LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 2/8 ts. 8-10
  • Molato Ke wa ga Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molato Ke wa ga Mang?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mosha Yo O Tlolang Molao Gompieno Ke Monwi Yo O Bakang Mathata wa Ka Moso
  • Bojalwa—Seokobatsi Se Se Letlelelwang ke Molao
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Tshwanela go Nwa Bojalwa?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Go leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go nwa Bojalwa, o Ka go Laola Jang?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 2/8 ts. 8-10

Molato Ke wa ga Mang?

“GO TAGWA go a amogelesega” mo bathong ba le bantsi mo setšhabeng, go rialo Jim Vanderwood wa Mohawk Valley Council on Alcoholism kwa New York State. Ka maswabi, ke ba sekaenyana fela bao ba ka ganelang ka katlego gore go nwa, le eleng mo go feteletseng, ke karolo ya dilo tseo di bopang setšhaba sa bone.

Ka dingwaga di le dintsi ditšhaba ka bontsi di ile tsa letlelela go nwa ga ka metlha, le eleng gone go nwa thata. Seno se ile sa kgothaletsa ditšhaba tse dingwe gore le tsone ka mo go tshwanang di nne le boikutlo joo jwa go tlogela go itiratirelwa fela. Jaaka Vanderwood a bolela: “Bona dibaesekopo. Re tlhola re opela batho diatla bao ba kgonang go bo tshela mme ba bo ba tswa ba ya go dira ditiro tsa senna. Go lejwa e le mokgwa mongwe wa go itirela seriti. O ka lwantsha seo jang?”

Ka jalo, lemororo molato o mogolo e le wa batho bao ba dirang tshenyo ka boomo ka go kgweetsa ba nole, ditšhaba tse di tlogelang go itiratirelwa fela, e bile di rata boitlhapediso di na le karolo mo molatong oo ka ntlha ya pono ya tsone e e sekametseng ntlha e le nngwe malebana le bojalwa.

“Go nwa ga go amogelesege fela mme e bile go kgothalediwa ka thata,” go bolela jalo motlhankedi wa thibelo ya bokebekwa ebong Jim Thompson. O ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ditiragalo tse dintsi tsa metshameko di ikaegile ka madirelo a dinotagi, a a ntseng jaaka madirelo a bojalwa.” O ne a akgela gore fa ditiragalo tse dintsi tsa metshameko di ntse di tsweletse, “bagwebi ba konokono mo thelebisheneng ke bagwebi ba dinotagi, bagaka botlhe ba ba tlhomologileng ba setšhaba ba ntse ba haka majalwa ao ba a ratang segolo.”

Mokgatlho wa National Association of Broadcasters le wa Association of National Advertisers e ile ya ngala seminara e e kopanetsweng eo e neng e tshwerwe kafa tlase ga kaelo ya ngaka ya pele ya karo ya kwa U.S. ebong C. Everett Koop. Ka ntlha yang? Ka go bo e ne e itebagantse le kgang eno ya go kgweetsa motho a le kafa tlase ga tlhotlheletso ya bojalwa le kgang ya gore ke mang yo o ka pegwang molato. Dr. Patricia Waller, yo e neng e le modulasetilo wa Education Panel ya seminara eo, o ne a re: “Boammaaruri ke gore ke rona [setšhaba] bao re dirileng gore bothata jono bo nne teng, mme batho ba dieleele go bo ba ineela mo kgatelelong eno yotlhe eo re saleng re ba gatelela ka yone go tloga ka nako eo ba neng ba godile ka mo go lekaneng ka yone go ka lemoga sengwe mo thelebisheneng. ‘Mme lefa go ntse jalo,’ [go rialo setšhaba] ‘ga se rona bao re ikarabelelang mo go seo. Ao ga se mathata a rona.’”

Mosha Yo O Tlolang Molao Gompieno Ke Monwi Yo O Bakang Mathata wa Ka Moso

Go nwa go galalediwa ka ditsela tse di farologaneng, tse di ntseng jaaka thelebishene, dibaesekopo, le diphasalatso. Seno se fitlhelela mogopolo o o tlhotlheletsegang motlhofo wa mosha, ka molaetsa o o reng, ‘O ka nwa mme ya re morago ga moo wa tshela ka boitumelo goyagoile.’

“Ngwana fela yo o tlwaelegileng o tla bona bojalwa bo nowa ga 75 000 mo thelebisheneng pele ga a fitlha mo dingwageng tse molao o letlelelang motho go nwa bojalwa a na le tsone,” go bolela jalo Dr. T. Radecki wa National Coalition on Television Violence kwa United States. Mmatlisisi wa kwa Borithane ebong Anders Hansen o ne a dira tshekatsheko malebana le thelebishene ka nako e batho ba le bantsi ba e lebelelang ka yone kwa United Kingdom mme a fitlhela gore 71 lekgolong ya dithulaganyo tsotlhe tsa metshameko e e itlhametsweng fela di kopanyeletsa go nwa. Ka kakaretso, go ne go na le ditiragalo tse mo go tsone go neng go nowa di le 3,4 mo oureng nngwe le nngwe mme di na le “di sekaenyana fela mo go tsone tseo di neng di bontsha go nwa bojalwa le matswela ka tlhamalalo ao go a bakang,” a a ntseng jaaka dikotsi tsa dipalangwa le go bolaana ga batho, go ne ga akgela jalo Hansen ka kutlobotlhoko.

Fa a ne a kwala go The Washington Post, mokwadi wa dikuranta ebong Colman McCarthy o ne a bolela jaana: “Maikaelelo a metshameko e mo go yone . . . batho ba e kileng ya bo e le boradiatletiki bao ba rekisang mo marekisetsong a bojalwa ke maiteko a go phasalatsa le go rotloetsa ao a diretsweng go gapa bana le go neela baithuti ba dikolo tse dikgolwane kgopolo ya gore go nwa bojalwa, mme ebile e le go bo nwa bo le bontsi, go botlhokwa gore motho a tshele sentle mo setšhabeng. Go ya ka basimane ba ba reng ‘bo monate o o balolang, mme ga bo tlatse mpa ka bonako,’ fa o sa tsholetsa phafana, ga o a tlhabologa.”

Kwa Soviet Union, go kgweetsa motho a nole ke bothata jo bogolo mo setšhabeng sa koo. Batlhankedi bangwe koo ba belaela gore a ditlwaelo tsa go nwa di ka fetolwa tota. “Go mo mading a rona Ba-Russia,” go ne ga rialo mongwe wa bone. Lefa gone go ka tswa go ntse jalo, ba le bantsi ba go leba e le mofuta mongwe wa boitlosobodutu. Ka jalo batho ba ba santseng ba le basha ebile ba tlhotlheletsega motlhofo ba golela mo tikologong e go nowang mo go yone.

J. Vanderwood o tlhalosa gore United States e na le “setso sa batho ba ba nwang ba sale basha. Bojalwa bo tshwana le metshameko ya softball, bowling, superbowl, dinako tsa fa go itumetswe. Fa go na le boitlosobodutu, go na le bojalwa, fa go na le bojalwa, go na le boitlosobodutu.” O akgela jaana: “O ka nna wa tlogela boemo joo fa e le gore go tshwakgolwa ga gago ga go a simologa ka ntlha ya mathata a a amang mogopolo kana ka ntlha ya bao o dirisanang le bone kana ka ntlha ya go bo mmele o bo eletsa.” Mme lefa go ntse jalo go tswa foo o tlhagisa jaana: “Sengwe seo re se itseng go tswa mo dipatlisisong, mme ebile se na le bosupi jo bo tiileng, ke gore fa o ka simolola go nwa thata o na le dingwaga di le 14, 15, kana 16, o ka fetoga lekgoba la jone mo sebakeng sa ngwaga. Fa o ka simolola o le mo masimologong a dingwaga tsa bo 20, o ka fetoga lekgoba la jone mo dingwageng di sekae.”

A go a gakgamatsa go bo selo se segolo se se bakang dintsho mo bathong ba ba dingwaga tse 16 go ya go tse 24 kwa United States e le dikotsi tse di bakiwang ke bojalwa tsa dipalangwa? Kwantle ga pelaelo ke sone selo se segolo se se bakang dintsho mo mafatsheng a mangwe gape a mantsi. Ka jalo, Dr. Waller o konela ka go re batsadi ba ba kelotlhoko bao ba lekang go godisetsa bana ba bone kafa tlase ga maemo a legae ao a gogelang kwa tseleng ya go sa nwe ba thulana le setšhaba se se letlelelang gore go dirwe boithatelo seo se “gogelang kwa go e sele” tsela.

Ka jalo mosha yo o nwang gompieno a ka nna monwi yo o bakang mathata kgapetsakgapetsa ka moso. Mme gantsi o a pala lefa a thusiwa go boela mo seemong se se siameng, mme seo se dira gore a nne matshosetsi a magolo mo go sireletsegeng ga batho mo ditseleng. Motlolamolao mongwe wa dingwaga tse 34 yo e neng e le tlwaelo ya gagwe go dira jalo, e rile a sena go tsenelela thulaganyo nngwe e e kaga bojalwa eo e neng e laoletswe ke puso, o ne a ya go nwa mo go feteletseng mme a kgweetsa bene ya gagwe kafa letlhakoreng le le sa tshwanelang mo tseleng e kgolo ya Kentucky. O ne a thulana le bese nngwe eo e neng e tletse basha ba dingwaga tsa bolesome mme a gaila batho ba le 27—basha ba le 24 le bagolo ba le 3—ka loso lo lo boitshegang. Eleruri, go ile ga tlhomamisiwa gore go feta kwatara ya batho bao ba tshwarelwang go kgweetsa ba nole ba a bo ba kile ba dira tlolomolao eno pele.

