LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 2/8 ts. 11-13
  • Ba Ba Amegileng mo Kotsing Ba Ka Gomodiwa Ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Ba Amegileng mo Kotsing Ba Ka Gomodiwa Ke Eng?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Seo Tota Se Tlhokafalang?
  • Kgomotso E E Tswang mo Lefokong la Modimo
  • Isagwe E E Molemo
  • Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo
    Tsogang!—1990
  • Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Nka Lebana Jang le Masetlapelo fa a Tlhaga?
    Tsogang!—2003
  • Gomodiwa ke Nonofo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 2/8 ts. 11-13

Ba Ba Amegileng mo Kotsing Ba Ka Gomodiwa Ke Eng?

MO BATHONG bao ka tshoganetso ba latlhegelwang ke baratiwa ba bone mo dikotsing tse di bakilweng ke bojalwa, “ga go na nako . . . ya gore ba re ‘Tsamaya sentle,’ . . . kana ‘Ke a go rata,’” go rialo Janice Lord, mokwadi wa Survivor Grief Following a Drunk-Driving Crash.

Jaaka re ile ra bona, batho ba ba falolang ba nna le dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng gore ba dirisane le tsone: go gamarega, go tshoga, go galefa, le go itlhoboga. Go swelwa ke baratiwa ka tsela e e ntseng jalo go dira gore motho a ikutlwe a latlhegetswe ruri. Batho ba ba falotseng ba ka ikutlwa e le gore kutlobotlhoko e e ba wetseng le ka motlha tota e ka seka ya phimolwa.

Ereka ba lemoga botlhoko jo bo bakwang ke go latlhegelwa mo go ntseng jalo, babusi ba le bantsi ba leka go dira melao le maemo ao a ka fokotsang palo e e kwa godimo ka mo go boifisang ya batho ba ba gobalang ngwaga le ngwaga. Ka sekai, motlhankedi mongwe o ne a bua kaga makoa a botho a a tlhaolang batho ba ba nang le molato wa go kgweetsa ba nole mme a akantsha gore ba direlwe mafelo a ba ka nnang ba ya kwa go one koo, go dirisiwa thuto le kgalemelo kaga tiro le diokobatsi, ba ‘ka matlafadiwang le go nonotshiwa’ gore ba fenye makoa a bone.

Ke Eng Seo Tota Se Tlhokafalang?

Go sa kgathalesege gore seno se ka tswa se eletsega go le kana kang, ga go na motho ope kana lekgotlana lepe la batho leo le ka phimolang kutlobotlhoko e e wetseng batho ba ba gobetseng, le gone batho ba ka se ke ba tsose baswi. Seo se tlhokafalang gore go dirololwe tshenyo eno yotlhe se feta kgakala seo batho ba ka se dirang. Seo tota se tlhokafalang ke thulaganyo e e farologaneng gotlhegotlhe mo lefatsheng, eo e tla bong e sa theiwa mo megopolong ya gompieno ya bopelotshetlha le e e senyang mme e lopa matshelo a batho ba le bantsi e e reng ‘iitumedise fela go sa kgathalesege ditlamorago.’

A go na le lebaka lengwe le le utlwalang la go solofela mofuta o o ntseng jalo wa lefatshe le le botoka leo mo go lone masetlapelo a a ntseng jalo a tla bong a fetile? Ee, le teng. Ebile tota, go na le tsholofelo ya mmatota ya lefatshe le lesha gone mono mo lefatsheng leo mo go lone masetlapelo ano a tla felang, lefatshe leo mo go lone ba ba bolailweng ke dikotsi ba tla bowang ba tshela gape. Abo e tla nna boipelo jo bogolo jang ne fa bano ba bowa ba kopanngwa le baratiwa ba bone! E tla bo e le lefatshe le lesha leo mo go lone, fa nako e ntse e ya, go gakologelwa ka bohutsana masetlapelo a a fetileng go tla phimolelwang ruri.

Tsholofelo eo ya lefatshe le lesha e fitlhelwa mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ebong Bibela, leo le reng: “[Modimo] o komeditse losho ka bosakhutleñ; Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.” (Isaia 25:8) Seno se tla kopanyeletsa go tsosa baswi mo mabitleng. Jaaka fa Moaposetoloi Paulo a ne a kwala: “Ke na le cholohèlō mo Modimoñ . . . ea go re, go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ile ba dira pontsho ya seno ka go tsosa baswi.—Luke 7:11-16; 8:40-42, 49-56; Yohane 11:1, 14, 38-45; Ditihō 9:36-42; 20:7-12.

Botshelo mo lefatsheng le lesha, go kopanyeletsa le botshelo jwa baswi ba ba tsositsweng mo mabitleng, bo tla dirwa jo bomolemo segolo ka go itekanedisiwa ga batho. Nonofo ya Modimo ya go fodisa e tla dira gore megopolo le mebele ya botlhe ba ba tla bong ba tshela ka nako eo e itekanele gotlhelele: “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwan̄, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”—Isaia 33:24; 35:5, 6;bona gape le Mathaio 15:30, 31.

Bibela e tlhalosa maemo a isagwe a setho mo lefatsheng ka go bolela gore Modimo “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:4) Monei wa melemo e e gakgamatsang le maemo a a itumedisang a a tlang o bolela jaana: “Dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ. Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ.”—Isaia 65:17, 18.

Tseno tsotlhe di tla diragala ka thata ya ga mang? Ka thata le nonofo tsa Monei yo mogolo wa tsholofelo, Mmopi wa lobopo, ebong Jehofa Modimo. O tlhomamisa mo Lefokong la gagwe gore tsamaiso e e ntseng jalo e ntšha ‘e go tla agang tshiamo mo go yone’ e tla re mo bogautshwaneng e tseele sebaka tsamaiso eno ya dilo ya bopelotshetlha le bokebekwa, e le tsamaiso eo e setseng e le mo ‘metlheng ya yone ya bofelo.’—2 Petere 3:13; 2 Timotheo 3:1-5, 13; Diane 2:21, 22.

Kgomotso E E Tswang mo Lefokong la Modimo

Fela jaaka batho ba bangwe, Basupi ba ga Jehofa ga ba a sireletsega mo masetlapelong a metlha ya rona, le gone, mo lefatsheng leno le le kotsi, ga ba a lebelela gore Modimo o ba femele mo losong, e ka tswa e le loso lwa kotsi kana lwa sepe fela. Ba itse gore mo nakong eno seo ga se go rata ga Modimo. Moreri 9:11 (NW), ya re: “Metlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang di ba wela botlhe fela.” Lefa go ntse jalo, Basupi ga ba bolo go nna ba lebisa tlhokomelo mo Lefokong la Modimo, ereka ditsholofetso tsa gagwe di neela botlhe ba ba di amogelang kgomotso e e nnelang ruri.

Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a amega thata fa motho yo o neng a kgweetsa a tagilwe a ne a bolaya monna yo o nyetseng morwadiarraagwe a bo a tlogela mosadi wa monna yono (ene morwadiarraagwe) a le segole mo tlhaloganyong ka ntlha ya go gobala mo gogolo mo tlhogong, mo eleng gore o ne a tlhoka go tlhokomelwa ka metlha. Le bone e ne e le Basupi ba ga Jehofa. O anela jaana:

“Mo karolong e kgolo ya ngwaga, ke ne ke nna ke lela kgapetsakgapetsa, mme gape ke ne ke galefile. Ke ne ke galefetse lekawana leo le neng le bakile masetlapelo ano, gape ke galefetse batsadi ba gagwe ka ba sa ka ba mo tlhokomela thata. Ka dinako tse dingwe ke ne ke galefela le eleng one Modimo le baengele tota ka go bo ba sa ka ba thibela tiragalo eno. A tshenyo e kgolo ya matshelo a batho ba babedi ba ba molemo ba ba neng ba mo direla!

“Ke boammaaruri, ke ne ke itse gore Modimo o ne a sa ikarabelele ka tlhamalalo mo go seno le gore o ne a sa eletse gore dilo tse di ntseng jalo di diragale. Mme lefa go ntse jalo ke ne ke ntse ke akanya gore o ne a kaela kgato ya rona nngwe le nngwe le gore o ne a re femela mo kotsing e e ntseng jalo. Jaanong ke ne ka lemoga gore ke ne ke tshwanetse go nna le pono e e sa sekamelang ntlha e le nngwe kaga seno jaaka pele, mme ke ne ka simolola go tsoma dikarabo.

“Go ne ga ntsaya lobaka pele ga fa ke ka simolola go kgaphela kutlobotlhoko kwa thoko gore ke kgone go akanya ka kgang eno. Ke ne ke ile ka ikutlwa jaaka Asafe, yo mo go Pesalema 73 a neng a re go ne go lebega ekete baikepi ke bone ba ratiwang. Mme lefa go ntse jalo mo go yone pesalema eo, Lefoko la Modimo le tswelela pele go bontsha gore ga go a nna jalo, gore Modimo ga o rate baikepi, le gore e tla re ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, ba senngwe.

“Ke ne ka simolola go lemoga gore go akanya ga me, e seng ga Modimo, go ne go le phoso. Ke ne ke sa dirise dikwalo sentle. Modimo ga a re tlhomamisetse gore ga re na go amiwa ke dikotsi, bolwetse, kana loso mo nakong eno mme o solofetsa masego a a ntseng jalo mo isagweng, mo lefatsheng la gagwe le lesha. Erile fela fa ke sena go tlhaloganya se Lefoko la Modimo tota le neng le se bua kaga gore gompieno Modimo o re sireletsa ka tsela ya semoya, e seng ya senama, kgalefo ya me e ne ya re ka iketlo ya kokobela. Jaanong gape ke ne ke ka kgona go lebisa tlhokomelo go motswedi wa mmatota wa matlhotlhapelo, ebong Satane Diabolo, yo e neng e le mmolai le moaki go tloga nakong eo a neng a tsuologela Modimo ka yone. Bibela e tlhalosa sentle gore Satane ke ene modimo wa lefatshe leno le le tletseng ka go boga mo go kana kana.—Yohane 8:44; 2 Bakorintha 4:4.

“Fa ke setse ke tlhalogantse ka botlalo boammaaruri jwa gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo, gore ke ka ntlha yang fa Modimo o e letlelela, le gore o tla e fedisa jang, go ne ga mphepafalela gore Modimo ga se mmaba wa rona, mme ke poloko ya rona!

“Gape, e ne ya nna kgomotso e kgolo go itse gore ka moya wa gagwe o o boitshepo, Jehofa o tshegetsa bao ba mo direlang. Bibela e re tlhomamisetsa gore moya o o boitshepo o tla re fa ‘maatla a a fetang a a tlwaelegileng.’ Ka thuso eno o re neela maatla a go itshokela dilo tse go leng thata go di itshokela. Mme gape o re gomotsa ka tsholofelo ya gore re tla bona baratiwa ba rona mo tsogong. Ka jalo re ka fenya pogo.”—2 Bakorintha 4:7.

Isagwe E E Molemo

Go ralala dingwaga masetlapelo a mefuta e e farologaneng a ne a diragalela batho ba le bantsi, go kopanyeletsa le Basupi ba ga Jehofa. Seno se tiisetsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo jwa go re metlha le ditragalo tse di sa lebelelwang di wela botlhe. (Moreri 9:11) Mme lefa go ntse jalo, maitemogelo a batlhanka ba Modimo le one a tiisetsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo jwa gore Jehofa o gomotsa a bo a tshegetse batho ba gagwe fa ba tlhoka tshegetso mme gape o re tlhomamisetsa isagwe e e molemo mo lefatsheng la gagwe le lesha, koo matlhotlhapelo a a ntseng jalo e tla bong e le dilo tsa bogologolo.

Eleruri go a gomotsa go itse gore mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo, go tla bo go na le lorato lwa mmannete lwa go rata batho ka wena le go tlotla mpho e e tlhotlhwakgolo ya botshelo. Dinonofo tseno tse di molemo di tla tseela sebaka bopelotshetlha le go ja makoa a batho ntsoma mo go tletseng mo lefatsheng leno gompieno. Tse dingwe gape tse di tla bong di fedile e tla bo e le ditlhobaelo, dikgatelelo, le dipoifo tsa lefatshe leno tseo di susumeletsang ba le bantsi gore ba ikutlwe ba tlhoka go nwa bojalwa mo go feteletseng kana go dirisa diokobatsi tse dingwe.

Le eleng gone jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba bopa bokaulengwe jwa lefatshe jotlhe jo bo bofagantsweng ke maatla a a kopanyang a lorato. (Yohane 13:34, 35) Bao ba leng karolo ya bokaulengwe jono ba bopa tsamaiso e e tiileng ya go thusa batho ka bongwe bao ba latlhegetsweng. Ba itumelela go thusa bape bao ba eletsang go gomodiwa jaaka le bone ba ile ba gomodiwa.—2 Bakorintha 1:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bibela e solofetsa gore go tla nna le tsogo ya baswi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela