Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Sala le Bana?
“O IKUTLWA jang malebana le go sala le bomonnao?” Tsogang! e ne ya botsa basha ba le mmalwa potso eno. Kwantle ga pelaelo dikarabo tsa bone di ne di farologane.
“Ke rata bana ba bannyane,” go ne ga rialo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome, “ka jalo ga se bothata.” Mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a bo a bolela jaana ka mabela: “Nna ke itumelela taolo eo ke nnang le yone mo go bone!” Legale, ba bangwe ba ne ba bontsha ka phepafalo gore ga ba batle—kana gore ga ba rate. “Ke go dira ka go bo ke itse gore batsadi ba me ba tlhoka thuso,” go ne ga tlhalosa jalo mosetsanyana mongwe. “Mme lefa go ntse jalo ga ke go itumelele.” Mosetsana yo mongwe ene o ne a re: “Ka dinako tse dingwe fa ke batla go ya dibaesekopong kana golo gongwe fela, mmè o tla bo a re, ‘Tsamaya le kgaitsadio yo mmotlana.’ Totatota ga ke batle go dira jalo.”
“A Ke Modisi oa ga Nnake?”
Morwa wa leitibolo wa ga Adame, ebong Kaine, o ne a botsa potso eno ka bopeloethata malebana le morwarraagwe ebong Abele. (Genesise 4:9) Mme le wena o ka nna wa ikutlwa o sa rate fa o kopiwa gore o tlhokomele bomonnao ba bannye. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dirisa nako ya gago ya go itapolosa o tshwaragane le go tsetolola ngwana mengato kana go tlhapisa mangole a a kgobogileng? Jaaka fa mosetsana mongwe wa dingwaga tse 15 a ne a bolela jaana ka pelo e e botlhoko: “Ga ke ikarabelele mo go nna ka nosi fela mme ke ikarabelela le mo go se bomorwarre le bomorwadiarre ba se dirang.”
Marna yo mmotlana ene o ngongoregela se se farologaneng le seo: “Fa re ya parakeng kana golo gongwe fela, ka metlha ke tshwanela go sala le bana ba bannye mme ga ke kgone go ijesa monate. Go nkgopisa tota. . . . Fa ke bolelela [Mama], a re, ‘ke wena mogoloabone yo motona mme o tshwanetse go sala le bana.’ Ke ne ka tenega thata mme ka mo raya ka re, ‘Gongwe bongwanake, mme eseng ba gago! Ba tshotswe ke wena, eseng rona. Ke wena o tshwanetseng go sala nabo.’”—The Private Life of the American Teenager, e e kwadilweng ke Norman le Harris.
Bomonnao le bone ka mo go tshwanang ba ka nna ba tswa ba sa itumelele gore ba tlhokomelwe ke wena. Mme ba ka rata go kgoreletsa maiteko a gago a go tshegetsa molao le tolamo. “Ka dinako tse dingwe ga ke rate go sala ke tlhokometse morwarre le morwadiarre,” go ne ga ipolela jalo mosetsana mongwe wa dingwaga tse 14 go Tsogang! “Dilo tse ba di dirang! Fa gongwe ba a lwa, ke bo ke ya go ba kgaoganya, mme ba bo ba nthaya ba re, ‘O ithaya o re o mang? Ga o Mama!’ Ke ne ke ka se ke ke tshwenyege fa ba ka bo ba sa tshwarise bothata.”
‘Ke Ka Ntlha Yang Fa Ba Tshwanetse go Tlhokomelwa ke Nna?’
Fa setlhopha sengwe se segolo sa basha ba dingwaga tsa bolesome se ne se bodiwa jaana, “Ke ditiro dife tse lo akanyang gore basha ba dingwaga tsa bolesome ba tshwanetse go di dira mo lapeng?,” 32 lekgolong e ne ya re ke go sala le bana! Ee, maikarabelo a go sala le bana ke selo se se tlwaelegileng mo basheng ba malatsi ano. Selo sa ntlha, tiro ya mo lapeng e ka nna e e bokete, mme e lapisa mo go mmè. Borre ba lebana le mokgweleo wa malatsi otlhe wa go bereka kwa tirong ya boitshediso. Bommè ba dipalo tse di ntseng di oketsega le bone ka mo go tshwanang ba tshwanela go bereka kwa gae le mo tirong nngwe eo eseng ya legae. Gantsi ba lapa ba bo ba felelwe.
Motho yo o salang le bana o dira gore mama le papa gangwe le gape ba kgone go kgwa setšhwe go sekaenyana eleng selo seo ba se tlhokang. Mme fa e le gore ka bobedi jwa bone ba a bereka, motho yo o salang le bana o tlhomamisa gore bana ba tla lebelelwa sentle go fitlhelela batsadi ba goroga mo gae. Ke boammaaruri, batsadi ba gago ba ka nna ba bo ba ka kgona go thapa mongwe yo o tswang kwa ntle gore a sale a tlhokometse bana. A mme ba ne ba ka se ke ba wele dibete go feta fa ba ne ba itse gore bana ba bone ba babotlana ba mo diatleng tsa leloko la lelapa le le tshwanelegang ebile a le lorato?
Gone ke boammaaruri, boikarabelo jwa go sala le bomonnao totatota ke jwa batsadi ba gago. (Baefesia 6:4) Mme lefa go ntse jalo fa o thusa jaaka motho yo o salang le bana seo se ka thusa batsadi ba gago gore ba dire ditiro tsa bone. Gape ke tsela nngwe ya go “tlotla rrago le mmago.” (Baefesia 6:2) Mo godimo ga moo, go sala le bana go go thapisetsa sentle nako ya fa o setse o godile. Mosadi mongwe yo mosha o gakologelwa kafa a neng a sala le bokgaitsadie le monnawe wa mosetsana ka teng fa mmaagwe, e leng motsadi yo o esi, a ne a bereka tiro ya go aba dijo: “Malatsi otlhe ke ne ke ka sala nabo go fitlhelela Mama a goroga mo gae. O ne a tlhola a ntlogelela lenaane la dilo tse ke tshwanetseng go di dira: ‘Go anega diaparo, go phepafatsa ntlo, go simolola go apaya.’” A mokgweleo mo mosetsaneng wa dingwaga tsa bolesome! Mme lefa go ntse jalo a re: “Fa ke leba kwa morago ke kgona go bona gore e ne e le selo se se molemo go gaisa mo go nna go di feta tsotlhe mo lefatsheng. Ke ne ka gola ka bonako go feta ba bangwe mme ka simolola go kgona go rwala maikarabelo.”
Re sale foo, ga go supe ka gope gore mosimane ga se monna fa a sala le bana. Go ne go tlwaelegile gore banna ba dire jalo mo metlheng ya Bibela. (Dipalō 11:12) Mme moaposetoloi Paulo ga a ka a go leba e le go intsha seriti fa a ne a itshwantsha le “moamusi.”—1 Bathesalonia 2:7.
Go Nna le Pono E E Siameng
Lefa go ntse jalo, gore o itumelele go sala le bomonnao go ka tlhoka gore o tseye kgato. Gantsi go nna le selekanyo se se rileng sa go tlhoka kutlwano fa gare ga bana ba motho. Mme fa e le gore o omanetse ruri le bomonnao, kana fa e le gore o ba tsaya jaaka setlhopha sa dirathana, go ka go ketefalela gore o nne le pono e e siameng malebana le go sala nabo. Ka jalo, go ka go thusa fa o ka akanya kaga dikai dingwe tse di rutiwang mo Bibeleng.
Ka sekai, tlhokomela pego kaga Josefa yo mmotlana le bomorwarraagwe. Ka go bo Josefa a ne a ratiwa ke rraagwe, bomorwarraagwe ba ne “ba mo ila, ba ne ba sa kake ba bua naè sentlè gopè.” Akanya fela, he, gore Josefa o ne a ikutlwa jang fa rraagwe a ne a mo raya a re: “Kana bomogoloo ba hudisa lecomane kwa Shekema? Ntlo, ke tla gu roma kwa go bōnè. . . . U eè go bōna bomogoloo go re, a ba sa tshedile sentlè, le lecomane a le nntse sentlè; u itse go ba u tla u mpolèlèla.” Kwantle ga pelaelo baagi ba koo ba ne ba tla gakologelwa polao e e setlhogo eo e neng ya dirwa ke bomorwarraagwe Josefa dingwaganyana pele ga foo kwa Shekema. (Genesise 34:25-31) Go ne go ka nna diphatsa gore Josefa a ye koo! Mme moo e ne e se gone gotlhe, bomorwarraagwe le bone kwantle ga pelaelo ba ne ba se kitla ba rata go bo a tsile. Mme lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go tlotla rraagwe le go bo a ne a na le lorato lwa mmatota mo go bomorwarraagwe, Josefa o ne a arabela ka go re: “Ke hano,” Mme a amogela thomo eo.—Genesise 37:4, 13, 14.
Miriame yo mmotlana le ene e ne e le mosha yo o tlhomologileng. Erile fa Faro wa Egepeto a loga segwenegwene sa go bolaya bana ba masea ba Bahebera, Miriame o ne a thusa mo go sireletseng kgaitsadie wa losea ebong Moshe. Fa losea lo sena go bewa sentle mo arakeng e potlana mme le leselediwa go ya le noka ya Nile, Miriame ga a ka a tlhoka lorato mme a itlhokomolosa se se tla diragalelang morwarraagwe a re ke mathata a batsadi ba gagwe. Nnyaa, o ne “a èmèla kgakala, gore a tlè a itse se o tla se dihwañ.” Miriame o ne a bo a kgona go rulaganyetsa gore go tlhomiwe ene mmaagwe Moshe tota gore a mo tlhokomele!—Ekesodo 2:4-10.
Ee, go farologana le Kaine, yo ka bopeloethata a neng a sena sepe le morwarraagwe, basha ba ba boifang Modimo gompieno ba tsaya go sala le bomonnaabone e le tshiamelo gape e le boikarabelo—lefa e bile go le bokete kana go ba kgoreletsa. Yohane wa Ntlha 4:21 e a re: “Eo o ratañ Modimo, a a ratè le [morwarraagwe].” Mme lefa seno totatota se lebisitse mo bakaulengweng ba rona ba semoya, a gape se ne se ka se ke se dire mo go bao re amanang le bone ka tsela ya semoya mmogo le ya senama?a
Go bo o amega ka bomonnao ebile o na le kgatlhego mo go bone, keletso ya go ba sireletsa, mme, mo godimo ga tsotlhe, o na le lorato lwa mmatota mo go bone go ka nna le seabe se segolo mo go goleng ga bone ga mmele, ga maikutlo, le ga semoya. Mme gone, go sala le bana ba banyenyane e ka nna kgwetlho e kgolo, mme setlhogo se se tlang se tla ntsha dikakantsho dingwe tse di mosola go go thusa gore o sale le bana sentle.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgaolo 6 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo (e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) e na le dikakantsho tse di oketsegileng malebana le kafa tsela eo o dirisanang le bomonnao e ka tokafadiwang ka gone.
[Lebokoso mo go tsebe 18]
‘Ke Godile Ga Ke Tlhoke Motho Yo O Salang le Nna!’
Fa Tsogang! e ne e botsa setlhopha sengwe sa basha gore ke leng ngwana o a bong a godile mo a sa tlholeng a tlhoka motho yo o salang nae, bangwe ba ile ba fopholetsa “11,” bangwe “13,” mme, ka mo go gakgamatsang, bangwe le eleng “7”! Lefa go ntse jalo, mosetsana mongwe yo mmotlana o ne a akgela jaana: “Ga ke akanye gore go na le tekanyetso ya dingwaga. Ke akanya gore go laolwa ke gore o godile go le kana kang. O ka nna dingwaga di le 15 mme o bo o le monnye thata go ka sala go sena yo o setseng nao.”
Gone ke boammaaruri, kafa batsadi ba gago ba lebang go gola ga gago ka gone go ka nna ga bo go farologane thata le kafa wena o go lebang ka gone. Mme malapa a a farologaneng a ka tlhopha go dira dilo ka ditsela tse di farologaneng. Ka jalo lemororo bangwe ba ditsala tsa gago e ka tswa e le bone ntlo e utlwang ka bone fa batsadi ba bone ba ya dibaesekopong, wena o ka nna wa tshwanelwa ke go lebana le “tlontlololo” ya go sadisiwa le mongwe gore a sale nao. Seno se ka nna bokete bogolo jang fa e le gore motho yoo yo o salang nao ke mogoloo. “Ke ne ke sa rate gore nkgonne a sale le nna,” go ne ga bolela jalo Alisha yo mmotlana. “Ke ne ke sa rate gore a mpolelele gore ke dire eng!”
Lefa go ntse jalo, batsadi ba gago ba dira jalo gore o tle o solegelwe molemo. Ba bala mo dikuranteng kaga bokebekwa jo bo ntseng bo golela pele le go gobololwa ga bana, mme ba na le lebaka le le molemo la gore ba tshwenyege. Mo godimo ga moo, go sala o le nosi mo legaeng la lona go ka nna ga bo go boifisa go feta kafa wena o ka buang ka teng. “Ke ne ke tshaba tota go sala ke le nosi mo ntlong,” go ne ga rialo mosetsana mongwe. “Ka jalo ke ne ka fetsa ka gore ke ne ke ka mpa bogolo ka tlhabisiwa ditlhong go sekae go na le go boifa.”
Gone ke boammaaruri, ka dinako tse dingwe batsadi ba tlhaetsa bana ba bone matlho. Mme fa go lebega go ntse jalo, gongwe o ka buisana le batsadi ba gago mme wa ba tlhomamisetsa gore o ka kgona go sala o le nosi. Fa o goakaka kana o dira botete, ka gongwe o ka ba tlhatswa pelo gore ga o ise o gole. Lefa go ntse jalo, fa o buisana le bone kaga dilo tse di rileng ka tlhamalalo—ka sekai, kafa o tla dirisang nako ya gago ka teng le kafa o tla berekanang le mathata a tshoganyetso ka teng—o ka dira gore ba lebe dilo kafa o di lebang ka teng. Fa go sa nne jalo, gongwe go ka rulaganngwa sengwe se se amogelegang mme se lo itumedisa lotlhe, jaaka gore o sale kwa gaabo tsala nngwe.
Gone ke boammaaruri, batsadi ba gago ba ka nna ba fela ba ntse ba re o sale le motlhokomedi. Go na le gore o ketefaletse wena le motlhokomedi wa gago dilo, leka gore o mo lebe e le moemedi wa nakwana wa taolo ya batsadi ba gago mme o dirisane le ene sentle ka mo o ka kgonang ka teng. Go tweng fa go nna le dikgang tse ditshesane tsa go sa dirise thata sentle? (“Nkgonne wa mosetsana o ne a ntsietsa,” go ne ga ngongorega jalo mosetsana mongwe. “O ne a ntira gore ke dire ditiro tsa gagwe.”) Go ka nna botoka gore o eme go fitlhelela batsadi ba gago ba tla gae gore lo buisane kaga seo le bone go na le gore o omane le motho yo o setseng nao.