LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 1/8 ts. 25-26
  • Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwanetse go Ikobela Batsadi ba Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwanetse go Ikobela Batsadi ba Me?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo ba Tsuologa
  • Lebaka La go Bo go Tsuologa e le Boeleele
  • Tlhwatlhwa e Kgolo ya “Kgololesego“
  • Ke Eng O Sa Tshwanela go Tshela Botshelo jwa Boitimokanyi?
    Tsogang!—1994
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi ba Me Ba Sa Ntlhaloganye?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go ‘Tlotla Rre le Mmè’?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Ka Dira Jang Gore Batsadi ba Me Ba Nneye Kgololesego e Kgolwane?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 1/8 ts. 25-26

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwanetse go Ikobela Batsadi ba Me?

STAN o ne a godisitswe ke batsadi ba ba boifang Modimo. Mme lefa go ntse jalo, o ne a tsuologa fa a na le dingwaga tse 16. Stan o tlhalosa jaana: “Ke ne ke batla go itsane le batho le gore ba nkamogele. Ke ne ke batla go nna le dilo tsotlhe tse batho ba bangwe ba nang le tsone.“ Stan o ne a gopola gore a ka fitlhelela mekgele eno ka go reka le go rekisa diokobatsi. Jaaka fa go ka solofelwa, o ne a tshwanelwa ke go aka fa a tswa mo gae le fa a boa le ka madi a a neng a a tlisa mo lapeng. “Segakolodi sa me se ne se sule,“ Stan o gakologelwa jalo.

John o ne a kolobediwa jaaka Mokeresete fa a ne a na le dingwaga tse 11. “Mme boammaaruri bo ne bo se mo pelong ya me tota,“ o bolela jalo a dumela. “Ke ne ka dira jalo ka gore ba lelapa la me ba ne ba solofetse gore ke dire jalo. Fa ke ne ke simolola go tsena sekolo se segolo, ke ne ka simolola go sa laolesege. Mmino wa roko o ne wa nna le tlhotlheletso e e bosula mo go nna. Ke ne ka tsenelela mo motshamekong wa go pagama makhubu a lewatle mme gape ke ne ka simolola go senya nako e ntsi kwa lotshitshing la lewatle ke na le basha ba ba sa kaelweng ke melaometheo ya Baebele. Go ne go na le diokobatsi tse dintsi koo.“ Go ise go ye kgakala o ne a fuduga mo legaeng la batsadi ba gagwe mme a tshela botshelo jo bo kgatlhanong le sengwe le sengwe se a neng a se rutilwe.

Lebaka La go Bo ba Tsuologa

Go tlwaelegile gore basha ba lekeletse gore ba ka kgona go dira dilo dife le go batla go gololesega ka selekanyo se se rileng. Mme boitshwaro jwa botsuolodi, go feteletsa dilo le go ikgobatsa ke sengwe se se farologaneng gotlhelele. Ke eng se se bo kgotletsang? Mabaka a mantsi e bile a farologane. John o tlhalosa jaana: “Fa o le mosha, o batla go ja monate. O batla go itumela.“ Lefa go ntse jalo, basha ga ba kgone go dira ditshwetso tse di botlhale ka metlha ka gore ga ba na maitemogelo mo botshelong. (Bahebere 5:14) Ka jalo, batsadi ba ba botlhale ba beela bana ba bone melelwane e e siameng—dithibelo tse basha ba bangwe ba di ilang thata.

Se se swabisang ke gore basha ba bangwe e bile ba latlhile thuto e ba e filweng ke batsadi ba bone ba ba boifang Modimo. (Baefeso 6:14) Jesu o ne a bolela gore Bokeresete e ne e tla nna tsela e “tshesane“ le e e ʼpitlaganengʼ ya botshelo. (Mathaio 7:13, 14) Ka jalo, gantsi basha ba Bakeresete ga ba kake ba dira dilo tse balekane ba bone ba sekolo ba di dirang. Ba bantsi ba amogela melelwane e ba e beetsweng, ba dumela gore melao ya Modimo ga e tlhokofatse. (1 Johane 5:3) Eleruri, melao e e sireletsa basha mo mathateng a a tshwanang le go ima kwantle ga lenyalo, go dirisa diokobatsi ka mo go sa tshwanelang le malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. (1 Bakorinthe 6:9, 10) Mme basha ba bangwe ba gana go tsaya dilo ka tsela e e ntseng jalo; ba tsaya gore melao

ya Baebele e a ba pitlaganya mo botshelong jwa bone.

Letlhoo le ka nna legolo segolobogolo fa mosha a tsaya gore batsadi ba gagwe ba gagametse mo go feteletseng fa go tla mo dikgannyeng tse di tshwanang le kwatlhao, go itshidila mmele le boitlosobodutu. “Ke akanya gore batsadi ba me ba re gagamaleditse thata,“ go bua jalo mosetsanyana mongwe ka kutlobotlhoko. Go boammaaruri gore go ka swabisa fa o sa letlelelwe go dira dilo tse batsadi ba bangwe ba Bakeresete ba di letlelelang. (Bakolosa 3:21) Bashaba bangwe basupago swaba ga bone ka go sa ikobe.

Mo ntlheng e nngwe, basha ba bangwe ba ka tswa mo tseleng ka go bo batsadi ba bone ba sa tlotle melaometheo ya bomodimo gotlhelele. “Rre o ne a tshwakgotswe ke bojalwa,“ go gakologelwa jalo John. “Ene le Mmè ba ne ba tlhola ba omana ka gore o ne a nwa thata. Re ne ra fuduga makgetlho a le mmalwa gore re tswe fa go ene.“ Batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa le batho ba bangwe ba ba tshwakgogileng ga ba kake ba kgona go tlamela bana ba bone ka dilo tsotlhe tse ba di tlhokang. Mo magaeng a a ntseng jalo, mosha a ka iphitlhela a lebane le go buisiwa mafoko a a seng monate le go sotliwa letsatsi le letsatsi.

Basha ba bangwe ba tsuologa ka lebaka la gore batsadi ba bone, totatota, ba a ba latlha kgotsa ba a ba tlhokomologa. Go tsuologa go ka lebega e le tsela ya go gapa tlhokomelo ya batsadi ba bone

—kgotsa ya go ba utlwisa botlhoko. “Go simolola bogologolo, batsadi ba me ba ne ba se ka ba nna teng,“ go bolela jalo Taylor, mosetsanyana yo o tswang mo lelapeng le le humileng. “E ne e le nna ngwana fela, mme ka gore batsadi ba me ba ne ba seo nako e ntsi, è ba ne ba ntlogelela madi a mantsi.“’ Ka go tlhoka kaelo, Taylor o ne a simolola go ya maitisong a bosigo le go tagwa. Batsadi ba gagwe ba ne ba le moga gore o ne a na le bothata fa a sena go tshwarelwa go kgweetsa a tagilwe.

Mo godimo ga moo, go na le boemo jo moaposetoloi Paulo a bo umakileng fa a ne a botsa setlhopha sa Bakeresete jaana: “Lo kile lwa nna lwa siana sentle; e mang yo o lo kgoreleditseng gore lo se utlwe boammaaruri?“ (Bagalatia 5:7) Gantsi bothata ke go ikopanya le ba ba bosula. (1 Bakorinthe 15:33) “Ke ne ka dirisana le ditsala tse di bosula,“ go bolela jalo mosha mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome yo o bidiwang Elizabeth. O bolela a dumela gore ka lebaka la kgatelelo ya balekane o ne a “simolola go goga le go sa dirise diokobatsi kafa tshwanelong.“ O oketsa ka go bolela jaana: “Re ne re dira boaka letsatsi le letsatsi.“

Lebaka La go Bo go Tsuologa e le Boeleele

Gongwe le wena o iphitlhela o le mo seemong se se lebegang se utlwisa botlhoko—kgotsa e bile se gatelela. O ka tswa o raelesega gore o nyatse batsadi ba gago o bo o dira se o se batlang. Mme monna yo o siameng Jobe o ne a tlhagisa jaana, “ela tlhoko gore bogale bo se ka jwa go gogela mo [ditirong] tse di supang letlhoo. O itise gore o se ka wa dira sepe se se utlwisang botlhoko.“—Jobe 36:18-21, NW

Go nna pelotlhoi le go nna seganana go ka nna ga dira gore batsadi ba gago ba itshware ka tsela nngwe, mme ga se gantsi e tla jesang monate. Ba ka nna ba go beela melelwane e e oketsegileng. Mo godimo ga moo, boitshwaro jo bo utlwisang botlhoko bo tla dira gore batsadi ba gago ba hutsafale. (Diane 10:1) A seo ke go supa lorato? A seo se tla tokafatsa boemo jwa gago? Tsela e e botlhale go gaisa eo ke go buisana le bone fa o tsaya gore o na le dingongorego tse di utlwalang.a Ba ka nna ba rata go fetola tsela e ba go tshwarang ka yone.

Kgang e nngwe e e tshwanetseng go akanyediwa ke kafa ditiro tsa gago di ka amang Modimo ka teng. ʼA di ka ama Modimo?ʼ o ka nna wa botsa jalo. Ee, ka gore go tsuologela batsadi ba gago go tshwana le go tsuologela Modimo ka boone, jaaka e le ene a go laelang gore o tlotle batsadi ba gago. (Baefeso 6:2) Go tlhoka kutlo mo go ntseng jalo go dira gore Modimo a ikutlwe jang? Baebele e bolela jaana malebana le morafe wa Iseraele: “Ba ne ba o tsuololela gantsintsi jang mo nageng.“ Go ne ga felela jang? “Ba o hutsafatsa [Modimo]!“ (Pesalema 78:40) Ke boammaaruri gore batsadi ba gago ba ka tswa ba go hutsafaditse, o tsaya gore ba gagametse thata. A mme tota o batla go hutsafatsa pelo ya ga Jehofa Modimo—yo o go ratang e bile a batla gore o tshelele ruri?—Johane 17:3; 1 Timotheo 2:4.

Tlhwatlhwa e Kgolo ya “Kgololesego“

Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a go reetsa Rraarona yo o lorato wa selegodimo. O se ka wa tsiediwa ke ditsholofetso tsa maaka tsa “kgololesego.“ (Bapisa 2 Petere 2:19.) Go ka tswa go lebega e kete basha ba bangwe ga ba otlhaelwe go sa itshole sentle. Mme mopesalema o ne a tlhagisa jaana: “O se ka wa itshwenya ka ga badirabosula; le gone o se ka wa nna pelotshetlha ka ga ba ba dirang tshiamololo gonne ba tlaa akofa ba segwa jaaka bojang, ba tlaa swaba jaaka morogo o motala.“ (Pesalema 37:1, 2) Gantsi basha ba ba tsuologang ba duela tlhwatlhwa e kgolo ya se ba se bitsang kgololesego. Baebele e bolela jaana mo go Bagalatia 6:7: “Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang ke sone se o tla se robang.“

Akanya ka Stan, yo o umakilweng kwa tshimoIogong. Fela jaaka a ne a solofetse, o ne a ratwa ke ditsala tsa gagwe tse di se nang maitsholo a a siameng. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka ikutlwa ke amogetswe.“ Lefa go ntse jalo, dilo di ne tsa simolola go senyega. O bolela jaana: “Ke ne ka hulwa, ka tshwarwa mme jaanong ke ya kgolegelong. Se ke se ipotsang fela ke gore, ʼA go ntsholegetse molemo?1“

Go tweng ka “kgololesego“ e e neng e batliwa ke John? Fa a sena go tshwarelwa go tshola diokobatsi, o ne a kobiwa mo phuthegong ya Bokeresete. Go tswa foo o ne a nwela le go feta mo boitshwarong jo bo sa siamang. John o ipolela jaana: “Ke ne ke utswa dikoloi gore ke bone madi. Ke ne ke rata ntwa thata.“ John o ne a dira madi a mantsi mo ditirong tsa gagwe tsa bonokwane. Mme o gakologelwa jaana: “Ke ne ka a senya otlhe. Diokobatsi tse re neng re di dirisa di ne di le dintsi fela thata.“ Fa John a ne a sa lwe, a sa utswe, a sa tagwe, o ne a tshaba mapodise. “Ke tshwerwe makgetlho a ka nna 50. Gantsi ba ne ba sa kgone go ntshekisetsa molato o ke o pegilweng mme ka nako nngwe ke ne ka nna ngwaga otlhe mo kgolegelong.“ Ee, go na le gore a gololesege, John o ne a iphitlhela a nwetse mo “dilong tse di boteng tsa ga Satane.“—Tshenolo 2:24.

Go ka buiwa se se tshwanang kaga Elizabeth. Go dirisana ga gagwe thata le ditsala tsa lefatshe go feletse go mo tsentse mo kgolegelong. O ipolela jaana: “Ke ne ka ima—mme losea loo lo ne lwa swa ka go bo ke ne ke dirisa diokobatsi. Diokoba tsi e ne e le botshelo jwa me—go ne go lebega ke tshelela go nna mo sediding fela. Kwa bofelong ke ne ka ntshiwa mo foleteng e ke neng ke nna mo go yone. Ke ne nka se ye gae, e bile ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso mo go Jehofa.“

Go ka fiwa dikai tse dintsi tsa basha ba ba ganneng melaometheo ya bomodimo mme ba felela ba sotlega ka ntlha ya matswela a teng a a kotsi. Baebele e tlhagisa jaana: “E o akanyang gore ke tsela e e siameng e ka isa losong.“ (Diane 14:12, Todayʼs English Version) Selo se se botlhale go se dira ke go dirisana le batsadi ba gago. le buisane —go na le go ba tsuologela—ka ntlha ya melelwane epe e o tsayang gore e gagametse thata.

Go tweng he, ka basha ba tshedimosetso eno e tlileng morago thata mo go bone, basha ba ba iphitlhelang ba tseneletse mo boitsholong jo bo phoso? A go na le tsela nngwe e ba ka baakanyang mabaka a bone le batsadi ba bone—Ie Modimo ka yone? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhatlhoba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go na le ditlhogo di le mmalwa tse di ileng tsa fa tshedimosetso e e mosola mo kgannyeng e. Ka sekai, bona ”Basha Botsa Jaana . . .” ditlhogo tse di mo ditokolong tsa rona tsa Tsogang! ya Jauary 8, 1985 (ya Seesemane), le tsa August 8, 1992 le November 8,1992

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go tsuologefa batsadi ba gago go ka nna ga go fa “kgololesego,“ a mme o akanyeditse matswela a teng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela