LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 3/8 ts. 19-21
  • Ke Ka Kgona Jang go Nna Mosalalebana Yo O Molemo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Kgona Jang go Nna Mosalalebana Yo O Molemo?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokgokgontshi Kana Motlhokomedi?
  • Go Tlhokomela Ngwana ka Botswerere
  • Go Dirisa Molao wa Sekagouda
  • Go Sireletsa Bana mo Dikgobalong
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Sala le Bana?
    Tsogang!—1991
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Tsela ya go Ruta Ngwana
    Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Batsadi, Sireletsang Boswa Jwa Lona jo bo Botlhokwatlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 3/8 ts. 19-21

Ke Ka Kgona Jang go Nna Mosalalebana Yo O Molemo?

‘RE TLA rata gore o tlhokomele morwarrago le morwadiarrago ba babotlana.’

Lefa o ka tswa o leba kabelo eo jaaka sekgoreletsi se se tshwenyang kana sesupo sa gore o a ikanngwa, go akanya ka go tlogelwa o le nosi le bomonnao go ka nna ga se ka ga go jesa monate. ‘Go tweng fa e le gore ga ba itshware sentle?’ o ka nna wa ipotsa. ‘Go tweng fa go ka nna le motlhasedi kana molelo? Mme go tweng fa e le gore mongwe wa bone o a gobala kana o a lwala?’

O na le lebaka la go tshwenyega. Le gore kana, bana ga se dilo kana ditshamikisiwa mme ke batho ba ba nang le ditlhokafalo tse di kwa godimo thata. Ba botlhokwa thata go batsadi ba bone mmogo le go Modimo. (Pesalema 127:3) Ka jalo e ka tswa o tlhokomela bomonnao kana o sala le bana go bona tuelo, go tlhokomela bana ke tiro ya boikarabelo le e e gwetlhang. Lefa go ntse jalo, ka boikutlo jo bo siameng le thulaganyo e e molemo, o ka atlega mo go yone.

Mokgokgontshi Kana Motlhokomedi?

Basha ba bangwe go lebega ba ikutlwa gore kabelo ya go sala le bana ke go tlhomiwa go nna mokgokgontshi. “Morwadiarre ga a ke a ntetla go dira se, le gone ga a ke a ntetla go dira sele!” go ne ga ngongorega jalo mosetsana mongwe. “Ke lekile gore a tlogele go nna a ntse a nkgatelela, mme o ne a mpatola!” Lekawana lengwe la re: “Ke ne ke na le morwarre le morwadiarre ba batona ba ba neng ba sala le nna, mme go a gakgamatsa go bona kafa ba kgonang go ipagololela mogodu ka gone!”

Go ntsha ditaolo jaaka molaedi wa sajene go ka lebega go le monate. Mme fa batsadi ba gago ba lemoga—jaaka go ka diragala gore ba lemoge—ka mo go tlhabisang ditlhong go “busa” ga gago go ka khutla go sa solofelwa. Diane 11:2 e tlhagisa jaana: “E re ha boikgodishō bo tla, hoñ go tle ditlhoñ.”

“Botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ,” go tswelela jalo seane sone seo. Go ikgobalatsa go akaretsa go itse ditekanyetso tsa gago. Mme ntlha ke gore batsadi—eseng basala le bana—ba neilwe taolo ke Modimo ya go godisa bana le go ba otlhaya. (Baefesia 6:4) Seabe sa gago wena ke sa go nna mosireletsi le motlhokomedi.

Go Tlhokomela Ngwana ka Botswerere

Seno ga se reye gore bana ba ka tlogelwa ba itirela se ba se ratang fela e le gore wena o kgone go ipelela go leba thelebishene kana go bala. “Ñwana eo o lesiwañ hèla o tlhabisa mmagwè ditlhoñ”—le go opisa motlhokomedi wa gagwe tlhogo! (Diane 29:15) Ka maswabi, ga se gantsi basha ba tshwara bana ba ba sa utlweng ka botswerere.

Setlhopha sengwe sa basha ba U.S. se ne sa tlhatlhobiwa mo ntlheng eno mme ba ne ba bodiwa gore ba ne ba ka dirisana jang le maemo ao gantsi a tsogang fa motho a setse le bana. Go ya ka lokwalopaka la Adolescence, ke 8 lekgolong fela ya basha bao ba neng ba bontsha gore ba ne ba ka rarabolola bothata ka tsela eo e neng e tsamaisana le maikutlo a bana. Ba le 92 lekgolong ba ba setseng ba ne ba sekamela mo go diriseng maano a a sa thuseng ka sepe, a a tshwanang le ditaolo, go kgalema, le go ba tshosa. Babatlisisi ba ne ba fetsa ka gore basha “ba na le go sa nneng le kutlwisiso mo kamanong ya bone le bomonnaabone.”

O ka dirisana jang le bana ka mo go nang le matswela le ka botswerere? Badisa ba Bakeresete ba rotloediwa jaana: “U tlhōahalèlè go itse macomane a gago kaha a nntseñ ka gōna; u bo u tlhōkōmèlè matlhape a gago thata.” (Diane 27:23) Ka mo go tshwanang, o tshwanetse go lekela go tlhaloganya ditlhokafalo le maikutlo a bana bao o ba tlhokomelang. Simolola go ba itse jaaka batho. Mo bogautshwaneng o tla lemoga gore bana ga ba na tlhokomelo e e kalokalo, bopelotelele, kana boitshoko jaaka bagolo. Go na le moo, “bana ba bokoa.” (Genesise 33:13) Ba gola sentle fa ba ratiwa ebile ba tlhokomelwa mme ka bofefo fela ba ka sulafalelwa le go kgobega marapo.

Go Dirisa Molao wa Sekagouda

Ka dinako tse dingwe, he, bana ba tshameka go feta selekanyo mme ba ka nna ba go tsena mo ditshikeng. Ba ka nna ba ikgobatsa ka go sa nneng kelotlhoko. Kana ba ka nna ba leka go go leka go bona gore ba ka itaola go le kanakang. (“Ka dinako tse dingwe ke tshameka ka batlhokomedi ba me,” go ipolela jalo Douglas wa dingwaga tse supa.) Fa seno se diragala, o se ka wa tenega. Dirisa Molao wa Sekagauta: “Ka metlha tshwarang ba bangwe fela jaaka le lona lo ne lo ka rata gore ba lo tshware.”—Mathaio 7:12, The New English Bible.

Gakologelwa, “boeleele bo bohelecwe mo peduñ ea ñwanyana,” mme ga se bogologolo thata fa le wena o ne o itshwara ka tsela e e tshwanang. (Diane 22:15) Tlhoma mogopolo mo go baakanyeng bothata (“a re sutlhe fa go tshologetseng gone”) go na le gore o kgale ngwana. Tila go kgopisega thata le “go bua ka kgakgabuèlō yaka ditlhabō tsa putlèla.” (Diane 12:18) Go bitsa ngwana “seeleele” kana “sematla” ke go gobolola mme go kotsi thata mo ngwaneng. Diane 29:11 (Today’s English Version) e re gakolola jaana: “Batho ba ba dieleele ba tle ba bontshe bogale jwa bone pepenene, mme batho ba ba botlhale ba pelotelele ebile ba itshwara.” Mosetsanyana mongwe wa Mokeresete o bolela jaana: “Fa ke ikutlwa ke batla go itaya morwadiarre wa dingwaga tse robedi, ke a rapela, mme seo se nthusa go laola go tenega ga me.”

Ka dinako tse dingwe mathata a ka thibelwa fa o dirisa mokgwa o o siameng. Boitshwaro jo bo molemo jo bo duelang bo ka go thusa go na le go mo tshosa gantsi gore o tla mo otlhaya. Gape, bana ba ka nna ba se ka ba sulafalelwa kana ba se ka ba tlabatlaba fa e le gore o rulaganya ditiro tse di molemo tse di itumedisang, tse di tshwanang le metshameko ya dilo tse di ikakanyediwang. (Bapisa Mathaio 11:16, 17.) Ka gongwe o gakologelwa metshameko e mengwe e o neng wa e tshameka o le ngwana—kana o ka nna wa tlhama e mengwe e mesha. Gape o ka nna wa leka go bala dikarolo tse di ratwang thata ke ngwana tsa dikgatiso tsa Go Reetsa Morutisi yo Mogolo kana Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.a

Ka dinako tse dingwe bana ba tlhoka kotlhao. Mme go molemo thata go ka buisana le batsadi ba gago ka seo o tshwanetseng wa se dira mo ntlheng eno. Seno se boammaaruri segolobogolo fa o thapetswe go sala le bana. Bontsi jwa mathata bo ka emela batsadi gore ba fitlhe pele mo gae. Mme o ipaya mo kotsing ya go gobatsa ngwana (re sa bue sepe ka go dira gore batsadi ba nne bogale) fa kwantle ga tetla o ka mo itaya. Diane 13:10 e tlhagisa jaana: “Go tla kōmanō hèla ka bokgodishō: mo go eo o amogetseñ kgakololō sentlè go na le botlhale.”

Go Sireletsa Bana mo Dikgobalong

Barbara Benton o tlhagisa jaana mo bukeng ya gagwe ya The Babysitter’s Handbook: “Go sa iketle ga gagwe, fa go kopana le go batla go itse ga gagwe, le go sa atlholeng dilo sentle gotlhelele ga gagwe go dira gore ngwana yo o gagabang a golafadiwe ke dilo tse di boitshegang tsotlhe tseo di ka diragalelang bana. O tlhoka gore nako tsotlhe o bo o etsetlhoko—ebile o le bofefo—gore a nne a sireletsegile.” Stephanie yo mosha o ne a lemoga kafa seno se leng boammaaruri ka teng. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlhokomela setlogolo sa me, kgabagare o ne a simolola go betwa ke Semonamone se se Tsididi! Ke ne ka tshwanelwa ke go se ntsha mo molomong wa gagwe, mme ke ne ke tshogile tota!”

Dikotsi di le dintsi tse di masisi di ka thibelwa fa e le gore o beile leitlho mo baneng. Barbara Benton o tlhagisa ka dikgato tse dingwe gape: “Dira loeto lwa go tlhatlhoba e le go itse fa sepe se se ka nnang diphatsa se leng gone le go se ntsha.” O tshwanetse wa itse fa dilo tse di tshwanang le lebokose la di-fuse, setimamolelo, le tsa thuso ya potlako di leng gone. Ithute go dirisa didirisiwa tsa mo gae sentle le ka pabalesego. O ka nna wa ba wa dira le lenane la dilo tse di tshwanelwang ke go tlhokomelwa tsa ipabalelo tseo di akaretsang dilo tse di jaaka difensetere (gore a di tswetswe?), direpodi (gore a ga di na dilo tse di diphatsa?), matshoba a motlakase (gore a a khurumeditswe sentle?) dilo tse di botlhole le melemo (gore a di beilwe kwa bana ba ka sekang ba fitlha gone?), megala ya motlakase (gore a e tshophilwe?), dilotlele tsa ntlo gore (a go na le tse dingwe gore o se itotlelele kwa ntle?).

Gape o ka nna wa ipaakanya ka mo o ka kgonang ka gone go dirisana le dikotsi tsa tshoganetso. “Ke ne ka tsenelela dithuto tsa go sala le bana mo sekolong mme ke ne ka ithutela thuso ya potlako ya masea le ya bana ba ba gagabang,” go bolela jalo mosetsana mongwe. Ka gongwe dithuto tseo di gone mo sekolong sa gago. Gape go botlhokwa go nna le lenane fa gaufi leo le nang le nomoro ya megala ya mapodise, ya lefapha la batimamolelo, ngaka ya lelapa, ya sepatela, le ya lephata le le thusang mo go tsa botlhole. Itse kafa o ka ikopanyang le batsadi ba gago ka gone ka gongwe le baagelani ba ba ka go thusang ka tshoganetso.

Fa kotsi kana sengwe sa tshoganetso se diragala, O SEKA WA TSHOGA! ‘Motho yo o botlhale o nna a wetse dibete go ya fela kwa bofelong.’ (Diane 29:11) Ka sekai, ngwana o ka nna a metsa botlhole bongwe. Ka bofefo fela leletsa kwa sepatela kana ba lephata le le thusang mo go tsa botlhole. Fa seo se sa kgonege, bala ka kelotlhoko tlhagiso e e kwadilweng mo go se se jelweng. Go sekaseka seemo ka iketlo go botoka go na le go dira sengwe se se seng botlhale ka bofefo (jaaka go dira gore a tlhatse) e le seo se ka dirang gore seemo se nne maswe go feta. Mme lefa seo se ka swabisa ka gongwe le go tlhabisa ditlhong, tlhomamisa gore o bega dikgobalo dipe kana dikotsi dipe go batsadi ba ngwana. Ba na le tshwanelo ya go itse gore go diragetseng, mme ba ka fetsa ka gore a go tshwanetswe ga tsewa dikgato tse di gagametseng.

Go sala le bana go ka lebega jaaka boikarabelo jo bogolo—mme gone go ntse jalo. Mme ke tshupo fela ya seo batsadi ba gago ba neng ba se dira ka dingwaga di le dintsi ba go tlhokomela. Ka jalo dira tiro ya gago ka botlalo. Jaaka fa o nna le tsholofelo le boitemogelo, e ka nna se se duelang ebile se go itumedisa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Dikaelo Tsa go Sala le Bana

Dira dilo jaaka morutegi. Tlhomamisega gore dituelo tsa gago di dumelanwe sentle.

Buisanang. Tlhomamisa pele ga nako seo ditiro tsa gago di tla se kopanyeletsang.

Tshwara nako o bo o ikanyege.

Dira gore o itse bana go sa le pele.

Itse melao ya ntlo eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Bana ba tlhoka go tlhokomelwa ka nako tsotlhe gore ba sirelediwe mo dikgobalong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela