Dikgwa Tse Di Ntseng Di Fokotsega, Le go Oketsega ga Mogote
GO NYELEDIWA ga dikgwa tsa boboatsatsi. Kgotelo ya lefaufau. Mathata ano a mabedi gantsi a buiwa a tsamaisana mmogo. Mme go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo: Jwa ntlha bo dira gore go nne le jwa bobedi. Jaaka batho ba tshuba dikarolo tse dikgolo tsa dikgwa, ba di remaka ka dikatakata, ba bo ba di nyeletsa ka merwalela, e le gore ba dire meraka, ditsela, le matamo a a dirisediwang go fetlha motlakase, dikgwa tseno di kgwela carbon ya tsone e ntsintsi mo lefaufaung. Carbon dioxide eo e diregang ka ntlha ya seno ke nngwe fela ya digase tse dintsi tseo di dirang gore lefaufau le nne le le mogote, le thuthafatsa kgolokwe ka bonya.
Dipego tsa bosheng jaana tsa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng di senola gore mathata ano ka bobedi a ka nna a bo a boitshega go feta jaaka go ne go akanngwa pele. Ka sekai, baitseanape ba tsa loapi ba feta 300 go tswa mo lefatsheng ka bophara ba ne ba ntsha tlhagiso ka May 1990 ya gore selekanyo sa mogote ka kakaretso lefatshe ka bophara se tla tlhatloga ka 2 degrees Celsius mo dingwageng tse 35 tse di tlang mme se tlhatloge ka 6 degrees Celsius kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di lekgolo tse di tlang fa batho ba sa emise go dira se ba se dirang.
Borasaense ba bolela gore seno se ka dira phetogo e kgolo ya selekanyo sa mogote ka kakaretso go feta tsotlhe tse di kileng tsa direga mo lefatsheng mo dingwageng tse di dikete tse some. Lefa kgotelo ya lefaufau e ile ya nna kgang e baitseanape ba ganetsanang ka yone, The Washington Post e tlhokomedisa ka go re: “Borasaense ba ba kwadileng pego eo . . . ba ne ba re e ne ya dumalanwa ka mo go gakgamatsang ke borasaense ba le makgolokgolo bao gantsi ba leng manganga.”
Go ntse go eme jalo, pego ya setlhogo se se reng World Resources 1990-91, e ne ya fopholetsa gore lefatshe le felelwa ke dikgwa tsa lone tsa boboatsatsi ka bofefo jo bo fetang jo bo neng bo ntse bo fopholediwa pele ka 50 lekgolong. Selekanyo se ka sone dikgwa tsa boboatsatsi di nyelelang ka sone mo mafatsheng a le robonngwe a kopantswe—kwa Asia, Afrika, le Amerika Borwa—se ne sa oketsega go menagane gararo le go feta mo dingwageng tsa bo 1980! Go ya ka pego eo, palogotlhe ya lefatshe lotlhe ya dikgwa tsa boboatsatsi tseo di senngwang ngwaga le ngwaga e magareng ga diakere di le dimilione tse 40 le tse 50.
Go nyelediwa ga dikgwa go setse go nna le ditlamorago tse di bosula. Ka sekai, International Wildlife e tlhokomedisa gore dikgwa tsa pula tsa lefatshe di na le mefuta ya dijalo le ya diphologolo e ka nna dimilione tse 5 gongwe le e leng tse 30—“e le palo e e fetang ya mefuta e e nnang mo mafelong a mangwe otlhe a ditshedi tsa lefatshe e kopantswe.” Mefuta eno ya ditshedi totatota e nyelela ka bofefo mo e tlogang e fela. Balepadinonyane bangwe ba kwa mafatsheng a bokone ba setse ba simolotse go lemoga gore dinonyane tseo di fudugang ka dipaka tsa ngwaga go tswa mo dikgweng tsa boboatsatsi di ntse di a fokotsega.
Kwa Madagascar mo e ka nnang 80 lekgolong ya mefuta e e thunyang ya dimela koo e ka se ke e bonwe gope gape mo polaneteng; o mongwe wa mefuta eo, o go tweng rosy periwinkle, o dirisiwa go dira diokobatsi tse di botlhokwa thata mo lefatsheng tsa kankere. Lefa go ntse jalo, go feta sephatlo sa dikgwa tsa Madagascar di setse di sentswe kana di nyeleditswe gotlhelele.
Eleruri motho o ‘senya lefatshe’ mo malatsing ano a bofelo, jaaka Bibela bogologolo e ne ya supa gore o tla dira.—Tshenolō 11:18.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]
Abril Imagens/João Ramid