Bojalwa—Seokobatsi Se Se Letlelelwang ke Molao

Babusi ba le bantsi ba itsise batho gore bojalwa ke seokobatsi se se (letlelelwang ke molao). Ba tshwantshanya bojalwa le diokobatsi tse dingwe tse di tshwakgolang.

Mo puong e khutshwane e e kgethegileng ya White House, tautona Bush wa U.S. o ne a bolela gore go kgweetsa motho a nole “go golafatsa fela jaaka seokobatsi sa crack. Go bolaya go sa tlhaole fela jaaka bokebekwa jo bo dirwang ka digopa. Mme go bolaya bana ba le bantsi go feta tseno ka bobedi di kopane.” Gape o ne a gatelela gore “re tshwanetse go ruta bana ba rona gore bojalwa ke seokobatsi.”

Fa e le gore o ntse o sa lebe bojalwa e le seokobatsi, ga o nosi. “Batho ba le bantsi ga ba di nyalanye,” go rialo C. Graziano, yo e leng mokaedi wa tshireletsego ya pharakano, mme o oketsa jaana: “Diagente, dingaka, baatlhodi. Bojalwa bo ka ama mongwe le mongwe . . . Bo bonwa motlhofo. Go motlhofo fela gore o nne najo!” Ka go bo bo letlelelwa ke molao mo dinageng ka bontsi, bo ka rekwa mo mefuteng e e farologaneng ya marekisetso. Gantsi go na le ditekanyetso di sekae fela.

Tota gone, bojalwa ke sejo ka go bo bo na le di-calorie. Mme lefa go ntse jalo gape bo tshwanetse gore bo balelwe le diokobatsi ka go bo bo fokotsa maatla a boboko le mokolela a go dira mo mmeleng. Fa bo nowa ka bontsi bo ka nna le maatla a go ritibatsa mo mmeleng jaaka seokobatsi sa barbiturate. Ka ntlha ya “mokgwa wa jone wa go ka fetola maikutlo, bo fokotsa kgatelelo ya mo maikutlong,” go rialo J. Vanderwood. “Bo dira gore o se ka wa kgona go ikgapa, bo fetola mokgwa wa gago wa go akanya. O ikutlwa e kete o ka kgona go dira dilo lemororo tota o ka seke o kgone.” Seno ke sone se bakang bothata jwa go kgweetsa o nole. Jaaka fa a konela: “O bona motho yo o tlhapetsweng a dira phetso ya go tlhapelwa a e dira malebana le tiro ya go tlhapelwa.”

Bangwe bao ba leng mo maemong a a bokete—tlhalo, go latlhegelwa ke tiro, mathata a lelapa—gantsi ba retologela mo go nweng thata e le ka maiteko a go leka go lwa le kgatelelo eno mmogo le ya mo maikutlong tseo di bakwang ke one. Fa ba le mo seemong seno ba itshwara ka “ditsela tsa go sa akanye, tsa boeleele, go kopanyeletsa le DWI,” go rialo Journal of Studies on Alcohol.

Lefa go ntse jalo, bojalwa bo ama tsela eo motho a dirang dilo ka yone le eleng fa bo sa mo tlhapela. Galase e le nngwe kana di le pedi fela di ka dira gore mokgweetsi a akanye ka tsela e e sokameng mme seo sa mo dira gore a tshosetse botshelo jwa gagwe le jwa ba bangwe.

Sebetso seno ke sa masetlapelo tota mo setšhabeng, setšhaba seo se ileng sa ijesa botlhole ka motswako o o kotsi wa bogagapa jwa borapapadi le boikutlo jwa go letla go itirelwa boithatelo malebana le selo se molao o se letlelelang mme e le seo se ka nnang kotsi thata. Ke kgomotso ya eng, he, eo ba ba leng mo selelong ka ntlha ya masetlapelo ano ba ka e neelwang? Go ka nna le tsholofelo efe ya mmatota ya go ka bona kalafi?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 10]

Go nwa go galalediwa ka ditsela tse di farologaneng, tse di ntseng jaaka thelebishene

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 10]

Basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba nwang thata ba ka tswa makgoba a bojalwa mo sebakeng sa ngwaga

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bojalwa bo ama tsela e motho a dirang dilo ka yone le eleng fa bo sa mo tlhapela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela