LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dg karolo 10 ts. 22-28
  • Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshiamo E Tsena mo Boemong jwa Boikepo
  • Boitekanelo jwa Mmele Bo Tla Busediwa
  • Baswi Ba Tshela Gape
  • Lefatshe le le Nang le Kagiso ya Boammaaruri
  • Lefatshe le Fetoletswe go Nna Paradaise
  • Go Baakanya Tshenyo ya Nako E E Fetileng
  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo
    Tsogang!—1990
  • Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso
    Botshelo mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
dg karolo 10 ts. 22-28

Karolo 10

Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo

1, 2. Go tla diragalang morago ga ntwa e e phepafatsang ya Hara–Magedona?

MORAGO ga ntwa ya Modimo e e phepafatsang ya Hara–Magedona, go tla latela eng? Go tla simologa tsamaiso e ntšha e e galalelang. Ereka bafalodi ba Hara–Magedona ba setse ba itshupile gore ba ikanyega mo pusong ya Modimo, ba tla tsenngwa mo lefatsheng le lesha. Abo eo e tla bo e le nako e e itumedisang thata jang ne mo hisitoring fa masego a a itumedisang a elela go tswa kwa Modimong a ya kwa bathong!

2 Bafalodi ba tla simolola go dira paradaise ba kaelwa ke Bogosi jwa Modimo. Maatla a bone a tla dirisiwa mo ditirong tse eseng tsa bogagapa tse di tla solegelang botlhe ba ba tshelang ka nako eo molemo. Lefatshe le tla simolola go fetolelwa go nna legae la batho le lentle, la kagiso, le le itumedisang.

Tshiamo E Tsena mo Boemong jwa Boikepo

3. Ke go imologa gofe mo go tla nnang teng morago fela ga Hara–Magedona?

3 Tseno tsotlhe di tla kgonagala fa go senngwa lefatshe la ga Satane. Ga go kitla go tlhola go nna le bodumedi jwa maaka, ditsamaiso tsa loago, kgotsa mebuso, tse di kgaoganyang batho. Ga go kitla go tlhola go nna le dipolelo tsa bosatane tse di tsietsang batho; metswedi yotlhe e e di dirang e tla nyelela le tsamaiso ya ga Satane. Akanya fela: tlhotlheletso e e botlhole ya lefatshe la ga Satane e nyeleditswe! Abo re tla imologa mo gogolo jang ne!

4. Tlhalosa phetogo e e tla diragalang mo thutong.

4 Megopolo yotlhe e e senyang ya puso ya motho ka nako eo e tla bo e emiseditswe ka dithuto tse di agang tse di tswang kwa Modimong. “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa.” (Isaia 54:13) Ka thuto eno e e itekanetseng ngwaga le ngwaga, “lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” (Isaia 11:9) Batho ga ba kitla ba tlhola ba ithuta bosula, mme go na le moo “banni ba lehatshe ba tle ba ithute tshiamō.” (Isaia 26:9) Megopolo le ditiro tse di agang e tla bo e le mokgwa o batho ba tshelang ka one letsatsi le letsatsi.—Ditihō 17:31; Bafilipi 4:8.

5. Go tla diragalang ka boikepo le batho ba ba boikepo?

5 Ka jalo, ga go kitla go tlhola go nna le dipolao, bothubaki, go betelela, bokebekwa, tlolomolao epe fela. Ga go kitla go tlhola go nna le ope yo o tla bogang ka ntlha ya boikepo jo bo dirwang ke ba bangwe. Diane 10:30 e a re: “Mosiami ga a ketla a shutisiwa gopè: me moikepi ga a ketla a aga mo lehatshiñ.”

Boitekanelo jwa Mmele Bo Tla Busediwa

6, 7. (a) Puso ya Bogosi e tla fedisa eng se go leng thata go se dumela? (b) Jesu o ile a bontsha seno jang fa a ne a santse a le mo lefatsheng?

6 Mo lefatsheng le lesha, go tla baakanngwa tshenyo yotlhe e e ileng ya dirwa ke botsuolodi jwa ntlha. Ka sekai, puso ya Bogosi e tla nyeletsa bolwetsi le botsofe. Gompieno, lefa gongwe o na le botsogo jo bontle, boammaaruri jo bo teng ke gore fa jaaka o ntse o gola, matlho a gago a simolola go koafala, o bola meno, o utlwela thateng, letlalo la gago le a swaba, mateng a gago a simolola go senyega, go fitlhelela kgabagare oo swa.

7 Lefa go le jalo, diphelelo tseo tse di utlwisang botlhoko tse re di amuleng mo batsading ba rona ba ntlha di tla tloga e nna selo sa maloba. A o gakologelwa se Jesu a ileng a se bontsha mabapi le botsogo fa a ne a santse a le mo lefatsheng? Bibela e bega jaana: “Me ga tla kwa go èna machutichuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsañ, le dihohu, le dimumu, le digōlè, le ba bañwe ba le bantsi, ba ba baea ha hatshe ha dinaoñ tsa gagwè; me a ba hodisa: Bontsi yoa batho yoa ba yoa tla yoa gakgamala, ka ba bōna dimumu di bua, le digōlè di golohologile, le batlhotsi ba tsamaea, le dihohu di bōna.”—Mathaio 15:30, 31.

8, 9. Tlhalosa ka boitumelo jo bo tla nnang teng mo lefatsheng le lesha fa boitekanelo jwa mmele bo tla bo bo busediwa.

8 Abo e tla nna boitumelo jo bogolo jang ne mo lefatsheng le lesha fa makoa a rona otlhe a tla bo a fedisitswe! Go boga ka ntlha ya botsogo jo bo sa itekanelang ga go kitla go tlhola go re tshwenya. “Me monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”—Isaia 33:24; 35:5, 6.

9 A ga go kitla go itumedisa go tsoga moso mongwe le mongwe mme o lemoga gore jaanong o itekanetse mo mmeleng? A ga go kitla go itumedisa batho ba ba godileng go itse gore letsatsi lengwe le lengwe le le fetang ba shahalela pele, go fitlhelela ba nna le boitekanelo jwa mmele le jwa mogopolo jo Adame le Efa ba neng ba na le jone kwa tshimologong? Tsholofetso ya Bibela ke gore: “Nama ea gagwè e tla shahala bogolo go ea ñwanyana, o tla boèla mo malatsiñ a bokau yoa gagwè.” (Jobe 33:25) Abo e tla nna boitumelo jo bogolo jang fa re latlhela kwa kgakala kwa digalase tsa matlho, dithusakutlo, dithobane, ditulo tsa maotwana, le melemo! Dikokelo, dingaka, le dingaka tsa meno ga di kitla di tlhola di tlhokega gape.

10. Go tla diragalang ka loso?

10 Batho ba ba nang le botsogo jo bo molemo jalo ga ba ka ke ba batla go swa. Mme ebile ga ba kitla baa swa, ka gore setho se tla bo se sa tlhole se le mo botshwarong jwa loso le bosaitekanelang jo ba bo amuleng. Keresete “o na le go busa hèla, a ba a tla a tsamaee a beè baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè. Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.” “Mpho hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ.”—1 Bakorintha 15:25, 26; Baroma 6:23; bona gape le Isaia 25:8.

11. Tshenolō e sobokanya jang masego a a tla nnang teng mo lefatsheng le lesha?

11 Fa buka ya bofelo ya Bibela e sobokanya melemo e e tla elelang e tswa kwa Modimong o o amegang e ya kwa bathong mo Paradaiseng, e a re: “Me [Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.

Baswi Ba Tshela Gape

12. Jesu o ile a bontsha jang nonofo e a e neetsweng ke Modimo ya go tsosa baswi?

12 Jesu o ne a dira mo gontsi go na le go fodisa balwetsi le digole fela. O ne gape a tsosa batho mo mabitleng. Ka go dira jalo o ne a bontsha nonofo e e molemo ya go tsosa baswi e Modimo o e mo neileng. A o gakologelwa tiragalo ya fa Jesu a ne a tla kwa ntlong ya ga rre mongwe yo o neng a tlhokafaletswe ke morwadie? Jesu o ne a raya mosetsana yo o suleng a re: “Morweetsana, kea gu raea, Coga.” Go ne ga felela ka eng? “Me ka bonakō morweetsana a coga, a tsamaea ka dinaō.” Mme fa batho ba bona seno, “ba gakgamala ka kgakgamalō e kgolo.” Ba ne ba se ka ba kgona go fitlha boitumelo jwa bone!—Mareko 5:41, 42; bona gape Luke 7:11-16; Yohane 11:1-45.

13. Ke mefuta efe ya batho bao ba tlileng go tsosiwa?

13 Mo lefatsheng le lesha, “go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Ka nako eo Jesu o tla dirisa thata e a e neilweng ke Modimo ya go tsosa baswi ka gore, o ile a re, “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.” (Yohane 11:25) Gape o ile a re: “Botlhe ba ba mo diphupuñ [ba ba mo mogopolong wa Modimo] ba tla utlwañ lencwe ya gagwè [Jesu] ka lōna, Me ba tla cwa.”—Yohane 5:28, 29.

14. Ereka loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, ke dilo dife tseo di yang go fedisiwa?

14 Mo lefatsheng ka bophara boipelo e tla bo e le jo bogolo fa ditlhopha tse di latelanang tsa batho ba ba suleng di boa di tshela gape mme di kopana le baratiwa ba tsone! Ga go kitla go tlhola go nna le ditatolo tse di leretseng ba ba setseng mahutsana. Go na le moo, ebile go ka nna ga nna le se se farologaneng gotlhelele: eleng dikitsiso tsa ba basha ba ba tsositsweng mo go tla leretseng bao ba ba ratang boitumelo. Ka jalo ga go kitla go tlhola go nna le diphitlho, go tshubiwa ga baswi, maubelo a go tshubelwang baswi mo go one, kgotsa mabitla!

Lefatshe le le Nang le Kagiso ya Boammaaruri

15. Boperofeti jwa ga Mika bo tla diragadiwa jang ka mmatota?

15 Kagiso ya boammaaruri e tla nna teng mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Dintwa, ba ba kgotletsang ntwa, le go dirwa ga dibetsa e tla bo e le dilo tseo di sa tlholeng di le teng. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore dikgang tse di kgaoganyang batho tsa bosetšhaba, tsa semorafe, le tsa go tlhaola batho ka ntlha ya lotso di tla bo di seo. Mme jaanong, ka tsela ya mmatota, “morahe ga o ketla o ekèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè.”—Mika 4:3.

16. Modimo o tla tlhomamisa jang gore go se ka ga tlhola go nna le dintwa?

16 Seno se ka nna sa lebega se gakgamatsa bogolo jang fa go lebelelwa hisitori ya motho e e tletsetletseng ka tshololo ya madi le dintwa tse di sa kgaotseng. Mme lefa go le jalo tseno tsotlhe di ile tsa nna teng ka ntateng ya go bo batho ba ne ba busiwa ke batho ba bangwe le badimona. Mo lefatsheng le lesha, mo pusong ya Bogosi, go tla diragala seno: “Tlañ, lo bōnè ditihō tsa ga Yehofa . . . O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.”—Pesalema 46:8, 9.

17, 18. Mo lefatsheng le lesha, batho le diphologolo batla tshedisana jang?

17 Motho le phologolo le bone ba tla boa ba nna gape ka kagiso, jaaka go ne go ntse kwa Edena. (Genesise 1:28; 2:19) Modimo o a re: “Me ke tla re mo motlheñ ouō ke ba dihèle kgōlaganō le diphōlōgōlō tsa naga, le dinōnyane tsa loapi, le dilō tse di gagabañ tsa lehatshe . . . me ke tla ba rōbatsa ka polokègō.”—Hosea 2:18.

18 Kagiso eo e tla ya bokgakaleng bofe? “Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: Me ñwanyana eo monnye o tla di goga.” Ga go kitla go tlhola go nna gone gore diphologolo di nne kotsi mo mothong kgotsa mo go tsone ka botsone. Tota “le tau e tla ya lotlhaka yaka kgomo”!—Isaia 11:6-9; 65:25.

Lefatshe le Fetoletswe go Nna Paradaise

19. Lefatshe le tlile go fetolwa go nna eng?

19 Lefatshe lotlhe le tla bo le fetoletswe go nna legae la paradaise la batho. Ke sone seo Jesu a neng a ka solofetsa monna yo o neng a dumela mo go ene jaana: ‘O tla nna le nna kwa Paradaiseng.’ Bibela e a re: “Naga hèla e tla ipela le lehatshe ya lokgèrè; le sekaka se tla itumèla se nyakalala yaka sesheshe. . . . Gonne metse a tla phunyèga mo nageñ, le dinokana mo sekakeñ.”—Luke 23:43; Isaia 35:1, 6.

20. Ke ka ntlha yang fa tlala e se kitla e tlhola e tshwenya batho gape?

20 Mo Bogosing jwa Modimo, tlala ga e kitla e tlhola e bolaya dimilionemilione gape. “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.” “Setlhare sa naga se tla uñwa; le lehatshe le tla ntsha totahalō ea yeōna, me ba tla nna ka thagamō mo lehatshiñ ya bōnè.”—Pesalema 72:16; Esekiele 34:27.

21. Go tla diragalang ka letlhoko la matlo, ditakana, le tikologo e e diphatsa?

21 Ga go kitla go tlhola go nna le lehuma, batho ba ba senang magae, ditakana, kgotsa tikologo e e tletsetletseng ka tlolomolao. “Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mofine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele.” “Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mafine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Isaia 65:21, 22; Mika 4:4.

22. Bibela e tlhalosa jang masego a puso ya Modimo?

22 Mo Paradaiseng, batho ba tla segofadiwa ka dilo tseno, le tse dingwe gape tse dintsi. Pesalema 145:16 e a re: “U [Modimo] huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” Ga go gakgamatse go bo boperofeti jwa Bibela bo bolela jaana: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō. . . . Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:11, 29.

Go Baakanya Tshenyo ya Nako E E Fetileng

23. Bogosi jwa Modimo bo tlile go fedisa jang pogo e e ileng ya re diragalela?

23 Bogosi jwa Modimo bo tla baakanya tshenyo epe fela eo e ileng ya dirwa mo sethong mo dingwageng tse di dikete tse thataro tse di fetileng. Boipelo jo bo tla nna teng mo nakong eo bo tla fetela kgakala pogo e batho ba kileng ba e itemogela. Botshelo ga bo kitla bo kgorelediwa ke go gakologelwa pogo epe e e maswe ya nako e e fetileng. Megopolo le ditiro tse di agang tse batho ba tla bong ba tshwaregile ka tsone letsatsi le letsatsi di tla sutlha ka monokela kgakologelo epe ya dilo tse di botlhoko tsa nako e e fetileng.

24, 25. (a) Isaia o ile a bolelela pele gore go tla diragala eng? (b) Re ka tlhomamisa jang gore ga re kitla re gakologelwa dilo tse re ileng ra boga ka ntlha ya tsone mo nakong e e fetileng?

24 Modimo o o amegang o bolela jaana: “Gonne, bōnañ, ke tlhōla magodimo a masha [puso ya Modimo ya selegodimo e e tla busang batho], le lehatshe ye lesha [batho ba ba ratang tshiamo]; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ. Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ.” “Lehatshe yeotlhe le ikhutsitse, le iketlile; ba ponyèga mo go opeleñ.”—Isaia 14:7; 65:17, 18.

25 Ka jalo ka Bogosi jwa gagwe, Modimo o tla nyeletsa gotlhelele seemo se se maswe se se tsereng sebaka se se teleletelele jaana. O tla bontsha go amega ga gagwe mo go golo ka rona ka go re tshololela masego a mantsi thata ka bosakhutleng a a tla fetelang kgakala go re phimola dikeledi tsa bohutsana jo re ka tswang re nnile le jone mo nakong e e fetileng. Go tla felela go le thata go gakologelwa mathata ao re neng ra nna nao ka nako eo, fa e le gore le yone kgatlhego ya go ka a gakologelwa re ka nna nayo.

26. Ke ka ntlha yang fa Modimo o tla re phimola dikeledi mabapi le go boga gope ga nako e e fetileng?

26 Eo ke yone tsela e Modimo o tla re phimolang dikeledi ka yone mabapi le pogo e re ka tswang re ile ra e itshokela mo lefatsheng leno. O a itse gore ga se molato wa rona go bo re tshotswe re sa itekanela, gonne re ile ra rua go sa itekanelang mo batsading ba rona ba ntlha. Ga se phoso ya rona go bo re tsholetswe mo lefatsheng la bosatane, gonne fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba ikanyega, re ka bo re ile ya re mo boemong jwa moo ra tsholelwa mo lefatsheng la paradaise. Ka jalo ka boutlwelobotlhoko jo bogolo Modimo o tla dira mo go golo go feta go baakanya sengwe le sengwe se se maswe seo re ileng ra se itemogela mo nakong e e fetileng.

27. Ke boperofeti bofe jo bo tla diragadiwang ka tsela e e molemo thata mo lefatsheng le lesha?

27 Mo lefatsheng le lesha, batho ba tla nna le kgololesego e e boleletsweng pele mo go Baroma 8:21, 22: “Lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo. Gonne re a itse ha lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pelègō, le gompiyeno.” Batho jaanong ba tla kgona go bona thapelo eno e diragadiwa ka botlalo: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Maemo a a itumedisang a a mo lefatsheng la Paradaise e tla nna setshwano sa maemo a kwa legodimong.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Mo lefatsheng le lesha, batho ba ba godileng ba tla boa ba nna basha gape

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Makoa otlhe le bogole jotlhe bo tla fedisiwa mo lefatsheng le lesha

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Mo lefatsheng le lesha, le baswi tota ba tla tsosediwa mo botshelong

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

‘Ga ba kitla ba ithuta ntwa gope’

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Batho le diphologolo ba tla nna mo kagisong ya mmatota mo Paradaiseng

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

‘Modimo o tla huporolola seatla sa gagwe mme o kgotsofatse dikeletso tsa ditshedi tsotlhe’

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bogosi jwa Modimo bo tla dira mo gontsi go na le go re phimola dikeledi fela mabapi le pogo eo re ileng ra e itshokela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela