaya nako eno jaaka metlha ya bofelo. (Bona Karolo 9.) Ntlha ya konokono ya boperofeti jono e umakilwe mo mafokong a gagwe a a mo go Mathaio 24:14: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”

10 A re ile ra bona boperofeti jono bo diragadiwa? Ee. Ka gonne fa esale metlha ya bofelo e simologa ka 1914, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo go ralala lefatshe ka tsela e Jesu a ileng a e laela, eleng, ya go etela batho kwa magaeng a bone. (Mathaio 10:7, 12; Ditihō 20:20) Dimilione tsa Basupi ba etela batho ba merafe yotlhe go bua le bone ka lefatshe le lesha. Seno ke sone se se dirileng gore o bo o na le boroutšhara jono, ereka tiro ya Basupi ba ga Jehofa e akaretsa go gatisa le go anamisa dibilione tsa dibuka tse di mabapi le Bogosi jwa Modimo. A o itse ka mongwe o sele yo o rerang ka Bogosi jwa Modimo ka ntlo le ntlo mo lefatsheng lotlhe? Mme Mareko 13:10 e bontsha gore tiro eno ya go rera le go ruta e tshwanetse go dirwa “pele,” pele ga bokhutlo bo tla.

Ba Fa Karabo ya Kgangkgolo ya Bobedi

11. Basupi ba ga Jehofa ba dira eng gape ka go ineela mo pusong ya Modimo?

11 Ka go ineela mo melaong le mo melaometheong ya Modimo, Basupi ba ga Jehofa ba dira sengwe gape. Ba supa fa Satane a ne a aka fa a ne a re batho ga ba kake ba ikanyega mo Modimong fa ba lekwa mme ka go dira jalo ba fa karabo ya kgangkgolo ya bobedi, e e amanang le bothokgami jwa batho. (Yobe 2:1-5) Ereka e le morafe o o nang le batho ba le dimilionemilione ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe, jaaka setlhopha Basupi ba bontsha, boikanyegi mo pusong ya Modimo. E re ntswa e le batho ba ba sa itekanelang, ba tshegetsa letlhakore la Modimo mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo lotlhe, le mororo go na le dikgatelelo tsa bosatane.

12. Basupi ba etsa bomang ka tumelo ya bone?

12 Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ba dimilione ba tlatsa bosupi jwa basupi ba bangwe ba bantsintsi ba nako e e fetileng ba ba ileng ba bontsha boikanyegi mo Modimong. Bangwe ba bao ke Abele, Noa, Jobe, Aberahame, Sara, Isake, Jakobe, Dibora, Ruthe, Dafide, le Daniele, go umaka ba sekae fela. (Bahebera, kgaolo 11) Jaaka fa Bibela e ba bitsa, ke ‘boidiidi jwa basupi ba ba ikanyegang.’ (Bahebera 12:1) Bano le ba bangwe gape ba ba akaretsang barutwa ba ga Jesu ba ile ba boloka bothokgami jwa bone mo Modimong. Mme Jesu ka boene o ne a neela sekao se segolo go di gaisa ka go boloka bothokgami jo bo feletseng.

13. Ke mafoko afe a ga Jesu mabapi le Satane a a itshupileng a le boammaaruri?

13 Seno se tlhomamisa gore se Jesu a ileng a se bua mabapi le Satane fa a ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi se boammaaruri: “Me yanoñ lo senka go mpolaea, ke le motho eo ke lo boleletseñ boamarure, yo ke bo utlwileñ mo Modimoñ. . . . Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna. E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka.”—Yohane 8:40, 44.

Wena O Tlhophang?

14. Go diragala eng ka motheo wa lefatshe le lesha gompieno?

14 Motheo wa lefatshe le lesha o jaanong o thaiwang ke Modimo ka morafe wa Basupi ba ga Jehofa o o tswang mo merafeng yotlhe o nonofela pele. Ngwaga le ngwaga makgolokgolo a a diketekete a batho a dirisa nonofo ya bone ya go ikgethela, ba ikaegile ka kitso e e tlhomameng ya boammaaruri, go amogela puso ya Modimo. Ba nna karolo ya morafe wa lefatshe le lesha, ba eme kafa letlhakoreng la Modimo mo kgangkgolong ya bolaodi jwa lobopo lotlhe, mme ka go dira jalo ba supa fa Satane e le moaki.

15. Ke tiro efe ya go kgaoganngwa e Jesu a e dirang mo motlheng ono wa rona?

15 Ka go tlhopha puso ya Modimo, ba tshwanelegela go bewa kafa “lecogoñ ye legolo” la ga Keresete jaaka fa a ntse a kgaoganya “dinku” le “dipodi.” Mo boperofeting jwa gagwe jo bo mabapi le metlha ya bofelo, Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.” Dinku ke batho ba ba boingotlo bao eleng ditsala tsa bomonnawe Keresete ebile ba ba ema nokeng, ba ba ineetseng mo pusong ya Modimo. Dipodi ke batho ba ba ditlhogo dithata ba ba ganang bomonnawe Keresete mme ba sa dire sepe go ema puso ya Modimo nokeng. Diphelelo tsa seno ke dife? Jesu o rile: “Me bauō [dipodi] ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami [dinku] ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.”—Mathaio 25:31-46.

16. O tshwanetse go dira eng fa e le gore o batla go tshela mo Paradaiseng e e tlang?

16 Ee ruri, Modimo o amega ka rona! Go ise go ye kae o tla re neela lefatshe la paradaise le le itumedisang. A o batla go tshela mo Paradaiseng eo? Fa go ntse jalo, bontsha go re o anaanela tse Jehofa a di neelang ka go ithuta ka ga gagwe le ka go dira tumalanong le se o se ithutang. “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka boñwa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi. A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè; a a boèlè kwa go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko.”—Isaia 55:6, 7.

17. Ke ka ntlha yang fa o sa tlhole o ka senya nako mabapi le go tlhopha yo o tla mo direlang?

17 Ga go na nako ya go dikadika. Bokhutlo jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo bo gaufi fela thata. Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna. . . . Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:15-17.

18. Ke tsela efe ya go dira dilo e e tla go thusang gore o nne le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha le le itumedisang la Modimo?

18 Mo nakong eno batho ba Modimo ba rutuntshediwa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha. Ba ithuta dilo tsa semoya le mekgwa e mengwe e e tlhokegang go dira paradaise. Re go kgothaletsa gore o tlhophe Modimo jaaka Mmusi le gore o eme nokeng tiro e e bolokang matshelo e o rileng e dirwe go ralala lefatshe gompieno. Ithute Bibela le Basupi ba ga Jehofa, gore o tle o itse Modimo yo ruriruri a amegang ka wena le yo o tla khutlisang pogo. Mme ka tsela eno go ka kgonagala gore le wena o nne karolo ya motheo wa lefatshe le lesha. Mme ka jalo le wena o ka tshepa ka tlhomamo gore o tla amogelesega fa pele ga Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng leo le lesha le le itumedisang.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Basupi ba ga Jehofa ba na le bokaulengwe jwa boammaaruri jwa meraferafe

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Motheo wa lefatshe le lesha la Modimo o a thaiwa gone jaanong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela