Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse Ka Nna Ngwana Wa Gofejane?
Ngwana wa gofejane gantsi o lejwa jaaka “lesea” mo lelapeng.
“Ke tlhoile lebaka la go bo ke tshwanetse go duelela diphoso tse bokgaitsadiake ba bagolo mo go nna ba di dirileng.”
“Morwarre yo mogolo mo go nna o a ntitaya fa a na le mathata.”
‘KE NNA gofejane mo baneng ba batlhano,’ go kwala jalo Lilia. ‘Mme ga se selo se se jesang monate. Ba intlhokomolosa thata ka gonne ga go na ope yo o batlang go tlhola a nnetse go tshwenngwa ke “lesea.” Bomorwarre le bokgaitsadiake ga ba batle go ntlhokomela. Ka metlha ke ikutlwa ke le morwalo. Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa jaaka ekete ke nna fela ngwana ka gonne gantsi ke itshamekela fela ke le esi.’
Faye e ne e le ene gofejane mo baneng ba le bane. O gakologelwa jaana: “Batsadi ba me ka metlha ba ne ba dumela se se buiwang ke nkgonne thata go feta se se buiwang ke nna. Ebile bonkgonne ba ne ba na le ditsala tsa bone. Ke ne ke tlhola ke le esi fela.”
A o ngwana wa gofejane mo lelapeng la gaeno? Mme he o ka nna wa bo o ngongorega ka tsela e e tshwanang. Ba bangwe ba ka nna ba fitlhela e le selo se se itumedisang go utlwa gore o “lesea” mo lelapeng. Mme mo go wena, go nna gofejane ga se selo se se monate.
Mathata a go Nna Gofejane
Ka sekai, a o a tle o ikutlwe gore morwarraago kana kgaitsadio o mogolwane mo go wena o tshwerwe sentle? O ka nna wa bo o na le lebaka la go ikutlwa jalo. Ka dinako tsa Bibela ngwana wa leitibolo o ne a ratwa thata go gaisa botlhe; ngwana wa gofejane ene o ne a saletse kwa morago fela fa go tsenwa mo ditshiamelong dingwe le maikarabelo mangwe. (Bapisa Genesise 25:31; 43:33.) Gompieno, batsadi ba santse ba na le mokgwa wa go lebelela dilo tse di kwa godimo mo ngwaneng wa bone yo mogolo. Ga se gore ba mo rata go feta bana ba bangwe ba bone, mme a ka nna a newa boikarabelo jwa go tlhokomela bomonnawe ka gonne o mogolwane. Ke ene wa ntlha go gola, mme ka ntlha ya moo, gantsi o newa ditshiamelo di le mmalwa tse di eletsegang le kgololesego.
Lefa go ntse jalo, ngwana wa gofejane gantsi o lejwa jaaka “lesea” mo lelapeng mme batsadi ba mo rata ka tsela e e feteletseng! Mosadi mongwe yo o tsopotsweng mo bukeng ya Sibling Rivalry, e e kwadilweng ke Seymour V. Reit, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke le gofejane mo lelapeng la rona . . . tota le bonkgonne ba ne ba ntsaya jaaka lesea ebile ba mpepetletsa thata. Ke ne ke go rata, mme gone ke akanya gore go ne go nkgoreletsa go le gonnye. Go ka nna ga bo go ile ga nkgoreletsa gore ke se ka ka gola, ga nkgoreletsa gore ke se kgone go lebana le dikgwetlho.”
Batsadi ba gago le bone ba ka nna ba feteletsa dilo ba leka go go sireletsa. Ba ka nna ba letla bomogoloo gore ba tsamaye le ditsala tsa bone mme wena ba gana o tsamaya—kana ba re o boe ka bonako mo o ikutlwang gore ga go thuse sepe gore o tsamaye!
Fa o le gofejane, gape o ka nna wa bo o le motho yo o bapisiwang thata le bana ba bangwe ka mo go sa tshwanelang. “Fa ke le mo mathateng tota kana gongwe ke dira sengwe fela sa boeleele fela mo ntlong,” go ngongorega jalo Karl wa dingwaga di le 16, “ba tla bo ba re, ‘Alan ga a dire jalo’ kana, ‘Ke ka ntlha yang fa o sa phepafatse kamore ya gago jaaka Alan?’” Mme fa e le gore bomogoloo ba ne ba sena tsebe ka nako ya fa ba ne ba lekana le wena, o itlhokomele! Batsadi ba gago ba ka nna ba leka ka thata go dira gore dilo tse di diragetseng tseo di se ka tsa diragala gape. “Ke tlhoile lebaka la go bo ke tshwanetse go duelela diphoso tse bokgaitsadiake ba bagolo mo go nna ba di dirileng,” go ngongorega mosetsana mongwe jalo. “Lebaka fela la go bo nkgonne a ne a adima koloi mme a ya kwa lefelong lengwe leo a neng a sa tshwanela go ya kwa go lone, le dira gore nna ke se ke ka adima koloi!”
Mathata Ao O Nnang le One le Bomogoloo
Lefa go ntse jalo, ngongorego e kgolo eo o nnang le yone e ka nna ya bo e le tsela eo bomogoloo ba go tshwarang ka yone. Ba ka nna ba bo ba sa tlotle dilo tse di go amang ka namana go le go kalo kana dilo tsa gago. Ba ka nna ba bo ba rata go go sotla ka metlha kana ba dira gore wena o rwale melato ya diphoso tsa bone. “Morwarre yo mogolo mo go nna o a mpetsa fa a na le mathata,” go ne ga ngongorega mosimane mongwe yo mmotlana.
Susannah yo mmotlana o tlhalosa gore gantsi ke eng se se bakang dikgotlhang tseno mo gare ga bana ba motho. O bolela jaana: “Ke akanya gore dintwa tse dintsi di bakwa fela ke go lwela gore ke mang yo o nang le maatla mo sengweng le gore selo sengwe ke sa ga mang.” Ke ga tlholego fela go batla go ratwa ke batsadi, ba go anaanele, ba bo ba go amogele. Mme ebile ereka go sa kgonege tota gore batsadi ba tshware bana ba bone botlhe ka tsela e e tshwanang, go ka nna ga tsoga dikgotlhang le dikilano. Tlhogo ya lotso Jakobe “a bo a rata Yosefe bogolo go bana botlhe ba gagwè.” Bomogolowe ba ne ba itshwara jang? “Ba mo ila, ba ne ba sa kake ba bua naè sentlè gopè.” (Genesise 37:3, 4) Jaaka gofejane, le wena o ka nna wa bo o tlhokomelwa thata ke batsadi ba gago ebile ba go rata thata. Fa go le jalo, bomogoloo ba ka nna ba bo ba sa go rate. “Ke ne ke akanya gore kgaitsadiake yo mmotlana o ne a bona sengwe le sengwe seo a se batlang,” go rialo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo eleng leitibolo yo o bidiwang Roseanna. “Ke ne ka lemoga gore ke ne ke mo fufegela.”
Melemo ya Gone
Lefa go ntse jalo, go nna ngwana wa gofejane go na le melemo e le mmalwa. Batsadi ba gago ba ka nna ba bo ba eme sentle ka tsa madi go gaisa jaaka fa ba ne ba santse e le batsadi ba basha. Ka gone o ka nna wa bo o itumelela melemo mengwe ya dilo tse di bonalang, e e tshwanang le go nna le kamore e e leng ya gago, selo se bomogoloo ba neng ba se na sone fa ba ne ba lekana le wena. Ebile le mororo basha bangwe ba sa batle kgopolo eno ya go apara diaparo tse ba di filweng ke batho ba bangwe, diaparo tse o di apoletsweng ke bomogoloo di ka dira gore o nne le diaparo tse dintsi go gaisa balekane ba gago!
Molemo o mongwe ke boitemogelo jo batsadi ba gago ba nang le jone mo go godiseng ngwana. (Bapisa Bahebera 5:14.) Totatota, bomorwarraago le bokgaitsadio ba bagolo mo go wena ba ne ba fitlhela batsadi ba gago e ‘santse e le batsadi ba basha.’ Ereka jaanong ba setse ba ithutile go tswa mo diphosong tsa bone tse di fetileng, batsadi ba gago ba ka kgona go dira diabe tsa bone kwantle ga go gagamatsa dilo thata ebile ba tlhomame mo go seo ba se dirang, ba sa tlhole ba batla dilo tse go sa kgonegeng go di bona. O ka nna wa nna le kgololesego eo bomogoloo ba neng ba sena yone fa ba ne ba lekana le wena.
Go nna le bomorwaraago le bokgaitsadio ba bagolo mo go wena le gone ke molemo o mongwe. Fa o tla go akanyetsa kafa bana ba motho gantsi ba lwang ka teng, o ka nna wa se ka wa dumela seno bonolo. Lefa go ntse jalo, bana ba motho ga se gantsi ba tlhoanang. Tota ebile, mosetsana mongwe wa dingwaga tse 13 o ne a dumalana jaana: “Morwarre o tlhola a ntshwenya. Mme ke mo rata tota.” Bomorwarraago ba bagolo mo go wena le bokgaitsadio ba ka nna ba nna ditsala tsa gago, ba nna le wena, ba bo ba go gakolola. Mogoloo a ka nna a bo a nna sekao sa gago, bogolo jang fa a boifa Modimo. A o simolola ngwaga wa gago wa ntlha mo sekolong se segolo (kana sa sekontari)? Morwaraago yo mogolo mo go wena a ka nna a kgona go go thusa gore o kgone go siamela boemo. A batsadi ba gago ba ne kgabagare ba go letla gore o dirise makeup? Gongwe kgaitsadio yo mogolwane mo go wena a ka nna a go bontsha gore o o dirise jang.
Ka mo go kgatlhisang, buka ya Sibling Rivalry e tlhalosa jaana go ya kwa pele: “Bana ba gofejane . . . ba na le go nna botsalano thata ebile ba rata go tshameka thata le ba bangwe go feta bana ba ntlha kana ba ba mo gare ebile ba ratwa thata ke bana ba bangwe. Ereka ba tlwaetse go bereka le batho ba dingwaga tse di farologaneng ebile ba tlwaelane le bone, ba itumelela go nna le balekane ba bone ba ba seng mo lelapeng.”
Go Sola Boemo jwa Gago Molemo
A o santse o akanya gore ngwana wa gofejane ga a tshwarwe sentle? Mme gone, o ka nna wa rata go itse gore bana ba maitibolo le ba ba fa gare gantsi ba ngongorega thata gore bone se se ba diragalelang se botlhoko thata! Ka gone se segolo ga se gore o wa bokae mo lelapeng, mme ke gore o leka go dirisa melaometheo ya Bibela go le kana kang.
Ka sekai, fa o akanya gore batsadi ba gago ba go sireletsa go feta jaaka fa ba tshwanetse ba dira, tlotla le bone ka tsela ya segolo. “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle.” (Diane 15:22) Ka go rata ‘kagiso ebile o akanyetsa,’ o ka buisana le bone mme wa akantsha gore lo dumalane gore ba fokotse mo gongwe mo go kgonegang go fokotsa—eseng gore o nnele go ngongorega fa dilo di sa dirwe ka tsela eo o e batlang. (Yakobe 3:17, 18) Fa ba gana go go naya tshiamelo eo ba e neileng bomogoloo, o se ka wa ngala. Itshupe gore o na le boikarabelo ebile o a kgona ka go ntsha ga tshwene mo tirong nngwe le nngwe eo batsadi ba gago ba go abetseng gore o e dire.—Bapisa Luke 16:10.
Melaometheo ya Bibela le yone e tla go thusa gore o nne ka kagiso le bomogoloo. A ga o batle go tshwenngwa ka nako nngwe fa o itheeditse? Mme he dirisa Molao wa Sekagauta mme o se ka wa ba tshwenya le bone fa ba itheeditse gape o se ka wa senya dilo tsa bone. (Mathaio 7:12) A o a itumela fa o rumolwa? Mme he ‘tlotla’ bomogoloo mme o tile go nna wa ntlha yo o buang mafoko a a sa siamang. (Baroma 12:10) A o tenwa ke gore o akanya gore ba a go itlhokomolosa kana ba go kgapela kwa thoko? Se ikgoge mo go bone o bo o nna o le esi kwa thoko. ‘Bua kgang ya gago’ le bone, lo tlotle ka tsela e e bonolo, le ya batho ba godile. (Diane 25:9) Gantsi ke kgang fela ya gore o ithute go itshwarela. (Baefesia 4:32; Bakolosa 3:13; 1 Petere 4:8) Mme fa o ikutlwa gore mogoloo o go tshwere ka tsela e e makgwakgwa kana o bua le wena ka tsela e e makgwakgwa, itsise batsadi ba gago gore go diregang. Ke fela fa o ka dira jalo ba ka dirang tiro ya bone ya go ‘laya’ bana ba bone.—Baefesia 6:4.
Nnyaa, go nna gofejane ga go bolele gore o tshwanetse wa nna “lesea.” Ebile ga go a tshwanela go go kganela go gola mo maikutlong kana semoyeng. Jaaka ngwana wa gofejane, o ka kgona go nna bonolo, wa se ka wa nna bogagapa, wa nna bopelotshweu, wa nna le nonofo ya go itshokela batho ba bangwe—dilo tse di tla go thusang tota mo dingwageng tse di tlang.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
“Ke ka ntlha yang fa ke kgaphelwa kwa thoko fa go dirwa sepe se se kgatlhang?”