LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 7 ts. 56-63
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Setse o le mo Seemong sa go ka Itaola?
  • ‘Ga ke Utlwane le Batsadi ba Me!’
  • Maitsholo a Mantle le Maikutlo
  • Ke ka Kgona go Gola Jang fa ke sa Tlogela Legae?
  • Boitumelo jwa Tsietso
  • Go Itšhebatšhebela mo go tsa Itsholelo
  • Ithute Pele ga o Tsamaya
  • Ke Eng fa Bana ka Bontsi Jaana ba Ngwega mo Gae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A ke setse ke siametse go tswa mo gae?
    Tsogang!—2010
  • Tsela ya go Nonotsha Dibofo tsa Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwanetse go Ikobela Batsadi ba Me?
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 7 ts. 56-63

Kgaolo 7

A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae?

“Mmè le Rre:

“Ke bone gore ke tsamaye. Jaaka ke kile ka bolela pelenyana, ga se gore ke dira seno go lo kgopisa kana go lo ipusolosetsa ka tsela nngwe. Ga ke kgone go itumelela go nna ke hupeditswe jaaka lo batla ke nna. Gongwe le gone ga ke kitla ke itumela ka tsela eno, mme ke ne ke batla fela go iponela.”

LEKWALO la mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 17 lo a neng a lo kwalela batsadi ba gagwe a ba sadisa sentle lo ne lwa simolola jalo. Ka sekai, kwa Federal Republic of Germany, mosetsanyana mongwe le mongwe mo go ba le bararo le mosimane mongwe le mongwe mo go ba le bane ba ba dingwaga tse di magareng a 15 le 24 jaanong ga ba nne mo magaeng a bone. Gongwe o kile wa akanya kaga go tlogela legae.

Modimo o ne wa bonela pele gore keletso ya go batla go nyala/nyalwa e ne e tla dira gore motho a ‘tlogele rraagwe le mmaagwe.’ (Genesise 2:23, 24) Mme go na le mabaka a mangwe gape a a utlwalang a go batla go tsamaya, a a tshwanang le a fa motho a batla go atolosa tirelo ya gagwe go Modimo. (Mareko 10:29, 30) Lefa go ntse jalo, ka basha ba le bantsi, go tswa mo gae ke tsela fela ya go batla go kgaogana le seemo seo ba ikutlwang gore ga ba kake ba kgona go se itshokela. Lekawana lengwe le ne la bua jaana: “Ke fela gore o a bo o batla go itaola go sekae. Ga o sa tlhola o kgotsofadiwa ke go nna kwa gae le batsadi ba gago. Lo tlhola lo omanetse ruri, mme ebile ga ba tlhaloganye ditlhokafalo tsa gago. Mo godimo ga moo, o ikutlwa o thibelwa go dira dilo tse dintsi, ka metlha o tshwanela go tlhalosetsa batsadi ba gago kgato nngwe le nngwe e o e tsayang.”

A o Setse o le mo Seemong sa go ka Itaola?

A mme lebaka la go bo o eletsa go itaola le raya gore o setse o le mo seemong sa go dira jalo? Ntlha ke gore, go ikemela ka nosi go ka nna ga seka ga nna motlhofo jaaka o akanya. Gantsi ditiro ga di bonale motlhofo. Dituelo tsa matlo di ile kwa godimo. Mme basha bao ba iphitlhelang ba le mo mathateng a tsa itsholelo gantsi ba patelesega go dira eng? Bakwadi ba buka ya Pulling Up Roots ba re: “Ba boela gae ba bo ba lebelela gore batsadi ba bone ba boe gape ba rwale morwalo wa go ba tlamela.”

Mme go tweng ka kgolo ya gago ya mogopolo, ya maikutlo, le ya semoya? O ka nna wa iphora ka go ithaya o re o mogolo, mme batsadi ba gago ba ka tswa ba santse ba bona “dilō tsa bonyana” mo go wena. (1 Bakorintha 13:11) Mme tota, a batsadi ba gago ga ba mo seemong se se botoka sa go atlhola selekanyo sa kgololesego eo o setseng o le mo seemong sa go nna nayo? Go dira kgatlhanong le kafa ba atlhotseng dilo ka gone le go dira ka bogagago fela go ka lere matlhotlhapelo!—Diane 1:8.

‘Ga ke Utlwane le Batsadi ba Me!’

A go ntse jalo ka wena? Fa e le gore go ntse jalo, leno ga se lebaka la gore o simolole go phutha dikgetsi tsa gago. Jaaka mosha, o santse o tlhoka batsadi ba gago mme ebile o ka nna wa solegelwa molemo ke temogo ya bone le botlhale mo dingwageng tse dintsi tse di tlang. (Diane 23:22) A o tshwanetse go kgaogana le bone mo botshelong fela ka gonne o se kile wa utlwana le bone fa o ne o dirisana le bone?

Mojeremane mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Karsten yo o neng a tlogela legae a ya go dira tiro ya bodihedi jwa nako e e tletseng o e baya ka tsela eno: “Le ka motlha o seka wa tswa mo gae fela ka gonne o sa kgone go utlwana le batsadi ba gago. Fa o sa kgone go utlwana le bone, tota o ka kgona jang go utlwana le batho ba bangwe? Go tswa mo gae ga go kitla go rarabolola bothata jwa gago. Phapaanong le seo, go tla supa fela gore ga o ise o gole mo tlhaloganyong go ka ikemela ka bowena, mme gape go tla go katologanya fela thata le batsadi ba gago.”

Maitsholo a Mantle le Maikutlo

Gape gantsi basha ba tlodisa matlho dikotsi tsa boitsholo tseo di kopanyelediwang fa motho a tswa mo gae pele ga nako. Mo go Luke 15:11-32, Jesu o bolela ka lekawana lengwe leo le neng le batla go itaola mme la itsamaela ka bolone. Ka go bo a ne a sa tlhole a le kafa tlase ga tlhotlheletso e e molemo ya batsadi ba gagwe, o ne a simolola go tshela “mo ditlhapeloñ tsa bohahalele,” a ineela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo. O ne a senya madi a gagwe ka botlhaswa mo nakong e khutshwane fela. Go ne go le thata go bona tiro mo a bileng a dira tiro eo Bajuda ba neng ba e nyatsa—eleng ya go tlhokomela dikolobe. Lefa go ntse jalo, morwa yono yo go tweng ke wa sesenyi, kana yo o botlhaswa, o ne a itharabologelwa. Ka go ikisa kwa tlase, o ne a boela kwa gae mme a ya go kopa rraagwe gore a mo itshwarele.

Lemororo setshwantsho seno se ne sa bolelwa go tlotlomadiwa boutlwelo botlhoko jwa Modimo, gape se tshotse thuto eno e e nang le mosola fela thata: Eleng ya gore go tlogela legae ka maikutlo a a sa siamang go ka go gobatsa mo boitsholong le mo semoyeng! Ka mo go utlwisang botlhoko, basha bangwe ba Bakeresete bao ba tsayang tsela ya go itaola ba ile ba senyegelwa ke bomoya jwa bone. Ka go bo ba ne ba sa kgone go emelelana le mathata a tsa madi, bangwe ba feletse ba dirisana ka tsa madi le basha ba bangwe bao botshelo jwa bone bo thulanang le melao-metheo ya Bibela.—1 Bakorintha 15:33.

Mosha mongwe wa Mojeremane yo o bidiwang Horst o gakologelwa mosha mongwe wa molekane wa gagwe yo o neng a tlogela legae: “Lemororo a ne a sa nyala, o ne a simolola go nna le mosetsana yo a neng a ratana nae. Ba ne ba nna le mekete eo mo go yone mongwe le mongwe a neng a inwela bojalwa fela ka tshosologo, mme gantsi o ne a felela a tagilwe. Fa a ne a santse a ka bo a le kwa gae, batsadi ba gagwe ba ka bo ba se kile ba letlelela sepe sa dilo tseo.” Horst o ne a digela jaana: “Go boammaaruri gore, fa fela o tswa kwa gae o nna le kgololesego e e oketsegileng. Mme go bua boammaaruri tota, a ga se gantsi o e dirisang jaaka sebaka sa go dira dilo tse di bosula.”

Jalo fa o eletsa thata go gololesega ka mo go oketsegileng, ipotse jaana: Tota ke ka ntlhayang fa ke batla kgololesego e kgolwane? A ke batla jalo gore ke tle ke nne le dilo tse di bonalang tse dintsi kana lefaso la go dira dilo ka ditsela tseo batsadi ba me ba neng ba ka nkiletsa go di dira ka tsone fa ke ne ke nna kwa gae? Gakologelwa seo Bibela e se bolelang mo go Yeremia 17:9: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ?”

Ke ka Kgona go Gola Jang fa ke sa Tlogela Legae?

Buka ya Adolescence e lemotsha jaana: “Go tlogela balelapa la gago ga go tiisetse gore go tla go dira [mogolo] ka katlego. Le gone go nna kwa gae ga go kae gore o tla seke o kgone go gola.” Eleruri, go gola go raya mo go fetang fela go nna le madi a gago, tiro, le ntlo. Ntlha ke gore, motho o kgona botshelo ka go lebana le mathata sentle. Motho ga a fitlhelele sepe ka go tshabela maemo ao a sa rategeng. “Go molemō mo monneñ go rwala yokwe mo bokauñ yoa gagwè,” go bolela jalo Dikhutsahalō 3:27.

Ka sekai, tsaya batsadi ba ba leng thata go dirisana nabo kana ba ba gagamaditseng melao. Mac, yo jaanong a nang le dingwaga tse 47, o ne a na le rraagwe yo o neng a mo kgobelela ka ditiro tsa mogae morago ga sekolo. Ka nako ya malatsi a boikhutso a selemo, fa basha bangwe ba ne ba tshameka, Mac o ne a tshwanela go bereka. “Ke ne ke akanya gore e ne e le monna yo o setlhogo mo lefatsheng lotlhe ka go bo a ne a re itsa go tshameka le go ipela,” go bolela jalo Mac. “Gantsi ke ne ke akanya ke re, ‘Ekete nka kgona go tswa fano mme ka nna le bonno jwa me!’” Lefa go ntse jalo, jaanong Mac o na le pono e e farologaneng ka kgang eo: “Seo Rre a se ntiretseng se segolo eleruri. O ile a nthuta go dira tiro ya bonatla le go itshokela bothata. Fa esale ka nako eo ke ile ka tshwanelwa ke go thulana le mathata a a masisi, mme ke itse gore nka dirisana sentle jang le one.”

Boitumelo jwa Tsietso

Lefa go ntse jalo, go bo fela o nna kwa gae ga go tiisetse gore o tla gola mo tlhaloganyong. Mosha mongwe o bolela jaana: “Go nna kwa gae le batsadi ba me go ne go tshwana le boitumelo jwa tsietso fela. Ba ne ba ntirela sengwe le sengwe.” Sengwe sa dilo tse o tshwanetseng go se dira fa o gola ke go ithuta go itirela dilo ka bowena. Go a dumelesega gore, go ya go latlha matlakala kana go tlhatswa diaparo ga se selo se se jesang monate jaaka go letsa dingwe tsa direkoto tsa dipina dingwe tse o di ratang. Mme go ka felela jang fa o seke o ithuta kafa o ka dirang dilo tseno ka teng? O ka nna mogolo yo o senang mosola, o ikaegile ka botlalo ka batsadi ba gago kana ba bangwe.

A (ekane o le lekawana kana lekgarebe) o ipaakanyetsa gore kgabagare o itaole ka go ithuta go apaya, go phepafatsa, go gatisa diaparo, kana go baakanya dilo dingwe mo ntlong kana mo koloing?

Go Itšhebatšhebela mo go tsa Itsholelo

Gantsi basha ba mafatshe a a humileng ba tsaya madi jaaka selo se se itlelang motlhofo fela mme ebile e le se ba ka se dirisang ka botlhaswa fela. Fa ba na le tiro eo ba berekang sephatlo sa letsatsi fela, gantsi ba na le go senya madi a bone mo disetereong le diaparo tsa maemo a a kwa godimo. Lefa go le jalo, abo basha bao ba tla thanya lo le tsebeng jang ne fa ba ya go nna ba le bosi! Horst (yo o umakilweng pelenyana) o gakologelwa jaana: “Fa kgwedi e ne e fela [fa ke ne ke nna ke le nosi] sekgwama sa me sa madi le kobotlo ya me di ne di sena sepe.”

Ke ka ntlhayang fa o sa ithute kafa o ka dirisang madi a gago ka gone fa o santse o nna kwa gae? Batsadi ba gago ba na le boitemogelo jwa dingwaga tse dintsi ba dira seno mme ebile ba ka go thusa go tila mamena a le mantsi. Buka ya Pulling Up Roots e akantsha gore o ba botse dipotso tse di tshwanang le: ‘Ke bokae go duelela motlakase kgwedi le kgwedi? Molelo? Metsi? Thelefouno? Re duela makgetho bokae? Re duelela ntlo bokae?’ O ka nna wa gakgamadiwa fela thata ke go itse gore basha ba ba berekang gantsi ba na le madi a mantsi ao ba a dirisang tsatsi le letsatsi go gaisa batsadi ba bone! Jalo fa e le gore o a bereka, ithaopele go ntsha meneelo ya selekanyo se se rileng go thusa mo go tsamaiseng dilo tsa mo lelapeng.

Ithute Pele ga o Tsamaya

Nnyaa, ga o tlhoke go tswa mo gae gore o tle o gole. Mme o tshwanetse go dira ka natla fa o santse o le koo go godisa go kgona go atlhola dilo sentle le go dira dilo ka tekatekano. Gape, ithute kafa o ka dirisanang le ba bangwe ka gone. Itshupe gore o ka kgona go amogela lonyatso, gore o paletswe le go swabisiwa. Tlhagolela ‘bopelonomi, molemo, bopelonolo, le boikgapo.’ (Bagalatia 5:22, 23) Mekgwa eno ke matshwao a boammaaruri a monna le mosadi wa Mokeresete yo o godileng.

Ka nako e khutshwane fela, maemo a a tshwanang le lenyalo, a ka nna a dira gore o tswe mo legaeng la batsadi ba gago. Mme fa go ise go diragale, ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go potlakela go tlogela legae? Buisana ka gone le batsadi ba gago. Ba ka nna ba itumelela gore o nne le bone, segolo bogolo fa o thusa fela thata mo katlegong ya lelapa. Ka thuso ya bone, o ka kgona go tswelela o gola, o ithuta, le go dira dilo ka tsela ya segolo gone mo lelapeng moo.

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 7

◻ Ke ka ntlhayang fa basha ba le bantsi ba tlhoafaletse go tswa mo gae?

◻ Ke ka ntlhayang fa bontsi jwa basha ba ise ba nne mo seemong sa go tsaya kgato eno?

◻ Dikotsi dingwe tsa go tswa mo gae pele ga nako ke dife?

◻ Mangwe a mathata ao bana ba ba ngwegileng mo gae ba thulanang nao ke afe?

◻ Go ka kgonega jang gore o gole fa o santse o le kwa gae?

[Mafoko a a mo go tsebe 57]

“Le ka motlha o seka wa tswa mo gae fela ka gonne o sa kgone go utlwana le batsadi ba gago . . . tota o ka kgona jang go utlwana le batho ba bangwe?”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 60, 61]

A go Ngwega ke Yone Tharabololo?

Ngwaga le ngwaga basha ba ba fetang milione ba ngwega mo gae. Ba bangwe ba tshaba maemo ao ba sa kakeng ba a itshokela—a a tshwanang le a go itewa le go dirisediwa tlhakanelo-dikobo eseng ka tshwanelo. Mme gantsi ba nna le mogopolo wa go ngwega, fa ba ngangisana le batsadi ba bone ka dikgang tse di tshwanang le gore ba tle ka nako mang mo gae, kafa ba dirileng ka gone mo ditlhatlhobong tsa kwa sekolong, ditiro tsa mo lelapeng, le ditsala tseo ba di kgethang.

Gongwe pono ya batsadi ba gago le tsela eo ba akanyang ka yone ka dilo dingwe ga di dumalane le ya gago gotlhelele. Mme a o kile wa akanyetsa lebaka la gore batsadi ba gago ba na le boikarabelo fa pele ga Modimo jwa go go godisetsa “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna”? (Baefesia 6:4) Jalo gongwe ba ka nna ba gatelela gore o tsamaye le bone fa ba ya dipokanong le ditiro tsa bodumedi kana ba bo ba go kganela go tsalana le basha ba bangwe. (1 Bakorintha 15:33) A leo ke lebaka la gore o ba tsuologele kana o ngwege? Le wena o na le boikarabelo fa pele ga Modimo: “Tlotla rrago le mmago.”—Baefesia 6:1-3.

Mo godimo ga moo, go ngwega ga go rarabolole sepe. “Go ngwega go go tsosetsa mathata a a oketsegileng fela,” Amy o gakologelwa jalo, yo o neng a ngwega fa a ne a na le dingwaga tse 14. Margaret O. Hyde o bolela jaana mo bukeng ya gagwe My Friend Wants to Run Away: “Tota ke bana ba sekae fela bao ba ngwegileng ba ba bonang ditiro ba bo ba kgone go itshedisa. Mme, ka bontsi jwa bone, botshelo bo nna jo bo maswe go gaisa jaaka bo ne bo ntse pele ga ba tswa kwa gae.” Gape makasine wa ’Teen o lemotsha jaana: “Basha ga ba bone kgololesego mo mebileng. Go na le moo, ba fitlhela bana ba bangwe ba ba ngwegileng kana ba ba lelekilweng—jaaka bone—bao ba nnang mo dikagong tse di senang ope, koo ba sa sireletsegang ka gope mo babeteleding kana bathukuthi. Gape ba kopana le batho ba le bantsi bao ba nang le mokgwa o o maswe wa go senya batho ba basha, mme basha ba ba ngwegileng kwa gae ke more o o oleng ka dikala mo go bone.”

Fa Amy a ne a ngwegile kwa gae o ne a “tsalana” le monna mongwe wa dingwaga tse 22, yo o neng a dira gore Amy a duelele go nna le ene “ka go tlhakanela dikobo le ene le ditsala tsa gagwe tse di robang bongwe.” Gape o ne a “tagwa a bo a dirisa diokobatsi tse dintsi.” Mosetsana yo mongwe, yo o bidiwang Sandi, o ne a betelelwa ke rraagwemogolo mme a bo a ngwega mo gae. O ne a nna seaka a nna mo mebileng mme a robala mo ditilong tsa mo diparakeng kana gongwe fela koo a neng a ka kgona go robala gone. Bana ba le bantsi ba ba ngwegileng ba dira fela jalo.

Bontsi jwa bana ba ba ngwegang mo gae ga ba na dikgono tse di kalo tseo ba ka di dirisang go bona tuelo. Le gone gantsi ga ba na lefa e le ditlankana dipe tse di tlhokegang go ka hirwa tse di tshwanang le: setlankana sa matsalo, lekwalo-itshupo, aterese ya kwa gae. “Ke ne ka tshwanela go utswa, go nna mokopi,” go bolela jalo Luis, “mme segolo bogolo go utswa ka gore ga go ko go nna le ope yo o go nayang sepe.” Bana ba ba ngwegang mo gae ba ka nna 60 lekgolong ke basetsana, bontsi jwa bao ba itlamelang ka go nna diaka. Batho ba ba rekisang ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelo-dikobo, barekisi ba diokobatsi, le banna ba ba akahalang le diaka gantsi ba tla fa maemelong a dibese ba batla bana ba ba ngwegileng kwa gae gore ba ba dirise ka mo go sa tshwanelang. Ba ka nna ba naya bana bao ba ba tshabang lefelo la borobalo le dijo tseo ba ka di jang. Ebile ba ka nna ba ba naya seo ba neng ba se tlhoka kwa gae—eleng boikutlo jwa gore ba a ratiwa.

Lefa go le jalo, morago ga nako, “bathusi” bano ba batla gore ba duelwe. Mme seo se ka raya gore ba ba direle jaaka diaka, ba tsenelele mo tlhakanelong dikobo e e sokameng, kana ba itseye ditshwantsho tseo di tsosang keletso ya tlhakanelo-dikobo. Ga go gakgamatse go bo bana ba le bantsi ba ba ngwegileng kwa gae ba felela ka dikgobalo tse di masisi—kana le eleng loso!

Jalo he go mosola thata go tsenya marapo mo dinameng—mme seo se raya go feta gangwefela—go buisana le batsadi ba gago. Ba bolelele kafa o ikutlwang ka gone le seo se diragalang. (Bona Dikgaolo 2 le 3.) Fa o itewa kana o dirisediwa tlhakanelo-dikobo eo e sa tshwanelang, go ka tlhokega gore o batle thuso mo bathong ba sele.

Ekane kgang e le efe fela, bua, o seka wa ngwega. Le eleng fa botshelo kwa gae bo sa siama, gakologelwa gore dilo di ka nna maswe le eleng go feta fa o ngwegile.

[Ditshwantsho mo go tsebe 59]

Kitso ya ditiro tsa mogae e motho a ka e tlhokang fa a setse a nna a le nosi e ka ithutiwa mogae

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela