Kgaolo 6
Ke Ka Ntlhayang Fa Go Le Thata go Dirisana Sentle le Morwarre le Morwadiarre?
BOBABA jwa bana ba motho—bo sale bo simologile ka nako ya ga Kaene le Abele. Ga se gore o a bo o tlhoile ngwana wa ga mmago (morwarrago kana morwadiarrago). Mosha mongwe o ne a ipolela jaana: “Mo teng-teng ga pelo ya me, koo ke sa kgoneng go go utlwa jaanong jaana, ke dumela gore ke rata morwarre. Ka tsela nngwe fela, ke a mo rata.”
Ke ka ntlhayang fa gantsi go nna le kilano e e fitlhegileng gareng ga bana ba motho? Mokwadi Harriet Webster o tsopola morarabolola mathata a lelapa Claudia Schweitzer a re: “Lelapa lengwe le lengwe le na le matlotlo a selekanyo se se rileng, a a amanang le maikutlo le a dilo tse di bonalang.” Webster o oketsa ka go re: “Fa bana ba motho ba lwa, gantsi ba bo ba lwela matlotlo ano, ao a akareletsang sengwe le sengwe go simolola ka lorato lwa batsadi go ya go madi le diaparo.” Ka sekai, Camille le bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe ba batlhano, ba tlhakanela dikamore tse tharo tsa borobalo. “Ke batla go nna ke le nosi ka dinako tse dingwe,” Camille a rialo, “mme ke ne ke ka batla go ba tswalela kwa ntle, mme ga ba ke ba ya gope.”
Gape go ka nna ga lwelwa go nna le karolo mo ditshiamelong dingwe le maikarabelo a mo lelapeng. Basha ba bagolwane ba ka ngalela le gore go lebelelwe gore ba dire tiro e kgolo ya ditiro tsa mo lelapeng. Bana ba babotlana ba ka kgorelediwa ke go bo mogoloabone mongwe a ba gatelela kana ba fufega fa bomogoloabone ba amogela ditshiamelo dingwe tseo ba di tswelang pelo. ‘Nkgonne wa mosetsana o ithuta go kgweetsa mme nna ga ke kgone go dira jalo,’ go ne ga bua jalo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bosha wa kwa Ennyelane a hutsafetse. ‘Ke a mo ngalela ke ba ke leka go mo ketefaletsa dilo.’
Fa gongwe go sa utlwaneng ga bana ba motho go bakwa ke go sa tshwaneng ga botho fela. Diane wa dingwaga tse 17 o ne a bua jaana ka bana ba ga mmaagwe: “Fa lo bonana letsatsi lengwe le lengwe, moso le maitseboa . . . Mme fa o bona motho a le mongwefela letsatsi le letsatsi a dira selo se se tshwanang seo se go kgopisang—seo se ka go tena eleruri.” Andre yo mmotlana o oketsa ka go re: “Fa o le kwa gae . . . , o itshwara kafa o leng ka teng tota.” Ka maswabi, ‘go itshwara kafa o leng ka teng tota’ gantsi go raya go sa dire dilo ka maitseo, ka bopelonomi, le ka botswerere.
Go ratwa ke batsadi go gaisa ba bangwe (‘Mmè o go rata go re gaisa!’) ke selo se se tlwaelesegileng thata sa go omana ga bana ba motho. Moporofesa wa thuto-tlhaloganyo ya motho ebong Lee Salk o dumalana jaana: “Ga go na ka tsela eo motsadi ope a ka ratang bana botlhe ba gagwe ka go tshwana tota ka gonne ke batho ba ba sa tshwaneng mme seo se dirang gore rona [batsadi] re palelwe ke go sa dirisane le bone ka mo go farologaneng.” Seno se ne se le boammaaruri ka metlha ya Bibela. Monna wa tumelo Jakobe (Iseraele) o ne a “rata Yosefe bogolo go bana botlhe ba gagwè.” (Genesise 37:3) Bomorwarraa Josefa ba ne ba simolola go mo fufegela fela thata.
Go Tima Molelo Pele ga o Kukela
“Molelō o tima ka go tlhōka dikgoñ.” Go bolela jalo Diane 26:20. Gantsi molelo o o jang naga o thibelwa ka gore go dirwe dithibela-molelo, seo eleng dikarolo tsa lefatshe tseo di kgaotsweng ditlhare. Fa molelo o simologa, gantsi o ya go fitlha foo fela o bo o tima. Ka go tshwana, go na le ditsela tsa go thibela—kana botoka go kokobetsa—diphapaano. Tsela e nngwe ke ka go buisana le go bona tsela ya go ineela pele ga go tsoga kgaruru.
Ka sekai, a bothata ke gore motho o tlhoka go nna le bosephiri? Fa go ntse jalo, leka go nna fa fatshe lo ba lo dira thulaganyo e e tlhomameng, kgang e ise e tsoge. (‘Ke tla bo ke dirisa kamore ya rona ka malatsi/dioura tseno, mme wena o tla e dirisa ka tseno.’) Go tswa foo “a go bua ga lona ha e le E, e nnè E; ha e le Nya, e nnè Nya.” (Mathaio 5:37) Fa go diragala sengwe seo se tlhokang gore dilo di fetolwe, bolelela motho yo mongwe go santse go na le nako, go na le go mo wela fela o mmolelela ka phetogo o sa mo itsese go le pele.
A kgang ya lona ke gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya go dirisa dilo dingwe? Mosha mongwe o ne a ngongorega jaana: “Ka metlha morwadiarre wa motsadi wa bobedi o dirisa dilo tsa me a sa nkopa. O kile a bo a dirisa ditlolo tsa me, mme go tswa foo a bo a nna le sebete sa go mpolelela gore ga ke a reka tse di tshwanetseng!” O ka bitsa batsadi ba gago go tla go fedisa kgang. Lefa go le jalo, se ebileng se le botoka ke gore o nne fa fatshe lo buisane le morwarrago kana morwadiarrago fa dilo di ile meriting. Go na le go ngongoregela “ditshwanelo” tsa botho, “itumèlèlè go abalana.” (1 Timotheo 6:18) Lekang go dumalana mo melaong mengwe e e mabapi le go adimana, mongwe wa eo eleng gore ka metlha o kope pele ga o tsaya. Leka go bona ditsela tsa go ineela fa go tlhokega. Ka tsela eno o tla bona ‘molelo o tima’ pele ga o kukela!
Mme go tweng fa botho jwa ngwana wa ga mmago bo go kgopisa fela thata? Tota, ga go na sepe se se kalo se o ka se dirang go fetola motho yo o ntseng jalo. Jalo ithute go ‘iphapaanya le yo mongwe ka lorato.’ (Baefesia 4:2) Go na le go tlotlomatsa diphoso tsa ngwana wa ga mmago le ditlhaelo, dirisa lorato lwa Bokeresete, lo lo ‘bipang bontsi jwa dibe.’ (1 Petere 4:8) Go na le go kgopisega kana go sa nneng pelonomi, latlha “bogale, le kgakalō, le kilō, le kgalō, le dipuō tsa botlhabisa ditlhoñ,” mme “a puō ea [gago] e nnè e ntlè ka metlha eotlhe.”—Bakolosa 3:8; 4:6.
‘Ke Ditshele!’
“Morwadiarre ene o neelwa sengwe le sengwe se a se batlang,” ga bua jalo mosha mongwe a hutsafetse. “Mme fa e le ka nna, ke tlhokomologiwa gotlhelele.” A o kile wa rialo? Mme elatlhoko mafoko a mabedi ano a a latolang, “sengwe le sengwe” le “gotlhelele.” A seemo se maswemaswe mo go kalo? Ga go lebege go ka nna jalo. Mme lefa e le gore go ntse jalo, a go a utlwala go lebelela gore batho ba babedi ba ba sa tshwaneng ba tshwarwe ka go tshwana ka botlalo? Legoka! Batsadi ba gago ba ka nna ba tswa ba dira jalo fela ka baka la kafa o ntseng ka teng le maikutlo a gago.
A mme ga se ditshele gore batsadi ba rate ngwana mongwe go gaisa ba bangwe? Eseng ka metlha. Gakologelwa kafa Jakobe a neng a rata morwa wa gagwe Josefa go gaisa ba bangwe ka teng. E ne e le ka baka lang? Josefa e ne e le morwa wa mosadi wa ga Jakobe yo a neng a mo rata thata ebong Ragele, yo o neng a tlhokafetse. A ga go tlhaloganyesege sentle go bo Jakobe a ne a ikutlwa a atamalane le morwa yono ka mo go kgethegileng? Lefa go ntse jalo, lefa Jakobe a ne a rata Josefa, o ne a seka a kgathologa barwa ba gagwe ba bangwe, ereka a ne a bontsha gore o amega ka bone fela thata le go bona gore a ba tshela sentle. (Genesise 37:13, 14) Ka gone go fufegela ga bone Josefa go ne go sa utlwale!
Ka go tshwana batsadi ba gago ba ka tswa ba rata mongwe wa bomorwarrago kana bomorwadiarrago, gongwe ka baka la dikgatlhego tsa bone tse di tshwanang, botho jo bo tshwanang kana ka baka la mabaka a mangwe. Seno ga se reye gore ga ba go rate. Fa o ikutlwa o tenega kana o fufega, lemoga gore pelo ya gago e e sa itekanelang e go fentse. Leka go fenya maikutlo a a ntseng jalo. Fa fela o bona tse o di tlhokang, ke ka ntlhayang fa o tshwenyega fa ngwana mongwe wa ga mmago a lebega a ratwa go feta ba bangwe?
Ke Lesego go nna le Bomorwarrago le Bomorwadiarrago
Ka dinako tse dingwe go ka nna bokete gore o dumele seno—segolo bogolo fa ba go kgopisa. Mme Diane yo mmotlana o re gakolola jaana: “Ke selo se se itumedisang go nna le bomorwarrago le bomorwadiarrago.” O na le ba le supa. “O a bo o na le mongwe yo o ka buisanang nae le go tlhakanela le ene dikgatlhego tsa gago.”
Anne Marie le kgaitsadie Andre ba oketsa jaana: “Lefa o ka etela mafelo a a rileng le ditsala tsa gago, ka metlha o a bo o na le bomorwarrago le bomorwadiarrago. Ka metlha ba bo ba le teng fa o batla go tshameka le bone motshameko mongwe kana go ya kwa parakeng le bone.” Donna o bona molemo o mongwe o o nang le mosola: “O a bo o na le motho yo o ka dirang ditiro tsa lelapa le ene.” Ba bangwe ba tlhalositse fa morwadiarraabone kana morwarraabone e le “mogakolodi le moreetsi yo o kgethegileng” le motho yo o “utlwisisang.”
Moragonyana mo botshelong, o tlile go nna le mangwe a one mathata ano le ba bangwe ao jaanong o nang le one le morwarrago le morwadiarrago. Lefufa, gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya go dirisa dilo dingwe, go sa tshwarweng ka go tshwana, go tlhoka bosephiri, bogagapa, go sa tshwaneng ga botho—mathata ano ke bontlhabongwe jwa botshelo. Go ithuta go dirisana le bomorwarrago le bomorwadiarrago ke thapiso e e molemo mo ntlheng ya dikamano tsa batho.
Andre wa dingwaga tse 17 o umaka mafoko a Bibela a a mo go 1 Yohane 4:20 fa a re: “Fa o sa kgone go dirisana sentle le batho ba o ba bonang, o ka kgona go dirisana sentle jang le Jehofa, yo o sa kakeng wa kgona go mmona?” Diphapaano gareng ga bomorwarrago le bomorwadiarrago di tla nna gone gangwe le gape. Mme o ka ithuta go tlhakanela dilo le ba bangwe, go buisana le ba bangwe, le go ineela. Phelelo ya boiteko jono e tla nna eng? O ka nna wa felela o dirile phetso ya gore go nna le morwarrago kana le morwadiarrago ga se selo se se maswe gotlhelele.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 6
◻ Ke ka ntlhayang fa gantsi bomorwarraamotho le bomorwadiarraagwe ba thulana?
◻ O ka thibela jang gore lo seka lwa lwela bosephiri le gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya go dirisa dilo dingwe?
◻ Ke ka ntlhayang fa ka dinako tse dingwe batsadi ba rata ngwana yo mongwe go gaisa ba bangwe? A o ikutlwa gore seno ke fela gore ba bo ba le ditshele?
◻ A ke go tlhoka lesego go nna ngwana yo o esi?
◻ Melemo mengwe ya go nna le bomorwarrago le bomorwadiarrago ke efe?
[Mafoko a a mo go tsebe 52]
“Ga go ka tsela eo motsadi ope a ka ratang bana botlhe ba gagwe ka go tshwana tota ka gonne ke batho ba ba sa tshwaneng.”—Moporofesa wa thuto-tlhaloganyo ya motho Lee Salk
[Lebokoso mo go tsebe 54]
‘Ke Ngwana yo o Esi’
Fa e le gore o mo seemong seno, ga se gore ga o na lesego. Ntlha ke gore, lemororo basha ba bangwe ba ka tswa ba na le bothata jwa go dirisana sentle le bana ba bangwe mo lelapeng, wena o ka ikgethela tsala nngwe e e gaufi thata (legale, e le eo e ratwang ke batsadi ba gago). Ebile o ka nna wa bo o na le nako e e oketsegileng ya go ithuta, go tlhatlhanya, kana go godisa dikgono dingwe kana botswerere.—Bona Kgaolo 14 e e buang kaga go jewa ke bodutu.
Thomas yo mmotlana o lemotsha mosola o mongwe fa a re: “Ka go bo ke le ngwana yo o esi ke ne ke kgona go bona lorato lwa batsadi ba me ka dinako tsotlhe.” Ke boammaaruri, go ratwa ke batsadi mo go feteletseng go ka dira gore mosha e nne motho yo o ithatang thata. Mme fa batsadi ba bontsha tekatekanyo mo go lo bontsheng, go ratwa ke batsadi go ka go thusa go gola mo tlhaloganyong ka bofefo le gore o ikutlwe o phuthologile fa o na le batho ba ba godileng.
Lefa go ntse jalo, ereka o sena bomorwarrago le bomorwadiarrago bao o ka tlhakanelang dilo nabo, o mo kotsing ya go nna bogagapa. Jesu o ne a gakolola jaana: “Naeañ.” (Luke 6:38) Leka go abalana dilo le ditsala le balosika. Tlhagolela go lemoga seo ba bangwe ba se tlhokang, o thusa fa go kgonega. Batho ba tla arabela bopelontle jo bo ntseng jalo. Mme o ka fitlhela gore lemororo o le ngwana yo o esi, ga o jewe ke bodutu lefa e le go le gonnye.
[Setshwantsho mo go tsebe 53]
Gantsi ke eletsa ekete ke ka bo ke na le morwadiarre; lefa go le jalo go ntsholegela molemo ka tsela nngwe