Ke Ka Tlhomela Jang Bonnake ba Basimane le ba Basetsana Sekao?
PAUL o ne a itse kafa morwarraagwe yo mmotlana a neng a rata go lebelela thelebishene thata ka gone. Ka jalo o ne a gakgamala fa ka letsatsi lengwe a mmona a tima thelebishene lenaneo lengwe le ntse le tsweletse. Lebaka e ne e le eng? Morwarraagwe Paul o ne a tlhalosa jaana: “E ne e se lenaneo le le phepa. Ke ne ke itse gore wena o kabo o ne o e timile, ka jalo ke ne ka e tima ka bonna.”
Kwantle ga go lemoga le go lemoga, Paul o ne a tlhometse morwarraagwe yo mmotlana sekao gore a se latele—le gone ebile e le se se molemo. A o na le bomonnao? Mme he se o se buang le se o se dirang se ka ba ama ka tsela e e tshwanang. Buka ya Sibling Rivalry, e e kwadilweng ke Seymour V. Reit, e a re: “Keletso ya go etsa mogoloamotho e maatla fela thata mme e laola bontsi jwa ditiro tsa ngwana yo mmotlana. Bana ba bagolwane ke dikao tsa tlholego.”
Ka jalo, o rata kana o sa rate, ka gonne o le mogolwane mme o kgona go rwala boikarabelo go ba feta, go ka diragala gore bomonnao ba go lebe jaaka sekao. Ba ka nna ba leka go go etsa kafa o buang ka teng le kafa o dirang dilo ka teng. Gone ke boammaaruri, go bo o tshwanetse go nna sekao mo go bomonnao ka dinako tsotlhe go ka lebega e le mokgweleo ka dinako tse dingwe.a “Ke sekao sa mongwe le mongwe,” go ngongorega jalo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo go tweng Linda. “Ka jalo mmè a re ke gone ka moo ke tshwanetseng go dira sentle kwa sekolong . . . Ruri ke na le boikarabelo jo bogolo ka mo go feteletseng.” Kgatelelo e ka nna kgolo bogolo jang fa o nna mo legaeng la motsadi a le mongwe fela. “Ke monka ke leng rraabone fela,” go ne ga kwala jalo mosimane mongwe a kwala malebana le bomonnawe.
Lefa go ntse jalo, go nna ngwana wa mosimane kana wa mosetsana yo mogolwane go na le mesola ya gone. Ka sekai, go go fa sebaka sa gore o nne le tlhotlheletso e e molemo mo matshelong a bomonnao. A re boneng gore jang.
Mo Gae
Seane sengwe sa bogologolo se a re: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō.” (Diane 24:3) Gone ke boammaaruri, totatota ke boikarabelo jwa batsadi ba gago gore ba age legae la gaeno, gore ba le dire lefelo leo go renang kagiso le boitumelo mo go lone. Mme lefa go ntse jalo fa wena ka bowena o bontsha botlhale le tlhaloganyo, o ka nna le seabe se segolo mo go itumediseng lelapa la gaeno.
Ka sekai, o itshwara jang fa Mama kana Papa a re o ye go tsholola matlakala kana a re o phepafatse phaposi ya gago? A o a ba ikobela mo go seo? A o a ba utlwa? Kana a o dira boganana kana o arabisana le bone fela ka go tlhoka maitseo? Fa e le gore o dira jalo, o se ka wa gakgamala fa bomonnao le bone ba ka simolola go arabisana le bone jalo. Selo se se botlhale ebile se na le tlhaloganyo se o ka se dirang ke go latela mafoko a ga Diane 1:8: “Morwaaka, utlwa thutō ea ga rrago, me u se ka ua tlogèla molaō oa ga mmago.”
Gone ke boammaaruri, o ka nna wa bo o na le lebaka le le utlwalang la gore o ngongorege. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 18 o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Ga ke dumele gore mama o neela bokgaitsadiake ba babedi boikarabelo jo bo lekaneng. Ke nna ke ikarabelelang mo dilong tsotlhe fela: tiro ya mo lapeng, go tlhoma dikao, dilo tsotlhe.” Gongwe o bolelela ruri. Mme lefa go ntse jalo go na le gore o nne seganana, a ga go botoka gore o buisane le batsadi ba gago o digile maikutlo le ka tlotlo? O ka ba itsise gore o ikutlwa jang le gore o akanya gore ke eng se se ka tokafatsang dilo. Ka go bua le batsadi ba gago o phuthologile ebile o gololesegile, ga o itokafaletse botshelo o le esi fela mme gape o ruta bomonnao tsela ya segolo ya go rarabolola diphapang.
Lefa go ntse jalo, fa o sena go buisana le batsadi ba gago, gakologelwa, ke bone ba ka dirang phetso mo kgannyeng. Ka jalo itumelele phetso ya bone. Ka go dira jalo gape o tla bo o tlhomela bomonnao sekao se se molemo.
Go omana ka bogale malebana le ditiro tsa mo lapeng gantsi go ka tilwa gotlhelele fa o dira dilo kwantle ga go laelwa. Ka mafoko a mangwe, a o tshwanetse go bolelelwa nako le nako gore o se ka wa tlogela diaparo tsa gago di gasagasame fa fatshe, kana a o baakanya dilwana o ise o laelwe gore o dire jalo? Sekao sa gago se o se tlhomang o didimetse mo kgannyeng eno se ka dira mo gontsi go thusa monnao wa mosimane kana wa mosetsana gore a bone gore mo lelapeng mongwe le mongwe o tshwanetse gore a rwale morwalo wa gagwe gore dilo di tsamaye ka thelelo.—Bapisa Bagalatia 6:5.
Kwa Sekolong
‘Ke tlhoile sekolo.’ ‘Ga ke bone lebaka la go bo ke tshwanetse go ya kwa go sone. Ga go na sepe se ke se ithutang.’ ‘Fela fa ke setse ke kgona, ke tlile go tlogela sekolo.’ Ke gantsi go utlwiwa basha ba ntsha maikutlo ano a a kgatlhanong le sekolo. A mme bomonnao ba a tle ba go utlwe o bua jalo? A ba a tle ba go bone o lofela sekolo kana o tshabela dirutwa tse di rileng? Seno se ka ama tsela eo ba ikutlwang ka yone ka sekolo motlhofo fela.
Go tlhoma sekao se se tshwanetseng go raya go tlhagolela boikutlo jo bo molemo, jo bo siameng ka sekolo. Seno se ka nna sa se ka sa nna motlhofo. Mme lefa go ntse jalo gakologelwa: Go dira ka natla kwa sekolong go ka go thusa gore o gole mo tlhaloganyong le mo semoyeng. Mo godimo ga moo, go ka go thusa gore o tlhagolele bokgoni jo bo tla go thusang gore o itlamele letsatsi lengwe fa o godile. Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e na le karolo e e nang le setlhogo se se reng “Sekolo le Tiro.”b E na le tshedimosetso e e mosola e e ka tokafatsang boikutlo jwa gago malebana le go ithuta.
Boikutlo jo bo siameng malebana le sekolo eleruri bo tla tsena mo go bomonnao ba basimane kana ba basetsana. Mme ka go nna le kgatlhego ka namana mo maduong a bone le mo tirong ya bone ya sekolo e e dirwang kwa gae—o ithaopa go ba thusa gangwe le gape—o ka dira mo gontsi go tsweledisa kgatelopele ya bone mo dithutong. Mme lefa go ntse jalo go tweng ka tsela eo o itsholang ka yone kwa sekolong? O tshwara jang barutabana, bagakolodi, le batsamaisi ba sekolo? A o bua ka go sotla, o le manganga, kana a o tlhoma sekao se se molemo ka go ba bontsha tlotlo ka ntlha ya maemo a bone?—Bapisa Tito 3:1, 2.
Bomonnao gape ba tla ela tlhoko gore o tlhopha ditsala tsa mofuta mang. Fa o simolola go siana le moratshwana “o o butseng matlho,” e ka nna ya re go ise go ye kae wa iphitlhela kafa letlhakoreng la Modimo o “tswalegile”! Temana e e tsopolwang gantsi ya 1 Bakorintha 15:33 e tlhagisa jaana: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Mo godimo ga moo, o ka nna wa beela bomonnao motlhala o o kotsi. Mosha mongwe yo o neng a godisitswe ke mmè wa Mokeresete o ne a itlhophela go gana ditsela tsa Modimo mme a simolola go itsalanya le setlhopha sengwe sa basha ba ba dirisang diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Erile go ise go ye kae le ene a bo a dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Ka ntlha ya go boifa gore morwarraagwe yo mmotlana o ne a tla latela motlhala wa gagwe, o ne a mo tlhagisa jaana: “Wena o se ka wa ba wa simolola go dirisa diokobatsi!” Mme lefa go ntse jalo ditiro tsa gagwe di ne tsa itshupa di na le tlhotlheletso e kgolo go feta mafoko a gagwe, mme e ne ya re go ise go ye kae morwarraagwe le ene a bo a le mo setlhopheng sone seo se se bosula. Eleruri, o ka se ka wa batla gore segakolodi sa gago se imediwe ke kitso ya gore o ile wa nna sekgopi mo go morwarraago kana morwadiarraago tota!—Bapisa Mathaio 18:7.
Go Tlhoma Sekao mo Kobamelong
Mo basheng ba Bakeresete go botlhokwa thata gore ba tlhome sekao se se molemo mo dikgannyeng tse di malebana le kobamelo. Tlhoafalo ya gago, tlotlo, le motlotlo o o agelelang ga di ne di itumedisa pelo ya ga Rraago wa selegodimo fela mme di ka ama bomonnao ba basimane kana ba basetsana ka tsela e ba se kakeng ba e lebala.—Diane 27:11.
Ka sekai: mo basheng bangwe gareng ga Basupi ba ga Jehofa, tiro ya go rera phatlalatsa e bokete. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Jaaka Jeremia wa bogologolo, basha bangwe ba ikutlwa ba itshoga. (Bapisa Yeremia 1:6.) Ba bangwe ba ka nna ba bo ba tlhabisiwa ditlhong ke fa ba ka bonwa ke ditsala tsa bone ka nako ya fa ba dira tiro eno e e bolokang botshelo. A e ka tswa e le gore bomonnao ba tshwenngwa ke maikutlo a a ntseng jalo a a phoso? Fa e le gore go ntse jalo, leka go nna le maikutlo a a siameng malebana le tiro ya go rera. Dira maiteko a gore o ye mo tirong ya go rera le ba lelapa la gaeno ka metlha. Jaaka bomonnao ba ntse ba go bona o itumela mmogo le go kgotsofala ka ntlha ya tiro eno, le bone ba ka nna ba batla go etsa tumelo ya gago.—Bapisa Bahebera 13:7.
Ka sekai, akanya ka mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo go tweng Crystal. O tlhalosa jaana: “Mokgele wa me ka namana ke gore ke dirise bobotlana dikgwedi tse pedi ngwaga le ngwaga ke le mmulatsela yo o thusang ka nako ya selemo.”c Matlhagatlhaga a gagwe a ile a ama kgaitsadie yo mmotlana ka tsela efe? Crystal a re: “Kgaitsadiake wa dingwaga tse 12 o dirisa nako e e oketsegileng mo tirong ya go rera fa esale ka ke simolola go dira seno.”
Dipokano tsa Bokeresete di go fa sebaka se sengwe sa gore o tlhome sekao se se molemo. Go kopanela ka metlha ke patlafalo ya Dikwalo (Bahebera 10:24, 25) Ke ka ntlha yang fa o sa rute bomonnao gore ba ka rulaganya dilo jang le go nna boikgapo gore ba ke ba kgone go dira tiro ya bone ya sekolo nako e santse e le teng mme ba bo ba kgona le go ya dipokanong? Gape ba ka nna ba ithuta gore ba itumelele dipokano le go feta fa ba bona o nna o baakanyeditse sentle ka metlha ebile o dira boiteko jwa gore o tseye karolo.
Go tshela tumalanong le dipatlafalo tsa Modimo ga go motlhofo. Mme lefa go ntse jalo Modimo o batla gore basha botlhe ba Bakeresete ba “nnè sekaō . . . mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela, le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ” e ka tswa ba na le bomonnaabone kana ba sena bone. (1 Timotheo 4:12) Ke ka ntlha yang fa o sa simolole kwa gae? Ka go dira jalo o ka dira pharologanyo e kgolo fela thata—mo matshelong a bomonnao le mo botshelong jwa gago tota!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Why Must I Be an Example to My Younger Brothers and Sisters?” (Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Tlhomela Bonnake ba Basimane le ba Basetsana Sekao?) mo tokololong ya October 22, 1989, ya Awake!
b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c Mo gare ga Basupi ba ga Jehofa, mmulatsela yo o thusang o senya diura tse 60 ka kgwedi mo tirong ya go rera.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Tsela eo o tshwarang batsadi ba gago ka yone e ka ama tsela eo bomonnao ba tla ba tshwarang ka yone